LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w94 9/1 ts. 3-5
  • Thutotlhagelelo E A Sekasekiwa

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Thutotlhagelelo E A Sekasekiwa
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1994
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Bosupi Jo Bo Sa Dumalaneng
  • A Thutotlhagelelo Ke Kgopolo E E Botlhale E O Ka E Tlhophang?
  • Ke Kgang ya Gore O Dumela Eng
  • Thuto-tlhagelelo
    Go Fetolana ka Dikwalo
  • A Thuto ya go Iphetogela ga Ditshedi go Nna Tse Dingwe e Dumalana le Baebele?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2008
  • A Modimo O ne Wa Bopa Ditshedi ka go Dirisa Mokgwa wa go Iphetogela ga Dilo go Nna tse Dingwe?
    Tsogang!—2006
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1994
w94 9/1 ts. 3-5

Thutotlhagelelo E A Sekasekiwa

Baithuti ba thutotlhagelelo ba ba ititeileng sehuba jaanong ba setse ba batla go sekaseka gape ka botlalo gore ba bone kwa ditshedi di tlholegileng teng

A RE re gongwe o moatlhodi mo tshekong ya modiramolato mongwe. Mosekisiwa ga a ipone molato, mme basupi ba ya kwa pele go ya go mo supela. Lefa go ntse jalo, fa o ntse o reeditse bosupi jwa bone, o lemoga gore mongwe le mongwe wa bone o neela bosupi jo bo sa dumalaneng le jwa ba bangwe. Fa basupi bano ba ba buelelang mosekisiwa ba kopiwa go ya gape kwa lebokosong le go neelwang bosupi gone, jaanong dipolelo tsa bone di a fetoga. Wena jaaka moatlhodi a o ne o ka re bosupi jwa bone bo botlhokwa? A o ne o ka akanya gore mosekisiwa ga a na molato? Tota nnyaa, ka gonne lebaka la go bo babueledi ba mosekisiwa ba sa dumalane le dira gore a belaelwe.

Go ntse fela jalo le ka kgopolo ya thutotlhagelelo. Basupi ba le bantsi ba ile ba itlhagisa go tla go bolela dipolelo tse di farologaneng mabapi le gore go tlile jang gore botshelo bo nne gone, ba buelela kgopolo ya thutotlhagelelo. A mme bosupi jwa bone bo tla itshupa bo le boammaaruri kwa kgotlatshekelong? A ba ba tshegetsang kgopolo eno ba a dumalana?

Bosupi Jo Bo Sa Dumalaneng

Go tlile jang gore botshelo bo nne gone? Gongwe ga go na kgang e nngwe e e ileng ya dira gore go akanyediwe kwa teng le go tsosa dikganetsano tse dintsi jaana. Lefa go ntse jalo, ga go ganetsanwe fela ka thutotlhagelelo le popo; baithuti ba thutotlhagelelo ke bone segolo jang ba sa dumalaneng ka bobone. Tota go ganetsanwa thata ka dintlha tsotlhe tsa thutotlhagelelo—gore e diragetse jang, e simologile kae, ke mang kana ke eng se se e simolotseng, le gore e ile ya tsaya nako e kana kang.

Go setse go fetile dingwagangwaga baithuti ba thutotlhagelelo ba ntse ba bolela gore botshelo bo simologile mo lekadibeng le le bothito la ditshedinyana tse e keteng “moro.” Ba bangwe jaanong ba dumela gore lefulo le le mo lewatleng ke lone le ka tswang le dirile gore botshelo bo nne gone. Lefelo le lengwe le ba akanyang gore botshelo bo ka tswa bo simologile mo go lone ke metswedi e e kafa tlase ga lewatle e e pomponyegang metsi a a fisang. Ba bangwe ba bolela gore ditshedinyana di tlile mo lefatsheng ka di-meteor fa di ne di wela mo lefatsheng. Ba bangwe ba bolela gore kana gongwe di-asteroid di ne tsa phatlakana mo lefatsheng di bo di fetola lefaufau, fa seo se diragala botshelo bo bo bo simologa go nna gone. “Fa o ka itaaganya asteroid e kgolo ya tshipi mo lefatsheng, eletota go tla diragala dilo tse di kgatlhang,” go bolela jalo mmatlisisi mongwe.

Selo se sengwe gape se se sekasekiwang ke tsela e botshelo bo simologileng ka yone. Makasine wa Time o akantsha jaana: “Botshelo ga bo a simologa kafa tlase ga maemo a a ritibetseng, a a iketlileng, jaaka go ne go akanngwa, mme bo simologile kafa tlase ga magodimo a a tshosang a polanete e e padimotsweng ke go thunya ga bolekheno le go tshosediwa ke dinaletsana tsa megatla le di-asteroid.” Borasaense ba bangwe jaanong ba bolela gore tiragalo yotlhe e tshwanetse ya bo e diragetse mo nakong e khutshwane go gaisa jaaka ba ne ba akanya pele, gore botshelo bo itlhagelele fa gare ga tlhakatlhakano e e ntseng jalo.

Borasaense ba na le dikgopolo tse di sa tshwaneng ka gore Modimo o nnile le seabe sefe—“fa e le gore o gone.” Ba bangwe ba bolela gore botshelo bo itlhageletse fela go sena fa Mmopi o ileng wa tsenya letsogo teng, fa ba bangwe ba akantsha gore Modimo ke ene a simolotseng tiragalo eno a bo a letlelela gore dilo di itlhagelele fela.

Fa go sena go nna le botshelo, dilo di ile tsa itlhagelela jang? Le gone fano dipolelo tsa bone ga di dumalane. Ka 1958, lekgolo la dingwaga morago ga gore go gatisiwe buka ya The Origin of Species, moithuti wa thutotlhagelelo e bong Sir Julian Huxley o ne a bolela jaana: “Dilo tse dikgolo tse Darwin a di fitlheletseng, e leng molaomotheo o o dumelwang gongwe le gongwe wa tlhopho ya tlholego, o ne wa supelwa la bofelo le ka tsepamo gore e nnile sone sedirisiwa se le sosi sa diphetogo tse dikgolo tsa go itlhagelela ga dilo.” Lefa go ntse jalo, dingwaga di le 24 morago ga foo, moithuti wa thutotlhagelelo e bong Michael Ruse o ne a kwala jaana: “Baitseanape ba thutotshelo ba ba ntseng ba oketsega ka palo . . . ba ntsha mabaka a gore kgopolo epe ya thutotlhagelelo e e theilweng mo melaometheong ya ga Darwin—segolo jang kgopolo epe e e tsayang tlhopho ya tlholego e le sone selo sa konokono se se dirang gore go nne le diphetogo tsa go itlhagelela ga dilo—ga e utlwale gotlhelele.”

Lefa makasine wa Time o bolela gore go na le “mabaka a le mantsi a a nonofileng” a a tshegetsang kgopolo ya thutotlhagelelo, lefa go le jalo o dumela gore thutotlhagelelo ke go latelana ga ditiragalo tse di raraaneng tse di nang le “diphoso tse dintsi le dikgopolo di le dintsi tse di sa dumalaneng mabapi le kafa go ka mamatlelelwang bosupi jo bo tlhaelang ka teng.” Mo boemong jwa gore bontsi jwa baithuti ba bangwe ba thutotlhagelelo ba ba ititeileng sehuba ba akantshe gore kgetsi e weditswe, jaanong ba setse ba batla go sekaseka gape ka botlalo gore ba bone kwa ditshedi di tlholegileng teng.

Ka gone, kgang eno ya thutotlhagelelo—segolo jang e e mabapi le go simologa ga botshelo go ya ka thutotlhagelelo—ga e na bosupi jo bo tlhomameng. Rasaense mongwe e bong T. H. Janabi o bolela gore bao ba buelelang thutotlhagelelo “ba ile ba tlhama le go tlogela dikgopolo di le dintsi tse di phoso mo dingwageng tse di fetileng mme jaanong borasaense ba ntse ba palelwa ke go dumalana lefa e le mo kgopolong e le nngwe fela.”

Se se kgatlhang ke gore Charles Darwin o ne a solofetse gore go ne go tla nna le go sa dumelane mo go ntseng jalo. O ne a kwala jaana mo matsenong a buka ya The Origin of Species: “Ke a itse sentle gore ga go na le fa e le ntlha e nngwe fela e e tlhalositsweng mo bukeng eno e e leng gore mabaka a yone a ka se sekasekiwe, go lebega seo gantsi se tla lere diphelelo tse di leng kgatlhanong tota le tse nna ke di fitlheletseng.”

Eleruri, bosupi jo bo ntseng jalo jo bo sa dumalaneng bo tsosa dipotso tsa gore a kgopolo eno ya thutotlhagelelo e boammaaruri.

A Thutotlhagelelo Ke Kgopolo E E Botlhale E O Ka E Tlhophang?

Buka ya Milestones of History e bolela gore fa e sa le kgopolo ya thutotlhagelelo e nna gone “e ne e ratiwa ke batho ba le bantsi ka gonne e ne e lebega thata e le kgopolo ya saense tota go gaisa kgopolo ya gore dilo di bopilwe ka tsela e e kgethegileng.”

Mo godimo ga moo, batho ba bangwe ba ka nna le tlhotlheletso e e rileng fa ba gatelela kafa ba ikutlwang ka teng. Ka sekai, rasaense mongwe e bong H. S. Shelton o bolela gore kgopolo ya gore dilo di bopilwe ka tsela e e kgethegileng ke ya “boeleele tota mo e ka se keng e sekasekiwe ka tsela e e masisi.” Moitseanape wa thutotshelo e bong Richard Dawkins o bolela jaana a sa okaoke: “Fa o kopana le motho yo o bolelang gore ga a dumele mo thutotlhagelelong, motho yoo ga a itse sepe, o sematla kana o a tsenwa.” Moporofesa René Dubos o bolela jaana ka tsela e e tshwanang: “Bontsi jwa batho ba ba rutegileng jaanong ba dumela tota gore dilo tsotlhe tse di mo lobopong lo lo rulaganeng—go simolola ka dinaledi tsa legodimo go ya kwa bathong—di itlhageletse fela e bile di santse di tswelela pele di itlhagelela.”

Go ya ka mafoko ano go lebega e kete mongwe le mongwe yo o tlhalefileng ka tsela e e rileng o ka amogela thutotlhagelelo motlhofo fela. Kana fa a dira jalo go tla a raya gore o ‘rutegile’ ga a “sematla.” Lefa go ntse jalo, go na le banna le basadi ba ba rutegileng thata ba ba sa bueleleng kgopolo ya thutotlhagelelo. Francis Hitching o kwala jaana mo bukeng ya gagwe ya The Neck of the Giraffe: “Ke fitlhetse gore borasaense ba le bantsi ba a belaela ka bobone, mme ba sekaenyana fela ba bone ba ne ba ba ba bolela gore kgopolo ya ga Darwin ya thutotlhagelelo e itshupile e se kgopolo ya saense le e seng.”

Chandra Wickramasinghe, e bong rasaense mongwe yo o tumileng thata wa Boritane o bolela se se tshwanang. O bolela jaana: “Ga go na bosupi mo dithutong dipe fela tsa motheo tsa thutotlhagelelo tsa ga Darwin. Ke sengwe se setšhaba se neng sa simolola go se tseela tlhogong ka 1860, mme ke akanya gore fa e sa le ka nako eo saense e nnile le diphelelo tse di sa jeseng monate.”

T. H. Janabi o ne a sekaseka mabaka a a neng a ntshiwa ke batho ba ba dumelang thutotlhagelelo. O bolela jaana: “Ke ne ka fitlhela gore boemo bo farologane gotlhelele le jo go tweng re bo dumele. Bosupi jwa teng bo bonnye thata e bile bo makgaoganyane gore bo ka tshegetsa kgopolo e e raraaneng jalo ya gore go tlile jang gore botshelo bo nne teng.”

Ka gone, ba ba ganang kgopolo eno ya thutotlhagelelo ga ba a tshwanela go tsewa fela gore “ga ba itse sepe, ke dimatla kana ba a tsenwa.” Tota le e leng ene moemanokeng yo mogolo wa thutotlhagelelo e bong George Gaylord Simpson o ne a tshwanela go dumela jaana malebana le dikgopolo tse di gwetlhang thutotlhagelelo: “Eleruri go tla bo go le phoso go itlhokomolosa dikgopolo tseno jaaka e kete ga di tlhoke go sekasekiwa ka tsela e e masisi kana ka go di kgala. Batho ba ba di buelelang e ne e le (e bile ke) baithuti ba ba botlhale.”

Ke Kgang ya Gore O Dumela Eng

Batho bangwe ba akanya gore go dumela mo thutotlhagelelong go ikaegile ka mabaka, fa go dumela mo popong go ikaegile ka tumelo. Ke boammaaruri gore ga go na motho ope yo o kileng a bona Modimo. (Yohane 1:18; bapisa 2 Bakorintha 5:7.) Lefa go ntse jalo, kgopolo ya thutotlhagelelo e santse e sa fenye mo kgannyeng eno, ka gonne e theilwe mo ditiragalong tse batho ba iseng ba ko ba di bone kana gone go di dira gape.

Ka sekai, borasaense ga ba ise ba ko ba lebelele diphetogo tse dikgolo—le e leng tse ba reng ke tse di mosola—tse di dirang ditshedi tsa mofuta o mosha; lefa go ntse jalo ba tlhomamisa gore seno ke sone se dirang gore ditshedi tse disha di nne gone. Ga ba ise ba ko ba bone ditshedi di itlhagelela fela ka ponyo ya leitlho; lefa go ntse jalo ba gatelela gore ke tsela e botshelo bo nnileng gone ka yone.

E re ka kgopolo eno ya thutotlhagelelo e sena bosupi, ke gone ka moo T. H. Janabi a neng a e bitsa “‘tumelo’ fela.” Moitseanape wa physics e bong Fred Hoyle o e bitsa “Efangele ya ga Darwin.” Dr. Evan Shute o akgela ka tsela e e nonofileng. “Ke akanya gore motho yo o dumelang mo popong o na le dilo tse dinnye thata tse di gakgamatsang tse a ka di tlhalosang motlhofo go gaisa motho yo o dumelang ka pelo yotlhe gore dilo di itlhageletse,” o bolela jalo.

Bomankge ba bangwe ba a dumela. Molepadinaledi mongwe e bong Robert Jastrow o dumela jaana: “Fa ke akanya ka tsela e motho a dirilweng ka yone, kgopolo ya gore motho yono yo o gakgamatsang jaana o tlhagile mo dikhemikaleng tse di neng tsa kopanngwa mo bodibeng jwa metsi a a bothito e lebega e le kgakgamatso fela jaaka polelo ya Bibela e e bontshang tsela e motho a tlholegileng ka yone.”

Ke ka ntlha yang he, fa batho ba le bantsi ba santse ba gana kgopolo ya gore ditshedi di bopilwe?

[Setshwantsho mo go tsebe 3]

Tsela e ka yone batho ba bangwe ba gatelelang kafa ba ikutlwang ka teng e ka nna ya tshosetsa

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela