LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w94 10/15 ts. 32
  • ‘Lo Se Hutsafaleng Jaaka Ba Bangwe’

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • ‘Lo Se Hutsafaleng Jaaka Ba Bangwe’
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1994
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1994
w94 10/15 ts. 32

‘Lo Se Hutsafaleng Jaaka Ba Bangwe’

AO KILE wa lemoga tsela e sethunya se obegang ka yone morago ga gore se nelwe ke pula ya matlakadibe? Se lebega se hutsafatsa ka tsela nngwe. Legale, go bonala pula e ntsi eo e dirile gore diphologolo di le dintsi le batho—e leng dibopiwa tse di thata go gaisa sethunya sepe fela—di tabogake di batla mo di ka tshabelang teng. Lefa go ntse jalo, sethunya sone sa ema foo, se itsetsepetse ka medi ya sone, se itshokela maemo a bosa a a sa jeseng monate. Jaanong, ke fano se santse se tshela, se obegile mme ga se a robega, se bontsha gore se maatla ga se bokoa jaaka se lebega. O ka nna wa ipotsa gore a se tla nonofa gape mme sa tsholeletsa tlhogo ya sone kwa loaping gape, fa o ntse o bogetse bontle jwa sone.

Go ntse fela jalo le ka batho. Re lebana le matsubutsubu a mefuta yotlhe mo metlheng eno e e tletseng matshwenyego. Mathata a ikonomi, go tshwenyega thata mo maikutlong, go bobola, go swelwa ke motho yo o mo ratang—diphefo tse di ntseng jalo di re tsubutla rotlhe nako nngwe le nngwe fela, mme ka dinako tse dingwe ga re kgone go di tila fela jaaka sethunya se ka se kgone go ikhumola mme sa batla mo se ka itshireletsang teng. Go a kgothatsa tota go bona batho ba ba lebegang ba le bokoa thata ba bontsha nonofo e e gakgamatsang le go itshokela ditlhaselo tse di ntseng jalo. Seo ba se dira jang? Gantsi tumelo ke yone selo sa konokono. Morwarraagwe Jesu Keresete kafa go mmaagwe e bong Jakobe o ne a kwala jaana: “Lo a itse gore fa lo atlega mo tumelong gore lo lebane le diteko tse di ntseng jalo, go tla felela ka gore lo kgone go itshoka.”—Jakobe 1:3, Today’s English Version.

Selo se sengwe sa konokono ke tsholofelo. Ka sekai, fa o swelwa ke motho yo o mo ratang, tsholofelo e ka dira pharologanyo e kgolo mo go ba ba falolang. Moaposetoloi Paulo o ne a kwalela Bakeresete ba Thesalonika jaana: “Ga re rate lwa tlhoka go itse, . . . ka ga ba ba robalang; gore lo se hutsafale, jaaka ba bangwe ba ba se nang tsholofelo.” (1 Bathesalonika 4:13) Lefa go le boammaaruri gore Bakeresete ba a hutsafala fa go na le loso, go na le pharologanyo. Ba na le kitso e e tlhomameng mabapi le boemo jwa baswi le ka tsholofelo ya tsogo.—Johane 5:28, 29; Ditiro 24:15.

Go itse seno go ba naya tsholofelo. Mme kwa morago tsholofelo eo e okobatsa bohutsana jwa bone. E ba thusa go itshoka, le go dira se se fetang seo. Fa nako e ntse e ya, fela jaaka sethunya morago ga pula ya matlakadibe, ba ka gomotsega mme ba itumela le go fitlhelela dilo dingwe mo botshelong gape.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela