LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w94 12/15 ts. 19-22
  • A o Rata go Tlhatlhobelwa Botsogo?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • A o Rata go Tlhatlhobelwa Botsogo?
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1994
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • A Mme o Tshwanetse go Batla Botsogo ka Ditsela Tsotlhe?
  • Go Akarediwa Maatla Afe?
  • Itiseng!
  • ‘Botsogo jo bo Siameng’ le Kakanyetso-dilo ya Bokeresete
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1983
  • Leba Botsogo le Kalafi ka Tsela ya Dikwalo
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2008
  • A Mokeresete a ka Amogela Kalafi ya Bongaka?
    Dikarabo Tsa Dipotso Tsa Baebele
  • Meya e e sa Bonaleng—A ea re Thusa? Kana ea Re Gobatsa?
    Meya e e sa Bonaleng—A ea re Thusa? Kana ea Re Gobatsa?
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1994
w94 12/15 ts. 19-22

A o Rata go Tlhatlhobelwa Botsogo?

Mokgatlho wa Watch Tower ga o direle batho dikakantsho kana ditshwetso mabapi le mekgwa ya kalafi le ya go tlhatlhoba bolwetse. Lefa go ntse jalo, fa e le gore mekgwa mengwe e e rileng e na le dikarolo tse di belaetsang malebana le melaometheo ya Baebele, e ka nna ya sekasekwa. Go tswa foo motho mongwe le mongwe o ka sekaseka gore e akaretsa eng a bo a swetsa gore o tla dira eng.

Bakaulengwe ba ba rategang: Ke ka rata go utlwa kakanyo ya lona mo kgannyeng eno. Go bonala [ngaka nngwe ya botsogo] e atlega sentle, mme mokgwa mongwe o e o dirisang o a mpelaetsa. . . . O kgona go lemoga bolwetse fa a tlhatlhoba motho. Go tswa foo fa a batla go bona gore o ka dirisa molemo ofe kana gore o ka o dirisa ka selekanyo se se kana kang, o baya lebotlele la molemo go bapa le letlalo le le gaufi le kgeleswa kana serwe sengwe. O leka go gogela letsogo le molwetse a le tsholeditseng kwa tlase. O kgona go lemoga mofuta wa molemo o a ka o dirisang kana selekanyo sa one ka maatla a a a tlhokang go gogela letsogo kwa tlase. O dumela gore di-“electron,” fela jaaka go tsamaya ga motlakase, di tswa mo molemong di bo di tsamaya ka sethibo se se dirilweng ka tshipi sa lebotlele di bo di ya kwa karolong e e rileng ya mmele, di bo di e thatafatsa. A seno se tshwana le go dirisiwa ga thupana gore e batle fa metsi a leng teng?

LEKWALO leno le le tswang kwa Oregon, U.S.A., le bolela ka mokgwa mongwe o batho ba bangwe ba o dirisang go batlisisa dikotla tse ba di tlhokang, go sekaseka dikgang tsa boikutlo, go tlhatlhoba go bona gore ba kgona go gakologelwa go le kana kang, le go rarabolola dikgang tsa botshelo tsa letsatsi le letsatsi. Go sa kgathalesege gore mokgwa ono o tlwaelegile go le kana kang, a go belaela ga mokwadi yono go na le mabaka a a utlwalang?

A Mme o Tshwanetse go Batla Botsogo ka Ditsela Tsotlhe?

Fa e sa le mo metlheng ya bogologolo, batho ba ile ba leka go tlhaloganya gore ke ka ntlha yang fa ba lwala le ka fa ba ka folang ka teng. Baiseraele bone ba ne ba le lesego ka gonne ba ne ba itse gore ba leofile, e bile ba ne ba na le melao e e neng e tswa kwa Modimong e e neng e ba thusa go thibela go tsenwa ke malwetse a le mantsi kana go a anamisa. (Lefitiko 5:2; 11:39, 40; 13:1-4; 15:4-12; Duteronome 23:12-14) Lefa go ntse jalo, batho ba Modimo le bone ba ne ba batla go thusiwa ke dingaka tse di neng di tshwanelega tsa motlha wa bone.—Isaia 1:6; 38:21; Mareko 2:17; 5:25, 26; Luke 10:34; Bakolosa 4:14.

A bo ba ne ba farologane jang ne le batho ba kwa Babilone wa bogologolo le ba kwa Egepeto! “Dingaka” tsa bone di ne di na le melemo mengwe e e neng e na le metswako ya tlholego, lefa go ntse jalo “dikalafi” tsa bone di le dintsi jaanong go ne go ka twe ke tsa maitirelo. Temana ya Seegepeto ya mokwalo wa ditshwantsho e bolela ka ngaka e e neng ya alafa sefofu ka bontlhanngwe jwa matlho a dikolobe a a leswe, antimony, ocher e khibidu, le ka tswine ya dinotshe. Motswako ono o ne o tshelwa mo tsebeng ya molwetse! Bosupi bongwe jwa bogologolo bo bontsha gore kalafi eno e ne e le “molemo tota.” Tota tsela e e neng e sa tlwaelega ka yone e bile e sa tlhaloganngwe e ka nna ya bo e ile ya dira gore batho ba e kgatlhegele thata.

Gantsi Bababilone le Baegepeto ba ne ba laletsa maatla a boitseanape.a Moperesiti wa ngaka o ne a ka nna a kopa molwetse gore a budulele moya mo dinkong tsa nku, e re ka a ne a dumela gore thata nngwe, kana maatla, a ne a ka tswa mo molwetseng a bo a tsena mo sebopiweng se sengwe mme a bo a ka lemoga bolwetse jwa gagwe. Nku eo e ne e bolawa, mme o ne a tsaya gore sebete sa yone se ne se ka senola bolwetse jwa molwetse kana bokamoso jwa gagwe.—Isaia 47:1, 9-13; Esekiele 21:21.

Ka gone, ngaka e e neng e boifa Modimo kwa Iseraeleng wa bogologolo e ne e ka se ke ya dirisa mekgwa ya tirisabadimo. Modimo o ne wa laela jaana ka tsela e e botlhale: “Go se ka ga fitlhelwa mo go wena . . . mongwe wa moitseanape, le fa e le mongwe yo o swabang ka eng le eng, le fa e le morai, kgotsa yo o loang . . . Gonne le fa e le mang yo o dirang dilo tse, o makgapha mo go Jehofa.” (Duteronome 18:10-12; Lefitiko 19:26; 20:27) Seno se dira le mo batlhankeng ba Modimo ba Bakeresete gompieno. Ba tshwanetse go nna kelotlhoko.

Mo dingwageng tsa bosheng jaana batho ba le bantsi ba ile ba dirisa thata botegeniki jwa go tlhatlhoba bolwetse le dikalafi tse di “sa diriseng mokgwa o o tlwaelegileng.” Totatota motho o tshwanetse go itirela tshwetso mo go seno ene ka namana. (Mathaio 7:1; bapisa Baroma 14:3, 4.) Mme gone go ne go tla bo go utlwisa botlhoko fa Mokeresete ope fela a ne a ka tshwarega thata mo dikgannyeng tsa botsogo tse go buiwang thata ka tsone mo e bileng di fekeetsa bodiredi jwa gagwe, jo e leng jone fela tsela e e tlhomameng ya go boloka matshelo. (1 Timotheo 4:16) Baebele ga e bolele gore mo lefatsheng le lesha balwetse ba tla fodisiwa le go bona botsogo jo bo itekanetseng ka go dirisa mekgwa ya kalafi, ditlhatshana tse di alafang, go ja dijo tse di rileng, kana go dirisa kalafi e e rulagantsweng e e alafang gotlhe. Totatota, go fodisiwa ka botlalo go tla leriwe fela ke go itshwarelwa ga boleo mo motheong wa setlhabelo sa thekololo sa ga Jesu.—Isaia 33:24; Tshenolo 22:1, 2.

Go Akarediwa Maatla Afe?

Ke eng se Mokeresete a ka se akanyetsang fa a itirela tshwetso malebana le mokgwa wa go tlhatlhoba mesifa o o umakilweng lekwalong le le kwa tshimologong?

Mekgwa e e rileng ya go tlhatlhoba nonofo ya mesifa kana gore e itshwara ka tsela efe ke karolo ya kalafi e e tlwaelegileng, mme ke batho ba sekae fela ba ba neng ba ka belaela gore e a dira. Ka sekai, bolwetse jwa poliomyelitis bo ka koafatsa mesifa, mme bo ka alafiwa ka se se bidiwang kinesiology—e leng “go ithuta mesifa le go tshikinyega ga yone.” Kinesiology eo gape e dirisiwa mo kalafing e e thusang batho ba ba iteilweng ke setorouko. Batho ba le bantsi ba ne ba ka tlhaloganya kalafi e e ntseng jalo.

Mme re ka reng ka go tlhatlhoba mesifa mo go neng ga tlhalosiwa mo lekwalong le le kwa tshimologong ya setlhogo seno? Mofuta ono wa “kinesiology” o ile wa dirisiwa e le go batla go lemoga gore a dijo dingwe tse di rileng, ditlhatshana tsa kalafi, kana dibithamine di ne di ka thusa kana tsa gobatsa motho. Gantsi e dirwa ka tsela eno, motho o tsholetsa letsogo la gagwe, mme ngaka e bo e le gogela kwa tlase gore e tlhatlhobe nonofo ya mesifa. Go tswa foo molwetse o tsenya dikotla tsa mmele kana molemo mongwe mo molomong wa gagwe, mo dimpeng tsa gagwe, kana mo seatleng sa gagwe. Go tswa foo mesifa ya letsogo e tlhatlhobiwa gape. Go bolelwa gore fa a tlhoka dikotla tseo, letsogo la gagwe le tla itshupa le nonofile go feta pele; fa di sa mo siamela, mesifa e tla nna bokoa.b

Batho ba bangwe ba ba ileng ba leka mokgwa ono ba dumela gore se a bereka le gore go bo o dira go ikaegile ka maatla a a mo mmeleng. Ba ntsha mabaka a gore go na le dilo di le dintsi tse saense ya segompieno e ka se kang ya di tlhalosa mme di diragala kana re ka di bona. Ka gone, ba bolela gore go ka tswa go na le ditsela tse di tsamaisang maatla kana go amana ga maatla le melemo, lefa gone dingaka di ise di lemoge dilo tseno kana go di dumela.

Mo letlhakoreng le lengwe, buka ya Applied Kinesiology e bolela jaana: “Ka dinako tse dingwe [dibuka] di ruta gore dijo tse di nang le dikhemikale, jaaka tse di nang le dikotla, di sekasekiwa ka go tshwara sejo seo mo seatleng o bo o tlhatlhoba mosifa. Ga go na bosupi bope jo bo bontshang gore mofuta ono wa go tlhatlhoba o a ikanyega. . . . Tsela e ngaka e ikutlwang ka teng ya filosofi e ka nna e e nonofileng thata mo e leng gore se motlhatlhobi wa mesifa a setseng a se dumela se kgoreletsa gore a se ka a bona tshedimosetso e e boammaaruri fa a ntse a tlhatlhoba.” “Motlhatlhobi yo o itseng thata go tlhatlhoba mesifa a sa dirise ditshipi tse di tlhatlhobang o ka kgona go dira gore mosifa wa molwetse o lebege o le bokoa kana o nonofile a dirisa botlhale jwa gagwe ka go nna a ntse a fetola fela . . . tlhatlhobo eo go sekaenyana.”

Itiseng!

Lefa go ntse jalo, tlhatlhobo ya mesifa e akaretsa dilo di le dintsi. A o ko o akanye ka e e bidiwang “tlhatlhobo e e dirisang moemedi.” Tlhatlhobo eno e ka nna ya dirisiwa mo mothong yo o tsofetseng kana mo loseeng ba ba leng bokoa thata gore ba ka tlhatlhobiwa. Ngaka e tlhatlhoba letsogo la moemedi yoo, fa ene a tshwere losea. Go ile ga dirisiwa mokgwa ono mo diruiweng tse di ratiwang thata tsa mo gae; letsogo la moemedi le a tlhatlhobiwa fa a ntse a beile seatla sa gagwe mo godimo ga ntša ya mofuta wa collie, ya German shepherd, kana seruiwa se sengwe se se ratiwang thata sa mo gae se se lwalang.

Ga se rona re ka atlholang ditiro tse di ntseng jalo, mme o ka nna wa botsa jaana, ‘A dilo tseno di dirwa ke maatla a motho?’ Borasaense ba ile ba supa fa go na le marang a cosmic, di-microwave, le mefuta e e farologaneng ya marang a motlakase a magnet. Lefa go ntse jalo, a dibopiwa tsotlhe, tota le masea le diruiwa tse di ratiwang thata tsa mo gae, di na le maatla a a ka tsamayang go bo go tlhatlhobiwa motho yo mongwe ka one? Bababilone ba ne ba akanya gore maatla ao a ne a ka tsena mo nkung le go e ama ka tsela nngwe e go ka tlhatlhobiwang ka yone. O ka nna wa ipotsa jaana, ‘A ke dumela gore go ka diragala selo se se tshwanang le mo bathong kana mo diphologolong gompieno? A kana diphelelo tsa gone di ka nna tsa tlhalosiwa ka tsela nngwe e sele?’

Batho ba bangwe ba ba fodisang ba bolela fa ba kgona go lekanya “maatla” a motho ka didirisiwa jaaka tshipi e e ikgarileng kana didirisiwa tse di akgegang. Kafa go bolelwang ka teng di a tshikinyega fa “maatla” a motho yo o fodisang a kopana le a molwetse. Ngaka nngwe e bile e le mokwadi mo tirong eno, yo o kileng ya bo e le rasaense wa mmatlisisi, ka dinako tse dingwe o tlhatlhoba bolwetse a dirisa sedirisiwa se se akgegang. Gape o bolela gore o ka kgona go bona “karolo ya maatla a motho” kana lesedi le le kgolokwe le le nang le mmala le go bolelwang fa le dikologile batho. O bolela gore o dirisa kgono ya gagwe ya “go bona dilo mo teng” gore a bone se se mo mmeleng le go bona tlhagala, disele tsa madi, kana megare, le go bona dilo tse di diragetseng mo nakong e e fetileng.c

Jaaka go ne ga bontshiwa pelenyana, go lekanya maatla ka nonofo ya letsogo go ne go ntse go dirisiwa go tlhatlhoba maikutlo. Buka nngwe e e anamisitsweng thata e ne ya bolela jaana: “Fa o eletsa go dirisa tsela ya go tlhatlhoba maikutlo go le gonnye fela ka nako e e tshwanang, botsa jaana ka phepafalo ‘A o na le bothata?’ o bo o tlhatlhoba gape. Gangwe le gape seno se ka koafatsa letsogo fa e le gore molwetse ga a na dikotla tse di lekaneng.” Batho ba bangwe ba dirisa go tlhatlhoba moo “go lemoga gore bolwetse jo bo rileng jwa mmele, jwa maikutlo kana jwa semoya bo ile jwa diragala motho a le dingwaga di le kae.” Gape go dirisediwa go dira ditshwetso tsa go ‘dumela kana go gana’ mo dikgannyeng tsa letsatsi le letsatsi.

Gongwe, batho ba le bantsi ba ba dirang tlhatlhobo eo ya mesifa (kinesiology) ba ka bolela gore tsela e ba dirang ka yone e farologane le e e sa tswang go tlhalosiwa, gore ga e na tirisabadimo, kana gore ga ba tlhatlhobe maikutlo. Lefa go ntse jalo, a se ba se dirang le sone se theilwe mo go dumeleng gore motho mongwe le mongwe o na le maatla a a ka tlhatlhobiwang kana a bonwa ke batho ba ba rileng fela ba ba bolelang gore ba na le maatla a a kgethegileng?

Bakeresete ga ba tseye dikgang tse di ntseng jalo motlhofo fela. Modimo o ne wa gakolola Baiseraele jaana: “Kilelo ya kgwedi le sabata, le go bidiwa ga diphuthego; ga ke na go itshokela boikepo le phuthego e e masisi.” (Isaia 1:13) Fa setšhaba seo se ne se simolola go nna batenegi, ba ne ba ‘dira ka boitseanape le ka mereo.’ (2 Dikgosi 17:17; 2 Ditirafalo 33:1-6) Go bonala ba ne ba batla tshedimosetso ka ditirelo tse di kgethegileng, mme go tswa foo ba ne ba bua se se “boithamako” fela.—Sekaria 10:2.

Go tlhatlhoba mo gongwe ga mesifa go ka nna ga tswa go siame fela, go dirwa ka tsela e e sa gobatseng molwetse kana ngaka. Lefa go ntse jalo, go phepafetse gore mo gongwe go ka nna le dikarolo tsa boithamako kana tsa maatla a a seng a tlholego, jaaka go bona dilo mo teng, masedi a a kgolokwe a masaitseweng, le go dirisa didirisiwa tse di akgegang. Bakeresete ga ba a tshwanela go dirisa maatla a boithamako. Ga ba a tshwanela tota le go di lekeletsa fela, ka gonne ga ba batle go itse ka dilo tse di boteng tsa ga Satane. (Tshenolo 2:24) Go na le moo, ba na le lebaka le le utlwalang la go bo ba tshwanetse go nna kelotlhoko ka sepe fela se se ka nnang sa lebega se amana le tirisabadimo, e e kgalwang ke Lefoko la Modimo.—Bagalatia 5:19-21.

Se ngaka e se dirang ke boikarabelo jwa yone, mme ga se boikaelelo jwa rona gore re sekaseke le go atlhola mo go se motho mongwe le mongwe a se bolelang kana mo tseleng ya gagwe ya go dira dilo. Lefa gone o ka ikutlwa gore mengwe ya mekgwa eno e na le maatla a boithamako, go phepafetse gore batho ba le bantsi ba ba neng ba e lekeletsa ba ne ba dira jalo ka go bo ba sa itse, ba sa akanye gore e ka tswa e na le tirisabadimo. Go ka tswa go ne go supa fela gore ba batla botsogo jo bo siameng ka bonako. Lefa go ntse jalo batho ba bangwe, ba ba ileng ba dirisa mekgwa e e ntseng jalo ba ile ba swetsa kwa morago gore molemo ope o ba o bonang o o neng o lebega o ka nna wa bo o ne o sa lekana gore ba bo ba itsenye mo kotsing ya semoya.

Gape, motho mongwe le mongwe o tshwanetse go swetsa se a batlang go se dira malebana le dikgang tse di ntseng jalo tsa motho ka namana. Lefa go ntse jalo, Bakeresete ba tshwanetse go gakologelwa kgakololo eno ya Modimo: “Motho yo o sa tlhalefang o dumela lefoko lengwe le lengwe, mme senokope1a se tle se itebe tsamao ya sone sentle.” (Diane 14:15) Kgakololo eo e dira gape le mo dilong tse batho ba di buang ka kalafi.

Satane o gakaletse go faposa batlhanka ba Modimo mo kobamelong ya boammaaruri. Diabolo o ne a ka itumela fa a ne a ka kgona go dira jalo ka go dira gore Bakeresete ba kgatlhiwe ke dilo tse dingwe. O ne a tla itumela le go feta fa ba ne ba ka kgatlhiwa ke dilo tse e leng mekgwa ya boithamako, kana tse di lebegang jalo, tse di ka nnang tsa ba gogela mo tirisabadimong.—1 Petere 5:8.

Le mororo Bakeresete ba se kafa tlase ga Molao wa ga Moshe, tsela e Jehofa Modimo a lebang mekgwa ya boitseanape ka yone ga e ise e fetoge. Jaaka go bontshitswe pelenyana, Modimo o ne wa laela Baiseraele gore “mongwe wa moitseanape, le fa e le mongwe yo o swabang ka eng le eng, le fa e le morai, kgotsa yo o loang, le fa e le mophekodi” o ne a sa tshwanela go fitlhelwa mo go bone. “Le fa e le mang yo o dirang dilo tse, o makgapha mo go Jehofa . . . Wena o nne boitekanelo o na le Jehofa.”—Duteronome 18:10-13.

A bo go le botlhale jang ne, gore Bakeresete gompieno ba boloke “diaparo tsa phemelo tsotlhe tsa Modimo . . . gonne . . . re lwa . . . le masomosomo a mewa ya boikepo mo mannong a selegodimo”!—Baefeso 6:11, 12.

[Dintlha tse di kwa tlase]

a Batho ba le bantsi ba santse ba ya kwa di-shaman, kwa dingakeng tsa bola, kana kwa bathong ba ba tshwanang le bone ba ba fodisang. Shaman ke “moperesiti yo o dirisang maselamose go fodisa batho ba ba lwalang, a phekola dilo tse di fitlhegileng, le go laola dilo tse di diragalang.” Ngaka ya bola kana shaman, o ka nna a kopanya ditlhatshana tse di alafang ka mekgwa ya tirisabadimo (a laletsa maatla a masaitseweng). Mokeresete yo o kelotlhoko, yo o ikanyegang o ne a tla ithiba mo go kopaneleng mo tirisabadimong jalo, tota lefa e ne e ka lebega e fodisa.—2 Bakorinthe 2:11; Tshenolo 2:24; 21:8; 22:15.

b Go tlwaelegile gore e tlhalosiwe ka tsela e e ntseng jalo, mme mokgwa wa go tlhatlhoba o ka nna wa farologana. Ka sekai, molwetse o ka nna a kopiwa gore a gatelele monwana wa gagwe wa kgonotswe le o o supang mmogo, mme ngaka e bo e leka go e kgaoganya.

c O kwala jaana: “Ditiragalo tseno tse di lebegang di gakgamatsa di diragala jang? . . . Mokgwa o ke o dirisang o bidiwa go baya diatla, kana go fodisa ka go rapelela. Ga se mokgwa wa masaitseweng gotlhelele, mme ke o o tlhamaletseng tota . . . Mongwe le mongwe o na le karolo e e rileng ya maatla kana lesedi le le kgolokwe le le dikologang mmele e bile le tsenelela mo go one. Karolo eno ya maatla e amana thata le botsogo. . . . Go Bona ka Selekanyo se se Kwa Godimo ke mofuta mongwe wa ‘go bona’ o mo go one o bonang setshwantsho mo mogopolong wa gago o sa dirise tsela e e tlwaelegileng ya go bona. Ga se selo se se ikakanyediwang fela. Ka dinako tse dingwe o bidiwa clairvoyance.”

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela