Poifo—A ke Tsala Kana ke Mmaba?
“Ke akanya ka tsela e ke batlang go swa ka yone. Ga ke batle go thuntshiwa, mme fa nka thuntshiwa, ke batla ke thuntshiwa mo tlhogong fela fa, gore ke swe ka yone nako eo.”
MMEGI mongwe wa Los Angeles Times o ne a utlwa mosetsana wa dingwaga tse 14 a bolela jalo. O ne a botsolotsa bana ba sekolo kaga dipolao tsa bosheng—mo basha ba neng ba bolaya bagolo mmogo le basha ba bangwe. Pego eo e ne e na le setlhogo se se reng: “Lefatshe la Poifo.”
O tshwanetse wa bo o itse gore batho ba le bantsi ba tshela mo lefatsheng la poifo. Ba boifa eng? Go ka nna thata go tlhomolola poifo epe e le nngwe fela. Bona gore a mo lebokosong le le fano o ka bona dilo tseo ditsala tsa gago kana batho ba le bantsi ba ba mo lefelong la lona ba di boifang. Lebokose leno le tswa mo pampiring ya Newsweek ya November 22, 1993, mme le bontsha maduo a patlisiso e e dirilweng mo “baneng ba le 758 ba dingwaga tse di fa gare ga 10 le 17, mmogo le batsadi ba bone.”
Fa basha bao ba ne ba ka botsolodiwa gone jaanong, ba ka nna ba bolela mabaka a mangwe gape a a ba boifisang, a a jaaka dithoromo tsa lefatshe. Time e ne ya bega jaana morago ga thoromo e e sentseng thata kwa Los Angeles ka January 1994: “Mangwe a matshwao a bothata jwa go ngomoga pelo morago ga tiragalo e e garolang pelo ke go tlelwa ke dipono tse di phepafetseng sentle tsa se se diragetseng, go nna le ditoro tse di tshosang, go nna kelotlhoko mo go feteletseng le go tenegela gore motho ga a kgone go laola botshelo jwa gagwe.” Rakgwebo mongwe yo o neng a swetsa ka gore o tla fuduga mo lefelong leo o ne a re: “Tshenyo e e diragetseng ga se sepe. Bothata ke go boifa. O ya kwa bolaong jo bo mo kamoreng e e kwa tlase o ntse o rwele ditlhako. Ga o robale. O nna fela foo o e emetse bosigo bongwe le bongwe. Go bosula.”
“Ditiragalo Tse di Latelanang Tsa Masetlapelo di Tsentse Bajapane Tsebetsebe” e ne e le setlhogo sa pego ya April 11, 1995, e tswa kwa Tokyo. E ne ya re: “Tlhaselo e mo go yone go neng go dirisiwa gase e e bolayang ditshikana . . . e amile ditlhaloganyo tsa Bajapane fela thata ka gonne e ne e le nngwe ya ditiragalo tse di neng di latelana tse di neng tsa dira gore batho ba simolole go tshwenyega sesha ka tsela e e masisi ka isagwe. . . . Batho ga ba tlhole ba ikutlwa ba babalesegile mo mebileng e pele e neng e itsege ka gore e sireletsegile motshegare kana bosigo.” Mme bagolo ga se bone fela ba boifang. “Porofesa Ishikawa [wa Seijo University] o ne a bolela gore go boifa . . . go ne go bonala thata mo basheng, ka gantsi ba a bo ba sa itse sentle gore isagwe e ba tshwaretse eng.”
Bosupi bo bontsha gore “go tshoga mo go feteletseng go fetola tsela e boboko bo dirang ka yone, go dira gore batho ba amege thata fa ba tshoga le e leng masome a dingwaga moragonyana.” Borasaense ba leka go tlhaloganya gore boboko bo tlhalosa jang boemo jo bo boifisang—gore re kala ditiragalo jang re bo re boifa. Porofesa Joseph LeDoux o ne a kwala jaana: “Fa re ka senola ditsela tse ditshika di dirang ka tsone gore boemo bo dire gore setshedi se tshoge, re solofela gore re ka rarabolola maranyane ao ka kakaretso a dirang gore motho a kgone go gakologelwa jalo.”
Lefa go ntse jalo, bontsi jwa rona ga re kgatlhegele thata tsela e dikhemikale kana ditshika di dirang ka yone gore re boife. Re ka nna ra bo re kgatlhegela thata go itse dikarabo tsa dipotso tse di tshwanang le gore, Ke ka ntlha yang fa re boifa? Re tshwanetse go itshwara jang? A go na le poifo epe e e siameng?
Gongwe o ka dumela gore ka dinako tse dingwe poifo e ka go thusa. Ka sekai, a ko o akanye o atamela ntlo ya gago go le lefifi. Setswalo se bulegile, mme o ne o se tlogetse se tswetswe sentle. Fa o leba ka fensetere e kete o bona meriti e ntse e tshikinyega. Ka bofefo o tsenwa ke letshogo, ka go lemoga gore go na le sengwe se se sa tsamayeng sentle. Gongwe go na le legodu mo ntlung kana mongwe yo o tshotseng thipa.
Poifo ya gago ya tlholego ya maemo a a ntseng jalo e ka go falotsa gore o se ka wa gatlhamela fela mo boemong jo bo kotsi. Go boifa go ka go thusa gore o itshireletse kana o kope thuso o ise o kopane le kotsi e e ka go tlhagelang. Go na le dikai di le dintsi tse di ntseng jalo: letshwao le le go tlhagisang ka motlakase o o kotsi; kitsiso ya radio e e bolelang ka pula ya matlakadibe e e tlang mo lefelong la lona; modumo o o tswirinyang go tswa mo koloing ya gago fa o kgweetsa mo tseleng e e pitlaganeng.
Ka dinako dingwe go boifa ruri e ka nna tsala. Go ka re thusa gore re itshireletse kana re dire dilo ka botlhale. Lefa go ntse jalo, o itse sentle gore go boifela ruri kana go boifa thata ga se tsala le e seng. Ke mmaba. Go ka dira gore motho a heme ka bonako, pelo ya gagwe e iteye thata, a nne bokoa, a rorome, a feroge dibete, le gore a se ka a rata lefelo le a leng mo go lone.
O ka nna wa fitlhela go kgatlhisa thata gore Baebele e boletse gore motlha wa rona e tla bo e le nako ya ditiragalo tse di boifisang mo lefatsheng le ya poifo e kgolo. Ke ka ntlha yang fa go nna jalo, mme go tshwanetse ga ama botshelo jwa gago jang le tsela e o akanyang ka yone? Le gone ke ka ntlha yang fa go ka bolelwa gore go ya kafa Baebele e bolelang ka teng, go na le poifo letsatsi le letsatsi e tota e thusang e bile e le molemo? A re boneng.
[Lebokoso mo go tsebe 3]
Fa ba bodiwa gore ke eng se se ba tshwenyang thata le malapa a bone, batsadi le bana ba bolela gore ba boifa:
BANA BATSADI
56% Go tlhaselwa botlhoko ga mongwe wa lelapa 73%
ke dikebekwa
53% Gore mogolo a senyegelwe ke tiro 60%
43% Gore ba tla palelwa ke go reka dijo 47%
51% Gore ba tla palelwa ke go duela ngaka 61%
47% Gore ba tla palelwa ke go duelela lefelo la bonno 50%
38% Gore mongwe wa lelapa o tla nna le bothata jwa 57%
diokobatsi
38% Gore lelapa la bone le ka se nnele mmogo ruri 33%
E tswa go: Newsweek, November 22, 1993