Go Dira Mmogo le Phuthego E E Tswelelang Pele go Di Feta Tsotlhe
JAAKA FA GO BOLETSE ROBERT HATZFELD
Gompieno batho ba le bantsi ba bulela dithelebishene tsa bone ba dirisa sedirisiwa se ka sone ba kgonang go di laola ba emetse kgakajana le tsone gore ba tle ba lebelele dikgang tsa maitseboa tsa ditshwantsho tse di mebalabala mo dikamoreng tsa bone tsa boitapoloso, mme e bile ba sa tseye seo jaaka sengwe se se sa tlwaelegang. Lefa go ntse jalo, go lebega e kete ke selo sa maabane fela fa ke ne ke le mosimanyana wa dingwaga tse 12 fela, fa ke ne ke rototse matlho ke lebile setshwantsho se segolo sa monna mo baesekopong a ntse a bua!
GONGWE o ka nna wa akanya wa re, seo tota go ka se twe ke dikgang dingwe tse di sa tlwaelegang. Mme tota go ne ga nna jaaka e kete ke dikgakgamatso tsa motlha wa segompieno mo go nna bogologolo ka 1915, mo metlheng eo fa dibaesekopo e ne e le tse go senang mantswe mo go tsone e bile e le tsa mmala o mosweu le bontsho fela. Monna mongwe wa mmele o mogolo yo o ditedu tse ditelele o ne a bonala mo setshwantshong mme a re: “Photo-Drama of Creation e supiwa ke ba I.B.S.A., e leng International Bible Students Association.” Go ne ga feta diura di le pedi e ntse e re senolela polelo ya Bibela. Molaetsa wa yone o o mo Dikwalong o ne o phepafetse e bile o lapolosa. Mme totatota, se se neng sa nkgatlha thata e ne e le ditshwantsho tse di tshikhinyegang, tse di neng di e tla di nna le diselaete tse di mebalabala, le mantswe a a neng a tsamaisana le ditshwantsho.
Ka yone nako eo, ke ne ke sa lemoge gore kgatlhego ya me ya matlhagatlhaga a bosha mo maranyaneng ao a masha e ne e le kgoro e e neng e mpulela go tsena mo tirong ya botshelo jotlhe jwa me mo phuthegong e e tswelelang pele go di feta tsotlhe tse di mo lefatsheng.
Mo Metlheng ya Maloba
Ka 1891 rre o ne a fuduga kwa Dillenburg kwa Jeremane, go ya go nna mo setšhabeng sa batho ba Bajeremane mo Allegheny, Pennsylvania, U.S.A. Moragonyana o ne a kopana le mosetsana mongwe a tswa mo lelapeng la Bajeremane, mme a mo nyala. Ke ne ka tsalwa ka July 7, 1903, mme ka godisiwa ke kgona go bua Sejeremane le Sekgoa. Pele fela ga Ntwa ya Lefatshe I e simologa ka 1914, leroborobo la bolwetsi jwa kgotlholo e tona le le neng le tlhasetse le ne la feta ka batsadi ba me boobabedi mme jalo ka sala ke le lesiela. Rremogolo le ene o ne a bolawa ke setorouku mo e ka nnang ka yone nako eo.
Rakgadi, Minna Boemer, o ne a ntsaya ka bopelontle gore ke nne le ba lelapa la gagwe. O ne a re, “Ke na le bana ba le batlhano. Ga go tshwenye lefa ke ka nna le yo mongwe gape.” Le mororo ke ne ke e tle ke tlhoafalele batsadi ba me, Rakgadi Minna o ne a ntshwara sentle thata.
Rakgadi o ne a na le nako e telele e le leloko la Phuthego ya Baithuti ba Bibela ya Allegheny (tsela e Basupi ba ga Jehofa ba neng ba bidiwa ka yone mo metlheng eo). Pele ga 1909, Mokaulengwe C. T. Russell, yo e neng e le poresidente wa Mokgatlho wa Watch Tower ka nako eo, o ne a le leloko la phuthego eo le ene. Rakgadi Minna o ne a tsamaya le nna go ya kwa dipokanong. Le mororo lelapa la rona le ne le sa dire maiteko a a nonofileng a go ithuta kana go rera ka nako eo, sengwe le sengwe se re neng re se utlwa kwa dipokanong, re ne re se bolelela batho ba re neng re ba itse.
E ne e le ka yone nako eno fa ke tla kgatlhegela thatathata “Photo-Drama.” E re ka ke ne ke rata dilo tsa maranyane, maitseanape a go kapa ditshwantsho le dibaesekopo tse di tsamaisanang le mantswe, a ne a nkgatlha thata, mmogo le ditshwantsho tse di tsamaisiwang ka bofefo. Go ne go kgatlha tota go bona dithunya di petlekega ka bofefo!
Re ne ra utlwisiwa botlhoko thata ke loso lwa ga Mokaulengwe Russell ka 1916. E re ka re ne re nna mo Allegheny, re ne ra nna gone mo phitlhong ya gagwe kwa Carnegie Hall. E ne e le holo e Mokaulengwe Russell a neng a tshwarela kgang mo go yone le E. L. Eaton ka 1903. Ke ne ke kile ka utlwalela ka kgang ya gore moruti yono wa kereke ya Episekopale ya Methodist o ne a kile a gwetlha C. T. Russell go tla go ganetsana le ene ka malatsi a le marataro, a solofetse gore o tla senola botlhokakitso jwa ga Mokaulengwe Russell ka Bibela. Go na le moo, go bolelwa gore Russell o ne a ‘tima molelo wa dihele ka lethompo la metsi.’ Sara Kaelin, yo o neng a itsege thata jaaka morekisi wa dibuka mo Pittsburgh, o ne a itse booraRussell sentlentle. Ka nako ya phitlho, o ne a bona Maria Russell a pega dithunya mo lekaseng di na le mokwalo o o reng, “Go Monna wa Me Yo O Rategang.” Le mororo Maria a ne a setse a na le dingwaganyana a ntse a kgaoganye nae, o ne a santse a mo leba jaaka monna wa gagwe.
Fa dingwaga di ntse di feta, ke ne ka kgona go nna mo seemong sa gore ke ka bapala bokgoni jwa tsa maranyane jo bo neng bo tla nthusa mo tirong ya botshelo jwa me mo nakong e e tlang. Malome, yo o neng a beilwe ke molao gore a ntlhokomele, o ne a na le konteraka ya go aga. Fa ke le mo malatsing a boikhutso a sekolo, o ne a dira gore ke bereke le badiri ba tsa motlakase, ba ba neng ba ntsha dipone tsa gase mo matlong a matona ba di fetolela mo go tsa motlakase. Ka 1918, baithuti ba ba mo sekolong sa rona ba ne ba itirela radio e e romelang melaetsa ya matshamekwane. Re ne re tle re kopane go le maitseboa go lekeletsa se motlakase le makenete o ka se dirang. Ka 1926, nna le tsala ya me re ne ra swetsa ka gore re dire selo se re sa leng re se eletsa go tswa bonyaneng—go bereka mo dikepeng le go tsamaya re raletse lefatshe lotlhe. Re ne ra ikwadisa mo sekolong sa Radio Corporation of America sa go ithutela go dirisa radio e e romelang melaetsa.
Botshelo jo Bosha mo Bethele
Sekolo sa diradio se re neng re se tsena se ne se le mo New York City, ka jalo ke ne ke kgabaganya noka ya Brooklyn fa ke ya kwa dipokanong tsa Baithuti ba Bibela, tse di neng di tshwarelwa mo holong e e neng e hirisitswe e kgologolo ya Masonic Temple. Ka nako eo, go ne go na le phuthego e le nngwe fela ya kgaolo yotlhe ya toropokgolo ya New York. Fa bakaulengwe ba ba tswang kwa Bethele (legae la lelapa la Baithuti ba Bibela la kwa ntlokgolo) ba sena go utlwalela gore ke ne ke ithutela go nna le laesense ya radio ya kgwebo, ba ne ba re: “O ela eng kwa lewatleng? Re na le seteishene sa radio gone fela fano mme e bile se tlhoka yo o ka se dirisang.” Ba ne ba nkopa gore ke tle kwa ofising gore ba tle ba ntlhatlhobe. Ke ne ke sa itse sepe ka Bethele fa e se fela gore e ne e le ntlokgolo ya Baithuti ba Bibela.
Bakaulengwe ba ne ba ntlhatlhoba mme ba akantsha gore ke fetse sekolo, ke bone laesense, ke bo ke ya kwa Bethele. Fa ke sena go aloga, go na le gore ke palame sekepe go ralala mawatle a magolo, ke ne ka paka dilwana tse ke neng ke na natso mme ka itatlhela mo tereneng e e neng e ya kwa Bethele. Le mororo ke ne ke ineetse go Jehofa mme ke ile ka nna le seabe mo tirong ya go rera ka dingwaga di le dintsi, ke ne ka se ka ka kolobediwa go fitlhela ka December 1926, e leng dibeke di le pedi fa ke sena go fitlha mo Bethele. E ne e le selo se se tlwaelegileng mo metlheng eo.
Mo metlheng eo, Bethele e ne e tletse e bile e penologa ntswa e ne e na le batho ba le 150 fela. Kamore nngwe le nngwe e ne e na le banna ba le bane. Go ise go e kae, ke ne ka tlwaelana le bontsi jwa bone, e re ka re ne re ja mmogo, re bereka mmogo, re robala mmogo golo go le gongwe fela, mme ebile re ne re le mo phuthegong e e neng e le yone fela mo New York City. Legae la Bethele le lesha le ne la wediwa ka 1927 mo 124 Columbia Heights, mme re ne ra kgona go nna re le babedi mo kamoreng e le nngwe.
Mme gape, ka 1927, go ne ga bulwa feketeri e ntšha kwa 117 Adams Street. Ke ne ka thusa mo go fuduseng dilo kwa feketering e kgologolo kwa 55 Concord Street. Go ne go na le dilo tse dingwe gape mo feketering kwantle ga didirisiwa tsa radio, dilifiti, metšhine e e gatisang, dilo tsa go tlhatswa diaparo, didirisiwa tse di berekang ka oli—ee, sengwe le sengwe se se neng se dirisa megala ya motlakase, ke ne ke se bereka.
Lefa go ntse jalo, Bethele e ne e se feketeri fela. Buka nngwe le nngwe, pampitshana nngwe le nngwe, makasine mongwe le mongwe, e ne e nna gone ka matsapa a a dirilweng ke setlhopha se segolo sa batlhanka ba ba ikokobeditseng le ba ba dirang ka natla. Maikaelelo a bone e ne e se gore ba galalediwe ke lefatshe. Go na le moo, ba ne ba batla fela gore ba dire tiro ya Morena—mme ruri tiro e ne e le ntsi!
Go Dira Mmogo le Mokaulengwe Rutherford
Ke ne ka solegelwa molemo thata ke go dira mmogo le Joseph F. Rutherford, poresidente wa bobedi wa Mokgatlho. E ne e le monna yo o mokgaraga, a le boleele jwa dimetara di le 1,83, mme legale a sa nona ntswa gone a le mmele o mogolo. Go lebega a ne a tshajwa ke bontsi jwa bakaulengwe ba ba sa leng babotlana mo Bethele fa ba ise ba mo itse sentle. Nako le nako o ne a ithuta, a rulaganya dilo tse a tlileng go di kwala.
Mokaulengwe Rutherford e ne e le motho yo o ratang go tshegisa. Go ne go na le bokgaitsadi bangwe ba ba neng ba le mo lelapeng la Bethele ba ba neng ba sa le ba nnile teng go tloga metlheng ya ga Mokaulengwe Russell. Ba ne ba nna fela ba sa nyenye, ba ikutlwa gore go ne go sa tshwanela gore motho a tshegele kwa godimo le e leng fa go ne go na le sengwe se se tshegisang. Ka dinako tse dingwe, Mokaulengwe Rutherford o ne a e tle a bue sengwe ka nako ya dijo tsa motshegare se se neng se dira gore mongwe le mongwe a tshege, mme seo se kgopisa bokgaitsadi bano ba babedi. Lefa go ntse jalo gape o ne a atisa go fa ditlhaloso tsa Bibela ka tlhoafalo ka nako ya dijo.
Mokaulengwe Rutherford e ne e le moapei yo o setswerere mme e bile a itumelela go apeela ditsala tsa gagwe dijo. Ka nako nngwe baapei mo Bethele ba ne ba roba marapo a koko fa ba ntse ba e segelela. O ne a gwantela mo kitsing mme a feta a ba bontsha tsela e e tshwanetseng ya go segelela koko. O ne a sa rate go ja dijo tse di nang le diphatsa tsa marapo!
Ke ne ke tle ke nne gaufi le Mokaulengwe Rutherford ka dinako tse dingwe fela kwantle ga tse di tlwaelegileng, jaaka kwa seteisheneng sa radio, WBBR, kana mo phaposing e a neng a ithutela mo go yone kwa Staten Island. E ne e le monna yo o pelonomi yo o neng a dira kafa a rutileng ka teng. O ne a se ke a lebelela gore batho ba bangwe ba dire sengwe se ene a neng a ka se kgone go se dira. Mokaulengwe Rutherford o ne a farologanye le batho ka bontsi ba ba neng ba tshwere maemo mo ditsamaisong tsa sedumedi ka gore o ne a tshwareletse mo semoyeng sa maemo a a kwa godimo e bile a na le boitsholo jo bo siameng. Tota ruri o ne a tshelela Bogosi jwa ga Jehofa.
Metlha E E Boima ya Ikonomi
Dingwaga di sekae fa ke sena go fitlha mo Bethele, lefatshe le ne la tsena mo Leubeng le Legolo. Dimmaraka tsa madi di ne tsa kgautlhana, mmogo le ditlhwatlhwa tsa dilwana tse dingwe. Ditiro di ne di sa bonwe motlhofo, mme madi a ne a tlhaela. Bethele e ne e ikaegile ka madi a a ntshiwang meneelo, mme Jehofa o ne a tlhomamisa ka metlha yotlhe gore go na le madi a a lekanyeng gore tiro e tswelele pele. Re ne re se ke re nna fela re sena dijo, le mororo e ne e se tse di neng di ratwa ke mongwe le mongwe. Re ne re dirisa madi ka botlhale kafa re ka kgonang ka teng, mme bakaulengwe ba ba ka kwantle ga Bethele ba ne ba re thusa go ya fela kafa ba neng ba kgona ka teng.
Ka 1932, Mokaulengwe Robert Martin, yo e neng e le molebedi wa rona wa feketeri yo o ikanyegang, o ne a tlhokafala. Nathan Knorr, wa dingwaga tse 27 o ne a tlhophiwa gore a dire tiro ya gagwe. E ne e le lekawana le le dirang ka natla. Ga ke gopole go na le mongwe yo o neng a ketefalelwa ke go dirisanya le ene jaaka molebedi wa feketeri. Bakaulengwe ba bangwe ba ba ikanyegang, ebong John Kurzen, George Kelly, Doug Galbraith, Ralph Leffler, le Ed Becker—botlhe e le badirikanna ba ba rategang thata—ba ne ba dirisa bokgoni jwa bone le dikitso mo tirelong ya Bogosi.—Bapisa Ekesodo 35:34, 35.
Go Dira mo Radiong
Ee, phuthego ya rona e ne e leka go anamisa mafoko a a molemo ka ditsela tsotlhe tse e ka di kgonang. Lefatshe lotlhe le ne le tshwanetse go itse kaga Bogosi, mme re ne re le dikete di sekae fela. Dikitso tse di amanang le radio di ne di santse di ise di tlhabologe thata morago ga Ntwa ya Lefatshe I. Lefa go ntse jalo, bakaulengwe ba ba kelotlhoko, ba ne ba ikutlwa gore tsela eno ya ditlhaeletsano e ne e tlisitswe ke Jehofa ka nako e e tshwanetseng ka nako eo. Ka jalo ka 1923, ba ne ba thaya kago ya seteishene sa radio sa WBBR mo Staten Island, nngwe ya dikgaolo tse tlhano tsa New York City.
Ka dinako tse dingwe, e ne e le nna fela yo o neng a bulela seteishene sa rona. Ke ne ke nna mo Staten Island mme ke ne ke tle ke kgabaganye ka sekepe le go palama terena go ya kwa feketering mo Brooklyn go ya go dira mo tirong ya metlakase kana ya ditshipi. Re ne ra tsenya enjene ya disele gore e tle e thuse go dira gore seteishene sa rona sa radio se se ka sa emisiwa ke sepe. Mo Staten Island, re ne re bile re na le didiba tsa rona tsa metsi le tshingwana e e neng e thusa setlhophanyana sa rona sa badiri ka dijo, mmogo le lelapa la Bethele kwa Brooklyn.
Pele ga thuso e ke neng ka e bona moragonyana, ke ne ke tle ke tlhaele tota go nna gone mo dipokanong le mo tirelong ya tshimo ka ntlha ya maikarabelo a me a mo radiong. Ke ne ke sena nako epe ya go ya go itlosa bodutu le ditsala kana go etela mafelo mangwe ka mafelobeke kwantle ga malatsi a rona a boitapoloso a ngwaga le ngwaga. Nako nngwe mongwe o ne a mpotsa a re: “Ka ntlha ya namane e tona ya tiro e e kanakana, a o ne o ise o ke o akanye sepe ka go tlogela Bethele?” Go bua boammaaruri, ke ne ka tshwanelwa ke go re: “Nnyaa.” E ne e le tshiamelo e kgolo le boipelo go tshela mmogo le go bereka le bakaulengwe le bokgaitsadi ba bantsintsi ba ba ineetseng. Mme nako le nako, go ne go na le tiro nngwe e e neng e tshwanetse go dirwa.
Re ne re tlhagisa le go anamisa mo phefong diterama tsa radio tse di gapang maikutlo. Re ne ra tshwanelwa ke go itirela didirisiwa tsa rona ka go bo re ne re sena direkoto tsa go kapa mantswe a a kgethegileng. Re ne ra itirela motšhine o o neng o kgona go dira modumo wa moya o o monate o o fokang kana wa setsuatsue se se bogale. Medumo e re neng re e dira ka go opanya digwana tse di phatlotsweng ka bogare mo dipolankeng tse di sephara, o ne o tshwana fela le wa ditlhako tsa dipitse fa di ntse di kubakuba mo seterateng se se adilweng maje fa fatshe. Terama nngwe le nngwe e ne e le namane e tona ya tiro e e gakgamatsang. Mme batho ba ne ba reetsa. E re ka mo metlheng eo go ne go sena dilo di le dintsi tse di itayang tsebe, batho ba le bantsi ba ne ba nna fa fatshe gore ba reetse.
Ka bo1920 le mo masimologong a bo1930, Mokgatlho o ne wa dira dikgakgamatso mo boitseanapeng jwa radio, ka go gokaganya palo e le kgolo ya diteishene tsa radio go gasa thulaganyo e le nngwe fela. Jalo he, dikgang tsa Bogosi di ne tsa fitlha mo bathong ba le dimilione mo lefatsheng ka bophara.
Fonokerafa
Mo bogareng jwa bo1930 le mo masimologong a bo1940, re ne ra tlhama le go itirela metšhine e e gatisang mantswe, difonokerafa, le didirisiwa tse dingwe tsa mantswe. Ka go dirisa tshipi e e kgethegileng e e dikologang, re ne ra sega direkoto tse di gatisang tse dingwe ka motu o o rethefaditsweng fela jaaka seipone. Go tswa foo re ne re tlhatlhoba rekoto nngwe le nngwe e e gatisang tse dingwe ka kelotlhoko ka maekerosekoupo, go bona gore a ga go na phoso epe mo go yone. Fa go ne go ka bonala phoso epe, kgatiso ya mantswe e ne e boelediwa gape go tswa foo go bo go segwa rekoto e nngwe gape. Go tswa foo re ne re romela rekoto e e gatisang tse dingwe kwa khampaneng e e rekotang, mme yone e bo e re direla fonokerafa le direkoto tse di gatisitsweng mantswe.
Tiragalo nngwe e e kgatlhang e ke e gakologelwang sentle e ne e le puo ya ga Mokaulengwe Rutherford ka 1933 e e neng e na le setlhogo se se reng “Se Ngwaga O O Boitshepo O Se Dirileng mo Kagisong le Katlego.” Mopapa o ne a biditse ngwaga oo a re ke “ngwaga o o boitshepo,” mme re ne ra o senola ka seromamowa le ka fonokerafa ra bo ra bontsha gore go ne go se kitla go tswa sepe se se boitshepo ka one. Fela jaaka go ne go boletswe, Hitler o ne a tsaya puso mo ngwageng eo a tshegeditswe ke Kereke ya Katoliki, mme jalo ditsholofelo di le dintsi tsa kagiso tsa felela mo sebakeng.
Mo United States, go ne ga tlhongwa mokgatlho wa Catholic Action gore o tle o dire se se neng se batlwa ke kereke. Ba ne ba tlhoma batho ba bone gore e nne bone ba di gogang kwa pele mo dipampiring tsa dikgang tse di itsegeng, mo dimakasineng, le mo bagatising ba dibuka. Ba ne ba itshunya nko mo dipolotiking le go tshosetsa gore ga ba ne ba dirisana le seteishene sepe se se tla gasang dipolelo tsa rona tsa Bibela. Basupi ba le bantsi ba ne ba tlhaselwa ke digopa tsa Catholic Action, bogolo jang mo New Jersey. Metlha eo ruri e ne e le e e tsosang maikutlo!
Tiro E E Itumedisang mo Tshimong
Mo e ka nnang mo bogareng jwa bo1950, baboledi ba Bogosi ba ba neng ba ntse ba oketsega ka palo ba ne ba fitlha kwa bathong ba ba oketsegileng mo magaeng a bone. Seno se ne sa bonala se atlega thata go gaisa kanamiso ya radio mo go thuseng batho gore ba tlhaloganye boammaaruri jwa Bibela. Jalo he, ka 1957, go ne ga dirwa tshwetso ya gore go rekisiwe WBBR mme madi a dirisiwe mo go anamiseng tiro ya rona ya borongwa mo mafatsheng a mangwe.
Ka 1955, ke ne ka romelwa kwa Phuthegong ya Bedford mo Brooklyn, koo ke neng ke tshwara Thuto ya Tora ya Tebelo ka metlha yotlhe. Mokgatlho o ne wa nthomela gape kwa bokone jwa New York, Pennsylvania, Connecticut, le New Jersey go ya go dira jaaka sebui se se etang. Fa ke sena go romelwa kwa Phuthegong ya Bedford, ke ne ka ipolelela ka re, ‘Ke na le dingwaga di feta 50 gone jaanong. Go botoka ke dire go le gontsi kafa ke ka kgonang ka teng mo tirelong ya tshimo gone jaanong. Moragonyana, ke ka nna ka tsenwa ke bolwetsi jo bo botlhoko jwa ramatiki mme ka se ka ka kgona go e ipelela jaana.’
Morago ga ke sena go fetsa dingwaga tse dintsi tseo ke jala peo ya Bogosi ka maranyane a kanamiso ya radio, ke ne ka bona go itumedisa tota go jala le go nosetsa dipeo tsa boammaaruri jwa Bibela le batho ka tlhamalalo. Ke ne ke itumelela tota go dira mmogo le phuthego. Batho ba ba farologaneng ba ne ba nkamogela mme ba dira gore ke ikutlwe ke le mo gae fela. Bangwe ba bana ba babotlana bao, ba jaanong ba setseng ba godile, ba santse ba mpitsa rremogolo. Re ne ra ipelela bodihedi jwa tshimo mmogo ka dingwaga di le 30, go fitlhela ke nna le mathata mo maotong le mo dinaong ke bo ke sala ke sa kgone go tlhatloga ditepise kana go palama terena. Ka 1985, ke ne ka fudugela kwa Phuthegong ya Brooklyn Heights, e e kopanelang gone mo Bethele.
Jaaka fa phuthego ya ga Jehofa e ntse e gola, ke ne ka nna le tshiamelo ka namana ya go bona a segofatsa tshimo e e kwa mafatsheng a sele fa ke ne ke etela dikopano tsa Basupi ba ga Jehofa kwa dinageng tse di kwa kgakala. Ruri ke ne ka kgona go tsamaya ke raletse lefatshe! Go simolola ka bo1950, bangwe ba rona mo Bethele re ne ra kgona go bona mafelo a a kgatlhang a kwa Lontone, Paris, Rome, Nuremberg, le Copenhagen. Re ne ra tsamaya ka difofane tse e neng e le tsa ntwa pele, ka sekepe, le ka terena. Ee, naga e ne e le ntle e le ruri, mme ponalo e e neng e kgatlha le go feta eo e ne e le go bona bontsintsi jwa bakaulengwe ba ba neng ba tlile go re amogela ka dipelo tse di lorato. Masome a dingwaga moragonyana, re ne ra kgona go etela kwa Botlhabatsatsi, mo Bophirima jwa Yuropa, mme bosheng jaana, kwa Yuropa Botlhaba. Dikopano tse di monate tsa kwa Poland, Jeremane, le Czechoslovakia di ne tsa re itumedisa fela thata. A bo lelapa la rona la puso ya Modimo le ile la gola tota go feta fa e sale ke nna mongwe wa lone!
Ketelelo Pele ya Modimo
Se go neng go lebega e kete ke dikgato tse dikhutshwane fela tsa phuthego se ne sa fetoga moragonyana go nna dikgato tse dikgolo tse di atlhameng. Fa re ne re ntse re itirela didirisiwa tsa maitirelo, e le go re thusa fela mo tirong ya rona ya go neela bosupi, ke mang yo o neng a ka bolelela pele gore go tla nna le namane e tona ya kgolo? Re ile ra gatela pele mo tumelong, re itetla go etelelwa pele ke Jehofa.
Phuthego eno e e tsweletseng pele ga e a ka ya boifa go dirisa maranyane a bosheng kana go a itirela go tlhokomela tshimo ya yone e e mo lefatsheng ka bophara. Mengwe ya mekgwa e e ileng ya dirisiwa mo go boleleng ka Bogosi e ile ya nna ka go rera ka ntlo le ntlo, go dirisiwa ga radio, go neela bosupi ka fonokerafa, le thulaganyo ya go tshwara dithuto tsa Bibela mo magaeng a batho. Ke namane e tona ya tiro e re e dirileng ka go itirela magatisetso a dibuka mo metlheng ya bogologolo mme jaanong go dirisiwa mothale o mosha wa go gatisa dipuo tse dintsi wa phototypesetting le offset ka khomputara. Sekolo sa Bibela sa Watchtower sa Gileade, Sekolo sa Bodihedi sa Puso ya Modimo, le dikopano tse di nnang gone ka metlha di ile tsa thusa mo go galaletseng Jehofa Modimo le Morwawe. Ke ile ka nna le tshiamelo ya go iponela ditiragalo tseno ka matlho le go nna le seabe mo go tsone.
Go phepafetse sentle gore phuthego ya ga Jehofa e e mo lefatsheng e a e gogang ka moya wa gagwe o ntse a e kaela gore e dire eng le gore se dirwe jang. Phuthego yotlhe ya gagwe ya lobopo lotlhe, e e bonalang le e e sa bonaleng, e dira mmogo.
Ga ke ise ke ko ke ikotlhaele go bo ke ile ka latlha dithulaganyo tsa me tsa ke sa le lekau, ebong go ralala mawatle. Ebu, tsone dilo tse di tsosang maikutlo tse di botlhokwa mo lefatsheng, di diragala gone fela mo teng ga phuthego ya ga Jehofa! Jalo he, mosepele wa me wa ‘piletso godimong’ o ile wa patwa ke boitumelo jo bontsi le masego kwantle ga maswabi ape.—Bafilipi 3:13, 14.
Nako le nako ke bolelela basha gore ba gopole 1914—ke raya Pesalema 19:14, e e reng: “A mahoko a molomo oa me, le go akanya ga pelo ea me, go nnè tebosègō mo ponoñ ea gago, Yehofa, lehika ya me, le morekolodi oa me.” Re rata go itumedisa Jehofa mo go sengwe le sengwe re bo re rapela fela jaaka Dafide a ne a dira: “Nchupetsa metlhala ea gago, Yehofa; u nthutè ditsela tsa gago. Ntsamaisa mo boamarureñ yoa gago, u bo u nthutè; gonne ke wèna Modimo oa polokō ea me; ke lebèlèla mo go wèna ka letsatsi yeotlhe.” (Pesalema 25:4, 5) Mafoko ao e le ruri a nonofile. Fa re ka a gakologelwa, re tla thusega go tsamaya mo tseleng e e tlhamaletseng, re tlhamaletse sentle mo tseleng, re tsamaisanya mmogo le phuthego e e tswelelang pele ya ga Jehofa.
[Setshwantsho mo go tsebe 23]
Mokaulengwe Rutherford o ne a itumelela go apeela ditsala tsa gagwe dijo
[Setshwantsho mo go tsebe 25]
Robert Hatzfeld a tshwere ditshipi tsa maranyane tsa seteishene sa radio sa WBBR
[Setshwantsho mo go tsebe 26]
Setshwantsho sa bosheng sa ga Mokaulengwe Hatzfeld