LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w95 8/1 ts. 20-24
  • Boswa Jwa Rona jo Bogolo Jwa Semoya

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Boswa Jwa Rona jo Bogolo Jwa Semoya
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1995
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Botshelo Jwa ga Rre Bogologolo
  • O ya Kwa Afrika Botlhaba
  • Go Godisiwa ka Lerato ka Tsela ya Bokeresete
  • O Ikanyega go ya Bokhutlong
  • Batsadi ba Rona ba re Rutile go Rata Modimo
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1999
  • Boswa Jo Bo Bonwang Sewelo jwa Bokeresete
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1993
  • Go Tsamaya mo Dikgatong Tsa Batsadi ba Me
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1995
  • Fa Ngwana a Hutsafetse
    Tsogang!—2017
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1995
w95 8/1 ts. 20-24

Boswa Jwa Rona jo Bogolo Jwa Semoya

JAAKA GO BOLETSE PHILLIP F. SMITH

“Go tshubilwe lebone le le tla bonesang go ralala Afrika e e sa itsiweng.” A bo re ne ra itumela jang ne fa re bala mafoko a a fa godimo mo go tsebe 75 ya 1992 Yearbook of Jehovah’s Witnesses! Mafoko ao a ne a kwalwa ka 1931 ke rraaronamogolo, Frank W. Smith, mo lokwalong lo a neng a lo kwalela Mokaulengwe Joseph F. Rutherford, yo ka nako eo e neng e le poresidente wa Mokgatlho wa Watch Tower. Rremogolo o ne a mo kwalela gore a mmegele ka mosepele wa go tsamaya ba rera o o neng o tserwe ke ene le morwarraagwe.

GO NE ga tlhalosiwa jaana go 1992 Yearbook: “Gray Smith le mogolowe e bong Frank, badiredi ba ba pelokgale ba babedi ba babulatsela ba ba tswang kwa Cape Town, ba ne ba bolola ba ya kwa Afrika Botlhaba ya Boritane go bona gore a ba ka kgona go anamisa mafoko a a molemo. Ba ne ba tsaya kara ya modiro wa De Soto e ba neng ba e fetotse ba e dirile kharabene (ntlwana ya maotwana), ba e tsenya mo sekepeng mmogo le dibokose tse 40 tsa dibuka, ba ya Mombasa, motse o o gaufi le boemakepe jwa Kenya.”

Mo lokwalong lo Rremogolo a neng a lo kwalela Mokaulengwe Rutherford, o ne a tlhalosa mosepele wa go tswa kwa Mombasa go ya kwa Nairobi, motsemošate wa Kenya jaana: “Re ne ra simolola mosepele o o boifisang wa koloi go feta yotlhe e nkileng ka e tsamaya. Go re tsere malatsi a le mane, re tsamaya letsatsi lotlhe, gore re digele dimaele tse 360 [dikilometara tse 580] . . . Re ne re tshwanelwa ke go fologa ka garawe [kilometara nngwe le nngwe] gore re fokotse mmu o o kafa thoko ga tsela, re thibe dikhuti, le go kgaola bojang jo botelele le ditlhare re di baya mo tseleng e e dithetse gore maotwana a kgone go itshwarelela ka tsone.”

Fa ba sena go tsena kwa Nairobi, Frank le Gray ba ne ba bereka malatsi a le 21 a tlhomagane ba tsamaisa dikgatiso tsa bone tsa Baebele. Rremogolo o ne a kwala jaana: “Fa re ya ka dilo tse re di utlwang, tiro eno e tshikintse maikutlo a batho ba ba ratang bodumedi mo Nairobi.” Morago ga moo, Rremogolo o ne a tlhoafaletse go boela gae go ya go bona ngwana wa gagwe wa dingwaga tse pedi, Donovan, le mosadi wa gagwe, Phyllis, yo o neng a imile ngwana wa bone wa bobedi e bong rraarona, Frank. Rremogolo o ne a palama sekepe sa ntlha se se neng se tswa mo Mombasa, mme lefa go ntse jalo, a tlhokafala a ise a tsene kwa gae, a bolawa ke malaria.

Fa nna le kgaitsadiake, le morwarre re ne re ntse re akanya ka pego eo ya Yearbook, megopolo ya rona e ne ya boela kwa go rraarona yo o rategang. Ka 1991, dikgwedi di se kae fela pele re amogela 1992 Yearbook, o ne a tlhokafala go sena go nna le mathata fa a ariwa pelo. Lefa gone a ne a ise a ko a kopane le rraagwe, o ne a rata Jehofa fela thata jaaka rraagwe. A bo Rremogolo a ka bo a ile a itumela jang ne go itse gore morago ga dingwaga tse 28, ka 1959, morwawe o ne a tla gata mo dikgatong tsa gagwe go ya kwa Afrika Botlhaba e le modiredi wa Mokeresete!

Botshelo Jwa ga Rre Bogologolo

Rraarona o tshotswe ka July 20, 1931, kwa Cape Town, dikgwedi di le pedi morago ga loso lwa ga rraagwe, a ba a reelelwa ka ene. Papa o ne a bontsha gore o rata Jehofa go tloga fela a sale mosha. Fa a ne a na le dingwaga di le robong fela, o ne a ema mo seteishaneng se segolo sa Cape Town sa diterena a dira tiro ya go rera ka dipolakate balekane ba gagwe ba sekolo ba ntse ba sotla ka ene. Fa a ne a na le dingwaga di le 11, o ne a bontsha boineelo jwa gagwe mo go Jehofa ka go kolobediwa mo metsing. Ka dinako tse dingwe Papa o ne a abelwa gore a bereke a le nosi mo seterateng sotlhe mo bodireding. Fa a ne a na le dingwaga di le 18, o ne a setse a tshwara Thuto ya Tora ya Tebelo le setlhopha sa bokgaitsadi ba ba godileng ba Bakeresete mo motsaneng mongwe kwa Cape Town.

Ka 1954 Mokgatlho wa Watch Tower o ne wa itsise gore go ne go tla tshwarwa dikopano tse dikgolo tsa ditšhabatšhaba ngwaga o o latelang kwa Yuropa. Papa o ne a eletsa thata gore a ka ya, mme lefa go ntse jalo o ne a sena madi a a lekaneng go ya koo a tswa mo Cape Town. Ka jalo o ne a dira konteraka ya go bereka dikgwedi di le tharo ka khemiseteri kwa dimaeneng tsa kopore tsa kwa Rhodesia Bokone (e jaanong e bidiwang Zambia). Dikago tse lenyatshipi le neng le kanokwa mo go tsone di ne di le mo sekgweng sa Afrika.

Papa o ne a itse gore go ne go na le Basupi ba le bantsi ba Baafrika kwa Rhodesia Bokone, ka jalo fa a tsena koo, o ne a ba batla mme a itse kwa ba tshwarelang dipokano tsa bone teng. Lefa a ne a sa kgone go bua puo ya koo, gone mme o ne a kopanela le bone e bile a nna gone ka metlha kwa dipokanong tsa Phuthego ya Mine ya Basupi ba ga Jehofa. Bayuropa kwa dimaeneng tseo ba ne ba tlhoa batho ka ntlha ya mmala wa bone mme ba ne ba bontsha letlhoo leno gantsi ka go tlhapatsa Baafrika. Lefa go ntse jalo, Papa ene o ne a le pelontle ka dinako tsotlhe.

Fa go sena go feta dikgwedi tse tharo, modiri mongwe wa Moafrika yo e neng e se Mosupi o ne a tla kwa go Papa mme a mmotsa: “A o itse gore re go bitsa mang?” Monna yoo o ne a nyenya mme a re: “Re go bitsa Bwana [Rre] Watchtower.”

Ka 1955, Papa o ne a kgona go nna gone kwa Dikopanong tsa “Bogosi jo bo Fenyang” kwa Yuropa. Fa a le koo o ne a kopana le Mary Zahariou, yo o neng a nna mosadi wa gagwe ngwaga o o latelang. Fa ba sena go nyalana ba ne ba ya go nna kwa Parma, Ohio, U.S.A.

O ya Kwa Afrika Botlhaba

Kwa kopanong nngwe ya kgaolo kwa United States, go ne ga lalediwa batho ba ba neng ba tlile kopanong gore ba ye go direla kwa badiredi ba tlhokegang thata teng. Batsadi ba rona ba ne ba swetsa ka gore ba ye kwa Afrika Botlhaba. Ba ne ba dira sone fela se Mokgatlho wa Watch Tower o neng o se akantsha. Ba ne ba boloka madi a a lekaneng gore ba ka reka dithekete tse di neng di tla kgona go ba busa fa Papa a ne a ka se ka a bona tiro, ka gonne batho ba ba neng ba na le ditlankana tsa tiro ke bone fela ba neng ba letlwa go nna mo lefelong leo.

Fa Papa le Mama ba sena go nna le diphasepoto, divisa, le mekento e e thibelang malwetse, ka July 1959, ba ne ba tsaya mosepele ka sekepe sa dithoto go tswa kwa New York City ba ya kwa Mombasa ba feta ka Cape Town. Mosepele ono o ne wa ba tsaya dibeke di le nne. Kwa Mombasa ba ne ba amogelwa ka botsalano kwa boemakepeng ke bakaulengwe ba Bakeresete ba ba neng ba tsile pele ga bone go tla go direla mo go nang le tlhokego e kgolwane gone. Fa ba tsena kwa Nairobi, Papa o ne a fitlhela lekwalo le mo emetse. E ne e le phetolo ya kopo ya gagwe ya gore a dire ka khemisetiri mo Geological Survey Department kwa Entebbe, Uganda. Papa le Mama ba ne ba palama terena ba ya kwa Kampala, Uganda, koo Papa a neng a botsolodiwa a ba a hiriwa. Ka nako eo, go ne go na le Mosupi yo mongwe a le esi fela mo lefelong la Entebbe-Kampala e bong George Kadu.

Puso ya kolone e ne ya duelela Papa gore a ithute puo ya lefelo leo e leng Se-Luganda. O ne a itumela, ka gonne o ne a ntse a ikaeletse go e ithuta gore a kgone go nna le matswela a a botoka mo bodireding. Moragonyana, Papa o ne a ba a thusa go ranola bukana ya “This Good News of the Kingdom” a e ranolela mo puong ya Se-Luganda.

Papa o ne a le pelokgale fa a neela ba bangwe bosupi. O ne a buisana le Bayuropa botlhe mo lephateng la gagwe, gape o ne a nna le seabe ka metlha mo go rereleng Ba-Uganda. O ne a ba a rerela agente ya puso ya Uganda ya Moafrika. Rre yoo ga a ka a reetsa molaetsa wa Bogosi fela mme o ne a ba a laletsa Papa le Mama gore ba ye go ja le ene.

Kgaitsadiake e bong Anthe o tshotswe ka 1960, mme nna ka tsholwa ka 1965. Lelapa la rona le ne la atamalana thata le bakaulengwe le bokgaitsadi ba phuthego e potlana e e neng e gola mo motsemoshate, Kampala. E re ka e ne e le rona fela Basupi ba basweu mo Entebbe e e fa gaufi, re ne ra nna le maitemogelo mangwe a a kgatlhang. Nako nngwe tsala ya ga Papa e ne ya ema kwa Entebbe re sa solofela mme a leka go kopana le Papa. O ne a se ka a atlega go fitlha a botsa jaana: “A o itse banyalani bangwe ba Bayuropa mono ba e leng Basupi ba ga Jehofa?” Motho yono o ne a mo isa ka tlhamalalo fela kwa ntlong ya ga Mama le Papa.

Gape re ne ra nna le maitemogelo a a bokete, go akaretsa go falola makgetlho a mabedi a go tsuologa go dirisiwa dibetsa. Ka nako nngwe masole a puso a ne a thuntsha mongwe le mongwe wa setlhopha sa lotso longwe. Motshegare otlhe le bosigo jotlhe, go ne go thuntshiwa fela go sa kgaotse. E re ka go ne go na le molao wa tshipi wa gore go se ka ga tsamaiwa kwa ntle go tloga ka 6:00 p.m. go ya go 6:00 a.m., dipokano di ne di tshwarwa thapama kwa legaeng la batsadi ba me kwa Entebbe.

Moragonyana, fa molao wa tshipi o sena go fela, Papa o ne a tsamaya le rona ka koloi go ya Thutong ya Tora ya Tebelo kwa Kampala. Lesole lengwe le ne la re supa ka tlhobolo, la emisa koloi ya rona, mme la batla go itse gore re ne re ya kae. Ka nako eo ke ne ke le losea fela, Anthe ene a na le dingwaga di le tlhano. Fa Papa a sena go tlhalosa ka lentswe le le kwa tlase, a bontsha lesole leo Dibaebele tsa rona le dikgatiso, o ne a re letla re tsamaya.

Ka 1967, morago ga go nna dingwaga di ka nna robedi kwa Uganda, batsadi ba rona ba ne ba dira tshwetso ya gore ba boele kwa United States ka ntlha ya mathata a botsogo le maikarabelo a lelapa. Re ne ra nna karolo ya Phuthego ya Canfield, kwa Ohio, koo Papa a neng a direla teng jaaka mogolwane. Koo batsadi ba me ba ne ba simolola go rata bakaulengwe thata fela jaaka ba ne ba rata phuthego e potlana ya Kampala.

Go Godisiwa ka Lerato ka Tsela ya Bokeresete

Ka 1971, morwarre, David o ne a tsholwa. Fa re ntse re gola, re ne re tlamelwa mo legaeng le le neng le tletse lerato le botsalano. Kwantle ga pelaelo seno se ne se bakwa ke kamano e e lerato e batsadi ba rona ba neng ba na nayo mmogo.

Fa re ne re le basha, Papa ka metlha o ne a re balela polelo ya Baebele fa re ya go robala, a ba a rapela, go tswa foo, Mama a sa itse, a bo a re fa tšhokolete e phuthetswe ka pampiri e e phatsimang ya mmala wa gouta. Ka metlha re ne re ithuta Tora ya Tebelo mmogo jaaka lelapa, go sa kgathalesege gore re fa kae. Fa re le mo malatsing a boitapoloso jaaka lelapa, re kile ra e ithuta re le mo thabeng mme ka nako e nngwe re le fa thoko ga lewatle. Gantsi Papa o ne a bolela gore tseo e ne e le dingwe tsa dinako tse di monate thata go feta tsotlhe tse a di gakologelwang. O ne a re o utlwela botlhoko batho ba ba fetwang ke boitumelo jo bogolo jo bo ka leriwang ke thuto ya lelapa.

Fa e le ka go bontsha go rata Jehofa, Papa o ne a ruta ka go tlhoma sekao. Nako le nako fa go ne go tla khopi e ntšha ya makasine wa Tora ya Tebelo le Tsogang! kana re amogela kgatiso e nngwe ya Watchtower, Papa o ne a e bala a ba a e fetsa ka bonako. Re ne ra ithuta ka ene gore boammaaruri jwa Baebele ga bo a tshwanela go tsewa motlhofo mme bo tshwanetse go tseelwa kwa godimo jaaka letlotlo le le tlhwatlhwakgolo. Sengwe sa dilo tse re nang le tsone se se tlhwatlhwakgolo thata ke Reference Bible ya ga Papa. Nngwe le nngwe ya ditsebe tsa yone e tletse ka dintlha tse a di kwadileng fa a ntse a ithuta. Jaanong fa re bala dikakgelo tse a di kwadileng mo dithoko, go ntse jaaka e kete re santse re mo utlwa a re ruta le go re kgalemela.

O Ikanyega go ya Bokhutlong

Ka May 16, 1991, fa re ntse re le mo bodireding jwa tshimo, Papa o ne a tlhaselwa ke bolwetse jwa pelo ka tshoganetso. Dibeke di sekae moragonyana, o ne a ariwa pelo mme ga lebega karo e atlega. Lefa go ntse jalo, mo bosigong jwa morago ga karo, re ne ra lelediwa mogala ke ba kokelo. Papa o ne a dutla madi, mme dingaka di ne di tshwenyegile thata. O ne a busediwa mo ntlong ya karo gabedi mo bosigong joo ba leka go emisa go dutla ga madi mme ga se ka ga thusa sepe. Madi a ga Papa a ne a sa ipope.

Letsatsi le le latelang, fa seemo sa ga Papa se ntse se nnela maswe kwa pele ka bonako, dingaka di ne tsa tseela mmè pele kwa thoko go tswa foo ba tsaya morwarre yo mmotlana ba leka go ba kgothaletsa gore ba dumele gore Papa a tshelwe madi. Lefa go ntse jalo, e ne e rile go le pele Papa a bolelela dingaka gore o ne a se kitla a dumela go tshelwa madi lefa go ka nna jang. O ne a ba tlhalosetsa mabaka a gagwe a Dikwalo gore ke ka ntlha yang a gana go tshelwa madi mme a bolela gore o ne a tla dumela go thusiwa ka dilo tse dingwe tse di senang madi.—Lefitiko 17:13, 14; Ditiro 15:28, 29.

Letlhoo le le fitlhegileng la maloko a le mmalwa a badiri ba kalafi le ne le dira gore go nne go sosobantswe difatlhego mo ICU (intensive care unit [lefelo la tlhokomelo ya balwetsi ba ba lwalang thata]). Seno mmogo le seemo sa ga Papa se se neng se ntse se nnela maswe kwa pele, ka dinako tse dingwe se ne se lebega se le thata go ka se itshokela. Re ne ra kokotlela Jehofa gore a re thuse ra ba ra leka go dirisa dikakantsho tse di dirang tse re neng re di amogetse. Ka jalo fa re ne re ya kwa ICU, re ne re tsamaya re apere sentle ka metlha e bile re bontsha badiri ba kalafi tlotlo. Re ne re bontsha kgatlhego tota mo boemong jwa ga Papa ka go botsa dipotso tse di utlwalang, gape re ne re leboga mongwe le mongwe wa badiri ba ba tsentseng letsogo mo go tlhokomeleng Papa.

Badiri ba kalafi ga ba a ka ba tlhoka go lemoga maiteko a rona. Morago ga malatsi a sekae fela, boemo jole jwa go sosobanya difatlhego bo ne jwa fetoga mme ba nna pelontle. Baoki ba ba neng ba tlhokomela Papa ba ne ba tlwaetse go tlhola gore o ntse a tsoga jang lefa ba ne ba sa tlhole ba abetswe go mo tlhokomela. Ngaka nngwe e e neng e ntse e sena botsalano gotlhelele e ne ya kgwabofala mo e neng ya ba ya botsa Mama gore o ne a ntse a tsweletse jang. Phuthego ya rona le ba losika le bone ba ne ba re tshegetsa ka lerato. Ba ne ba romela dijo le dikarata di le dintsi tse di gomotsang, gape ba ne ba re rapelela.

Ka maswabi, kalafi ga e a ka ya thusa Papa. O ne a tlhokafala malatsi a le lesome morago ga karo ya ntlha. Re hutsafaletse Papa fela thata. Ka dinako tse dingwe, re ikutlwa re latlhegetswe fela thata. Ka lesego, Modimo wa rona o solofetsa gore o tla ‘rwala merwalo ya rona ka malatsi otlhe,’ mme re ithutile gore re ikaege ka ene go feta lefa e le leng pele.—Pesalema 68:19.

Rotlhe re ititeile sehuba gore le rona re tla tswelela pele re direla Jehofa ka boikanyegi gore re tle re itumelele go bona Papa mo lefatsheng le lesha.—Mareko 5:41, 42; Johane 5:28; Ditiro 24:15.

[Setshwantsho mo go tsebe 21]

Frank Smith a na le mmaagwe, e bong Phyllis kwa Cape Town

[Setshwantsho mo go tsebe 22]

Papa le Mama fa ba ne ba nyalana

[Setshwantsho mo go tsebe 23]

Ka kolobetso ya ntlha kwa Entebbe, bakaulengwe ba ne ba hirisa letangwana la kgosi ya Moafrika

[Setshwantsho mo go tsebe 23]

Ba dumedisana kafa mokgweng

[Setshwantsho mo go tsebe 24]

Papa le Mama nakwana fela pele ga loso lwa ga Papa

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela