LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w95 4/1 ts. 30-31
  • Dipotso Tse di Tswang go Babadi

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Dipotso Tse di Tswang go Babadi
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1995
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Bakeresete ba Tshwanetse go Kolobediwa
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa (Makasine o o Ithutiwang)—2018
  • Kolobetso ke Eng?
    Dikarabo Tsa Dipotso Tsa Baebele
  • Kolobetso e Botlhokwa Thata
    Itumelele go Tshelela Ruri!—Ithute Baebele
  • Ke Ka Ntlha Yang Fa o tshwanetse Go Kolobediwa?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2002
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1995
w95 4/1 ts. 30-31

Dipotso Tse di Tswang go Babadi

Go tshwanetse ga bontshiwa boikutlo bofe kwa dikolobetsong tsa Bokeresete?

Eo ke potso e e kgatlhang, ka gonne lefa bontsi jwa babadi ba rona ba setse ba kolobeditswe, ba a akarediwa, fela jaaka ba ba kolobediwang. La ntlha a re akgeleng ka ba ba kolobediwang, ba ba inwang gotlhelele mo metsing. Ba tshwanetse ba nna le boikutlo bofe?

Mo go Mathaio 28:19, 20, Jesu o ne a laela balatedi ba gagwe gore ba ye go dira batho barutwa, ba ba ruta le go ba kolobetsa. Ga a ka a tlhalosa kolobetso e le tiragalo e e gogomosang maikutlo thata, sengwe se se dirwang ka ntlha ya go kukega maikutlo ka nakwana. Ke kgato e e masisi, jaaka re bona mo sekaing sa ga Jesu. Luke 3:21 e bolela jaana: “Ya re Jesu le ene a kolobediwa, a rapela, legodimo la atlhamologa.” Ee, Motlhomasekao wa rona o ne a tsaya kolobetso masisi, a rapela ka yone. Re ka se ka ra akanya gore fa a ne a tswa mo metsing o ne a dira sengwe se se supang phenyo, a goa, kana a kgadikanya diatla mo phefong, lefa bangwe ba ile ba dira dilo tse di ntseng jalo bosheng jaana. Nnyaa, Jesu o ne a ya kwa go Rraagwe ka thapelo, a na le Johane Mokolobetsi fela.

Lefa go ntse jalo, Baebele ga e re go tshwanetse gore go sisibalwe kwa kolobetsong, go engwe ka ditsela tse di kgethegileng kana go boelediwe mafoko mangwe, jaaka go dirwa kwa dikerekeng dingwe tsa Labokeresete gompieno. E bile tota, akanya ka letsatsi la Pentekosete, fa Bajuta ba le diketekete le ba ba neng ba sa tswa go sokologa ba ne ba kolobediwa ka tsela ya Bokeresete. Ba ne ba setse ba ithutile Molao wa Modimo e bile ba na le kamano le ene. Ka jalo ba ne ba tlhoka fela gore ba ithute kaga Jesu, Mesia, le go mo amogela. Fa ba sena go dira jalo, ba ne ba ka kolobediwa.

Ditiro 2:41 e bega jaana: “Ba ba amogetseng lefoko la gagwe [ka boitumelo, NW] ba kolobediwa.” Thanolo ya Baebele ya ga Weymouth e balega jaana: “Ka jalo, ba ba neng ba amogela lefoko la gagwe ka boitumelo ba ne ba kolobediwa.” Ba ne ba itumedisiwa ke dikgang tse di itumedisang kaga Mesia, mme kwantle ga pelaelo boitumelo joo jo bo tswang mo pelong bo ne jwa fetela le mo kolobetsong ka boyone, ba kolobediwa ba lebeletswe ke batho ba le makgolokgolo ba ba itumetseng. Tota le baengele kwa legodimong ba ne ba lebeletse e bile ba itumetse. Gakologelwa mafoko a ga Jesu: “Ke a lo raya, go boitumelo fela jalo fa pele ga baengele ba Modimo ka ga moleofi a le mongwe fela yo o ikwatlhayang.”—Luke 15:10.

Go na le ditsela tse di farologaneng tse mongwe le mongwe wa rona a ka supang ka tsone gore kolobetso e masisi e bile e a itumedisa. Mo dikerekeng dingwe batho ba ba kolobediwang ba apara dipurapura tse ditshweu kana tse dintsho. Tota Dikwalo ga di tshegetse ka gope gore go batliwe dilo tseo. Lefa go ntse jalo, diaparo tsa go thuma tse di tshwarang thata kana tse di sa apeseng mmele ka tsela e e tlhokegang di tla bo di sa tshwanela, e ka tswa e le mo banneng kana mo basading. Mme jaaka go bontshitswe, fa Mokeresete yo mosha a tswa mo metsing, ga a tshwanela go itshikinya mmele ka ditsela tse di kgethegileng kana go itshwara jaaka e kete o fentse ka tsela nngwe e kgolo. Bakaulengwe ba bangwe botlhe ba Bakeresete ba itumeletse gore yo mosha yono o kolobeditswe. O tshwanetse go lemoga gore pontsho eno ya tumelo ke kgato ya ntlha fela mo tseleng e telele ya go boloka bothokgami gore a amogelwe ke Modimo.—Mathaio 16:24.

Rona jaaka ba ba lebeletseng kolobetso ya phatlalatsa, le rona re itumelela tiragalo eno, bogolo jang fa yo o kolobediwang e le wa losika kana e le mongwe yo re ithutileng Baebele le ene. Lefa go ntse jalo, gore re nne le seabe ka botlalo, re tshwanetse go reetsa puo yotlhe le ba ba yang go kolobediwa, re ba utlwe ba araba phatlalatsa dipotso tse ba di bodiwang, re bo re kopanela mo thapelong. Go dira jalo go tla re thusa gore re nne re lebile kolobetso ka tsela e e tshwanetseng; re tla e leba kafa Modimo a e lebang ka gone. Morago ga yone kolobetso, ga re tlhoke go keteka jaaka bafenyi go supa boitumelo jwa rona, kana go ntsha dithunya, kana go dira mokete o o tlotlang motho yo o kolobediwang. Mme lefa go ntse jalo re ka atamela mokaulengwe wa rona kana kgaitsadi wa rona yo mosha re mmontsha kafa re itumeletseng ka gone kgato e e molemo e a e tsereng le go mo amogela ka lorato tota mo bokaulengweng jwa rona jwa Bokeresete.

Ka jalo, fa re sobokanya dintlha, rotlhe, go akaretsa le ba ba yang go kolobediwa ka metsi, re tlhoka go tsaya kolobetso e le masisi ka fa go tlhokegang ka gone. Ga se nako ya go goa, go keteka, kana go itumela mo go feteletseng. Mme gape ga se nako ya khutsafalo. Re ka itumela sentle gore batho ba basha ba tsene le rona mo tseleng e e yang kwa botshelong jo bo sa khutleng. Mme re ka amogela bakaulengwe le bokgaitsadi ba rona ba basha ka boitumelo.

[Setshwantsho se se tletseng mo go tsebe 31]

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela