O Lalediwa ka Lorato
Loso lwa monna yo o bidiwang Jesu Keresete lo lo diragetseng dingwaga tse di fetang 1 900 tse di fetileng e ne e le tiragalo ya botlhokwa go gaisa tsotlhe mo hisitoring ya motho. Lo ne lwa dira gore go nne le tsholofelo ya go bona botshelo jo bo sa khutleng mo lefatsheng la paradaise. Jesu o ne a dirisa senkgwe se se sa bedisiwang le beine mo moletlonyaneng mongwe jaaka dilo tse di tshwantshetsang setlhabelo sa gagwe sa motho se se ntshiwang ka lorato. Go tswa foo o ne a raya barutwa ba gagwe a re: “Dirang mo, lo nkgopole ka gone.” (Luke 22:19) A o tla gopola tiragalo eno ya botlhokwa? Basupi ba ga Jehofa ba go laletsa ka lorato go tla go kopanela le bone fa ba keteka moletlo ono wa segopotso. O tla bo o le fa letsatsi le sena go phirima ka letlha le le lebaganeng sentle le nisane 14 go ya ka khalendara ya baebele e go neng go dirisiwa ngwedi go e bala. O ka tla kwa holong ya bogosi e e gaufi le legae la gago. Botsa basupi ba ga jehofa ba mo lefelong la lona nako le lefelo le le tlhomameng. Letlha la moletlo wa 1995 e tla nna ka labotlhano, April 14.