Basupi ba Bakeresete ba Supa fa Modimo e le Molaodi
“‘Lo bonatse go tlotlomala ga yo o lo biditseng, a lo bitsa lo le mo lefifing, a lo isa leseding la gagwe le le gakgamatsang.”—1 PETERE 2:9.
1. Go ne ga neelwa bosupi bofe jo bo nang le matswela kaga Jehofa mo metlheng ya pele ga Bokeresete?
MO METLHENG ya pele ga Bokeresete, lenaane le letelele la basupi ba ne ba neela bosupi ka bopelokgale jwa gore Jehofa ke ene fela Modimo wa boammaaruri ba le pelokgale. (Bahebere 11:4–12:1) Ba ne ba nonofile mo tumelong, mme ka jalo ba utlwa melao ya ga Jehofa ka botlhokapoifo ba bo ba gana go ineela go dira dilo tse di fapogileng malebana le kobamelo. Ba ne ba neela bosupi jo bo maatla jwa gore Jehofa ke molaodi wa lefatshe lotlhe.—Pesalema 18:21-23; 47:1, 2.
2. (a) Mosupi yo mogolo go gaisa botlhe wa ga Jehofa ke mang? (b) Setšhaba sa Iseraele se ne sa tseelwa sebaka sa go nna mosupi wa ga Jehofa ke bomang? Re itse jang?
2 Mosupi wa bofelo e bile e le ene yo mogolo mo go bone botlhe ba motlha wa pele ga Bokeresete e ne e le Johane Mokolobetsi. (Mathaio 11:11) O ne a nna le tshiamelo ya go itsise go tla ga Yo o Tlhophilweng, mme o ne a itsise fa Jesu e le ene Mesia yo o solofeditsweng. (Johane 1:29-34) Jesu ke Mosupi yo mogolo go gaisa botlhe wa ga Jehofa, “mosupi yo o boikanngo le boammaaruri.” (Tshenolo 3:14) E re ka Iseraele wa senama a ne a gana Jesu, Jehofa o ne a mo gana a ba a tlhoma setšhaba se sesha, Iseraele wa Modimo wa semoya, gore a nne mosupi wa gagwe. (Isaia 42:8-12; Johane 1:11, 12; Bagalatia 6:16) Petere o ne a nopola boperofeti bongwe ka ga Iseraele mme a bontsha gore bo ne bo dira mo go “Iseraele wa Modimo,” phuthego ya Bokeresete, fa a ne a re: “Lo losika lo lo itshenketsweng, lo boperesiti jwa segosi, morafe o o boitshepo, lo tšhaba e e ruilweng ke Modimo ka sebele, gore lo tle lo bonatse go tlotlomala ga yo o lo biditseng, a lo bitsa lo le mo lefifing, a lo isa leseding la gagwe le le gakgamatsang.”—1 Petere 2:9; Ekesodo 19:5, 6; Isaia 43:21; 60:2.
3. Boikarabelo jo bogolo jwa Iseraele wa Modimo le “boidiidi jo bogolo” ke bofe?
3 Mafoko a ga Petere a bontsha gore boikarabelo jwa botlhokwa jwa Iseraele wa Modimo ke go neela bosupi phatlalatsa ka ga kgalalelo ya ga Jehofa. Mo motlheng wa rona setšhaba seno sa semoya se setse se dira le “boidiidi jo bogolo” jwa basupi bao le bone ba galaletsang Modimo phatlalatsa. Ba goa jaana ka lentswe le legolo gore botlhe ba utlwe: “Poloka e nne go Modimo wa rona o o dutseng mo setulong sa bogosi, le go Kwana.” (Tshenolo 7:9, 10; Isaia 60:8-10) Iseraele wa Modimo le bapati ba gagwe ba ka neela bosupi jwa bone ka botlalo jang? Ka gore ba nne le tumelo le gore ba utlwe.
Basupi ba Maaka
4. Ke ka ntlha yang fa Bajuta ba motlha wa ga Jesu e ne e le basupi ba maaka?
4 Tumelo le kutlo di akaretsa go tshela ka melaometheo ya bomodimo. Botlhokwa jwa seno bo bonwa mo go se Jesu a neng a se bolela kaga baeteledipele ba Bajuta ba bodumedi ba motlha wa gagwe. Bano ba ne ba “dutse mo setulong sa ga Moše” e le barutisi ba Molao. Ba ne ba bo ba romela barongwa gore ba ye go sokolola batho ba ba sa dumeleng. Lefa go ntse jalo, Jesu o ne a ba raya a re: “Lo dikologa lewatle le lefatshe, gore lo tle lo ikgapele motho a le mongwe fela wa tšhaba; mme e re a sena go fetolwa jalo, lo mo ntshe ngwana wa molete wa molelo, yo o bileng a gaisa lona sebedi.” Batho bano ba bodumedi e ne e le basupi ba maaka—ba ikgodisa, ba itimokanya, ba sena lerato. (Mathaio 23:1-12, 15) Ka lekgetlho lengwe Jesu o ne a raya Bajuta bangwe a re: “Lo ba ga rraeno diabolo, le dithato tsa ga rraeno ke tsone tse lo ratang go di dira.” Ke ka ntlha yang fa a ne a ka bolela selo se se ntseng jalo a raya maloko a setšhaba se Modimo o se itlhophetseng? Ka gonne ba ne ba sa batle go utlwa mafoko a Mosupi yo mogolo go gaisa botlhe wa ga Jehofa.—Johane 8:41, 44, 47.
5. Re itse jang gore Labokeresete e neetse bosupi jwa maaka kaga Modimo?
5 Ka tsela e e tshwanang, mo makgolong a a ntseng a feta a dingwaga fa e sale ka motlha wa ga Jesu, batho ba le dimilione tse di makgolokgolo mo go Labokeresete ba ile ba bolela gore ke barutwa ba gagwe. Lefa go ntse jalo, ga ba a dira thato ya Modimo ka jalo ga ba amogelwe ke Jesu. (Mathaio 7:21-23; 1 Bakorinthe 13:1-3) Labokeresete e ile ya roma barongwa, bao bontsi jwa bone kwantle ga pelaelo ba neng ba le peloephepa. Lefa go ntse jalo, ba ne ba ruta batho gore ba obamele modimo wa Tharonngwe o o fisang baleofi mo molelong wa dihele, mme bontsi jwa batho bao ba ba sokololang ga ba neele bosupi jo bo kalo jwa gore ke Bakeresete. Ka sekai, barongwa ba Roma Katoliki ba ntse ba atlega kwa nageng ya Rwanda mo Afrika. Lefa go ntse jalo, Bakatoliki ba kwa Rwanda ba ne ba tsena ka tlhogo mo ntweng ya bosheng jaana ya ditso kwa nageng eo. Matswela a tshimo eo ya barongwa a bontsha gore Labokeresete ga e a ka ya neela bosupi jwa boammaaruri jwa Bokeresete mo go yone.—Mathaio 7:15-20.
Go Tshela ka Melaometheo ya Bomodimo
6. Boitsholo jo bo tshwanetseng ke karolo ya botlhokwa ya go neela bosupi ka ditsela dife?
6 Fa batho ba ba bolelang gore ke Bakeresete ba sa itshware sentle seo se tlisa kgobo mo ‘tseleng ya boammaaruri.’ (2 Petere 2:2) Mokeresete wa boammaaruri o tshela go dumalana le melaometheo ya bomodimo. Ga a utswe, ga a ake, ga a tsietse, le gone ga a dire boitsholo jo bo sa siamang jwa tlhakanelodikobo. (Baroma 2:22) Tota ga a kake a bolaya moagisani wa gagwe. Banna ba Bakeresete ba okamela malapa a bone ka lerato. Basadi ba bone ba tshegetsa bookamedi jwa bone ka tlotlo. Bana ba thapisiwa ke batsadi ba bone mme ka jalo ba baakanyediwa gore ba tle ba nne bagolo ba Bakeresete ba ba nang le maikarabelo. (Baefeso 5:21–6:4) Ke boammaaruri gore rotlhe ga re a itekanela e bile re dira diphoso. Mme lefa go ntse jalo Mokeresete wa mmatota o tlotla melao ya Baebele mme o iteka ka mmatota gore a e dirise. Ba bangwe ba kgona go bona seno mme se neela bosupi jo bo molemo. Ka dinako tse dingwe, batho ba pele ba neng ba ganetsa boammaaruri ba a tle ba bone boitshwaro jo bo siameng jwa Mokeresete mme ba amogele boammaaruri.—1 Petere 2:12, 15; 3:1.
7. Go botlhokwa go le kana kang gore Bakeresete ba ratane?
7 Jesu o ne a bolela karolo ya botlhokwa ya boitshwaro jwa Bokeresete fa a ne a re: “Batho botlhe ba tlaa itse fa lo le barutwa ba me ka mo, fa lo ratana.” (Johane 13:35) Lefatshe la ga Satane le tletse ka “tshiamololo yotlhe, le boikepo, le boiphetlho, le bopeloatlhoi; ba tletse bopelotshetlha, le polao, le kgang, le tsietso, le pateletso . . . balomatsebe, le basebi, le baila Modimo, le baikgantshi, le batlhoka mafoko, le babelafadi, le basimolodi ba dilo tse di bosula, le ba ba sa utlweng batsadi ba bone.” (Baroma 1:29, 30) Mo tikologong e e ntseng jalo, mokgatlho wa lefatshe lotlhe o o itsiweng ka lerato o ne o tla nna bosupi jo bogolo jwa gore moya wa Modimo o a dira—bosupi jo bo feletseng. Basupi ba ga Jehofa ba bopa mokgatlho o o ntseng jalo.—1 Petere 2:17.
Basupi ke Baithuti ba Baebele
8, 9. (a) Mopesalema o ne a nonotshiwa jang ke go ithuta Molao wa Modimo le go tlhatlhanya ka one? (b) Go ithuta Baebele le go tlhatlhanya ka yone go tla re nonotsha ka ditsela dife gore re tswelele pele re neela bosupi?
8 Gore Mokeresete a atlege fa a neela bosupi jo bo molemo, o tshwanetse a itse melaometheo ya ga Jehofa ya tshiamo a bo a e rate mme a ile bosula jwa lefatshe. (Pesalema 97:10) Lefatshe le tlhotlheletsa batho go akanya ka tsela ya lone, mme go ka nna thata go emelana le moya wa lone. (Baefeso 2:1-3; 1 Johane 2:15, 16) Ke eng se se ka re thusang gore re nne re na le megopolo e e tshwanetseng? Go ithuta Baebele ka metlha e bile e le ka tsela e e nang le matswela. Mokwadi wa Pesalema 119 o ne a bolela gantsi kafa a ratang Molao wa ga Jehofa ka gone. O ne a o bala e bile a tlhatlhanya ka one ka metlha, “ka letsatsi lotlhe.” (Pesalema 119:92, 93, 97-105) Ka jalo, o ne a ka kwala jaana: “Ke ila maaka, a mphedisa pelo ruri; molao wa gago ke a o rata.” Mo godimo ga moo, lerato la gagwe le le boteng le ne la mo tlhotlheletsa gore a tseye kgato. A re: “Ke tle ke go bake gasupa ka letsatsi, ka ntlha ya dikatlholo tsa gago tse di siameng.”—Pesalema 119:163, 164.
9 Ka tsela e e tshwanang, fa re ithuta Lefoko la Modimo ka metlha e bile re tlhatlhanya ka lone seo se tla ama dipelo tsa rona sa bo sa re tlhotlheletsa gore re ‘mmake’—re supe kaga Jehofa—gangwe le gape, le e leng “gasupa ka letsatsi.” (Baroma 10:10) Go dumalana le seno, mokwadi wa pesalema ya ntlha o bolela gore motho yo o tlhatlhanyang ka mafoko a ga Jehofa ka metlha “o tlaa nna jaaka setlhare se se tlhomilweng mo dinokaneng tsa metsi, se se ungwang loungo lwa sone mo motlheng wa sone, se lekakaba la sone le lone le se keng le swaba; mme le fa e le eng se o se dirang se tlaa segofala.” (Pesalema 1:3) Moaposetoloi Paulo le ene o ne a bolela ka maatla a Lefoko la Modimo fa a ne a kwala jaana: “Lokwalo longwe le longwe lo lo kwadilweng ka tlhotlheletso ya Modimo, lo bile lo molemo go ruta, le go kgalemela le go sokolola, le go kaela ka tshiamo, gore motho wa Modimo a tle a nne boitekanelo, a iketleeletse ruri tiro nngwe le nngwe e e molemo.”—2 Timotheo 3:16, 17.
10. Ke eng se se bonalang sentle ka batho ba ga Jehofa mo metlheng eno ya bofelo?
10 Palo e e oketsegang ka bofefo ya baobamedi ba boammaaruri mo lekgolong leno la bo20 la dingwaga e supa gore Jehofa o a re segofatsa. Kwantle ga pelaelo, basupi bano ba motlha wa segompieno bao jaaka setlhopha ba supelang Modimo gore ke molaodi ba dirile gore dipelo tsa bone di rate molao wa ga Jehofa. Jaaka mopesalema, ba tlhotlheletsega gore ba utlwe molao wa Gagwe le gore ba neele bosupi ka boikanyegi “motshegare le bosigo” ka ga kgalalelo ya ga Jehofa.—Tshenolo 7:15.
Ditiro Tsa ga Jehofa Tse Dikgolo
11, 12. Dikgakgamatso tse di neng di dirwa ke Jesu le balatedi ba gagwe di ne tsa diragatsa eng?
11 Mo lekgolong la ntlha la dingwaga, moya o o boitshepo o ne wa fa basupi ba Bakeresete ba ba ikanyegang maatla a gore ba dire dikgakgamatso, mme seo sa fa bosupi jo bo nonofileng jwa gore bosupi jwa bone e ne e le jwa boammaaruri. Fa Johane Mokolobetsi a ne a le mo kgolegelong, o ne a romela barutwa ba gagwe gore ba botse Jesu jaana: “A ke wena yo o tlang kgotsa a ke re lebelele o sele?” Jesu ga a ka a araba ka gore ee kana nnyaa. Go na le moo, o ne a re: “Tsamayang, lo ye lo bolelele Johane dilo tse lo di utlwang, le tse lo di bonang: Difofu di a bona, batlhotsi ba a tsamaya, balepero ba a ntlafadiwa, babosusu ba a utlwa, baswi ba a tsosiwa, le bahumanegi ba rerelwa Mafoko a a Molemo. Go sego yo o sa fitlheleng sepe mo go nna se se mo kgopisang.” (Mathaio 11:3-6) Ditiro tseno tse dikgolo e ne ya nna bosupi mo go Johane jwa gore ruri Jesu e ne e le ene “yo o tlang.”—Ditiro 2:22.
12 Ka tsela e e tshwanang, bangwe ba balatedi ba ga Jesu ba ne ba fodisa balwetse e bile ba tsosa baswi. (Ditiro 5:15, 16; 20:9-12) Dikgakgamatso tseno mo go bone di ne di ntse jaaka bosupi jo bo tswang Modimong ka boone. (Bahebere 2:4) Mme ditiro tse di ntseng jalo di ne di supa maatla a ga Jehofa jaaka e le mothatayotlhe. Ka sekai, ke boammaaruri gore Satane, “kgosana ya lefatshe,” o ka kgona go bolaya motho. (Johane 14:30; Bahebere 2:14) Mme lefa go ntse jalo fa Petere a ne a tsosa mosadi yo o ikanyegang e bong Dorekase mo losong, o ne a ka go dira fela ka maatla a ga Jehofa ka gonne ke Ene fela a ka kgonang go busetsa botshelo jwa motho.—Pesalema 16:10; 36:9; Ditiro 2:25-27; 9:36-43.
13. (a) Dikgakgamatso tsa Baebele di santse di neela bosupi jang ka ga maatla a ga Jehofa? (b) Go diragadiwa ga boperofeti go na le seabe se segolo jang mo go supeng gore Jehofa ke Modimo?
13 Gompieno dikgakgamatso tseo ga di tlhole di diragala. Boikaelelo jwa tsone bo diragaditswe. (1 Bakorinthe 13:8) Lefa go ntse jalo, re santse re na le rekoto ya tsone mo Baebeleng, e e supetsweng ke batho ba le bantsi ba ba di boneng ka matlho. Fa Bakeresete gompieno ba tlhatlhoba dipego tseno tsa hisitori, ditiro tseo di santse di neela bosupi ka tsela e e nang le matswela tota jwa gore Jehofa o na le maatla. (1 Bakorinthe 15:3-6) Mo godimo ga moo, bogologolo mo metlheng ya ga Isaia, Jehofa o ne a kaya fa boperofeti jwa boammaaruri e le bosupi jo bo tlhomologileng jwa gore ke Ene Modimo wa boammaaruri. (Isaia 46:8-11) Boperofeti bo le bontsi jwa Baebele jo bo tlhotlheleditsweng ke Modimo bo a diragadiwa gompieno—bongwe jwa jone bo diragadiwa mo phuthegong ya Bokeresete. (Isaia 60:8-10; Daniele 12:6-12; Malaki 3:17, 18; Mathaio 24:9; Tshenolo 11:1-13) Mo godimo ga gore go diragadiwa ga boperofeti jono go supela gore re tshela “mo metlheng ya bofelo,” gape go goletsa Jehofa jaaka ene fela Modimo wa boammaaruri.—2 Timotheo 3:1.
14. Hisitori ya motlha wa segompieno ya Basupi ba ga Jehofa e neela bosupi jo bogolo jwa gore Jehofa ke Morena Molaodi ka ditsela dife?
14 Sa bofelo, Jehofa o santse a direla batho ba gagwe dilo tse dikgolo, dilo tse di gakgamatsang. Moya wa ga Jehofa ke one o kaelang lesedi le le ntseng le oketsega la boammaaruri jwa Baebele. (Pesalema 86:10; Tshenolo 4:5, 6) Dikoketsego tse dikgolo tse di begiwang go dikologa lefatshe ke bosupi jwa gore Jehofa o ‘go akofisa mo motlheng wa gone.’ (Isaia 60:22) Fa dipogiso tse di setlhogo di ntse di simologa mo dinageng tse di farologaneng mo metlheng ya bofelo, batho ba ga Jehofa ba ntse ba kgona go itshoka ka bopelokgale ka gonne ba tshegediwa le go nonotshiwa ke moya o o boitshepo. (Pesalema 18:1, 2, 17, 18; 2 Bakorinthe 1:8-10) Ee, hisitori ya motlha wa segompieno ya Basupi ba ga Jehofa ka boyone ke bosupi jo bo nonofileng jwa gore Jehofa ke Morena Molaodi.—Sekaria 4:6.
Mafoko a a Molemo a Tla Rerwa
15. Phuthego ya Bokeresete e ne e tshwanetse go neela bosupi bofe jo bogolo?
15 Jehofa o ne a tlhoma Iseraele go nna mosupi wa gagwe mo ditšhabeng. (Isaia 43:10) Lefa go ntse jalo, ke Baiseraele ba sekae fela ba ba neng ba laetswe ke Modimo gore ba tsamaye ba rerela batho ba e seng Baiseraele, mme gantsi seo se ne se direlwa go itsise dikatlholo tsa ga Jehofa. (Jeremia 1:5; Jona 1:1, 2) Lefa go ntse jalo, boperofeti jo bo mo Dikwalong tsa Sehebera bo bontsha gore letsatsi lengwe Jehofa o ne a tla lebisa tlhokomelo ya gagwe mo ditšhabeng ka selekanyo se segolo, mme o dirile seo ka Iseraele wa semoya wa Modimo. (Isaia 2:2-4; 62:2) Pele Jesu a ya kwa legodimong o ne a laela balatedi ba gagwe jaana: “Ke gone tsamayang, lo dire merafe yotlhe barutwa.” (Mathaio 28:19) Lefa Jesu a ne a buile thata ka “[dinku] tse di timetseng tsa ntlo ya Iseraele,” balatedi ba gagwe ba ne ba romelwa kwa ‘merafeng yotlhe,’ le e leng “go ya fela kwa sekhutlong sa lefatshe.” (Mathaio 15:24; Ditiro 1:8) Bosupi jwa Bokeresete bo ne bo tshwanetse go utlwiwa ke batho botlhe.
16. Phuthego ya Bokeresete ya lekgolo la ntlha la dingwaga e ne ya diragatsa thomo efe, mme e le ka selekanyo sefe?
16 Paulo o ne a bontsha gore o ne a tlhaloganya seno sentle. Ka ngwaga wa 61 C.E., o ne a ka bolela gore mafoko a a molemo a ne a ‘ungwa e bile a totafala mo lefatsheng lotlhe.’ Mafoko a a molemo a ne a sa bolelelwe setšhaba se le sengwe fela kana setlhopa se se rileng fela, jaaka se se neng se “obamela baengele.” Go na le moo, a ne a ‘rerelwa lobopo lotlhe tlase ga legodimo’ phatlalatsa. (Bakolosa 1:6, 23; 2:13, 14, 16-18) Ka jalo, Iseraele wa Modimo o ne a diragatsa thomo ya one mo lekgolong la ntlha la dingwaga ya go re a “bonatse go tlotlomala ga yo o [ba] biditseng, [ba] le mo lefifing, a [ba] isa leseding la gagwe le le gakgamatsang.”
17. Mathaio 24:14 e tswelela pele go diragadiwa jang ka selekanyo se segolo?
17 Go ntse go le jalo, tiro eo ya go rera ya mo lekgolong la ntlha la dingwaga e ne e le maoko fela a se se neng se tla dirwa mo metlheng ya bofelo. Jesu o ne a bolela jaana, a lebile pele bogolo jang kwa nakong ya rona: “Mafoko a a Molemo a, a bogosi, a tlaa rerwa mo lefatsheng lotlhe, go nna tshupo mo merafeng yotlhe; foo ke gone bokhutlo bo tlaa tlang.” (Mathaio 24:14; Mareko 13:10) A boperofeti jono bo setse bo diragaditswe? Ee ruri, bo diragaditswe. Go tswa mo dipalong tse di kwa tlase tsa kwa tshimologong ka 1919, go rerwa ga mafoko a a molemo jaanong go atoloseditswe kwa dinageng di feta 230. Go neelwa bosupi kwa dinageng tsa Bokone tse di tsididi thata le kwa dinageng tsa boboatsatsi tse di mogote thata. Go neelwa bosupi mo dikontinenteng tse dikgolo, e bile go senkwa ditlhaketlhake tse di kgakala gore baagi ba tsone ba neelwe bosupi. Tota le fa go na le dipheretlhego tse dikgolo, jaaka kwa ntweng ya kwa Bosnia le Herzegovina, mafoko a a molemo a tswelela pele a rerwa. Jaaka mo lekgolong la ntlha la dingwaga, bosupi bo nna le maungo “mo lefatsheng lotlhe.” Mafoko a a molemo a bolelelwa “lobopo lotlhe tlase ga legodimo” phatlalatsa. Go felela ka eng? Selo sa ntlha, masalela a Iseraele wa Modimo a kokoantswe go tswa mo bathong “ba ditso tsotlhe, le ba dipuo tsotlhe, le ba batho botlhe, le ba merafe yotlhe.” Sa bobedi, dimilione tsa batho ba “boidiidi jo bogolo” di ne tsa simolola go kokoanngwa “e le ba morafe mongwe le mongwe, le ba ditso tsotlhe, le batho, le dipuo.” (Tshenolo 5:9; 7:9) Mathaio 24:14 e santse e diragadiwa fela thata.
18. Dilo dingwe tse di fitlhelelwang ka go rera mafoko a a molemo mo lefatsheng lotlhe ke dife?
18 Go rerwa ga mafoko a a molemo mo lefatsheng lotlhe go thusa go supa gore Jesu o setse a le teng jaaka kgosi. (Mathaio 24:3) Mo godimo ga moo, ke yone tsela e kgolo e go robiwang “mabele a lefatshe” ka yone, e re ka e kaela batho kwa Bogosing jwa ga Jehofa jo e leng jone fela jo ba ka bo solofelang. (Tshenolo 14:15, 16) E re ka Bakeresete ba boammaaruri e le bone fela ba nang le seabe mo go rereng mafoko a a molemo, tiro eno ya botlhokwa e thusa go farologanya Bakeresete ba boammaaruri le ba maaka. (Malaki 3:18) Ka tsela eno, go felela ka gore ba ba rerang le ba ba tsayang kgato ka gone ba bolokwe. (1 Timotheo 4:16) Sa botlhokwa le go feta, go rera mafoko a a molemo go tlisa pako le tlotlo mo go Jehofa Modimo, ene yo o laotseng gore go dirwe, yo o tshegetsang ba ba go dirang, e bile a dira gore go nne le matswela.—2 Bakorinthe 4:7.
19. Bakeresete botlhe ba kgothalediwa gore ba ititeye sehuba go dira eng jaaka ba tsena mo ngwageng o mosha wa tirelo?
19 Ke sone se moaposetoloi Paulo a neng a tlhotlheletsega gore a re: “Go ka bo go latlhega nna, fa ke sa rere Mafoko a a Molemo.” (1 Bakorinthe 9:16) Bakeresete gompieno ba ikutlwa fela jalo. Ke tshiamelo e e molemo le boikarabelo jo bogolo go nna “badiri mmogo le Modimo,” re bonesa lesedi la boammaaruri mo lefatsheng leno le le lefifi. (1 Bakorinthe 3:9; Isaia 60:2, 3) Tiro e e simolotseng e le potlana ka 1919 jaanong e fitlhile mo selekanyong se se gakgamatsang. Bakeresete ba ba batlileng ba tshwara dimilione tse tlhano ba supa gore Modimo ke molaodi mme ba senya diura di feta dimilione di le sekete ka ngwaga ba isetsa batho ba bangwe molaetsa wa poloko. A bo go itumedisa jang ne go nna le seabe mo tirong eno ya go itshepisa leina la ga Jehofa! Jaaka re tsena mo ngwageng wa tirelo wa 1996, a re ititeyeng sehuba gore re se ka ra simolola go iketla. Go na le moo, re tla utlwa go feta pele mafoko ano a Paulo a a reileng Timotheo: “Rera lefoko, o tlhoafale.” (2 Timotheo 4:2) Fa re ntse re dira jalo, re rapela ka pelo yotlhe gore Jehofa a tswelele pele a segofatsa maiteko a rona.
A o A Gakologelwa?
◻ Ke mang yo o neng a tseela Iseraele sebaka a nna “mosupi”’ wa ga Jehofa mo ditšhabeng?
◻ Boitsholo jwa Bokeresete bo na le seabe sefe mo go neeleng bosupi?
◻ Ke ka ntlha yang fa go ithuta Baebele le go tlhatlhanya ka yone go le botlhokwa mo Mosuping wa Mokeresete?
◻ Hisitori ya mo motlheng ono ya Basupi ba ga Jehofa e direla jang jaaka bosupi jwa gore Jehofa ke Modimo wa boammaaruri?
◻ Ke eng se se fitlhelelwang fa go rerwa mafoko a a molemo?
[Ditshwantsho mo go tsebe 15]
Mafoko a a molemo ga a kganelwe, mme jaanong a rerelwa “lobopo lotlhe tlase ga legodimo”