Kereke E E Kgaoganeng—E Maswe Go Le Kana Kang?
“FELA jaaka lelapa le legolo e bile le tshogile, le nna mo ntlong e kgologolo e e agilweng boatla e lebota la yone le le kwa pele le neng la gosomana ka tshoganetso, o ka re go na le kgaruru mo e ka nnang mo kamoreng nngwe le nngwe ya yone—e kopane le go lediwa ga meropa fa bana ba ga Jesu ba goeletsa basodoma ba ba neng ba lebega sentle ba mokgatlho wa Anglo-Catholic ba ba neng ba apere disutu tse dintsho tsa seleki.”—The Sunday Times, kwa Lontone, April 11, 1993.
Lelapa leno ke Church of England. Kgaruru ke ya go amogela basadi gore ba nne baruti. Tlhaloso eno e e tshwanelang sentle e e bontshang go tlhoka kutlwano mo gogolo e ntse fela jalo le mo go Labokeresete yotlhe. Pego nngwe e swetsa ka go re fa bobishopo ba Kereke ya Orthodox le mopapa ba kgala tshwetso e e dirilweng ya go letlelela basadi gore ba nne baruti, ka kakaretso go felela ka gore “go eletsa go kopana gape ga dikereke tse dingwe tsa Labokeresete go ka se tlhole go direga le e seng.”
Kereke E Kgaogane Jang?
Jaaka re bala mo go Mathaio 7:21, Jesu Keresete o ne a bolela gore batho ba le bantsi ba ne ba tla ipolela gore ba dumela mo go ene jaaka Morena mme ba ntse ba palelwa ke go ‘dira thato ya ga Rraagwe.’ Makasine wa Maclean’s o bolela jaana: “Batho ba ba balang buka ya ga Mathaio ba ba batlang go bolokiwa ba ka utlwelwa botlhoko ka gonne ba le mo lefifing fela la go tlhoka go itse gore tota thato ya Modimo ke eng, e re ka Bakeresete, le dikereke tsa bone, di farologana thata mo kgannyeng eno.” Morago ga gore go botsolotswe Ma-Canada mangwe, o ne wa swetsa ka gore go na le “pharologanyo e kgolo mo ditumelong le mo ditirong tsa Bakeresete ba Ma-Canada—pharologanyo e kgolo gareng ga maloko a setlhopha sepe fela sa bodumedi, e bile tota, e le kgolo thata go feta e e fa gare ga ditlhopha tsa bodumedi tse di farologaneng.”
Go ya ka patlisiso ya one, 91 lekgolong ya Bakatoliki e dumela gore go dirisiwe dithibelapelegi tse e seng tsa tlholego le mororo kereke ya bone e di kgala; 78 lekgolong e akanya gore basadi ba tshwanetse ba letlelelwa gore ba nne baruti; mme 41 lekgolong e amogela go senya mpa “mo maemong a a rileng.” Kgotlhang e e leng teng mo ditlhopheng tsa bodumedi tse di farologaneng e e mabapi le “dikgang di le dintsi tsa thutabomodimo,” go bolela jalo makasine mongwe wa Maclean’s, “di gatelela lebaka la go bo go na le dikgaogano tse di thubang dikereke tse dikgolo ka bogare.”
Boitimokanyi
Boitimokanyi mmogo le ditekanyetso tse di sa tshwaneng di bonwa mo boitsholong. Batho bangwe ba ipolela fa ba tshegetsa melaometheo ya Bibela, mme ba bangwe ba e kgala. Ka sekai, a mokete wa “lenyalo” o o neng o tshwaretswe Basodoma ba babedi ba basadi kwa Metropolitan Church of Toronto o dumelana le go rata ga Modimo? Go bonala sentle gore baratani bano ba ne ba akanya jalo. “Re batla go keteka lorato lwa rona phatlalatsa le fa pele ga Modimo,” ba ne ba bolela jalo.
Mokwaladikgang mongwe o ne a botsa gore go tla jang gore “mobishopomogolo mongwe wa Katoliki yo go ntseng go ngongoregelwa kwa go ene gangwe le gape, a bo a ka fudusetsa baruti ba ba tlhakanelang dikobo le bana kwa kerekeng e nngwe koo ba tla kopanang le setlhopha se sengwe sa basimane ba aletare.” Moruti Andrew Greeley o akanya gore baruti ba ba ka tshwarang 2 000 go ya go 4 000 ba ka tswa ba ile ba sotla bana ba le 100 000 ba ba mo dingwageng tse di kwa tlase, ka makgetlo a le mantsi go sena kgato epe e e tsewang.
Kereke e e kgaoganeng e nna le batho ba ba senang kutlwano. Kwa dinageng tsa Balkan, “Bakeresete” ba Ba-Serbia le Ba-Croatia botlhe ba akanya gore Keresete o ba ema nokeng mo ntweng ya bone ya “tshiamo.” Ba le bantsi ba bone ba rwala difapaano mo ntweng; yo mongwe go begiwa gore “ka metlha o ne a hupa sefapaano sa gagwe mo molomong fa ntwa e befile.”
“Go Se Nne Dikgaoganō mo go Lona”
Ke boammaaruri gore dikgang tse dingwe Bibela e di tlogelela segakolodi sa motho, mme seno ga se a tshwanela go letlelela kgaogano e e ntseng jalo. Moaposetoloi Paulo o bolela jaana ka phepafalo: “Lo nnè puō [le tiro e le] ñwe hèla lotlhe, [mme] . . . go se nne dikgaoganō mo go lona.”—1 Bakorintha 1:10; Baefesia 4:15, 16.
Fa o lebelela sentle “Bokeresete” mo e ka nnang dingwaga tse di dikete tse pedi morago ga gore moaposetoloi Paulo a kwale mafoko ao, go tsosa dipotso dingwe tse di masisi tota. Ke ka ntlha yang fa “Bakeresete” ba kgaogane jaana? A kereke e e ntseng jalo e e kgaoganeng e ka falola? A go tla tsamaya go nna le Labokeresete e e utlwanang? Setlhogo se se latelang se tla sekaseka dipotso tseno.
[Setshwantsho mo go tsebe 3]
Dipopelelo tsa baruti ba ba kgatlhanong le go senya mpa
[Motswedi wa Setshwantsho]
Cover and above: Eleftherios/Sipa Press