LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w95 3/15 ts. 32
  • Baebele e ja Bokae?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Baebele e ja Bokae?
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1995
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1995
w95 3/15 ts. 32

Baebele e ja Bokae?

LAEBORARI ya Boritane e ne ya dumela go duela madi a a ka tshwarang R5 800 000 bosheng jaana go reka kopi ya thanolo ya Seesemane ya ga William Tyndale ya Dikwalo tsa Segerika Tsa Bokeresete. Ke kgatiso ya ntlha ya Baebele ya Tyndale e e feletseng e e ileng ya falola maiteko a a tlhoafetseng a go e nyeletsa, e e neng ya gatisiwa mo dingwageng di le 468 tse di fetileng. Baebele eno e beilwe kwa Lontone kwa e ka bonwang ke mongwe le mongwe.

Baebele ya Tyndale e ne ya rekwa kwa Bristol Baptist College kwa Engelane, koo e ntseng e beilwe teng fa e sa le ka 1784. Dr. Roger Hayden, yo o leng mothusamodulasetilo wa komiti ya kholetšhe, o ne a bolela jaana: “Lokwalo lono ke lwa setšhaba, lwa lotso le lwa Bokeresete lo lo botlhokwatlhokwa mme re ne re batla gore lo bonwe ke mongwe le mongwe, jaaka re ntse re lo beile mo kamoreng e e bayang dilo tse di tlhwatlhwakgolo.”

Baebele e ne e ka bonwa thata ka puo ya Selatine ka makgolokgolo a dingwaga e bile e ne e ka balwa ke baruti le setlhopha sa batho ba ba rutegileng fela. Fela jaaka John Wycliffe yo o neng a tshela pele ga gagwe, Tyndale o ne a batla gore go nne le Baebele e e neng e ka balwa ya bo ya tlhaloganngwa ke batho botlhe. O kile a bolelela moruti mongwe yo o neng a mo ganetsa jaana: ‘Fa Modimo o ka ntetla gore ke tshele dingwaga di le dintsi, ke tla dira gore mosimane yo o tshwarang mogoma a itse Dikwalo thata go go gaisa.’

Eno e ne e le tiro e e kotsi, e re ka moruti a ne a sa batle gotlhelele gore go dirwe boiteko bope jwa go dira gore batho fela ba nne le Dikwalo. Go ne ga felela ka gore Tyndale a tswe kwa Engelane ka sephiri a tshabele kwa Jeremane. O ne a fitlha a ranola “Tesetamente e Ntšha” go tswa mo puong ya ntlhantlha ya Segerika. Go ne ga gatisiwa dikopi di le 3 000 mme tsa tlodisediwa kwa Engelane. Mobishopo wa Lontone o ne a reka kopi nngwe le nngwe e a neng a e bona mme a di fisa phatlalatsa kwa jarateng ya kereke ya St. Paul. Kgabagare, Tyndale o ne a tshwarwa, a sekisiwa, mme a bonwa molato wa boikeodi. Ka 1536 o ne a kalediwa a bo a fisediwa mo koteng. A bo go kgatlha jang ne gore Baebele e e neng e ilwa thatathata jaana ke baruti e bo jaanong e ja madi a a kalokalo!

Basupi ba ga Jehofa ba leka ka tlhoafalo go ruta batho botlhe ba ba batlang kitso ya boammaaruri ka Baebele. Mo godimo ga dithanolo tse dingwe tse ba di gatisitseng le tse ba di anamisitseng, ba ile ba ranola thanolo ya Baebele yotlhe go tswa mo dipuong tsa ntlhantlha e e boammaaruri e bile e le motlhofo go balwa. Ka 1995 go ne go gatisitswe dikopi tse di fetang 74 000 000 tsa New World Translation of the Holy Scriptures ka dipuo di le 12. Ke boammaaruri gore botlhokwa jwa mmatota jwa Baebele epe fela ke molaetsa wa yone o o nayang botshelo.

[Setshwantsho mo go tsebe 32]

William Tyndale

[Motswedi wa Setshwantsho]

From an old engraving in the Bibliothèque Nationale

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela