“Iseraele wa Modimo” le “Boidiidi jo Bogolo”
“Ka leba, mme bonang, boidiidi jo bogolo jwa batho, jo go seng motho ope yo o ka bo balang.”—TSHENOLO 7:9.
1-3. (a) Bakeresete ba ba tloditsweng ba na le ditebelelo dife tse di molemo tsa selegodimo? (b) Satane o ne a leka jang go senya phuthego ya lekgolo la ntlha la dingwaga? (c) Go ne ga diragala eng ka 1919 se se neng se bontsha gore maiteko a ga Satane a go senya phuthego e e tloditsweng ya Bokeresete a ne a reteletswe?
GO TLHONGWA ga “Iseraele wa Modimo” ka 33 C.E. e ne e le kgato e kgolo mo go diragadiweng ga maikaelelo a ga Jehofa. (Bagalatia 6:16) Maloko a yone a a tloditsweng a solofetse go nna dibopiwa tse di sa sweng tsa moya e bile ba busa le Keresete mo Bogosing jwa Modimo jwa selegodimo. (1 Bakorinthe 15:50, 53, 54) Fa ba le mo boemong joo ba na le seabe se segolo mo go itshepiseng leina la ga Jehofa le mo go tapeteng tlhogo ya Mmaba yo mogolo, Satane Diabolo. (Genesise 3:15; Baroma 16:20) Ga go gakgamatse go bo Satane a ne a dira gotlhe mo a ka go kgonang go fedisa phuthego eno e ntšha, ka go e bogisa le ka go leka go e senya!—2 Timotheo 2:18; Juta 4; Tshenolo 2:10.
2 Fa baaposetoloi ba ne ba santse ba tshela, Satane o ne a sa kgone go atlega. Lefa go ntse jalo, fa ba sena go swa, botenegi bo ne jwa anama ka bofefo. Kgabagare, kafa ponong ya motho, phuthego e e itshekileng ya Bokeresete e e neng e tlhomilwe ke Jesu go ne go lebega e kete e sentswe fa Satane a ne a tlisa seitshwantshi sa bodumedi sa botenegi se gompieno se bidiwang Labokeresete. (2 Bathesalonika 2:3-8) Lefa go ntse jalo, Bokeresete jwa boammaaruri bo ne jwa tswelela pele.—Mathaio 28:20.
3 Mo setshwantshong sa ga Jesu sa mabele le mofoka, o ne a bolelela pele gore Bakeresete ba boammaaruri ba ne ba tla gola ka nako e telele mmogo le “mohoka,” kana Bakeresete ba maaka; mme go ne ga diragala jalo. Mme gape o ne a bolela gore mo metlheng ya bofelo, “bana ba bogosi” ba ne ba tla boa ba bonala ba farologane le “mohoka.” (Mathaio 13:36-43) Seno le sone se ne sa bonala se le boammaaruri. Ka 1919 Bakeresete ba mmatota ba ba tloditsweng ba ne ba tswa mo bokgobeng jwa Babelona. Modimo o ne o ba tsaya jaaka “motlhanka yo o boikanngo le yo o botlhale,” mme ba ne ba simolola go rera mafoko a a molemo a Bogosi ka bopelokgale. (Mathaio 24:14, 45-47; Tshenolo 18:4) Mo e batlileng e le botlhe e ne e le Baditšhaba; mme lefa go ntse jalo ka gonne ba ne ba na le tumelo jaaka Aberahame, tota e ne e le ‘bana ba ga Aberahame.’ E ne e le maloko a “Iseraele wa Modimo.”—Bagalatia 3:7, 26-29.
“Boidiidi jo Bogolo”
4. Ke setlhopha sefe sa Bakeresete se se neng sa simolola go bonala, bogolo jang ka bo1930?
4 Kwa tshimologong, batho ba ba neng ba amogela thero ya Bakeresete bano ba ba tloditsweng le bone ba ne ba nna Baiseraele ba semoya, masalela a ba ba 144 000, ba ba nang le tsholofelo ya go ya kwa legodimong. (Tshenolo 12:17) Lefa go ntse jalo, segolo bogolo ka bo1930, setlhopha se sengwe se ne sa tlhagelela. Bano ba ne ba lemogiwa e le ba “dinku di sele” tsa setshwantsho sa masaka a dinku. (Johane 10:16) E ne e le barutwa ba ga Keresete ba ba solofetseng go tshelela ruri mo lefatsheng la paradaise. E ne e le bana ba semoya, jaaka go ka tualo, ba Bakeresete ba ba tloditsweng. (Isaia 59:21; 66:22; bapisa 1 Bakorinthe 4:15, 16.) Ba ne ba bona fa phuthego ya Bakeresete ba ba tloditsweng e le motlhanka yo o molemo le yo o boikanngo, mme jaaka barwarraabone ba batlodiwa, ba ne ba rata Jehofa fela thata, ba dumela mo setlhabelong sa ga Jesu, ba tlhagafaletse go baka Modimo, gape ba iketleeleditse go boga ka ntlha ya tshiamo.
5. Boemo jwa dinku di sele bo ile jwa tlhaloganngwa botoka jang fa nako e ntse e feta?
5 Kwa tshimologong maemo a dinku di sele tseno a ne a sa tlhaloganngwe sentle, mme fa nako e ntse e feta, go ne ga tlhaloganngwa botoka. Ka 1932 Bakeresete ba ba tloditsweng ba ne ba kgothalediwa gore ba rotloetse dinku di sele gore di nne le seabe mo tirong ya go rera—e leng sengwe se dinku tse dingwe di le dintsi di neng di setse di se dira. Ka 1934 dinku di sele di ne tsa kgothalediwa gore di ineele gore di kolobediwe ka metsi. Ka 1935 go ne ga lemogiwa fa e le ba “boidiidi jo bogolo” jwa Tshenolo kgaolo 7. Ka 1938 ba ne ba lalediwa gore ba nne gone kwa Segopotsong sa loso lwa ga Jesu Keresete e le babogedi fela. Ka 1950 banna ba ba godileng mo go bone ba ne ba lemogiwa fa e le bangwe ba “dikgosana” tse di direlang jaaka “boipoteletso mo phefong, le boitekeletso mo ledimong.” (Pesalema 45:16; Isaia 32:1, 2) Ka 1953, phuthego ya Modimo ya selefatshe—e ka nako eo e neng e tletse thata ka dinku di sele—e ne ya bonwa e le yone karolo ya konokono ya mokgatlho wa mo lefatsheng o o neng o tla nna teng mo lefatsheng le lesha. Ka 1985 go ne ga tlhaloganngwa gore mo motheong wa setlhabelo sa ga Jesu sa thekololo, dinku di sele di bolelwa tshiamo jaaka ditsala tsa Modimo e bile di solofetse go falola Haramagetone.
6. Maemo a batlodiwa le dinku di sele ke afe gompieno, mme seo se tsosa dipotso dife?
6 Jaanong, mo karolong eno ya bofelo ya ‘metlha ya bofelo,’ bontsi jwa ba ba 144 000 ba tlhokafetse e bile ba amogetse tuelo ya bone ya selegodimo. (2 Timotheo 3:1; Tshenolo 6:9-11; 14:13) Bakeresete ba ba nang le tsholofelo ya go tshela mo lefatsheng ke bone jaanong ba dirang bontsi jwa tiro ya go rera mafoko a a molemo, mme ba go tsaya e le tshiamelo gore ba bo ba tshegetsa bomonnawe Jesu ba ba tloditsweng mo go seno. (Mathaio 25:40) Lefa go ntse jalo, batlodiwa bano ke motlhanka yo o boikanngo le yo o botlhale yo dijo tsa semoya di ntseng di tsamaisiwa ka ene go ralala metlha eno ya bofelo. Boemo jwa dinku di sele e tla nna bofe fa batlodiwa botlhe ba setse ba amogetse tuelo ya bone ya selegodimo? Ba dinku di sele ba tla direlwa eng ka nako eo? Go tlhatlhoba Iseraele wa bogologolo ka bokhutshwane go tla re thusa go araba dipotso tseo.
Setshwani sa “Bogosi jwa Baperesiti”
7, 8. Iseraele wa bogologolo e ne e le bogosi jwa baperesiti le morafe o o boitshepo ka selekanyo se se kana kang mo kgolaganong ya Molao?
7 Fa Jehofa a ne a tlhopha Iseraele gore e nne morafe wa gagwe o o kgethegileng, o ne a dira kgolagano e ntšha le bone, a re: “Fa ruri lo ka reetsa lentswe la me, lwa tshegetsa kgolagano ya me, foo lo tlaa nna boswabotshwerwe jwa me go feta ditšhaba tsotlhe; gonne lefatshe lotlhe ke la me; lo tlaa bo lo ntse bogosi jwa baperesiti mo go nna, le morafe o o boitshepo.” (Ekesodo 19:5, 6) Iseraele e ne e le morafe wa ga Jehofa o o kgethegileng ka ntlha ya kgolagano ya Molao. Lefa go ntse jalo, tsholofetso ya bogosi jwa baperesiti le morafe o o boitshepo e ne e tla diragadiwa jang?
8 Fa Baiseraele ba ne ba ikanyega, ba ne ba dumela bolaodi jwa ga Jehofa e bile ba mo amogela jaaka Kgosi ya bone. (Isaia 33:22) Ka jalo, ba ne ba le bogosi. Mme lefa go ntse jalo, jaaka go ne ga senolwa moragonyana, tsholofetso ya “bogosi” e ne e tla kaya se se fetang seo. Mo godimo ga moo, fa ba ne ba utlwa Molao wa ga Jehofa, ba ne ba nna phepa, ba farologana le merafe e e ba dikologileng. Ba ne ba le morafe o o boitshepo. (Duteronome 7:5, 6) A ba ne ba le bogosi jwa baperesiti? Kana ebu, kwa Iseraele morafe wa Balefi o ne o seegetswe kwa thoko gore o direle mo tempeleng, mme mo teng ga morafe oo go ne go na le tsamaiso ya baperesiti ba Balefi. Fa Molao wa ga Moshe o ne o tlhomiwa, lonna lwa Balefi lo ne lwa tsewa mo boemong jwa motsalwapele wa lelapa lengwe le lengwe la ba e seng Balefi.a (Ekesodo 22:29; Dipalo 3:11-16, 40-51) Ka jalo, lelapa lengwe le lengwe la Iseraele le ne le na le moemedi mo tirelong ya tempele, jaaka go ka tualo. Morafe ono o ne wa ya bokgakaleng jono fela mo go nneng boperesiti. Lefa go ntse jalo, ba ne ba emetse Jehofa mo merafeng. Mongwe le mongwe yo o neng e le wa morafe o sele yo o neng a batla go obamela Modimo wa boammaaruri o ne a tshwanetse go dira mmogo le Baiseraele.—2 Ditirafalo 6:32, 33; Isaia 60:10.
9. Ke eng se se dirileng gore Jehofa a latlhe bogosi jwa bokone jwa Iseraele gore bo se ka jwa tlhola bo ‘nna moperesiti wa gagwe’?
9 Fa Solomone a sena go tlhokafala, batho ba Modimo ba ne ba kgaogana go nna morafe wa Iseraele o o kwa bokone o busiwa ke Kgosi Jeroboame le morafe o o kafa borwa wa Juta o busiwa ke Kgosi Rehoboame. E re ka tempele, lefelo la kobamelo e e itshekileng, e ne e le mo lefelong la Juta, Jeroboame o ne a simolodisa mofuta o o seng kafa molaong wa kobamelo ka go tlhoma ditshwantsho tsa dinamane mo nageng ya morafe wa gagwe. Mo godimo ga moo, o ne “a dira matlo a mafelo a a tlotlometseng, a ba a dira baperesiti ba ba tsholwang mo bathong botlhe fela, ba e seng ba bomorwa Lefi.” (1 Dikgosi 12:31) Morafe o o kafa bokone o ne wa tsenelela thata mo kobamelong ya maaka fa Kgosi Ahabe a ne a letla mosadi wa gagwe wa seeng, e bong Jesebele, gore a tlhome kobamelo ya ga Baale mo nageng eo. Kgabagare, Jehofa o ne a bolela katlholo kgatlhanong le bogosi joo jo bo neng bo tsuologa. O ne a bolela jaana a romile Hosea: “Batho ba me ba senyegile ka go tlhoka kitso; ereka o ganne kitso, le nna ke tlaa go gana, gore o se nne moperesiti wa me.” (Hosea 4:6) Moragonyana fela ga foo, Baasiria ba ne ba nyeletsa bogosi jwa Iseraele jo bo kafa bokone.
10. Fa morafe wa kwa borwa wa Juta o ne o ikanyega o ne o emela Jehofa jang mo merafeng?
10 Go tweng ka morafe o o kafa borwa, wa Juta? Mo metlheng ya ga Hesekia, Jehofa o ne a ba bolelela jaana a romile Isaia: “Lona lo basupi ba me, . . . o bile o motlhanka wa me yo ke go itshenketseng; . . . batho ba ke ba ipopetseng, gore ba tle ba ranole pako ya me.” (Isaia 43:10, 21; 44:21) Ka nako ya fa bo ne bo ikanyega, bogosi jo bo kafa borwa bo ne bo bolelela merafe ka kgalalelo ya ga Jehofa e bile bo gogela batho ba ba dipelo di siameng gore ba tle go mo obamela kwa tempeleng ya gagwe le go direlwa ke boperesiti jo bo tshwanetseng jwa Balefi.
Batho ba Merafe e Sele Kwa Iseraele
11, 12. Bolela maina a bangwe ba batho ba merafe e sele ba ba neng ba tla go direla Jehofa mmogo le Baiseraele.
11 Fa e le ka batho ba merafe e sele bao ba neng ba amogela bosupi jwa morafe ono, ba ne ba direlwa thulaganyo mo Molaong o o neng o neetswe ka Moshe—yo mosadi wa gagwe, Sipora, e neng e le Momidiana. “Bontsi jwa batho jo bo tlhakanyeng” ba e seng Baiseraele ba ne ba tswa mo Egepeto le Baiseraele mme ba ne ba le teng fa Molao o ne o ntshiwa. (Ekesodo 2:16-22; 12:38; Dipalo 11:4) Rahabe le lelapa la gagwe ba ne ba falodisiwa mo Jeriko mme ya re moragonyana ba amogelwa mo phuthegong ya Sejuta. (Jošua 6:23-25) Nakwana fela morago ga foo, Bagibione ba ne ba agisana le Baiseraele mme ba abelwa ditiro tsa motlaagana.—Jošua 9:3-27; bona gape le 1 Dikgosi 8:41-43; Esethere 8:17.
12 Kgabagare, batho ba morafe o sele ba ne ba direla mo maemong a a kwa godimo. Uria wa Mohite, monna wa ga Bathesheba, o ne a balelwa le “diganka” tsa ga Dafite, fela jaaka Seleke wa Moamone. (1 Ditirafalo 11:26, 39, 41; 2 Samuele 1:3, 4) Ebetemeleke wa Moethiopia, o ne a direla mo ntlong ya segosi e bile a kgona go bua le kgosi. (Jeremia 38:7-9) Fa Baiseraele ba sena go boa kwa botshwarwa jwa Babilone, Banethinime ba e neng e se Baiseraele ba ne ba neelwa maikarabelo a a oketsegileng a go thusa baperesiti. (Esera 7:24) E re ka bangwe ba batho bano ba merafe e sele ba ba ikanyegang, kana baeng, ba tsewa jaaka ba ba tshwantshetsang boidiidi jo bogolo gompieno, re kgatlhegela go itse boemo jwa bone.
13, 14. (a) Batho ba ba sokologetseng mo Sejuteng ba ne ba na le melemo efe le maikarabelo afe kwa Iseraele? (b) Baiseraele ba ne ba tshwanetse go leba jang batho ba ba sokologileng ba ba ikanyegang?
13 Batho bao e ne e le ba ba sokologetseng mo Sejuteng, baobamedi ba ba ineetseng ba ga Jehofa, ba ba neng ba laolwa ke Molao wa ga Moshe e bile ba kgaogane le merafe ba tsamaya le Baiseraele. (Lefitiko 24:22) Ba ne ba isa ditlhabelo, ba ikgaogantse le bodumedi jwa maaka, e bile ba ithibile mo mading, fela jaaka Baiseraele. (Lefitiko 17:10-14; 20:2) Ba ne ba thusa go aga tempele ya ga Solomone ba bo ba kopanela mo go busetseng kobamelo ya boammaaruri fa go ne go busa Kgosi Asa le Kgosi Hesekia. (1 Ditirafalo 22:2; 2 Ditirafalo 15:8-14; 30:25) Fa Petere a ne a dirisa selotlele sa ntlha sa Bogosi ka Pentekosete ya 33 C.E., mafoko a gagwe a ne a utlwiwa ke “Bajuta le baditšhaba ba ba ineetseng mo Sejuteng [e se Bajuta].” Bangwe ba batho ba ba dikete tse tharo ba ba kolobeditsweng ka letsatsi leo e ka nna ya bo e ne e le ba ba sokologetseng mo Sejuteng. (Ditiro 2:10, 41) Nakwana fela morago ga foo, mosokologela Sejuteng mongwe wa Moethiopia o ne a kolobediwa ke Filipo—pele ga Petere a dirisa selotlele sa bofelo sa Bogosi ka Korenelio le lelapa la gagwe. (Mathaio 16:19; Ditiro 8:26-40; 10:30-48) Go phepafetse gore batho ba ba sokologetseng Sejuteng ba ne ba sa lejwe jaaka Baditšhaba.
14 Lefa go ntse jalo, maemo a batho ba ba sokologetseng Sejuteng mo nageng eno a ne a sa tshwane le a Baiseraele ba e leng ba tlholego. Batho ba ba sokologetseng mo Sejuteng ba ne ba sa direle jaaka baperesiti, le batsalwapele ba bone ba ne ba sena baemedi mo boperesiting jwa Balefi.b Gape bao ba neng ba sokologile ba ne ba sena boswa jwa naga mo Iseraele. Lefa go ntse jalo, Baiseraele ba ne ba laetswe gore ba dirisane sentle le basokologi bano ba ba ikanyegang ba bo ba ba tseye jaaka barwarraabone.—Lefitiko 19:33, 34.
Morafe wa Semoya
15. Fa Baiseraele ba tlholego ba ne ba gana go amogela Mesia, seo se ne se felela ka eng?
15 Molao o ne o diretswe go boloka Iseraele a le phepa, a kgaogane le merafe e e fa gaufi. Mme lefa go ntse jalo o ne wa diragatsa boikaelelo jo bongwe. Moaposetoloi Paulo o ne a kwala jaana: “Molao e ne e ntse e le mogoga banyana mo go rona, go re gogela kwa go Keresete, gore re siamisiwe ka tumelo.” (Bagalatia 3:24) Ka maswabi, bontsi jwa Baiseraele ba ne ba palelwa ke go etelelwa pele ke Molao o ba isa kwa go Keresete. (Mathaio 23:15; Johane 1:11) Ka jalo Jehofa Modimo o ne a latlha morafe oo mme a dira gore go tsalwe “Iseraele wa Modimo.” Mo godimo ga moo, o ne a laletsa le ba e seng Bajuta gore ba nne baagi ba ba feletseng ba Iseraele ono o mosha. (Bagalatia 3:28; 6:16) Tsholofetso ya ga Jehofa e e mo go Ekesodo 19:5, 6 kaga boperesiti jwa segosi e diragadiwa ka tsela e e molemolemo, ya bofelo mo morafeng ono o mosha. Jang?
16, 17. Bakeresete ba ba tloditsweng ba ba mo lefatsheng ke ba “segosi” ka tsela efe? ke “boperesiti” ka tsela efe?
16 Petere o ne a nopola Ekesodo 19:6 fa a ne a kwalela Bakeresete ba ba tloditsweng ba motlha wa gagwe a re: “Lona lo losika lo lo itshenketsweng, lo boperesiti jwa segosi, morafe o o boitshepo, lo tšhaba e e ruilweng ke Modimo ka sebele.” (1 Petere 2:9) Seno se kaya eng? A Bakeresete ba batlodiwa ba ba mo lefatsheng ke dikgosi? Nnyaa ba tla busa mo isagweng. (1 Bakorinthe 4:8) Lefa go ntse jalo, ke ba “segosi” ka kgopolo ya gore ba tlhophilwe gore ba tle ba bone ditshiamelo tsa segosi mo nakong e e tlang. Le gone jaanong ke morafe o o laolwang ke kgosi, Jesu, e e tlhomilweng ke Molaodi yo Mogolo, Jehofa Modimo. Paulo o ne a kwala jaana: ‘[Jehofa] o re golotse, a re ntsha mo thateng ya lefifi, a re tlolagantshetsa mo bogosing jwa Morwa lorato lwa one.’—Bakolosa 1:13.
17 A Bakeresete ba ba tloditsweng ba ba mo lefatsheng ke boperesiti? Ee, ka tsela nngwe. Jaaka phuthego, ba dira seabe se se ka se kang sa ganediwa sa boperesiti. Petere o ne a tlhalosa seno fa a ne a re: “Lona . . . go agiwa ntlo ya semowa ka lona, go tla lo nna boperisiti jo bo itshepileng.” (1 Petere 2:5; 1 Bakorinthe 3:16) Gompieno, masalela a Bakeresete ba ba tloditsweng jaaka setlhopha ke “motlhanka yo o boikanngo le yo o botlhale,” mosele o go anamisiwang dijo tsa semoya ka one. (Mathaio 24:45-47) Fela jaaka go ne go ntse kwa Iseraele wa bogologolo, bape ba ba eletsang go obamela Jehofa ba tshwanetse go dira jalo mmogo le Bakeresete bano ba ba tloditsweng.
18. Phuthego ya Bakeresete ba ba tloditsweng e e mo lefatsheng e na le boikarabelo bofe jo bogolo jaaka boperesiti?
18 Mo godimo ga moo, Bakeresete ba ba tloditsweng e ne ya nna bone ba nnang le tshiamelo ya go neela ditšhaba bosupi ka ga bogolo jwa ga Jehofa mo boemong jwa Baiseraele. Ditemana tse di dikologileng di bontsha gore fa Petere a ne a bitsa Bakeresete ba ba tloditsweng a re ke boperesiti jwa segosi, o ne a akantse ka tiro ya go rera. Eleruri, mo temaneng e le nngwe fela o ne a kopanya tsholofetso ya ga Jehofa e e mo go Ekesodo 19:6 le mafoko a Gagwe go Baiseraele a a mo go Isaia 43:21 fa a ne a re: “Lona lo . . . boperesiti jwa segosi, . . . gore lo tle lo bonatse go tlotlomala ga yo o lo biditseng, a lo bitsa lo le mo lefifing, a lo isa leseding la gagwe le le gakgamatsang.” (1 Petere 2:9) Go dumalana le seno, Paulo o ne a bua kaga go bolelwa kaga tlotlomalo ya ga Jehofa e le setlhabelo sa tempele. O ne a kwala jaana: “A re nneng re isetse Modimo tshupelo ya pako ka ene [Jesu] ka metlha yotlhe, e bong loungo lwa melomo e e ipolelang leina la gagwe.”—Bahebere 13:15.
Tiragatso ya Selegodimo
19. Tiragatso ya bofelo, e e molemolemo ya tsholofetso ya gore Baiseraele ba ne ba tla nna bogosi jwa baperesiti ke efe?
19 Lefa go ntse jalo, Ekesodo 19:5, 6 kwa bofelong e nna le tiragatso e kgolo thata le go feta. Mo bukeng ya Tshenolo, moaposetoloi Johane o utlwa dibopiwa tsa selegodimo di diragatsa temana eno fa di ntse di baka Jesu yo o tsositsweng: “O ne o bolailwe, mme wa rekela Modimo batho ba ditso tsotlhe, le ba dipuo tsotlhe, le ba batho botlhe, le ba merafe yotlhe ka madi a gago. Wa ba dira gore ba nne bogosi jwa Modimo wa rona, le baperesiti ba one; mme ba busa mo lefatsheng.” (Tshenolo 5:9, 10) Ka gone he, re ka fetsa ka go re, boperesiti jwa segosi ke Bogosi jwa Modimo jwa selegodimo, puso e e laolang e Jesu a re rutileng gore re e rapelele. (Luke 11:2) Bakeresete botlhe ba ba 144 000 ba ba tloditsweng ba ba itshokang ba ikanyega go ya bokhutlong ba tla nna le seabe mo thulaganyong eo ya Bogosi. (Tshenolo 20:4, 6) A tiragatso e e molemo jang ne ya tsholofetso e e dirilweng bogologolo jaana ka Moshe!
20. Ke potso efe e e santseng e tshwanetse go arabiwa?
20 Seno sotlhe se amana jang le boemo jwa boidiidi jo bogolo le isagwe ya bone fa batlodiwa botlhe ba setse ba neetswe boswa jwa bone jo bo molemolemo? Seno se tla tlhalosiwa sentle mo setlhogong sa bofelo sa motseletsele ono.
[Dintlha tse di kwa tlase]
a Fa boperesiti jwa kwa Iseraele bo ne bo tlhomiwa, barwa ba batsalwapele ba ditso tse e seng Balefi ba Baiseraele ba ne ba balwa le banna botlhe ba lotso lwa Lefi. Batsalwapele ba ne ba feta banna ba Balefi ka 273. Ka jalo, Jehofa o ne a laela gore mongwe le mongwe wa ba ba 273 a duelelwe dipapetlana tsa selefera di le tlhano e le thekololo ya selekanyo se se fetileng sa palo.
b Bontsi jo bogolo jo bo tlhakaneng jwa batho ba eseng Baiseraele bo ne bo le teng fa Molao o ne o tlhomiwa ka 1513 B.C.E., mme lefa go ntse jalo batsalwapele ba bone ga ba a ka ba akarediwa fa Balefi ba ne ba tsewa mo boemong jwa batsalwapele ba Iseraele. (Bona serapa 8.) Ka jalo, Balefi ga ba a ka ba tsewa mo boemong jwa batsalwapele ba batho bano ba e neng e se Baiseraele.
A o Ka Tlhalosa?
◻ Boemo jwa dinku di sele bo ile jwa tlhaloganngwa botoka jang fa nako e ntse e feta?
◻ Ke ka ntlha yang fa Jehofa a ne a latlha bogosi jwa kwa Iseraele jo bo kwa bokone gore bo se ka jwa mo direla jaaka moperesiti?
◻ Fa lotso lwa Juta lo ne lo ikanyega lo ne lo na le seemo sefe mo merafeng?
◻ Batho ba ba ikanyegang ba ba neng ba sokologetse Sejuteng kwa Iseraele ba ne ba na le maemo afe?
◻ Phuthego e e tloditsweng e direla jang jaaka bogosi jwa boperesiti?
[Setshwantsho mo go tsebe 16]
Jaaka boperesiti jwa segosi, Bakeresete ba ba tloditsweng ba bolela kgalalelo ya ga Jehofa mo lefatsheng
[Setshwantsho mo go tsebe 18]
Tiragatso ya bofelo ya Ekesodo 19:6 ke Bogosi