“Ga e Tlhole E le Go Itekanela Sentle mo Tlhaloganyong”
“E RE ka dintwa di simologa mo megopolong ya batho, re tshwanetse ra tlhoma dithako tsa phemelo tsa kagiso mo teng ga megopolo ya batho.” (Molaotheo wa Lekgotla la UN la Tsa Thuto, Tsa Saense le Tsa Setso) Ka 1993, baitseanape ba feta 500 ba ba neng ba ile khonferenseng ya UN ya go baya dibetsa fa fatshe ba ba neng ba na le mogopolo oo, ba ne ba tlhatlhoba seabe se bodumedi bo ka nnang le sone mo go ageng dithako tse di ntseng jalo.
Jonathan Granoff, yo o neng a emetse Lawyers’ Alliance for World Security, o ne a okametse khonferense eo. O ne a re: “Selekanyo sa dikgotlhang tsa bodumedi le tsa lotso tsa gone jaanong ga e tlhole e le boitshwaro jwa batho ba ba tlhabologileng, gongwe e bile ga e tlhole e le go itekanela sentle mo tlhaloganyong.” Mafoko a ga John Kenneth Galbraith a ne a umakiwa ka tshwanelo mo khonferenseng eo: “Go bolailwe palo e kgolo ya batho ka ntlha ya bodumedi go feta palo yotlhe ya batho ba ba suleng mo dintweng tsotlhe le mo dikotsing tsa masetlapelo a tlholego.”
Dr. Seshagiri Rao o ne a re: “Dingaka di tshwanetse go fodisa e seng go anamisa malwetse. Ditumelo ga di a tshwanela go dira gore batho ba ilane ba bo ba nne le dikgotlhang tse di setlhogo mo gare ga bone. Di tshwanetse go nna maatla a a letlanyang batho. Lefa go ntse jalo, gantsi di ile tsa nna maatla a a thusang mo go kgaoganyeng batho, le gompieno di santse di dira jalo.”
Dingwaga di le mmalwa tse di fetileng, Catholic Herald ya kwa Lontone e ne ya akgela gore go ne go ka tlhomamisiwa gore go tla nna le kagiso “fa dikereke tsa gompieno di ne di ka kgala ntwa di le seoposengwe.” Lefa go ntse jalo, pampiri eo ya dikgang e ne ya oketsa jaana: “Re a itse gore seno ga se na go diragala le ka motlha.” Moitlami mongwe wa Katoliki o kile a akgela ka go re: “A bo lefatshe le ne le tla bo le farologane jang ne fa rotlhe re ne re ka tsoga moso mongwe re dirile tshwetso ka go nitama gore re ka se ka ra tlhola re tsenelela mo ntweng, . . fela jaaka Basupi ba ga Jehofa!”
[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 32]
Tom Haley/Sipa Press