Go Thusa Ba E Leng Ba Ntlo ya Rona ya Tumelo kwa Bosnia
BASUPI BA GA JEHOFA ga ba nne le seabe sepe mo dikgannyeng tsa bopolotiki. (Johane 17:16) Lefa go ntse jalo, ka go latela kgakololo ya ga Paulo ya go dira molemo “bogolo mo go ba e leng ba ntlo ya tumelo,” ba itlhaganelela go thusa Bakeresetekabone mo mafelong a go nang le ntwa. (Bagalatia 6:10) Fa mariga a 1993-94 a ne a atamela, Basupi mo Austria le Croatia ba ne ba tsenya matshelo a bone mo kotsing gore ba tle ba thuse ba e leng ba ntlo ya tumelo ya bone mo Bosnia. Ba bega jaana.
Go tswa ka March go fitlha ka October 1993, go ne go se na tsela epe eo go neng go ka romelwa dilwana tsa namolo kwa Bosnia. Lefa go ntse jalo, mo masimologong a October balaodi ba ne ba bontsha gore re ka kgona go romela dilwana dingwe. Mme eno e ne e santse e tla nna tiro e e kotsi e re ka go ne go lowa thata mo mafelong a le mantsi a Bosnia.
Lefa go ntse jalo, ka Labobedi, October 26, 1993, dilori tsa rona di ne tsa tloga mo Vienna di tshotse ditone di le 16 tsa dijo le dikgong tsa go gotsa molelo gore di romelelwe Bakeresetekarona kwa Bosnia. Re ne re tsentse dikarata tsa rona tsa kopano ya kgaolo gore ba tle ba re itse.
Fa re ne re fitlha mo molelwaneng wa Croatia le Bosnia, re ne ra etelelwa pele re isiwa kwa dikampeng tsa masole koo dilori tsa rona di ileng tsa ya go phuruphutshiwa gone. Kopo ya rona ya go ralala mo tikologong ya Serbia e ne ya ganwa. Re ne re tla dumelelwa fela go tsamaya re ralala mo bogareng jwa Bosnia—gone koo ntwa tota e neng e le gone!
Maiteko a Lefela?
Jaaka dikoloi tsa masole di ne di re etelela pele go tswa mo karolong e nngwe ya go phuruphutsha dikoloi go ya go e nngwe, re ne re ntse re utlwa modumo o mogolo o o neng o tswa mo ditankeng tsa ntwa le mo ditlhobolong. Ka nako ya bosigo re ne re ralala dikgwa re eteletswe pele ke ditanka tse pedi tsa ntwa le koloi ya jipi. Re ne ra ralala ka dilori tsa rona ka bonya mo mafelong a ntwa! Dilo tsotlhe di ne tsa tsamaya sentle go fitlha mo mosong fa dithunya di ne di simolola go lela mo godimo ga ditlhogo tsa rona mme ra tshwanelwa ke gore re itshube fa morago ga lekgabana. Morago ga nakwana dithunya di ne tsa didimala, mme ra tsweletsa mosepele wa rona.
Fa re fitlha mo kampeng, molaodi wa masole o ne a re botsa gore ke rona bomang e bile re ne re batla eng. Fa re se na go itsise maikaelelo a rona o ne a re, “Selo se lo batlang go se dira ga se kitla se atlega. Ga go na ka tsela epe e lo ka tswang mo kampeng eno, le e leng sekgala se sennye fela. Go na le leuba le legolo fela thata mo nageng eno mo e leng gore batho ba tla lo thukutha le go utswa dilo tsa lona.” O ne a re kopa gore re boele morago.
A mme maiteko a rona e ne e le a “a se kitlang a atlega”? A go ne go sa utlwale go akanya gore re ne re ka ralala mafelo ao mo go one go neng go na le ntwa le leuba gone, lefa go ntse jalo re falole ka dilo le matshelo a rona? Re ne re tshwanetse go dira tshwetso e e masisi. Re ne re setse re utlwile ditlhobolo le dibomo di thunya ka modumo o mogolo. Bosigo bo ile jwa feta re patilwe ke masole mme re ne re kgona go bona gore ba ne ba ipaakanyeditse ntwa sentle ka botlalo. Ba ne ba apere diaparo tse di neng di thibela gore ba se ka ba thuntshiwa e bile ba tshotse ditlhobolo. Le e leng moapei wa bone o ne a na le tlhobolo e e neng e akgega mo mokwatleng wa gagwe. Mme rona re apere fela dihempe, dithae mme re tsentse dikarata tsa rona tsa boitshupo! A mme go ne go le botlhale gore re tswelele ka mosepele wa rona?
Fa Re Goroga Mo Travnik
Go ne go bonala gore selo se le sengwe fela se re neng re ka se dira e ne e le go buisana le masole a a neng a le mo letlhakoreng le lengwe la ntwa. Mo mosong o o latelang re ne ra botsa mosadi mongwe yo o sa leng mmotlana gore a o ne a itse koo ntlokgolo ya masole a a mo letlhakoreng le lengwe e neng e le gone. O ne a re, “Ga go kgakala. Fa lo sena go kgabaganya fela sekgwanyana seno, lo tla bona kago nngwe e e kileng ya bo e le sepatela.” Re ne re itlhaganeletse go tsamaya. Masole a ne a gakgamaditswe ke go bona fa re ne re ikemiseditse go tloga mo kampeng re sa tshwara dibetsa dipe.
Kago e e kileng ya bo e le sepatela e ne e le marope fela, mme lefa go ntse jalo re ne ra fitlhela ofisara gone. O ne a dumela go re thusa, a akantsha gore re bue le molaodi wa gagwe pele. O ne a re pega mo koloing ya gagwe e e matlhekge mme a kgweetsa ka lobelo lo logolo go feta mo masole a neng a thibeletse gone. Re ne ra ema mo kagong nngwe mo molaodi wa masole a neng a dumela go bua le rona mo kamoreng e e lefifi.
“Re ne re batla go lo thuntsha maabane bosigo,” a rialo. “Lo batla eng?”
“Re Basupi ba ga Jehofa, mme re batla go isetsa bakaulengwe ba rona dilwana tsa namolo.”
O ne a gakgamala thata—a sa dumele se a se utlwang—e re ka go ne go sena mokoloko ope wa dikoloi o o neng o ikemiseditse go tsena mo Bosnia ka dibeke di le dintsi. Fa re sena go phuruphutshiwa re ne ra fiwa lokwalo lwa go feta. Mme jaanong re ne re tlile go feta go sena yo o re disitseng le mororo bosigo jo bo fetileng re ne re akanya gore re ne re se kitla re kgona go tswelela ka mosepele wa rona, mme jaanong re ne re ka tswelela pele kwantle ga go etelelwa pele ke masole ape!
Re ne ra ralala sekgwa re feta mo lefelong le lengwe la tshekatsheko ya dikoloi go ya go le lengwe, mme ka nako nngwe re ne re tle re fete mo masole a neng a thibeletse gone. Mme go sa kgathalesege kotsi e re neng re lebane le yone, re ne ra fitlha mo Travnik re sireletsegile. Lesole lengwe le le neng le utlwile fa re ne re gorogile le ne la tabogela kwa ntlong nngwe kwa bakaulengwe ba rona ba neng ba kgobokanetse gone. O ne a tlhaeletsa a re, “Batho ba lona ba fitlhile ka dilori!” O ka akanya fela gore ba ne ba itumetse jang. Re ne ra rwalela dijo mo ntlong, ra bua mafoko a sekaenyana, mme ra tshwanelwa ke go tsamaya gape. Go ne go setse go nna lefifi mme re ne re emetswe ke mosepele o o kotsi wa dikilometara di le 32.
Fa Re Ya Zenica
Koloi e e neng e re disitse e ne ya re etelela pele ka lobelo lo logolo fa re ne re feta mo sekgweng. Bangwe ba ne ba re re ne re se kitla re fitlha mo Zenica le ka motlha, mme re ne ra fitlha. Go ne go bonala e kete lefifi le ne le aparetse toropo eo. Go ne go se na dipone kana dikoloi dipe mo tseleng. Zenica e ne e tlhasetswe go tswa mo matlhakoreng otlhe, mme seno se ne sa tlisa leuba le tlalelo e kgolo.
Fa re ne re feta ka mmila, re ne ra bona selo se se gakgamatsang—bokgaitsadi ba babedi ba Bakeresete ba neela bosupi! Re ne ra utlwa gore mo letsatsing le le fetileng ba ne ba sweditse kwa dipokanong gore bakaulengwe ba ne ba tla tshwanelwa go ya kwa nageng go ya go batla dijo e re ka ba ne ba feletswe ke dijo tsa bone. Re ne ra fitlha fela ka nako! Re ne ra pagolola dilo mo loring e nngwe ka ura ya bonè mo mosong, fa go ne go se na ope mo mebileng.
Ka letsatsi le le latelang re ne ra ya go bona mogenerale, yo o neng a gakgamaditswe thata ke go bo re ile ra kgona go fitlha mo Zenica. Re ne ra botsa jaanong ka ga go tsaya mosepele wa rona o o latelang go ya kwa Sarajevo.
“Go fetile dikgwedi di le dintsi go sena ope yo o kileng a ipaya mo kotsing ka go tsena moo,” mogenerale a rialo. Mme kgabagare o ne a re letla gore re tsamaye go ralala dithaba. O ne a re gakolola a re, “Mme ke a lo bolelela, go thata. Ga ke dumele gore dilori tsa lona di nonofile sentle go fitlha moo.”
Mogenerale yoo o ne a sa feteletsa dilo fela. Fa re ne re le dikilometara di le 40 fela go tswa kwa Sarajevo, re ne ra tshwanela gore re fapoge mo tseleng ka dikilometara di le 140 re feta mo sekgweng! Ga re kitla re tsamaya re lebala mosepele oo wa go tswa kwa Zenica re feta ka Sarajevo re ya kwa Jablanica o o ileng wa re tsaya matsatsi a le mararo le masigo a le mabedi, gantsi re tsamaya ka lobelo lwa dikilometara di le tlhano ka ura. “Tsela” e ne e le mmilanyana o o neng o sentswe ke dikara tsa tlhabano. Re ne ra feta mo mafikeng le mo dikhuting tse di maswe. Re ne ra tshwanelwa gore re tsamaye gangwe le gape re sa tshuba dipone tsa rona, mme mo makgetlhong a mabedi re ne ra batla re relela mo makgabaneng a a ka bakang kotsi. Lori nngwe ya masole e e neng e setse mokoloko wa rona morago e ne ya tshuba dipone tsa yone ka nako e khutshwane fela mme ka bofefo fela e ne ya thuntshiwa. Ka dinako tse dingwe re ne ra tshwanelwa ke gore re baakanye marogo le dithaere tse di senyegileng.
Fa re fitlha mo melelwaneng ya Sarajevo re ne ra kopa go bua le mogenerale yo o laolang. Fa re ntse re letile, re ne ra bona lori nngwe mo mmileng e tshotse ditopo tsa batho di le lesome le kgetsi e e neng e tletse ditlhogo tsa batho; masole a ne a ntse a buisana ka ga go busiwa ga ditopo tseo—tiragalo e e sa kgatlheng gotlhelele, e e neng e dira gore re eletse nako ya fa ntwa e tla bong e sa tlhole e le gone.—Isaia 2:4.
Ka 10:00 a.m., mongwe wa rona o ne a letliwa go ya go buisana le mogenerale le balaodi ba gagwe ba bagolo mo kamoreng e e lefifi, e bonesitswe fela ka kerese.
“Ke lona bomang?” mogenerale o ne a botsa.
“Re Basupi ba ga Jehofa. Re batla go isetsa Basupikarona kwa Sarajevo dijo.”
“A lo itse gore go na le Basupi ba ga Jehofa ba le bantsi mo Sarajevo?”
“Ee, ke ka moo re leng fano.”
Mogenerale o ne a umaka leina la Mosupi mongwe. “A lo a mo itse?”
“Ee, ke tsala ya rona.”
“Le nna ke tsala ya me,” mogenerale a rialo. “Re tsene sekolo mmogo. Ke mo rata le eleng go feta fa e sale a nnile Mosupi. O diretse batho ke lona dilo di le dintsi tota. Tsweetswee re boleleleng mo go oketsegileng ka ga Basupi ba ga Jehofa.”
Re ne ra simolola motlotlo o o ileng wa tsaya ura e le nngwe, moo morago re ileng ra aba dimakasine le diboroutšhara di le dintsi. Fa re kopana lekgetlho la bobedi, mogenerale o ne a dumela go dira dithulaganyo tse di kgethegileng gore dilwana tsa namolo di tle di isediwe bakaulengwe ba kwa Sarajevo.
E ne e se tiro e potlana. Batho ba ba ka fetang 30, go akaretsa le bangwe ba e neng e se Basupi ba ne ba folosa diphuthelwana tse di neng di le bokete jwa dikilogerama di le 27 ka bongwe. Ba ne ba bereka bokete go tswa ka 8:00 p.m. go fitlha ka 5:00 a.m. mo masigong a le mabedi—palogotlhe ya diura di le 18. Mogolwane mongwe o ne a bolela ka moo baagisani ba gagwe ba neng ba itumeletse dilwana tsa namolo ka teng moo ba ileng ba khubama le bakaulengwe mme ba leboga Jehofa! Ee, le bone ba ile ba fiwa dijonyana.
Akanya fela ka boitumelo jwa bakaulengwe ba rona fa ba ne ba amogela dikilogerama di le 11 000 tsa dilwana tsa namolo! Boemo e ne e le jo bo tlhobaetsang. Mo ba nnang gone, kilogerama e le nngwe ya boupe e ne e ja fa gare ga DM450 le DM1 000 (R1 090 le R2 400). Kgetsi e le nngwe ya dikgong e ne e ja mo e ka nnang DM400 (R945), mme litara ya disele e ne e le DM30 (R70).
E ne e kete jaanong re ne re duelelwa boemo bongwe le bongwe jo bo kotsi jo re neng re lebagane le jone mo tseleng ya rona. Re ne ra itumelela go iponela boitumelo jo bakaulengwe ba rona ba nnileng le jone fa ba ne ba amogela dilwana tsa namolo. E ne e le boitemogelo jo rona—le bone—re se kitlang re tsamaya re bo lebala. Mme jaanong re ne re tshwanetse go simolola go akanya ka ga kgwetlho ya go boela gae.
Fa re Boela Gae
Re ne ra botsa mogenerale re re, “Re tla boela morago jang?”
“Ka yone tsela e lo tlileng ka yone,” a araba jalo.
Re ne re lapile, re se na peterole e e lekaneng, gape re se na dithaere tse di setseng. Pula e ne ya simolola go na, mme re ne re sa kgone go tsamaya mo seretseng. Re ne ra botsa mogenerale gore a re ne re ka tsamaela ntlheng ya borwa.
“Go na le dintwa tse di maswe koo,” a rialo. “Le e leng peba tota e ka se kgone go feta koo.” Lefa go ntse jalo, o ne a dumela morago ga nakonyana. O ne a re, “Lo ka nna lwa leka, ka gonne lo ile lwa kgona go fitlha fano.”
Re ne ra tshwanela gore re tlogele lori e nngwe kwa morago mme re tshele peterole ya yone mo go tse tharo tse dingwe. Re ne ra tloga bosigogare re ralala sekgwa gape.
Mosepele wa rona wa go boela morago e ne e se o o se nang mathata. Re ile ra kopana le lori ya masole e e neng e ole ka letlhakore la yone e thibile bontlhanngwe jwa borogo jo re neng re tshwanetse go bo kgabaganya. Re ile ra lemoga gore fa re ka somola leotwana le le lengwe fela la yone, re ne re tla kgona go feta.
Re ne ra kopa lesole lengwe le le neng le tshwere tlhobolo. “A re ka somola leotwana leno mme re le busetse gape fa re se na go kgabaganya borogo?”
Lesole leo le ne la araba le re supile ka tlhobolo ya lone le re, “Fa lo ka ama leotwana leo, tlhobolo ya me e tla nna le tiro ya go e dira.”
Re ne ra akanya gore go tla nna botoka fa re ka dira kofi mme re fe lesole leo kopi ya kofi. Re ne ra nna diura di le mmalwa re ntse re mo tlotlela ka ga dikopano tse dikgolo tsa ditšhabatšhaba tsa 1991, jaaka e e neng e tshwaretswe kwa Zagreb. Morago ga moo o ne a simolola go fetoga maikutlo mme a re letla gore re somole leotwana.
Fa re fitlha mo Jablanica, mongwe wa rona o ne a buisana le molaodi ka ga tsela e re neng re batla go e tsaya. O ne a sa kgone go dumela se a neng a se utlwa. “Lo batla go feta mo Mokgatšheng wa Neretva?”
O ne a tshogile tota. Tsela e e dithaba ya Mokgatšha wa Neretva e ne e thibeletswe ke ditlhopha tse di farologaneng tsa masole. Ba ne ba nna ba ntse ba thuntshana. Tsela e ne e le maswe mo e ka nnang dikilometara di le 16. “Ke ka moo go ntseng ka teng,” mogenerale a rialo, “mme lona lo batla go feta gone?”
Morago ga go akanyetsa kgang eno, mogenerale o ne a re re ka nna ra tsamaya, fa fela re etelelwa pele ke badiredi bangwe ba masole. Lefa go ntse jalo, badiredi bano ba ne ba okaoka go tsamaya le rona! Kgabagare, re ne ra ba kopa gore ba itsise fela letlhakore le lengwe gore re ne re tla feta. Re ne re tla feta re sa etelelwa pele ke ope mo mosong.
Re ne ra kwala ditlhaka tse dikgolo mo diloring tsa rona tse di neng di bontsha gore re ne re pegile dilwana tsa namolo mo go tsone. Fa re se na go rapela, re ne ra kgweetsa dilori tsa rona re feta mo mokgatšheng. Re ne re dumalane gore fa ba ne ba ka re thuntsha, re ne re se kitla re oketsa lebelo la rona gore re se ka ra tsosa pelaelo epe.
Re ne ra kgabaganyetsa borogo kwa ntlheng e nngwe ya noka mme ra tswelela ra fetela mo mokgatšheng o mongwe re tsamaya re feta ditoto tsa diphologolo le dikgoropa tsa dilori le ditanka tse di sentsweng. Ka yone nako eo re ne ra bona dibomo tse di epelwang fa fatshe di epetswe mo mmileng mme, di re kgoreletsa gore re fete. Re ne ra letsa lonaka lwa lori ya rona go fitlhela masole a mabedi a tswa mo a neng a iphitlhile teng kafa morago ga lentswe. “Lo bomang? Lo batla eng?” ba botsa jalo.
Fa re ne re se na go ikitsise, re ne ra ba kopa gore a ba ne ba ka tlosa dibomo tseo mo tseleng, mme ba ne ba dumela. Mme labofelo re ne ra fitlha mo ntlheng e nngwe.
Masole a teng a ne a gakgamala thata fa a re bona. Ba ne ba tswa ka bonya ka bonya mo ba neng ba itshubile teng, ba atamela le lori ba re supile ka ditlhobolo tsa bone. Re ne ra ba bontsha makwalotetla le dipoleite tsa nomoro ya laesense tsa rona tse re ileng ra di tlosa ka ntlha ya mabaka a go itshireletsa fa re ntse re feta mo lefelong la ntwa.
Mongwe wa masole o ne a re, “Lo ne lo sa lebelelwa ke ope. Lo ile lwa feta jang?”
Lefa re ile ra kopa gore go itsisiwe letlhakore le lengwe, ga go na ope mo mathibelelong ano yo o ileng a bolelelwa gore re ne re tla fitlha! Molaodi o ne a tswelela ka gore: “Re ne re setse re tlhatlhetse ditlhobolo tsa rona, mme e bile re setse re ipaakanyetsa go lo thuntsha.”
Re ne ra ba botsa gore ke ka ntlha yang fa ba ne ba sa dira jalo.
“Ga ke itse,” lesole la araba. “Ke dumela gore ke lesego la lona. Fa re ne re lo lebeletse mo digalaseng tsa rona tse di bonelang kgakala, re ne ra bona letshwao la ‘thuso ya namolo,’ mme re ne re sa itse gore re dire eng ka lona. Mme lo fitlhile.” Re ne ra rapela Jehofa go tswa mo pelong, re mo lebogela tshireletso ya gagwe.
Bakaulengwe ba rona ba kwa Bosnia ba na le moya o o kgothatsang lefa maemo a bone e le a a maswe thata. Ba abelana dilo tse di bonalang tse ba nang natso, mmogo le mantswe a tumelo le kgothatso. Go na le Basupi ba ba tlhagafetseng ba le 40 kwa Zenica, go akaretsa le babulatsela ba le 2 ba ba kgethegileng, babulatsela ba ba 11 ba ba thusang le batho ba ba 14 ba ba sa tswang go kolobediwa. Basupi ba ba 65 mmogo le babulatsela ba le 4 ba ba thusang ba ba santseng ba setse mo toropokgolong ya Sarajevo ba tshwara dithuto tsa Baebele di le 134. Basupi ba dirisa palogare ya diura di le 20 kgwedi nngwe le nngwe ba buisana le ba bangwe ka ga mafoko a a molemo a Bogosi jwa Modimo.
Ruri, Basupi ba ga Jehofa ke lelapa la lefatshe lotlhe la ba ntlo ya tumelo. Ba ikemiseditse go tsenya matshelo a bone mo kotsing go direla ba ntlo ya bone ya tumelo molemo—le e leng ba ba iseng ba ke ba kopane le bone. Ka ntlha yang? Ka gonne ba ba rata. Jesu Keresete o ne a re: “Batho botlhe ba tlaa itse fa lo le barutwa ba me ka mo, fa lo ratana.” (Johane 13:35) Ruri seno se nnile boammaaruri ka ba ntlo ya rona mo Bosnia.
[Mmapa/Ditshwantsho mo go tsebe 24]
(For fully formatted text, see publication)
Lewatle la Adriatic
AUSTRIA
SLOVENIA
HUNGARY
CROATIA
BOSNIA
Travnik
Zenica
Sarajevo
SERBIA
[Ditshwantsho]
Re isa thuso kwa Bosnia le kwa Herzegovina
[Setshwantsho mo go tsebe 26]
Re feta ka iketlo fa loring e e menogileng