LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w94 10/15 ts. 31
  • Dipotso Tse Di Tswang go Babadi

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Dipotso Tse Di Tswang go Babadi
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1994
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1994
w94 10/15 ts. 31

Dipotso Tse Di Tswang go Babadi

Fa Efa a ne a ja loungo lwa setlhare sa kitso ya molemo le bosula, mme e be e re go tswa foo Atame le ene a lo ja, a se ba neng ba se ja e ne e le apole?

Ga re itse. Batho ba le bantsi ba akanya gore ‘loungo lo lo ileditsweng’ e ne e le apole, mme mo makgolokgolong a dingwaga gantsi bataki ba ne ba lo tshwantsha e le apole. Mme lefa go ntse jalo Baebele ga e bolele setlhare seo kana loungo lwa sone ka leina. Efa o ne a bolela fela gore ke “loungo lwa setlhare se se fa gare ga tshimo.”—Genesise 3:3.

Se se kgatlhang mo kgannyeng eno ke setlhogo se se reng “Apple” se se bonalang mo go Insight on the Scriptures:

“Go fopholediwa dilo di le dintsi mabapi le gore setlhare le loungo lwa sone tse di kaiwang ke lefoko la Sehebera le le reng tap·puʹach ke sefe. Lefoko leno ka bolone le supa gore ke sengwe se motho a ka kgonang go se lemoga ka lonko lwa sone. Le tswa mo moding na·phachʹ, o o rayang ‘go fegelwa; go hemahema; go hema ka thata.’ (Ge 2:7; Jobe 31:39; Jer 15:9) M. C. Fisher o ne a kwala jaana malebana le seno: ‘La ntlha bokao jwa lone bo ka lebega bo amana thata [le jwa na·phachʹ], mme dikgopolo tsa go “hema” le “go ntsha lonko” di tshwana ka tsela nngwe. Lefoko le le tshwanang le leno e leng puah le raya “go foka” (ga phefo) mmogo le “go ntsha lonko lo lo monate, go nkga monate.”’—Theological Wordbook of the Old Testament, e e kwadilweng ke R. L. Harris, 1980, Bol. 2, ts. 586.

“Go ile ga akantshiwa ka maungo a le mantsi mo boemong jwa apole, go akaretsa namune, citron, quince, le aperikote. . . . Lefa go ntse jalo, lefoko le le tshwanang la Searabia le le reng tuffah thatathata le raya ‘apole,’ mme se se tlhomologileng thata ke gore maina a Sehebera a mafelo a a jaaka Tappuah le Beth-tappuah (gongwe a teilwe jalo ka gonne loungo lono lo ne lo le lontsi thata mo tikologong ya one) a ile a tlogelwa jaaka a ntse ka maina a one a Searabia ka ntlha ya go dirisiwa ga lefoko leno. (Još 12:17; 15:34, 53; 16:8; 17:8) Mafelo ano a ne a se kwa nagatlaseng mme a ne a le kwa thoteng ya naga, koo tlilaemate e tlwaetseng go nna e e lekalekaneng. Mo godimo ga moo, go ka se tlogelwe felafela gore gongwe go ka tswa go ne go na le tlilaemate e e farologaneng mo nakong e e fetileng. Gompieno ditlhare tsa diapole di a mela kwa Iseraele mme ka gone go bonala di tshwanela tlhaloso ya Baebele sentle. William Thomson, yo o neng a nna dingwaga di le dintsi kwa Siria le Palesetina mo lekgolong la dingwaga le le fetileng, tota o ne a bega gore o fitlhetse tshimo ya ditlhare tsa apole mo karolong ya Ashkelon kwa Mabaleng a Filisitia.—The Land and the Book, e e boeleditsweng ke J. Grande, 1910, dits. 545, 546.

“Setlhare sa apole (Pyrus malus) se umakilwe thata mo bukeng ya Sefela sa Difela, e mo go yone ditsela tse Moshulama a neng a bontsha moratiwa wa gagwe wa modisa lorato ka tsone di tshwantshiwang le moriti o o monate wa setlhare sa apole le monate wa loungo lwa sone. (Sef 2:3, 5) Morago ga moo, o tshwantsha go hema ga gagwe le lonko lwa diapole. (Sef 7:8; bona gape 8:5.) Mo go Diane (25:11) puo e e tshwanelang, e e monate e tshwantshiwa le ‘diapole tsa gouta di le mo dirotong tsa selefera.’ Lokwalo lo longwe lo le esi lo lo bolelang ka apole ke la ga Joele 1:12. Ngwao e e tlwaelegileng ya gore apole ke loungo lo lo ileditsweng kwa Etena ga e a theiwa mo Dikwalong lefa e le ka gope. Ka mo go tshwanang, polelwana e e reng ‘apole ya leitlho’ e fitlhelwa go King James Version (Pes 17:8; Dia 7:2; le mo dikwalong tse dingwe) mme ga se polelwana ya Sehebera, thanolo ya mmatota ke e e reng ‘thaka ya leitlho [la motho].’”—Insight on the Scriptures, Bolumo 1, ditsebe 131-2, e e gatisitsweng ka 1988 ke Watchtower Bible and Tract Society of New York, Inc.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela