LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w94 10/15 ts. 4-7
  • Boemo jwa Baswi Ke Bofe?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Boemo jwa Baswi Ke Bofe?
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1994
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Batho Ba Ne Ba Sa Direlwa go Swa
  • Tsholofetso Efe?
  • Melaetsa E E Tswang kwa Lefelong la Meya
  • Jehofa, Modimo wa Boammaaruri le Lorato
  • Go Diragalang Ka Batho Ba Ba Suleng Ba Re Neng Re Ba Rata?
    Kitso e e Isang botshelong Jo bo Sa Khutleng
  • A o Tshwanetse go Boifa Baswi?
    Tsogang!—2009
  • Botshelo Morago ga Loso—Jang, Kae, Leng?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1996
  • A o Na le Moya O o Sa Sweng?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2001
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1994
w94 10/15 ts. 4-7

Boemo jwa Baswi Ke Bofe?

GO BOIFA baswi go bakwa ke kakanyo e le nngwe fela—gore moswi o na le moya o o tswelelang pele o tshela morago ga loso. Fa e le gore Baebele e ruta ka phepafalo gore kgopolo eno e phoso, go raya gore potso ya gore a baswi ba ka go gobatsa e arabetswe. Ka jalo, gone Baebele ya reng?

Lefoko la Modimo le bolela jaana kaga boemo jwa baswi: “Batshedi ba a itse fa ba tlaa swa; mme baswi ga ba itse sepe, le gone ga ba tlhole ba na le tuelo; gonne kgakologelo ya bone e lebetswe. Go le lorato lwa bone, le kilo, le bopelotshetlha, jaanong go nyeletse gotlhe fela; le gone ga ba tlhole ba na le kabelo epe ka bosakhutleng mo go sengwe se se dirwang tlase ga letsatsi.”—Moreri 9:5, 6.

Fa go akanyediwa seo, a baswi ba ka go thusa kana ba go gobatsa? Dikwalo tsa re, nnyaa. Baswi ga ba utlwe sepe le gone ba mo tidimalong. Ga ba kgone go bua le batshedi kana go bontsha boikutlo bope—lorato kana kilo—kana go dira tiro epe fela. Ga o a tshwanela go ba boifa.

‘Ee gone, seo se ka tswa se le boammaaruri fa o bua ka go swa ga mmele wa nama,’ bangwe ba ka nna ba rialo. ‘Mme kana fa mmele wa nama o swa botshelo ga bo a fela; loso lwa mmele lo dira fela gore moya o tswe mo mmeleng. Moya oo o ka thusa kana wa gobatsa batshedi.’ Batho ba le dimilione mo lefatsheng lotlhe ba akanya jalo.

Ka sekai, kwa Madagascar go dumelwa gore botshelo ke tsela fela ya go tswa mo boemong bongwe go ya kwa go jo bongwe, ka jalo go tsewa gore phitlho le go epololwa ga setopo di botlhokwa thata go feta lenyalo. Go dumelwa gore motho o dule kwa bagologolwaneng ba gagwe mme ka nako ya loso o boela kwa go bone. Ka jalo, matlo a batho ba ba tshelang a dirwa ka legong le ka mmu o o seretse, e le dilo tse di onalang fa nako e ntse e ya, mme diphupu tsone, “magae” a baswi, gantsi di dirwa bontle thata e bile e le ka didirisiwa tse di sa onaleng motlhofo. Fa setopo se epololwa, ba lelapa le ditsala ba akanya gore ba tla segofadiwa, basadi le bone ba dumela gore fa ba ka tshwara marapo a mongwe wa losika yo o suleng, ba tla kgona go tshola bana. Mme lefa go ntse jalo, fano le gone, Lefoko la Modimo la reng?

Batho Ba Ne Ba Sa Direlwa go Swa

Go a kgatlha go lemoga gore Jehofa Modimo o bopetse motho gore a tshele, mme o ne a bua ka loso fela fa a bua ka diphelelo tsa go sa utlwe. (Genesise 2:17) Ka maswabi, monna le mosadi ba ntlha ba ne ba leofa, mme ka ntlha ya seo, boleo jwa fetela mo bathong botlhe jaaka boswa jo bo bolayang. (Baroma 5:12) Ka jalo go ka twe fa e sale batho ba ntlha ba babedi ba tlhoka kutlo, loso lo ntse lo le selo se se re diragalelang mo botshelong, ee, selo se se botlhoko mo botshelong. Re bopetswe go tshela, mme seo ka tsela nngwe se tlhalosa lebaka la go bo batho ba le dimilionemilione ba sa kgone go dumela gore loso ke lone bokhutlo.

Go ya ka pego ya Baebele, Satane o ne a leka go tsietsa batho ba ntlha ba babedi malebana le loso ka go ganetsa tlhagiso ya Modimo ya gore fa ba ne ba ka tlhoka kutlo ba ne ba tla swa. (Genesise 3:4) Lefa go ntse jalo, fa nako e ntse e feta, go ne ga bonala sentle gore batho ba a swa fela jaaka Modimo a ne a rile ba tla swa. Ka jalo, mo makgolong a a ntseng a feta a dingwaga, Satane o ne a bua maaka a mangwe gape—gore karolo nngwe ya motho ya semoya ga e swe fa mmele o swa. Go tsietsa jalo go tshwanela Satane Diabolo, yo Jesu a neng a mo tlhalosa e le “rra one maaka.” (Johane 8:44) Ka go farologana le ene, Modimo o ne a dira tsholofetso e e kgothatsang fa go tlhaga loso.

Tsholofetso Efe?

Ke tsholofetso ya gore batho ba le bantsi ba tla tsosiwa. Lefoko la Segerika le le ranotsweng go twe “tsogo” ke a·naʹsta·sis. Fa le tsewa fela jaaka le ntse le kaya “go ema gape,” mme le raya go tsoga mo losong. Ee, motho o robala mo losong, mme lefa go ntse jalo Modimo a ka tsosa motho gape ka maatla a gagwe. Motho o latlhegelwa ke botshelo, mme lefa go ntse jalo Modimo a ka mo neela botshelo gape. Morwa Modimo, Jesu Keresete, o ne a bolela gore “lobaka lo etla, lo botlhe ba ba mo diphupung ba tlaa utlwang lentswe la gagwe ka lone. Mme ba tlaa tswa.” (Johane 5:28, 29) Moaposetoloi Paulo o ne a tlhalosa gore o na le “tsholofelo mo Modimong . . . ya gore go tlaa nna tsogo ya basiami le ya basiamolodi.” (Ditiro 24:15) Jobe, motlhanka yo o ikanyegang wa Modimo wa mo metlheng ya pele ga Bokeresete, le ene o ne a bolela gore o na le tsholofelo mo tsogong: “Fa monna a swa, a o tlaa ba a tshela? Ke ne ke tlaa lebelela ka malatsi otlhe a ntwa eo ya me, kgololo ya me e be e tsamaye e tle. O ne o ka bitsa [Modimo], ke ne ke tlaa go araba.”—Jobe 14:14, 15.

A tsholofetso eo e e utlwalang sentle ya tsogo ga e bontshe gore kgopolo ya gore baswi ba a tshela ka mmele wa semoya ke ya maaka? Fa e ne e le gore baswi ba a tshela e bile ba itumelela go nna kwa legodimong kana kwa lefelong lengwe la meya, tsogo e ne e tla bo e thusa ka eng? A re ne re ka se re ba setse ba amogetse tuelo ya bone gone jaanong, kana gore ba setse ba fitlhile kwa ba yang teng? Go ithuta Lefoko la Modimo go senola gore tota baswi ba sule, ga ba itse sepe, ba robetse go fitlha ba tsosiwa ka tsogo ya baswi ba tsogela mo lefatsheng le lesha—la parataise—le le solofeditsweng ke Rraarona yo o lorato, Jehofa. Mme lefa go ntse jalo fa e le gore fa motho a swa mmele ga o kgaogane le moya le gone e le gore moya ga o tswelele pele o tshela, go tweng ka mabaka a mo go one go a tleng go lebege e kete go na le melaetsa e e tswang kwa lefelong la meya?

Melaetsa E E Tswang kwa Lefelong la Meya

Batho ba le bantsi thata ba ile ba bega gore ba ile ba amogela melaetsa e go tweng e tswa kwa lefelong la meya. Tota e tswa kae? Baebele e re tlhagisa gore “Satane o itira e kete ke moengele wa lesedi. Ka jalo go motlhofo gore barongwa ba gagwe ba itire e kete ke barongwa ba se se molemo.” (2 Bakorintha 11:14, 15, The New English Bible) Ee, badimona (baengele ba ditsuolodi) ba ile ba buisana le batshedi, ka dinako tse dingwe ba itira e kete ba a ba thusa, e le gore ba tle ba ba tsietse le go ba latlha motlhofo.

Moaposetoloi Paulo o tswelela pele a tlhagisa batho ka letsholo leno la go tsietsa batho: “Bangwe, ba tlaa tenega mo tumelong, ba tlhokomela mewa e e timetseng, le dithuto tsa badimo.” (1 Timotheo 4:1) Ka jalo tiro nngwe le nngwe e go ka tweng e dirwa ke baswi e tshwanetse tota ya bo e tswa mo badimoneng ba ba itirang e kete ke “barongwa ba se se molemo” mme ba rotloetsa maaka a bodumedi, ba fetola batho batlhanka ba ditumelobotlhoding tse di dirang gore ba katoge boammaaruri jwa Lefoko la Modimo.

Pesalema 146:3, 4 e bolela jaana go tlhomamisa gore baswi ba ka se bue sepe, ba dira sepe, kana ba utlwa sepe: “Lo se ka lwa ikanya dikgosana le fa e le ngwana wa motho yo go se nang thuso epe mo go ene. Mowa wa gagwe o a tswa, mme a boele mo mmung wa gagwe; ka letsatsi leo fela maikaelelo a gagwe a nyelele.” Moya o go tweng “o a tswa” ke ofe? Ke maatla a go tshela a motho a dirang gore a tswelele a le teng ka go hema. Ka jalo, fa motho yo o suleng a ne a kgaotsa go hema, maikutlo a gagwe a ne a kgaotsa go dira. O tsena mo boemong jwa go sa itse sepe gotlhelele. Ka jalo a ka se kgone go laola batho ba ba tshelang.

Ke sone se Baebele e tshwantshang loso lwa motho le lwa phologolo, e bolela gore ka bobedi jwa tsone di simolola go sa itse sepe fa di swa di bo di boela mo loroleng lo di tserweng mo go lone. Moreri 3:19, 20 ya re: “Se se dirafalelang bana ba batho se dirafalela diphologolo; ke go re, selo se le sengwe fela se a di dirafalela; jaaka sengwe se swa, se sengwe le sone se a swa; ee, di mowa mongwe fela tsotlhe; mme motho ga a na tlotlomalo epe go feta diphologolo; gonne gotlhe ke boithamako fela. Tsotlhe fela di ya felong go le gongwe fela; tsotlhe di tswa mo mmung, mme tsotlhe di fetoge mmu gape.”

E re ka Jehofa Modimo a ne a itse gore badimona ba leka go tsietsa batho gore ba dumele gore ba ka buisana le baswi le gore baswi ba ka ba ama, o ne a tlhagisa batho ba gagwe, Baiseraele ba bogologolo jaana: “Go se ka ga fitlhelwa mo go wena . . . mongwe wa moitseanape, le fa e le mongwe yo o swabang ka eng le eng, le fa e le morai, kgotsa yo o loang, le fa e le mophekodi, kgotsa yo o buang le badimo, kgotsa ngaka ya bola, kgotsa yo o botsang baswi. Gonne le fa e le mang yo o dirang dilo tse, o makgapha mo go Jehofa.”—Duteronome 18:10-12.

Go phepafetse gore mogopolo wa gore baswi ba ka re gobatsa ga o tswe kwa Modimong. Ke Modimo wa boammaaruri. (Pesalema 31:5; Johane 17:17) Mme go na le isagwe e e molemolemo e a e beetseng batho ba ba ratang boammaaruri ba ba mo obamelang “ka mowa le ka boammaaruri.”—Johane 4:23, 24.

Jehofa, Modimo wa Boammaaruri le Lorato

Rraarona yo o lorato wa selegodimo, ‘yo o sa ka keng a aka,’ o solofeditse jaana: Batho ba le dimilionemilione ba ba suleng ba bo ba tsenngwa mo mabitleng ba tla tsosiwa ba na le tsholofelo ya go tshelela ruri mo lefatsheng le lesha la tshiamo! (Tito 1:1, 2; Johane 5:28) Tsholofetso eno e e lorato ya go tsosa baswi e bontsha gore Jehofa o kgatlhegela thata gore batho ba gagwe ba a ba bopileng ba tshele sentle e bile o eletsa thata gore a fedise loso, bohutsana, le botlhoko. Ka jalo ga go tlhokege go boifa baswi kana go tshwenyega thata kaga bone le kaga isagwe ya bone go sa tlhokege. (Isaia 25:8, 9; Tshenolo 21:3, 4) Modimo wa rona yo o lorato e bile a le tshiamo Jehofa, o ka kgona go ba tsosa e bile o tla ba tsosa, a fedisa botlhoko jwa loso.

Lefoko la Modimo e leng Baebele, le tletse ka ditlhaloso tsa gore maemo a tla bo a ntse jang mo lefatsheng le lesha leo le le solofeditsweng la tshiamo. (Pesalema 37:29; 2 Petere 3:13) E tla bo e le nako ya go agisana le go itumela le go ratana ga batho botlhe. (Pesalema 72:7; Isaia 9:7; 11:6-9; Mika 4:3, 4) Batho botlhe ba tla nna le magae a a sireletsegileng, a mantle, mmogo le tiro e ba tla e itumelelang. (Isaia 65:21-23) Go tla bo go na le dilo di le dintsi tse di molemo tse di ka jewang ke botlhe. (Pesalema 67:6; 72:16) Batho botlhe ba tla nna le botsogo jo bontle. (Isaia 33:24; 35:5, 6) Le fa baaposetoloi le ba palo e nngwe e e lekanyeditsweng ba tla busa le Jesu kwa legodimong, Baebele ga e umake sepe ka maemo a a monate kwa legodimong a a tla bonwang ke meya ya ba bangwe morago ga loso. (Tshenolo 5:9, 10; 20:6) Seno se ne se tla bo se sa utlwale fa e ne e le gore dimilionemilione tsa batho ba ba suleng di tswelela pele di tshela morago ga loso.

Mme lefa go ntse jalo se a utlwala fa re itse thuto eno e e phepafetseng ya Baebele: Baswi ga ba tlhole ba le meya e e tshelang. Ga ba kake ba go gobatsa. Batho ba ba mo mabitleng a kgakologelo ba ikhuditse fela, ga ba itse sepe go fitlha ba tsosiwa ke Modimo ka nako e e tshwanetseng. (Moreri 9:10; Johane 11:11-14, 38-44) Ka gone, ditsholofelo tsa rona le dikeletso tsa rona di ikaegile ka Modimo. “Re tlaa itumela re ipela mo polokeng ya gagwe.”—Isaia 25:9.

[Setshwantsho mo go tsebe 7]

Jaaka fa Lefoko la Modimo le bontsha ka phepafalo, baswi ga ba kgone go dira sepe gotlhelele go fitlha ba tsosiwa

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela