LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w95 9/15 ts. 32
  • Thuto e e Tswang mo Dinonyaneng le mo Dithunyeng

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Thuto e e Tswang mo Dinonyaneng le mo Dithunyeng
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1995
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1995
w95 9/15 ts. 32

Thuto e e Tswang mo Dinonyaneng le mo Dithunyeng

KE ENG se gantsi batho ba amegang ka sone gompieno go gaisa sengwe se sele fela? Batho ba le bantsi ba amegile ka go nna le madi a a lekaneng gore ba tlamele ba malapa a bone kana ba kgone go tokafatsa tsela e ba tshelang ka yone.

Fa Jesu Keresete a ne a le mo lefatsheng batho ba nako eo le bone ba ne ba amegile ka gore ba bone madi a ba ka tlamelang ba malapa a bone ka one. Mme o ne a tlhagisa batho ka gore go amega mo go ntseng jalo mo go neng go tshwanetse go ne go ka dira gore ba tlhobaele thata go bo go kgoreletsa dilo tsa semoya. Go tshwantsha ntlha eno, Jesu o ne a bolelela barutwa ba gagwe gore ba ele dinonyane le dithunya tlhoko thata.

Dinonyane di tlhoka gore di je letsatsi le letsatsi—fa go lekanngwa di ja go re feta ka ntlha ya selekanyo se dijo di silwang ka sone mo go tsone. Mo godimo ga moo, ga di kgone go jala peo, go roba, kana go boloka dijo tse di tla di jang mo isagweng. Lefa go ntse jalo, fela jaaka Jesu a ne a lemoga, ‘Rraetsho wa legodimo o a di otla.’ (Mathaio 6:26) Ka mo go tshwanang, Modimo o kgabisa thata “dithunya tsa masoma a naga.”—Mathaio 6:28-30.

Jesu o re tlhomamisetsa gore fa re baya dithoto tse re di tlhokang mo di tshwanetseng teng mme re bo re baya dilo tsa semoya kwa pele, Modimo o tla tlhomamisa gore le rona re nne le dijo tse re di tlhokang le diaparo. Fa Jehofa Modimo a tlhokomela dinonyane le dithunya, tota o tla tlamela le batho ba ba mo ratang le ba ba “batlang pele bogosi jwa gagwe le tshiamo ya gagwe.” (Mathaio 6:33) A o baya dilo tse di direlwang Bogosi jwa Modimo kwa pele mo botshelong jwa gago?

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela