LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w95 2/15 ts. 23-26
  • Dominican Republic—E Santse e ka Ribololwa Sesha

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Dominican Republic—E Santse e ka Ribololwa Sesha
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1995
  • Ditlhogwana
  • Go Ribololwa ga Mofuta o Mongwe
  • Masego A go Di Fitlhelela
  • Basha ba Amogela Seno ka Tsela e e Molemo
  • “Basekaseki” ba ba Tswang Kwa Dinageng Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1995
w95 2/15 ts. 23-26

Dominican Republic—E Santse e ka Ribololwa Sesha

CHRISTOPHER COLUMBUS o ne a simolola botshelo jwa go tsamaya mo lewatleng ka sekepe fa a le lekawana, mo kwa morago go ileng ga dira gore a ribolole ditlhaketlhake tse gompieno di bidiwang West Indies. Ka December 1492, sekepe sa gagwe se segolo se se bidiwang Santa María, se ne sa ema mo lotshitshing lo lo kafa bokone jwa setlhaketlhake sa Española, se gompieno se itsiweng jaaka setlhaketlhake sa Hispaniola, se se akaretsang Haiti le Dominican Republic. Columbus o ne a tlhoma bothibelelo jwa ntlha jwa Bayuropa koo, jo e neng e le kago ya iphemelo e e agilweng ka bonako, mme a e bitsa La Navidad. Setlhaketlhake seno se ne sa nna lefelo la gagwe le le botlhokwa le a neng a tswelela pele a sekaseka a le mo go lone.

Columbus o ne a fitlhela gore setlhaketlhake seno se ne se nna batho ba bantle tota, ba ba ikanyegang, e bile ba na le moya wa go amogela baeng e bong Baindia ba Taino. Ka nako eo go ne go fopholediwa gore ba ka tshwara 100 000. Lefa go ntse jalo, palo ya batho ba ba neng ba fitlhetswe koo e ne ya fokotsega ka bonako, fa batlhasedi bano ba boikaelelo jwa bone jo bogolo e neng e le go batla gauta, ba ne ba ba tshwara ka tsela e e makgwakgwa. Ka 1570 go ne ga begwa gore go ne go setse Baindia ba Taino ba le 500 fela.

Gompieno, Dominican Republic e tletse ka batho ba ditso di le dintsi le ba mebala yotlhe, ba bagologolwane ba bone ba neng ba fudugela mo go yone. Lefa go le jalo, ba lebega ba na le mekgwa e mentsi e e molemo ya Bataino, ya go nna batho ba ba botsalano tota e bile ba ritibetse. Fa mekgwa eno e kopana le go bo ba dumela mo Modimong ka bopeloephepa le go tlotla Baebele, e ile ya dira gore tiro ya Basupi ba ga Jehofa ya go rera le go ruta e atlege thata mo nageng eno.

Go Ribololwa ga Mofuta o Mongwe

Barongwa ba ntlha ba Watch Tower e bong Lennart le Virginia Johnson, ba ne ba goroga kwa Dominican Republic mo motlheng wa puso ya ga Trujillo wa mokgokgontshi. Ba ne ba itumelela go lemoga gore batho ba le bantsi ba ne ba amogela molaetsa wa bone wa Baebele ka bonako le ka tsela e e siameng. Lefa go ntse jalo, balaodi le bagakolodi ba bone ba bodumedi ba ne ba sa rate seno. Pogiso e kgolo e ne ya tloga ya tlhagoga, mme tumelo ya Basupi ba Dominican ba ntlha e ne ya lekiwa mo go setlhogo. Go fitlha mo letsatsing leno, go ikanyega le tumelo ya bone—lefa di ne di isa losong—go santse go buiwa ka tsone gantsi.

Gone jaanong Basupi ba ga Jehofa ba ba ka tshwarang 16 000 ka palo mo nageng eno, ba itsege fela thata. Mo nakong e e fetileng, diteishene di le tlhano tsa thelebishene di ne tsa bontsha bidio ya Jehovah’s Witnesses—The Organization Behind the Name mo setšhabeng sotlhe.a

Seno se ne sa dira gore tiro ya Basupi e itsege thata e seng fela mo ditoropokgolong mme gape le mo ditorotswaneng le mo dikarolong tse dingwe tsa kwa magaeng. E le gore ba tsweledise seo pele ba ne ba rulaganya letsholo le le kgethegileng la gore ba fitlhelele dikarolo tseno tse di kgakala le go anamisa mafoko a a molemo a Bogosi kwa go tsone.

Masego A go Di Fitlhelela

Basupi ba le bantsi ba basha, ba ba mafolofolo e bile ba le tlhaga ba ne ba ithaopela go dirisa sebaka sa dikgwedi di le pedi ba rera kwa ditshimong tseno tse di kgakala. Maiteko a bone a ne a na le maduo fela thata. Mo karolong e nngwe Basupi ba le babedi ba ne ba bona batho ba ba neng ba kgatlhega ka tsela e e kgethegileng. E re ka e ne e le nako ya go keteka Segopotso sa ngwaga le ngwaga sa loso lwa ga Jesu, ba ne ba dira dithulaganyo ba bo ba laletsa batho gore ba tle. Holo e ne ya tlala ka batho, mme ba tshwara pokano eno. Fa pokano e tswa, ba ne ba gakgamadiwa ke go bona gore go ne go na le setlhopha se sengwe se segolo sa batho kwa ntle ga holo se se neng se letile go tsena. Ka jalo ba ne ba ba kopa gore ba tsene mme ba boeletsa thulaganyo eno gape. Jaanong go setse go na le phuthego mo lefelong leo.

Gantsi bopelotshweu le botsalano jwa batho bo ba tlhotlheletsa gore ba abelane boammaaruri jwa Baebele jo ba bo ithutang le ba malapa a bone mmogo le ba bangwe. Moithuti mongwe wa Baebele o ne a itumetse tota fa kgabagare a ne a tshwanela go nna le seabe mo bodireding jwa ntlo le ntlo. O ne a setse a tshwara dithuto tsa Baebele di le tlhano le baagisani ba gagwe, mme o ne a itumeletse go nna le seabe se segolwane mo bodireding.

E re ka go na le tshimo e kgolo e e sa etelweng ke baboledi ba Bogosi ka metlha, go dirwa boiteko jwa go rerela batho ba ba mo dibaseng le ba ba tlang mo ditoropokgolong ka tsa kgwebo kana ba tlile go reka. Seno se ile sa dira gore go nne le matswela a a itumedisang, jaaka go ne ga bontshiwa ke boitemogelo bongwe jo bo malebana le lekwalo le le neng la amogelwa ke ofisi ya lekala. Le ne le tswa kwa banneng ba babedi kwa lefelong lengwe le sele, ba ba neng ba kopa gore ba rutiwe Baebele. Fa Mosupi mongwe a ne a ba etela, o ne a fitlhela gore “banna” bano yo mongwe o na le dingwaga di le 10 mme yo mongwe o na le di le 11. Mme ba ile ba itse jang ka thulaganyo eno ya go ithuta Baebele? Gone mme, monna mongwe yo o neng a tswa kwa motsaneng oo o ne a tla mo motsemogolong go tla go dira tiro nngwe teng. O ne a kopana le Mosupi mongwe mo mmileng, yo o neng a mo neela pampitshana a bo a mmolelela gore a ka ithuta Baebele mahala le ene mo gae. Fa monna yono a boela kwa motsaneng wa ga gabo, o ne a neela mosetsana yo o agisaneng le ene wa dingwaga tse 12 pampitshana eno mme a mmolelela ka thulaganyo ya go ithuta Baebele. Mosetsana le ene o ne a neela basimane bano ba babedi tshedimosetso eno, bao ba neng ba kwala lekwalo ka bonako fela. Go ne ga simololwa thuto ya Baebele le basimane bano, mosetsana, monna le bana ba gagwe ba babedi.

Basha ba Amogela Seno ka Tsela e e Molemo

Eleruri, basha, ba ba godiseditsweng mo boammaaruring mmogo le ba bangwe, ba bonala ba tsaya go obamela Modimo ka tsela e e masisi. Ka sekai, Tamar le morwadiarraagwe e bong Keila ba ne ba kolobediwa ba na le dingwaga di le 10 boobabedi mme ba tsenelela bodiredi jwa bobulatsela jwa nako e e tletseng ba na le dingwaga di le 11. Wendy Carolina o ne a na le dingwaga di le 12 fa a ne a bontsha boineelo jwa gagwe ka go kolobediwa mo metsing, mme dingwaga tse pedi moragonyana, ka 1985, o ne a simolola bobulatsela jwa ka metlha. Gompieno ke morutisi yo o nonofileng, yo o santseng a itumelela bodiredi jwa nako e e tletseng. Jovanny yo mmotlana, yo o neng a kolobediwa a na le dingwaga di le 10 mme a nna mmulatsela wa ka metlha a na le dingwaga di le 11, o tshwara dithuto tsa Baebele tsa magae di le nne. Fa Rey wa dingwaga di le lesome a ne a fitlhela gore morekisi mongwe wa dibuka tse di setseng di badilwe o na le bukana e e gatisitsweng ke Basupi ba ga Jehofa, Rey o ne a rapela mmaagwe gore a mo e rekele. O ne a e bala yotlhe fela. Go batla dibuka tsa Baebele tse di oketsegileng ga gagwe kgabagare go ile ga dira gore a ikopanye le ofisi ya lekala. Gompieno o itumelela tirelo ya nako e e tletseng, mme mmaagwe le ene o direla Modimo.

Ke eng se se ileng sa thusa basha bano le ba bangwe gore ba lemoge botlhokwa jwa dilo tsa semoya? Ba le bantsi ba thusitswe ke go kaelwa ke batsadi ka tsela e e tshwanetseng. Go ne go ntse jalo ka Josué, yo batsadi ba gagwe ba Bakeresete e leng barutabana. Fa molebedi yo o etang a ne a akantsha gore batsadi ba leke go thusa gongwe ngwana a le mongwe fela mo baneng ba bone go tsaya bodiredi jwa nako e e tletseng, ba ne ba tlhoma mogopolo thata mo go Josué. E re ka Josué e ne e le moithuti yo o botlhale thata, goromente o ne a mo duelela sekolo gore a kgone go ithutela boinjenere. Fa a sena go fetsa ngwaga le sephatlo a ntse a le kwa yunibesithing, o ne a amogela taletso ya gore a tle go dira mo porojekeng ya kago kwa ntlokgolong ya Basupi ba ga Jehofa kwa Dominican Republic. Batsadi ba gagwe ba ne ba ikutlwa ba kgotsofetse tota fa ba sena go ntsha morwaabone gore a direle Jehofa.

“Basekaseki” ba ba Tswang Kwa Dinageng Tse Dingwe

Ruri mafoko a ga Jesu a a reng “thobo e kgolo ruri, mme barobi ba a tlhaela” a boammaaruri mo tshimong eno. (Mathaio 9:37) Tlhokego e kgolo mmogo le tsela e e molemo e batho ba amogelang molaetsa ka yone di ile tsa tlhotlheletsa Basupi kwa dinageng tse dingwe go tla go nna le seabe mo go sekasekeng gore a tshimo eno ga e na matlotlo a mmatota a motlha wa segompieno—batho ba ba batlang boammaaruri ka bopeloephepa.

Malapa a Basupi a ne a tla a tswa kwa setlhaketlhakeng se se bapileng le seno sa Puerto Rico a ba a kgotsofala tota go direla mo dikarolong tse di farologaneng tsa Dominican Republic. Tlhogo nngwe ya lelapa e ne ya bolela jaana: “Go kgona go bolela se o se dumelang mo bathong ba ba reetsang eleruri go dira gore boammaaruri e nne jwa mmatota!” Fa Cecilia, yo o neng a tswa kwa Sweden le Nia yo o neng a tswa kwa United States ba sena go utlwa gore go na le tlhokego fano ba ne ba tla go dira mmogo le badiredi ba bangwe ba bantsinyana ba basha ba nako e e tletseng. Ba dira tshimo e e mo bogareng koo go leng godingwana e bile tlilemate e siame. Ka mo go tshwanang, kwa godimo ga dithaba tse di tsididi tse di tletseng ditlhare tsa phaene, malapa a mabedi a Ba-Canada a ne a dira mmogo le lelapa lengwe la kwa Dominican Republic le le ileng la boela koo le tswa kwa United States. Ba mo phuthegong e potlana e bile ba kgona go fitlhelela batho ba ba iseng ba ko ba etelwe ke Basupi ba ga Jehofa mo dingwageng tse di lesome tse di fetileng.

Alfredo le Lourdes le bana ba bone ba batlhano ba ne ba tla ba tswa kwa New York City mme ba kopanela le phuthego e potlana mo go nngwe ya ditoropo tse dintle tse di nang le lotshitshi lwa bajanala. Ba itumelela go bo ba kgona go nna le seabe mo go batleng batho ba ba dipelo di ikanyegang le go thusa phuthego gore e gole. Roland, yo o berekang ka dikhomputara a tswa kwa Austria, le mosadi wa gagwe, Yuta, ba setse ba nna mo karolong e e kafa borwa jwa naga eno e e bothitho, e e omileng. Ba ile ba itumelela go bona go tlhomiwa phuthego e ntšha fa e sa le ba goroga koo. Mo toropong e e gaufi le eo, setlhopha sengwe sa bokgaitsadi ba babulatsela ba le bararo mmogo le banyalani bangwe ba ba tswang kwa California ba ne ba bega gore ba na le batho ba le bantsi thata ba ba neng ba ba kopa gore ba ba rute Baebele mme ba sa kgone go ba ruta botlhe. Ka jalo ba ne ba kgothatsa batho ba ba kgatlhegang gore ba nne gone kwa dipokanong kwa Holong ya Bogosi e e mo lefelong la bone mme ba kwadise maina a bone jaaka batho ba ba emetseng gore ba rutiwe Baebele. Kgaitsadie Yuta e bong Stefan o direla ka boikanyegi le phuthego nngwe e potlana kwa toropong e ntle thata ya Samaná, e e ka fa bokonebotlhaba. Palo ya baboledi ba Bogosi e ile ya menagana gabedi mo dingwageng di le pedi fela.

Lorato le botlhaga jo ba bo bontshitseng mmogo le ba bangwe ba ba ileng ba tla go thusa eleruri bo a akgolwa. Ba ile ba amogela kgwetlho e seng fela ya go fudugela kwa nageng e nngwe e e nang le setso le mekgwa e e farologaneng mme mo mabakeng a le mantsi, ba ne ba amogela kgwetlho ya go ithuta puo e ntšha e le gore ba tlhokomele dilo tse di tlhokegang tsa semoya tsa batho ba sekadinku. Maiteko a bone a ile a felela ka gore batho ba ba mo lefelong leo ba amogele molaetsa ka tsela e e siameng.

Malapa a mangwe a kwa Dominican Republic a ile a tlogela dilo tse di manobonobo tsa kwa ditoropokgolong mme a fudugela kwa metseng ya magae. Botlhe ba nna le maduo a a molemo tota ka go itumelela go ribolola matlotlo a mmatota a batho ba ba batlang boammaaruri ka bopeloephepa.

Batho ba ba neng ba batla letlotlo mo lekgolong la bo15 la dingwaga ba ne ba se ka ba lere masego, fa e se fela bokgoba le pogo e e seng kana ka sepe mo Batainong ba ba neng ba nna mo nageng eo. Tota le ene Columbus o ne a se ka a solegelwa molemo ke matlotlo a Bontlhabongwe jwa Dinaga tse di kafa Bophirima jwa Lefatshe. Kwa morago o ne a tsenngwa mo kgolegelong a bo a tlosiwa mo setlhaketlhakeng seno se a ileng a se bona mme a boela kwa Spain e le legolegwa.

Gompieno go na le mofuta o o farologaneng wa go sekaseka, mme go bonwa letlotlo le le tlhwatlhwakgolo thata. Batho ba ga Jehofa ba tshwaregile thata mo go batleng batho ba ba dipelo di ikanyegang ba ba amogelang mafoko a a molemo a Bogosi. Matswela ke gore boidiidi jo bo ntseng bo oketsega bo itumelela kgololesego e e ka lerweng fela ke Lefoko la Modimo. (Johane 8:32) Ba tlhologeletswe go bona nako e mo go yone naga eno e e nang le dithaba, metsi a a phothoselang ka tsela e ntle, matshitshi a mantle le magaga a a gogelang e tla bong e le karolo ya lefatshe le lesha le le akaretsang lefatshe lotlhe, mme e seng paradaise e e mo setlhaketlhakeng fela.—2 Petere 3:13.

[Ntlha e e kwa tlase]

a E gatisitswe ke Watch Tower Bible and Tract Society.

[Mmapa mo go tsebe 24]

(For fully formatted text, see publication)

Dominican Republic

[Ditshwantsho mo go tsebe 24, 25]

Basha ba bona botlhokwa jwa dilo tsa semoya ka go tsenelela tirelo ya nako e e tletseng

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela