Pego ya Baboledi ba Bogosi
Go Fitlhelela Metsana e e Kwa Thoko ya Greenland
GO TSERE masomesome a dingwaga Basupi ba ga Jehofa ba ntse ba dirisa dimakasine tsa Tora ya Tebelo le Tsogang! fa ba rera mafoko a a molemo. Dimakasine tseno di tlotlomatsa botlhale jwa ga Jehofa jaaka bo tlhalosiwa mo Lefokong la gagwe, Baebele. Di lepile ditiragalo tsa lefatshe tse di amanang le boperofeti jwa Baebele, mme di lebisa kgakololo ya Baebele e e utlwalang mo mathateng a gompieno.—Jakobe 3:17.
Ka 1994, Basupi kwa Greenland ba ne ba dira boiteko jo bo kgethegileng jwa go tsamaisetsa batho ba le bantsi ka mo go ka kgonegang ka gone Tora ya Tebelo le Tsogang! Mo selemong, ba ne ba dira dithulaganyo tsa go etela mengwe ya metsana e e kwa thoko thata kwa Greenland. Setlhopha sa baboledi ba Bogosi se ne sa tsamaya ka mokoro sekgala se se fetang dikilometara tse 4 000 ba iphaphathile ka lotshitshi lo lo kafa bophirima ba ya kwa Qaanaaq (Thule), mme ba fitlhelela ditšhaba tse di kwa bokone go feta tse dingwe tsotlhe mo lefatsheng. Mosepele wa bone o tsere dibeke di le supa. Mo lotshitshing lo lo kafa botlhaba, banyalani ba Basupi ba ne ba fitlha kwa motsaneng wa Ittoqqortoormiit mme ba o akaretsa otlhe e le la ntlha ka mafoko a a molemo.
E ne e rile pelenyana mo ngwageng oo, ka kgwedi ya April, batho ba Greenland ba tsamaisediwa dikhopi di le 7 513 tsa Tora ya Tebelo le Tsogang! Seo se raya gore ka kakaretso, mongwe le mongwe wa baboledi ba Bogosi ba ba 127 o ne a tsamaisa dimakasine di le 59—makasine o le 1 o lebagane le baagi ba le 7. Mo kgweding eo, Tsogang! e ne e na le motseletsele wa ditlhogo tse di welang kafa tlase ga setlhogo sa kafa ntle sa “Kankere ya Mabele—Selo se se Boifiwang ke Mosadi Mongwe le Mongwe.” Mosupi mongwe, yo o neng a tsamaisa dimakasine di le 140, o ne a tsamaisetsa mmegi mongwe wa thelebishene dikhopi tsa makasine oo wa Tsogang! Malatsi a le mmalwa moragonyana, thulaganyo ya dikgang tsa thelebishene e ne ya bua thata ka ditlhogo tse di buang ka kankere ya mabele. Mmegi o ne a supa makasine ono mo thelebisheneng, a bontsha ditsebe di le mmalwa a ntse a baka boleng jwa thanolo ya Se-Greenland. Gape o ne a gatelela dikakantsho tse di mosola tse di neelwang ke Tsogang! tsa go tlhokomela botsogo go thibela malwetse.
Mosupi yo o neng a tsamaiseditse mmegi yo dimakasine kwa tshimologong o ne a botsolodiwa mo go yone thulaganyo eo ya thelebishene. O ne a araba dipotso di le mmalwa kaga Basupi ba ga Jehofa a bo a bua ka tsela e dimakasine di anamisitsweng di le dintsi ka gone mo kgweding eo. Gape o ne a bua ka botlhale jo bo mosola jo bo fitlhelwang mo Baebeleng mme a bontsha gore kgakololo e e ntseng jalo e e utlwalang e ka re thusa go itshokela mathata a gompieno.
Thulaganyo eno e ne ya konela ka gore go botsolodiwe poresidente wa Greenlandic Cancer Society. O ne a bontsha gore o ne a ise a ko a bone tshedimosetso e e molemo jaana e e mosola ka kgang eno e le mo puong ya gagwe. Go tswa foo o ne a laletsa botlhe ba ba kgatlhegelang kgang ya kankere ya mabele gore ba bale ditlhogo tse di buang ka yone tsa Tsogang! O ne a re go na le lebaka le le utlwalang la go lebogela Basupi ba ga Jehofa kgato e ba e tsereng.
Fela jaaka kwa Greenland, Basupi ba ga Jehofa mo lefatsheng lotlhe ba tswelela pele ka go rerela “lobopo lotlhe tlase ga legodimo” mafoko a a molemo. (Bakolosa 1:23; Ditiro 1:8) Ba thusa batho ba mefuta yotlhe go itshokela mathata a gompieno mmogo le go ba thusa gore ba solofele isagwe e e botoka, ba dirisa dikgatiso tsa Baebele, go akaretsa Tora ya Tebelo le Tsogang!
[Mmapa mo go tsebe 8]
(For fully formatted text, see publication)
Qaanaaq (Thule)
Ittoqqortoormiit
Nuuk (Godthåb)