LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w95 6/1 ts. 11-16
  • Go Gomodiwa ke “Modimo wa Kgomotso Yotlhe”

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Go Gomodiwa ke “Modimo wa Kgomotso Yotlhe”
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1995
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Jehofa—Modimo wa Kgomotso
  • Jesu le Paulo—Bagomotsi ba ba Pelotlhomogi
  • Kafa o ka Gomotsang Batho ba ba Hutsafetseng ka Gone
  • Se o Tshwanetseng go se Tila
  • Ditemana Tse di Gomotsang
  • “Lelang le Batho ba ba Lelang”
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2017
  • Gomotsa ba ba Hutsafetseng
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2003
  • “Gomotsa Botlhe ba ba Hutsafetseng”
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2011
  • Kafa Modimo a re Gomotsang ka Gone
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa (Ya Batho Botlhe)—2016
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1995
w95 6/1 ts. 11-16

Go Gomodiwa ke “Modimo wa Kgomotso Yotlhe”

“A go bakwe Modimo le Rra Morena wa rona Jesu Keresete, Rra mautlwelobotlhoko, le Modimo wa kgomotso yotlhe; o o re gomotsang mo pitlaganong yotlhe ya rona.”—2 BAKORINTHE 1:3, 4.

1, 2. Batho ba ba hutsafetseng ba tlhoka kgomotso e e ntseng jang?

BATHO ba ba hutsafetseng ba tlhoka kgomotso ya mmatota—e seng mafoko a a senang bokao le a a setseng a tswapogile. Rotlhe re kile ra utlwa mafoko a gore ‘o tla ikutlwa botoka fa nako e ntse e tsamaya,’ mme lefa go ntse jalo ka nako ya fa motho a sa tswa go swelwa, tota a ka gomodiwa jang ke mafoko ao a utlwile botlhoko thata jaana? Bakeresete ba itse gore Modimo o solofeditse gore go tla nna le tsogo, mme seo ga se thibele motho gore a se ka a utlwa botlhoko thata ka gonne a swetswe ka tshoganetso. Mme kwantle ga pelaelo fa o swetswe ke ngwana, bana ba bangwe ba ba setseng ga ba kake ba emisetsa ngwana yoo yo o neng a ratega thata.

2 Fa re swetswe, re thusiwa thata ke kgomotso ya mmatota, kgomotso e e theilweng thata mo ditsholofetsong tsa Modimo. Gape re tlhoka go utlwelwa botlhoko. Eleruri go nnile fela jalo ka batho ba kwa Rwanda, bogolo jang malapa a le makgolokgolo a Basupi ba ga Jehofa ba koo ba ba neng ba swelwa ke baratiwa ba bone mo kganyaolong ele ya bodiabolo ya ditso. Batho botlhe ba ba hutsafetseng ba ka gomodiwa ke mang?

Jehofa—Modimo wa Kgomotso

3. Jehofa o tlhomile sekao jang malebana le go neela kgomotso?

3 Jehofa o tlhomile sekao sa go re gomotsa rotlhe. O ne a romela Morwawe yo o tsetsweng a le esi, Keresete Jesu, gore a tle mo lefatsheng a re tlisetse kgomotso le tsholofelo ya bosakhutleng. Jesu o ne a ruta jaana: “Modimo o ratile lefatshe mo go kalokalo, wa ntsha Morwa one yo o tsetsweng a le esi, gore le fa e le mang yo o dumelang mo go ene a se ka a nyelela, mme a bone botshelo jo bo sa khutleng.” (Johane 3:16) Gape o ne a raya balatedi ba gagwe a re: “Ga go ope yo o nang le lorato lo lo fetang lo, fa motho a ka beela ditsala tsa gagwe botshelo jwa gagwe.” (Johane 15:13) Ka nako e nngwe o ne a re: “Morwa Motho [o] ne a sa tla go direlwa, mme e le go direla, le go ntsha botshelo jwa gagwe go nna thekololo ya batho ba le bantsi.” (Mathaio 20:28) Mme Paulo o ne a bolela jaana: “Modimo one, o re tlhomamiseditse lorato lwa one, ka e rile re sa ntse re le baleofi, Keresete a re swela.” (Baroma 5:8) Temana eno mmogo le tse dingwe tse dintsi di re bontsha lorato lwa Modimo le lwa ga Keresete Jesu.

4. Ke ka ntlha yang fa moaposetoloi Paulo segolobogolo a ne a tshwanetse go leboga Jehofa?

4 Moaposetoloi Paulo ke ene segolobogolo a neng a itse bopelonomi jwa ga Jehofa jo bo sa tshwanelang. O ne a ile a gololwa mo boemong jwa go swa semoyeng, jwa go nna mmogisi yo o setlhogo wa balatedi ba ga Keresete mme a nna Mokeresete yo o bogisiwang ene ka namana. (Baefeso 2:1-5) O tlhalosa se se mo diragaletseng jaana: “Ke mmotlana wa baaposetole, yo ke bileng ke sa tshwanela go bidiwa moaposetole, ka ke bogisitse phuthego ya Modimo. Ke ntse jaaka ke ntse jaana ka ntlha ya tshegofatso ya Modimo; tshegofatso ya one e e ntirafaletseng, ga e a ka ya fitlhelwa e le lefela, mme ka dira bogolo go bone botlhe, le fa go ntse jalo ya bo e se nna, mme e le tshegofatso ya Modimo e ke ntseng ke na nayo.”—1 Bakorinthe 15:9, 10.

5. Paulo o ne a kwala eng kaga kgomotso e e tswang kwa Modimong?

5 Go a tshwanela he, go bo Paulo a ne a kwala jaana: “A go bakwe Modimo le Rra Morena wa rona Jesu Keresete, Rra mautlwelobotlhoko, le Modimo wa kgomotso yotlhe; o o re gomotsang mo pitlaganong yotlhe ya rona, gore re tle re nonofele go gomotsa ba ba mo pitlaganong nngwe le nngwe, ka kgomotso e rona ka rosi re gomodiwang ka yone ke Modimo. Gonne jaaka dipogiso tsa ga Keresete di re totetse, kgomotso ya rona le yone e tota fela jalo ka Keresete. Le fa rona re le mo pitlaganong, e be e le gore lona lo bone kgomotso le poloko; kgotsa le fa re gomodiwa, e be e le gore lo bone kgomotso, e e dirwang mo go lona mo go itshokeleng dipogiso tse le rona re di bogang. Tsholofelo ya rona ka ga lona e nitame; ka re itse gore, jaaka lo tlhakanetse le rona dipogiso, lo ntse jalo le mo kgomotsong.”—2 Bakorinthe 1:3-7.

6. Lefoko la Segerika le le ranotsweng jaaka “kgomotso” le kaya eng?

6 A mafoko a a kgothatsang jang ne! Lefoko la Segerika le fano le ranotsweng jaaka “kgomotso” le amana le “go bitsa motho gore a tle fa go wena.” Ka jalo, “ke go ema fa thoko ga motho go mo kgothatsa fa a lekiwa mo go setlhogo.” (A Linguistic Key to the Greek New Testament) Mokanoki mongwe wa Baebele o ne a kwala jaana: “Lefoko leno . . . ka metlha ga le kaye fela go utlwela botlhoko mo go nametsang. . . . Kgomotso ya Bokeresete ke kgomotso e e dirang gore motho a nne pelokgale, kgomotso e e dirang gore motho a kgone go lebana le mathata otlhe a botshelo.” Gape e akaretsa mafoko a a gomotsang a a theilweng mo tsholofetsong le mo tsholofelong e e nonofileng—ya go tsoga ga baswi.

Jesu le Paulo—Bagomotsi ba ba Pelotlhomogi

7. Paulo o ne a kgothatsa bakaulengwe ba gagwe ba Bakeresete jang?

7 A bo Paulo a nnile sekao se se molemo jang ne sa go gomotsa! O ne a ka kwalela bakaulengwe ba kwa Thesalonika jaana: “Re ne re le bonolo mo gare ga lona, jaaka fa moamusi a ngomaela bana ba e leng ba gagwe; fela jalo, e re ka re ne re lo tlhoafaletse ka lorato, ra bo re itumela go lo naya, e seng Mafoko a a Molemo a Modimo a le osi, le e leng mewa ya rona, ka lo ne lo setse lo ratwa ke rona thata. Jaaka lo itse ka fa re diretseng mongwe le mongwe wa lona ka teng, jaaka rrabana a tle a direle bana ba gagwe, ra lo laya, ra lo nametsa, ra supa.” Fela jaaka batsadi ba ba lorato, ba ba amegang, rotlhe re ka bontsha ba bangwe lorato le go tlhaloganya fa ba le mo mathateng.—1 Bathesalonika 2:7, 8, 11.

8. Ke ka ntlha yang fa thuto ya ga Jesu e gomotsa batho ba ba hutsafetseng?

8 Fa Paulo a ne a bontsha kamego le bopelonomi jalo, tota o ne a etsa Motlhomasekao wa gagwe yo mogolo, Jesu. Gakologelwa taletso ya bopelotlhomogi e Jesu a laletsang botlhe ka yone e e kwadilweng mo go Mathaio 11:28-30: “Tlang kwano go nna lotlhe ba lo lapileng, ba lo imelwang, mme ke tlaa lo lapolosa. Ipeleseng jokwe ya me, lo ithute ga me; gonne ke bonolo le boingotlo mo pelong, mme lo tlaa bonela mewa ya lona tapologo. Gonne jokwe ya me e bonolo, le morwalo wa me o motlhofo.” Ee, thuto ya ga Jesu e a lapolosa ka gonne e neela tsholofelo le tsholofetso—tsholofetso ya tsogo. Eno ke yone tsholofelo le tsholofetso e re e neelang batho, ka sekai fa re ba fa boroutšhara jwa Fa Mongwe Yo O Mo Ratang A Tlhokafala. Tsholofelo eno e ka re thusa rotlhe, lefa e le gore re setse re na le lobaka lo lotelele re hutsafetse.

Kafa o ka Gomotsang Batho ba ba Hutsafetseng ka Gone

9. Ke ka ntlha yang fa re sa tshwanela go felela batho ba ba hutsafetseng pelo?

9 Go hutsafala ga go a lekanyediwa nako e e rileng morago fela ga loso lwa moratiwa. Batho bangwe ba hutsafala botshelo jwa bone jotlhe, bogolo segolo ba ba swetsweng ke bana. Banyalani bangwe ba ba ikanyegang ba Bakeresete kwa Spain ba ne ba swelwa ke morwaabone wa dingwaga tse 11 ka 1963 a bolawa ke bolwetsi jwa meningitis. Le gompieno tota, ba santse ba rothisa keledi fa ba bua kaga Paquito. Malatsi a diikgopodiso, dinepe, dilo tse di tserweng go ikgopotsa mafelo mangwe, di ka tsosa megopolo e e hutsafatsang. Ka jalo, ga re a tshwanela gore le ka motlha re fele pelo re bo re akanya gore batho ba bangwe ba tshwanetse go ka bo ba setse ba gomotsegile jaanong. Motswedi mongwe wa tshedimosetso ya tsa kalafi o bolela jaana: “Go tshwenyega thata mo maikutlong le go fetofetoga maikutlo go ka tsaya dingwaga tse dintsi.” Ka jalo, gakologelwa gore fela jaaka mabadi a mo mmeleng a ka nna a sa phimoge botshelo jotlhe, mabadi a mantsi a maikutlo le one a nnela ruri.

10. Ke eng se re tshwanetseng go se dira gore re thuse batho ba ba hutsafetseng?

10 Dilo dingwe tse di mosola tse re ka di dirang go thusa batho ba ba hutsafetseng mo phuthegong ya Bokeresete ke dife? Fa gongwe re ka bua jaana ka bopeloephepa fela le mokaulengwe kana kgaitsadi yo o tlhokang go gomodiwa, “Fa e le gore go na le sengwe se nka thusang ka sone, o mpolelele.” Mme lefa go ntse jalo tota ke gakae motho yo o swetsweng a tlang kwa go rona a bo a re, “Ke akantse sengwe se o ka se dirang go nthusa”? Go bonala sentle gore rona ka namana re tlhoka go tsaya kgato e e tshwanetseng gore re gomotse yo o swetsweng. Ka jalo re ka dira eng go thusa? Dikakantsho tse di mosola di sekae ke tseno.

11. Go reetsa ga rona go ka gomotsa ba bangwe jang?

11 Reetsa: Sengwe sa dilo tse di thusang thata tse o ka di dirang ke go utlwa botlhoko le yo o swetsweng ka go mo reetsa. O ka nna wa botsa jaana, “A o ka rata go bua ka gone?” Mo letle gore a dire tshwetso. Mokeresete mongwe o gakologelwa nako ya fa rraagwe a ne a tlhokafala: “Go ne go nthusa tota fa batho ba bangwe ba ne ba mpotsa gore go diragetse eng ba bo ba reetsa tota.” Fela jaaka Jakobe a ne a gakolola, nna bonako go reetsa. (Jakobe 1:19) Reetsa ka bopelotelele le ka kutlwelobotlhoko. “Lo lele le ba ba lelang,” Baebele e akantsha jalo mo go Baroma 12:15. Gakologelwa gore Jesu o ne a lela le Maretha le Maria.—Johane 11:35.

12. Re ka kgothatsa batho ba ba mo selelong ka tsela efe?

12 Ba kgothatse: Gakologelwa gore la ntlha motho yo o swetsweng a ka nna a ikutlwa a le molato, a akanya gore gongwe o ka bo a dirile sengwe se se oketsegileng. Tlhomamisetsa motho yoo gore go tshwanetse ga bo go dirilwe sotlhe se se neng se ka dirwa (kana sengwe le sengwe fela se o itseng se le boammaaruri e bile se kgothatsa). Mo tlhomamisetse gore tsela e a ikutlwang ka yone tota e tlwaelegile. Mmolelele ka ba bangwe ba o ba itseng ba ba neng ba swetswe ka tsela e e tshwanang mme ba gomotsega. Ka mafoko a mangwe, mo akanyetse le gone o nne kutlwelobotlhoko. Thuso ya rona ya bopelontle e ka thusa thata! Solomone o ne a kwala jaana: “Lefoko le le buiwang ka tebang ya lone, le tshwana jaaka boapole ba gouta mo dirotong tsa selefera.”—Diane 16:24; 25:11; 1 Bathesalonika 5:11, 14.

13. Fa re nna teng gore re thuse, seo se ka thusa jang?

13 Nna Teng: Dira gore o nne teng, e seng fela ka malatsi a ntlha a sekae fa ditsala le ba losika ba le bantsi ba santse ba le teng, mme le e leng dikgwedi moragonyana fa go tlhokega, fa ba bangwe ba boetse kwa ditirong tsa bone tse di tlwaelegileng. Lobaka lo batho ba lo tsayang go hutsafala lo farologana thata, go ikaegile ka motho. Fa re bontsha kgatlhego le kutlwelobotlhoko ka tsela ya Bokeresete seo se ka nna mosola thata ka nako epe fela ya mathata. Baebele e re “go na le tsala e e kgomarelang motho bogolo go ngwana wa ga rraagwe.” Ka jalo mafoko a a reng, “Tsala e e tlang ka nako ya mathata ke tsala tota,” ke boammaaruri jo re tshwanetseng go bo diragatsa.—Diane 18:24; bapisa Ditiro 28:15.

14. Ke eng se re ka buang ka sone gore re gomotse ba ba swetsweng?

14 Bua kaga dinonofo tse di molemo tsa motho yo o tlhokafetseng: Eno le yone ke thuso e kgolo fa e dirwa ka nako e e tshwanetseng. Mmolelele maitemogelo a a kgatlhang a motho yo o tlhokafetseng a o a gakologelwang. O se ka wa tshaba go mo umaka ka leina. O se ka wa dira jaaka e kete moratiwa yo o tlhokafetseng ga a ise a ko a nne teng kana o ne a sena mosola. Go a gomotsa go itse se se boletsweng ke kgatiso nngwe ya Harvard Medical School: “Fa motho yo o swetsweng a setse a kgona go akanya ka motho yo o tlhokafetseng a bo a sa hutsafale mo go feteletseng o a ba a setse a gomotsegile ka tsela nngwe . . . Fa a simolola go dumela se se diragetseng le go se amogela, khutsafalo e a fela mme go sala dinako tse di monate tse a di gakologelwang ka moswi.” “Dinako tse di monate tse a di gakologelwang”—a bo go gomotsa jang ne go gakologelwa dinako tseo tse di tlhwatlhwakgolo tse o di nnileng le moratiwa wa gago! Mosupi mongwe yo o neng a swelwa ke rraagwe dingwaga di sekae tse di fetileng o ne a re: “Sengwe se se kgethegileng se ke se gakologelwang ke fa ke ne ke bala Baebele le Papa nako e khutshwane fela fa a sena go simolola go ithuta boammaaruri. Le fa ke ne ke rapame fa lotshitshing lwa noka ke buisana le ene ka mangwe a mathata a me. Ke ne ke mmona fela morago ga dingwaga tse tharo kana tse nne, ka jalo dinako tseo di ne di le tlhwatlhwakgolo tota.”

15. Motho o ka tsaya kgato jang ka namana gore a thuse?

15 Tsaya dikgato o dire sengwe fa go tshwanela: Batho ba bangwe ba ba hutsafetseng ba kgona go itshoka go feta ba bangwe. Ka jalo, tsaya dikgato tse di mosola mme o thuse, o ikaegile ka maemo. Mosadi mongwe yo o neng a hutsafetse wa Mokeresete o ne a gakologelwa jaana: “Batho ba le bantsi ba ne ba re, ‘Fa e le gore go na le sengwe se nka se dirang, o mpolelele.’ Mme lefa go ntse jalo kgaitsadi mongwe wa Mokeresete ene ga a ka a botsa. O ne a tsena fela kwa kamoreng, a alola bolao, a ba a tlhatswa dishiti tse di neng di le leswe. Yo mongwe o ne a tsaya kgamelo, metsi, le melora mme a gotlha mmete fa monna wa me a neng a kgwetse teng. Bano e ne e le ditsala tsa boammaaruri, mme ga ke na go tlhola ke ba lebala.” Fa go bonala sentle gore go tlhokega thuso, tsaya kgato—gongwe ka go ba direla dijo, go thusa ka go phepafatsa, kana go dira ditiro tsa botlhokwa. Gone ke boammaaruri, re tshwanetse go nna kelotlhoko gore re se ka ra itshunyatshunya fa motho yo o swetsweng a batla go nna a le nosi. Ka jalo, re tshwanetse go dirisa mafoko ano a ga Paulo: “Jaaka ba ba itshenketsweng ke Modimo, jaaka ba ba itshepileng le ba ba rategang, lo apare pelotlhomogi, le pelonomi, le boikokobetso, le bonolo le bopelotelele.” Bopelonomi, bopelotelele, le lorato ga di ke di tlhaela.—Bakolosa 3:12; 1 Bakorinthe 13:4-8.

16. Ke ka ntlha yang fa lokwalo kana karata di ka gomotsa?

16 Kwala lekwalo kana o romele karata e e gomotsang: Sengwe se gantsi se tlodisiwang matlho ke botlhokwa jwa lekwalo la matshediso kana karata e ntle e e bontshang kutlwelobotlhoko. Mosola wa yone ke ofe? E ka balwa ka go boaboelediwa. Lekwalo le le ntseng jalo ga le tlhoke gore le nne letelele, mme le tshwanetse la bontsha gore o pelotlhomogi. Gape le tshwanetse go nna le bomoya lefa gone le sa rere. Molaetsa fela o o reng “Re teng re tla go tshegetsa” o ka nametsa.

17. Thapelo e ka gomotsa jang?

17 Rapela le bone: O se ka wa nyatsa botlhokwa jwa dithapelo tsa gago fa o rapela le Bakeresetekawena ba ba swetsweng le fa o ba rapelela. Baebele e bolela jaana mo go Jakobe 5:16: “Mokokotlelo wa mosiami o thusa thata.” Ka sekai, fa batho ba ba hutsafetseng ba utlwa re ba rapelela, seo se ba thusa gore ba fenye boikutlo jo bo phoso jo bo tshwanang le go ipona molato. Ka dinako tsa fa re le bokoa, re kgobegile marapo, Satane o leka go re koafatsa ka “maano” a gagwe, kana “ditiro tsa boferefere.” Ke yone nako e ka yone re tlhokang go gomodiwa le go tshegediwa ka thapelo, jaaka Paulo a ne a re: ‘Lo nne lo rapele ka metlha yotlhe mo moyeng, ka thapelo yotlhe le kokotlelo. Mme ka gone lo nne lo thantse ka metlha lo ntse lo kokotlela baitshepi botlhe.’—Baefeso 6:11, 18, Kingdom Interlinear; bapisa Jakobe 5:13-15.

Se o Tshwanetseng go se Tila

18, 19. Re ka bontsha botlhale jang mo metlotlong ya rona?

18 Gape go na le dilo tse o sa tshwanelang go di dira kana go di bua le motho yo o hutsafetseng. Diane 12:18 e tlhagisa jaana: “Go na le go bua ka kgakgabuelo jaaka ditlhabo tsa putlela, mme loleme lwa motho yo o botlhale ke phodiso.” Ka dinako tse dingwe, re sa lemoge, ga re nne botlhale. Ka sekai, re ka nna ra re, “Ke itse gore o ikutlwa jang.” A mme tota go ntse jalo? A o kile wa swelwa ka tsela e e tshwanang totatota le ya gagwe? Le gone gape, batho ba itshwara ka ditsela tse di sa tshwaneng. Tsela e o neng o itshwara ka yone e ka nna ya bo e sa tshwane tota le ya motho yo o hutsafetseng yono. Gongwe go ka nna botoka go re, “Tota ke go utlwela botlhoko ka gonne ke ne ka latlhegelwa fela jaana fa . . . wa me a ne a tlhokafala nako e e fetileng.”

19 Gape go ka bontsha kutlwelobotlhoko go tila go bua kaga gore a motho yo o tlhokafetseng o tla tsosiwa kana nnyaa. Bakaulengwe le bokgaitsadi bangwe ba ile ba kgopisiwa thata ke mafoko a bangwe a go atlhola fa ba bua kaga isagwe ya molekane wa bone wa lenyalo yo o tlhokafetseng a sa dumele. Ga se rona re atlholang gore ke mang yo o tla tsosiwang le gore ke mang yo o se kitlang a tsosiwa. Re ka gomodiwa ke gore Jehofa, yo o bonang se se mo pelong, o tla nna kutlwelobotlhoko go feta bontsi jwa rona kgakala.—Pesalema 86:15; Luke 6:35-37.

Ditemana Tse di Gomotsang

20, 21. Ditemana dingwe tse di ka gomotsang batho ba ba swetsweng ke dife?

20 Go tlhatlhoba ditsholofetso tsa ga Jehofa kaga batho ba ba suleng, fa go dirwa ka nako e e tshwanetseng, ke sengwe sa dilo tse di ka thusang thata. Dintlha tseno tse di tswang mo Baebeleng di tla nna mosola lefa e le gore motho yo o swetsweng yoo e setse e le Mosupi kana ke motho yo re kopanang le ene mo bodireding. Dingwe tsa ditemana tseno ke dife? Re itse gore Jehofa ke Modimo wa kgomotso yotlhe, ka gonne o ne a re: “Ke Nna, e leng Nna, yo ke go gomotsang.” Gape o ne a re: “Fela jaaka mongwe yo mmaagwe o mo gomotsang, nna ke tlaa lo gomotsa jalo.”—Isaia 51:12; 66:13.

21 Mopesalema o ne a kwala jaana: “Ke lone kgomotso ya me mo pitlaganong; gonne lefoko la gago le ntsitsibositse. Ke ntse ke gakologetswe dikatlholo tsa gago tsa bogologolo Jehofa, mme ke ikgomoditse. Ke a go rapela, a ko o mme mapelonomi a gago a lorato a nne kgomotso ya me, ka fa lefokong la gago mo motlhankeng wa gago.” Ela tlhoko gore lefoko “kgomotso” le dirisiwa kgapetsakgapetsa mo ditemaneng tseo. Ee, re ka bona kgomotso ya boammaaruri e e ka gomotsang rona mmogo le ba bangwe fa re ya kwa Lefokong la ga Jehofa ka nako ya fa re le mo matlhokong. Go dira jalo, mmogo le lorato le kutlwelobotlhoko ya bakaulengwe, go ka re thusa gore re itshokele go swelwa jalo mme ga dira gore matshelo a rona a boe a tlale ka tiro e e itumetseng mo bodireding jwa Bokeresete.—Pesalema 119:50, 52, 76.

22. Re tla tloga re bona eng mo isagweng?

22 Gape re ka fenya kutlobotlhoko ya rona go ya bokgakaleng jo bo rileng ka go tshwarega re thusa ba bangwe ba ba nang le mathata. Fa re ntse re lebisa tlhokomelo ya rona mo go ba bangwe ba ba tlhokang go gomodiwa, le rona re bona boitumelo jwa boammaaruri jo bo tlisiwang ke go aba ka tsela ya semoya. (Ditiro 20:35) A re abelaneng le bone pono ya letsatsi la tsogo fa batho ba ditšhaba tsotlhe tsa pele, dikokomane ka go latelana ga tsone, ba tla bo ba amogela baratiwa ba bone go tswa mo losong, ba tla mo lefatsheng le lesha. A tebelelo e ntle ruri! Tota go tla rothisiwa dikeledi tsa boitumelo ka nako eo fa re gakologelwa gore eleruri Jehofa ke Modimo “yo o gomotsang baikokobetsi”!—2 Bakorinthe 7:6.

A o a Gakologelwa?

◻ Jehofa ke “Modimo wa kgomotso yotlhe” ka tsela efe?

◻ Jesu le Paulo ba ne ba gomotsa batho ba ba hutsafetseng jang?

◻ Dingwe tsa dilo tse re ka di dirang go gomotsa ba ba mo khutsafalong ke dife?

◻ Re tshwanetse ra tila eng fa re dirisana le batho ba ba swetsweng?

◻ Ke ditemana dife tse o ratang go di dirisa go gomotsa ka dinako tsa loso?

[Setshwantsho mo go tsebe 15]

Itirise dilo ka botlhale gore o thuse batho ba ba hutsafetseng

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela