LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w95 10/1 ts. 32
  • Fa ‘Go Sena Phefo Epe e e Leng Yone Tota’

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Fa ‘Go Sena Phefo Epe e e Leng Yone Tota’
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1995
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1995
w95 10/1 ts. 32

Fa ‘Go Sena Phefo Epe e e Leng Yone Tota’

“FA MONNA a sa itse gore o ya kwa boemakepeng bofe, ga go na phefo epe e e leng yone tota.” Mafoko ano, a go tweng a builwe ke rafilosofi wa lekgolo la ntlha la dingwaga wa Moroma e bong Lucius Annaeus Seneca, a supela boammaaruri jo bo saleng bo itsiwe bogologolo: E le gore botshelo bo nne le kwa bo yang teng, go botlhokwa gore go nne le mekgele.

Lefa go ntse jalo, gantsi batho ga ba na boikaelelo mo botshelong. Ba le bantsi ba kgotsofalela fela go tila maje le dikgogedi tsa botshelo jwa letsatsi le letsatsi. E re ka ba sena lefelo lepe tota le ba yang kwa go lone, ba tshwana le makhubu ao a “kgweelediwang kwa pele ke phefo e bo e tloga e a busetsa kwa morago.” (Jakobe 1:6, “Phillips”) Mo bathong ba ba ntseng jalo, “ga go na phefo epe e e leng yone tota.”

Baebele e re neela dikai tsa batho ba ba neng ba na le mekgele, ka jalo ba nna dikao tse Bakeresete ba ka di latelang gompieno. Moshe o ne “a lebile tefo ya tuelo.” (Bahebere 11:26) Paulo o ne a kwala jaana: “Ke tabogela fela kwa mokgeleng gore ke phamole sekgele.” O ne a kgothaletsa badumedikaene gore ba “nne le maikutlo a a ntseng jalo.”—Bafilipi 3:14, 15, “Today’s English Version.”

A re etseng tumelo ya banna ba ba ntseng jalo ba ba neng ba na le mekgele, re tsepamise matlho a rona mo ditsholofetsong tsa Baebele.—Bapisa Bahebere 13:7.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela