Jehofa o Tla Boloka Lefatshe
BOEMELA difofane jo bo kwa setlhaketlhakeng sa Maldives bo tswalwa diura di le dintsi mo letsatsing lengwe le lengwe. Ka ntlha yang? Ka gonne fa metsi a lewatle a tlhatlogile a elelela kwa lebaleng leno la difofane, a bo a dira gore difofane di se ka tsa kotama ka pabalesego. Borasaense ba bangwe ba boifa gore metsi a lewatle kwa ditlhaketlhakeng tsa Maldives a ka nna a ya kwa godimo gongwe ka mitara e le nngwe fela mo lekgolong la dingwaga le le tlang. Lefa gone seno go lebega e le selekanyo se sepotlana fela, go oketsega moo go ka nyeletsa ditšhaba tsa ditlhaketlhake di le supa gotlhelele. Eleruri, UN Chronicle e bolela gore go tlhatloga ga metsi a lewatle ka dimitara di le pedi go ne go ka dira gore metsi a khurumetse ditlhaketlhake tsotlhe, tse di ka nnang 1 200!
Ke eng se se dirang gore metsi a lewatle a tlhatloge? Go ya ka Thulaganyo ya Loago ya Ditšhaba Tse di Kopaneng, go kgotlelwa ga atemosefere ya lefatshe ke digase tse di bakang mogote mo lefatsheng go dira gore metsi a mawatle a a kafa dikgaolong tse di mogote a ye kwa godimo, dikgapetla le dikgapetlakedi di gakologe, mme ka gone, metsi a lewatle a tlhatloge. Setheo sa Panos sa kwa Lontone se bolela gore kgotlelo “e ka tswa e ile ya dira gore go nne le namane e tona ya tshenyo e e amang lefatshe lotlhe e e ntseng e tla ka iketlo e e fetolang melelwane ya lefatshe le ya lewatle tota.”
Borasaense ba santse ba ganetsana ka gore a ruri lefatshe le a gotela. Lefa go ntse jalo, re ka tlhomamisega gore mathata a loago ga a ketla a thibela maikaelelo a Modimo. Baebele e bolela jaana: “Lobopo le lone lo nitame, ga lo kake lwa tsikinngwa.” (1 Ditirafalo 16:30) Jehofa o laola tikologo ya lefatshe, mme re ka itumelela gore o tla tloga a boloka lefatshe mmogo le batho gore di se ka tsa senngwa.—Pesalema 24:1, 2; 135:6; 2 Petere 3:13.
[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 31]
Drawing based on NASA photo