LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w95 7/1 ts. 31
  • Dipotso Tse di Tswang go Babadi

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Dipotso Tse di Tswang go Babadi
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1995
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Ke Mang yo o Kaelang Batho ba Modimo Gompieno?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2017
  • Tiro ya Setlhopha se se Laolang ke Eng Gompieno?
    Ke Bomang ba ba Dirang Thato ya ga Jehofa Gompieno?
  • Go Dirisana Mmogo le Setlhopha se se Laolang Gompieno
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1990
  • Dipotso tse di Tswang go Babadi
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1985
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1995
w95 7/1 ts. 31

Dipotso Tse di Tswang go Babadi

A Modimo o ne o tlhaola fa o ne o tlhopha banna ba lotso le ba setšhaba se le sengwe—e le Bajuta botlhe—gore ba nne maloko a setlhopha se se laolang?

Nnyaa, ruri o ne a sa tlhaole. Batho botlhe ba Jesu a ba biditseng pele gore e nne barutwa ba gagwe e ne e le Bajuta. Go tswa foo, ka Pentekosete ya 33 C.E., Bajuta le batho ba ba sokologetseng Sejuteng e ne ya nna bone ba ntlha go tlodiwa ka moya o o boitshepo mme ka jalo ba tshwanela gore ba ka busa le Keresete kwa legodimong. Basamaria le Baditšhaba ba ba sa rupisiwang ba ba sokologileng ba ne ba akarediwa morago fela. Ka jalo, go a utlwala go bo setlhopha se se laolang sa nako eo se ne se bopilwe ka Bajuta, ‘baaposetoloi le bagolwane ba kwa Jerusalema,’ jaaka go umakilwe mo go Ditiro 15:2. Bano e ne e le banna ba ba neng ba tlhaloganya Dikwalo botoka e bile ba na le boitemogelo jwa dingwaga tse dintsi tsa kobamelo ya boammaaruri, mme ba ne ba ile ba nna le nako e ntsi ya gore ba gatele pele go nna bagolwane ba ba godileng ba Bakeresete.—Bapisa Baroma 3:1, 2.

Ka nako ya pokano ya setlhopha se se laolang e go anetsweng ka yone mo go Ditiro kgaolo 15, Baditšhaba ba le bantsi e ne e setse e le Bakeresete. Ba ne ba akaretsa Baafrika, Bayuropa, le batho ba ba tswang mo dikarolong tse dingwe. Lefa go ntse jalo, ga go na rekoto epe ya gore Baditšhaba bape mo go bone ba ne ba tsentswe mo setlhopheng se se laolang gore batho ba e seng Bajuta ba kgatlhegele Bokeresete. Lefa Baditšhaba bano ba Bakeresete ba ba neng ba sa tswa go sokologa ba ne ba na le maemo a a lekanang fela le a maloko a mangwe mo “Iseraele wa Modimo,” ba tshwanetse ba bo ba ile ba tlotla Bakeresete ba Bajuta, ba ba jaaka baaposetoloi, ba ba neng ba le karolo ya setlhopha se se laolang ka nako eo, ka ntlha ya bogodi jwa bone le boitemogelo jwa bone jo bogolwane. (Bagalatia 6:16) Ela tlhoko mo go Ditiro 1:21, 22 kafa ba bangwe ba neng ba ba tlotla fela thata ka gone ka ntlha ya maitemogelo a ba neng ba na nao.—Bahebere 2:3; 2 Petere 1:18; 1 Johane 1:1-3.

Modimo o ne o ile wa dirisana le setšhaba sa Iseraele ka tsela e e kgethegileng ka makgolo a le mantsi a dingwaga, e leng sone setšhaba se Jesu a tlhophileng baaposetoloi ba gagwe mo go sone. E ne e se phoso e bile e se tshiamololo gore go bo go sa tlhophiwa baaposetoloi bape go tswa mo go se jaanong e leng Amerika Borwa, Afrika kana Botlhaba jo bo Kgakala. Fa nako e ntse e tsamaya banna le basadi ba ba nnang kwa mafelong ao ba ne ba tla nna le sebaka sa go nna le tshiamelo e kgolo thata go feta go nna moaposetoloi mo lefatsheng, go nna leloko la setlhopha se se laolang sa lekgolo la ntlha la dingwaga, kana go tlhomiwa ka tsela epe fela mo bathong ba Modimo gompieno.—Bagalatia 3:27-29.

Moaposetoloi mongwe o ne a tlhotlheletsega go bolela gore “Modimo [ga] se motlhaodi wa batho; mo merafeng yotlhe, yo o boifang one, a ba a dira tshiamo, o a lebosega mo go one.” (Ditiro 10:34, 35) Ee, setlhabelo sa ga Keresete se ka solegela botlhe molemo, go sa tlhaolwe ope. Mme batho ba morafe mongwe le mongwe le puo nngwe le nngwe ba tla akarediwa mo Bogosing jwa selegodimo le mo boidiiding jo bogolo jo bo tla tshelelang ruri mo lefatsheng.

Batho ba le bantsi ba amega thata ka gore ba bangwe ke ba lotso, ba puo, kana ba setšhaba sefe. Seno se bontshiwa ke se re se balang mo go Ditiro 6:1 kaga kgang e e neng ya tsala go ngongorega fa gare ga Bakeresete ba ba neng ba bua Segerika le ba ba neng ba bua Sehebera. Re ka nna ra bo re godile re tshwenyega thata kaga puo, lotso, morafe, kana bong, jaaka ba bangwe ba dira, kana re simolotse go amega ka tsone fa re setse re godile. Ka ntlha ya lebaka leo le tota le ka nnang la bo le le teng, re tshwanetse ra leka ka natla yotlhe gore re letle maikutlo a rona le ditiro tsa rona gore di laolwe ke tsela e Modimo o lebang dilo ka yone, e leng gore batho botlhe ba a lekana fa pele ga gagwe, go sa kgathalesege gore ba lebega jang ka fa ntle. Fa Modimo o ne o dira gore go kwalwe dilo tse di tlhokwang mo bagolwaneng le mo batlhankeng ba bodiredi, ga a ka a umaka sepe ka lotso kana setšhaba se motho a tswang mo go sone. Nnyaa, o ne a gatelela dilo tsa semoya tse ba ba ka kgonang go direla ba tshwanetseng gore ba bo ba na le tsone. Go ntse jalo ka bagolwane ba phuthego, balebedi ba ba etang, le badiri ba makala gompieno, fela jaaka go ne go ntse ka setlhopha se se laolang mo lekgolong la ntlha la dingwaga.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela