Go “Tshwara Ditlhapi” mo Metsing a Fiji
FIJI—leina leo le dira gore motho a akanye ka paradaise ya Mawatle a a kafa Borwa. Metsi a matala, dithotana tsa dikorale, dipalema tsa kokonata tse di ntseng di fokwa ke phefo, dithaba tse ditala, ditlhapi tsa boboatsatsi, maungo le dithunya tse di sa tlwaelegang. O ka fitlhela motlele wa dilo tse tsotlhe mo setlhopheng seno sa ditlhaketlhake tse 300 tse di ka nnang sekgala sa dikilometara di le 1 800 kafa bokone jwa New Zealand kwa South Pacific. Ka ntlha ya lebaka le, o ka nna wa dumela gore mongwe le mongwe a ka akanya ka Fiji fa a akanya ka paradaise e e kwa boboatsatsi.
Lefa go ntse jalo, Fiji ga e kgatlhe ka bontle jwa yone jwa tlholego fela. Ee, fela jaaka go na le mefuta e le mentsi ya ditlhapi mo dithotaneng tsa dikorale, le naga ya teng e na le mefutafuta ya dilo. Gongwe ga go na lefelo le lengwe le le ka tshwanang le Fiji ka mefutafuta ya lone ya ditso mo South Pacific. Ditlhopha tse pedi tse dikgolo go gaisa tsotlhe tsa baagi ba koo ba ba ka tshwarang 750 000 ke Bafiji ba ba tlholegang koo, bao bagologolwane ba bone ba neng ba tlholega mo Melanesia, le Baindia ba ba tsholetsweng kwa Fiji, bao e leng ditlogolwana tsa badiri ba ba neng ba isiwa koo ba tswa India mo metlheng ya fa Borithane e ne e busa lefelo leo. Mme gape go na le Babanaba, Ba-China, Bayuropa, Ba-Gilbert, Barotuma, Ba-Tuvalu, le ba bangwe.
Mo setšhabeng seno sa ditso tse dintsi, Basupi ba ga Jehofa ba tshwaregile thata mo tirong ya go “tshwara ditlhapi.” (Mareko 1:17) Go rera mafoko a a molemo a Bogosi jwa Modimo mo bathong ba ba mefutafuta jalo go gwetlha tota. Sa ntlha, o tshwanetse wa fenya dikgoreletsi tsa puo le tsa ditso. Lefa Seesemane e le yone puo e e dirisiwang thata, gantsi dipuo tse dingwe di tshwanelwa ke go dirisiwa, tse di jaaka Sefiji, Sehindi, Serotuma, kana tse dingwe.
Gape go tshwanetse ga dirisiwa mekgwa e e farologaneng go tlotla le batho ba ba tswang mo madumeding a a farologaneng. Bontsi jwa Bafiji ba ba tlholegang koo le baagi ba bangwe ba setlhaketlhake seno ke ba ditlhopha tse di farologaneng tsa Bokeresete. Mo baaging ba Baindia go na le Bahindu, Bamoselema, Ba-Sikh, bontsi jwa bone e le Bahindu. Go na le dikereke di le dintsi mo ditoropong le mo metseng, mme mo ditlhaketlhakeng tse pedi tse dikgolo go gaisa tsotlhe mo Fiji, ditempele tse dintsi tsa Bahindu le mafelo a kobamelo a Bamoselema a dira gore go nne le pharologanyo.
Basupi ba le bantsi ba koo ba godile ba bua dipuo tse tharo tse di buiwang thata—Seesemane, Sefiji, le Sehindi. Go kgona go dira jalo go thusa thata mo tirong ya go “tshwara ditlhapi.” Ka dinako dingwe batho ba gakgamadiwa ke go utlwa Mofiji a bua Sehindi se se phepa le Mohindu a bua Sefiji se se phepa. E re ka motho a tshwanelwa ke go lepalepana le dipharologano tsa setso, tsa bodumedi le tsa puo, go tlhoka gore a bo a kgona go fetofetoga gore a kgone go ‘abelana mafoko a a molemo le ba bangwe.’—1 Bakorintha 9:23.
Go “Tshwara Ditlhapi” mo Motseng wa Bafiji
Bafiji ba ba tlholegileng koo ke batho ba ba botsalano, ba ba itseng go tshola baeng. Go thata go akanya gore mo e ka nnang dingwaga di le lekgolo tse di fetileng, dintwa tsa semorafe di ne di nna teng kgapetsa. E bile tota, ka nako ya fa Bayuropa ba ntlha ba ne ba goroga, Fiji e ne e bidiwa Ditlhaketlhake tsa Bajabatho. Kgabagare, fa go sena go tlhongwa kgosikgolo a bo a sokologa, dintwa le go ja batho go ne ga fela. Go farologana ga bone jaaka merafe go bonala fela mo ditemeng tse dintsi tse di buiwang mo diporofensing tsa koo tse di farologaneng, le mororo loleme lwa Sebauan lo tlhaloganngwa ke ba le bantsi.
Go na le ditoropo tse dintsi go ralala Fiji, go akaretsa Suva, motsemošate. Bontsi jwa Bafiji bo nna mo metseng e e laolwang ke turaga ni koro, kana kgosana. Ke tlwaelo ya teng gore fa lo tsena mo motseng lo ya go “tshwara ditlhapi,” lo kope tetla mo go ene gore lo ka etela di-bure, kana magae a lefelo leo. Ke fale le fale fela mo go sa fiweng tetla, gantsi e le ka gonne moruti mongwe wa motse a le kgatlhanong le Basupi ba ga Jehofa. Go ntse jang go etela legae la Bafiji?
Fa re tsena mo teng ga bure, re feta re iphara fa fatshe. Fano ga go tlhokege matseno a mafoko a a rulagantsweng ka kelotlhoko, a a dirisiwang go goga kgatlhego kwa dinageng tsa Bophirima. Mongwe le mongwe fela yo o tlileng go bua ka ga Modimo o a amogelwa. Fa mong wa ntlo a kopiwa gore a tle le Bibela ya gagwe ya Sefiji, o emelela ka bofefo a ntse a re “tulou” (intshwarele), a bo a e tsaya mo godimo ga shelofo ya gagwe a bo a bala ka botlhaga ditemana tse di farologaneng tse modihedi yo o tlileng a di umakang. Lefa go ntse jalo, mokgwa ono wa go tshola baeng le go tlotla wa Bafiji o gwetlha ka tsela e nngwe gape e e farologaneng. Go tlhokega temogo le botlhale tota go dira gore beng ba matlo ba tsenelele mo motlotlong, go ba kgothatsa go utlwisisa mabaka a a ntseng a newa, kana go ba thusa go bona kafa go tlhokegang ka gone go bapisa ditumelo tsa bone le dithuto tsa Bibela.
Beng ba matlo ba Bafiji gantsi ba kgatlhegela thata go tlotla ka dithuto tsa motheo go na le kaga maemo kana dikgang tse di amang baagi. E bile tota, bontsi jwa Basupi ba ga Jehofa ba ba tlhagafetseng kwa Fiji ba ba fetang 1 400 ba ne ba simolola go kgatlhegela Bibela morago ga go tlotla ka dipotso tse di jaaka, Dihele ke lefelo le le ntseng jang? Ke bomang ba ba yang kwa legodimong? le gore A lefatshe le tla senngwa? Lefa go ntse jalo, go boela kwa bathong ba ba bontshitseng kgatlhego go tlhoka go fetofetoga le seemo le go itshoka. Gantsi fa o boela ka nako e lo dumelaneng ka yone o fitlhela mong wa ntlo a ile kwa teitei (masimong) kana a ile lefelong lengwe fela le sele. Nnyaa, ga se gore ga ba anaanele loeto loo mme ke fela gore bone ba tsaya nako ka tsela e nngwe. Gone ke boammaaruri, mo Basuping ba lefelo leo, seno ke sengwe se se tlwaelegileng fela. Ba itshoka ba bo ba ete gape nako e nngwe. Ga go na maina a mebila kana dinomoro tsa ntlo tse di ka kwalwang, ka jalo motho o tlhoka gore a bo a kgona go gakologelwa dilo sentle fa a boela.
Go “Tshwara Ditlhapi” ka Mokgwa wa Se-Polynesia
Jaanong a re yeng go “tshwara ditlhapi” le modihedi yo o etang, kana molebedi wa potologo, jaaka fa a etela phuthego e potlana e e kwa Rotuma. Setlhopha seno sa ditlhaketlhake tse di tsetsweng ke makgwamolelo di sekgala sa dikilometara di le 500 kwa bokone jwa Fiji. Fa re ya teng, re tsamaya ka sefofane se se ka palangwang ke batho ba le 19. Setlhaketlhake se segolo koo se bogolo jwa disekwerekilometara di le 50 fela, se na le baagi ba ka nna 3 000. Go na le tsela ya motlhaba e e tsamayang fa thoko ga lewatle, e golaganya metse e ka nna 20. Rotuma e laolwa ke Fiji mme lefa go ntse jalo e na le setso se sele le puo e sele. E re ka lotso lwa batho ba koo lo tlholegile kwa Polynesia, ba na le dipopego tse di sa tshwaneng le tsa Bafiji ba kwa Melanesia. Fa go tla mo bodumeding, bontsi jwa bone ke Baroma Katoliki kana Ba-Methodist.
Fa sefofane se ntse se ya kwa tlase se ipaakanyetsa go kotama, re bona dimela tse ditala tsa setlhaketlhake seno. Matlhare a dipalema tsa kokonate a a lebegang jaaka diphofa a bonala gongwe le gongwe. Go eme setlhopha se segolo sa batho ba tlile go amogela sefofane seno se se tlang gangwe fela ka beke. Mo go bone go na le setlhopha sa Basupi. Re dumedisiwa ka boitumelo, re bo re neelwa dikokonate tse dikgolo di le dintsi tse ditala di setse di phuntswe “matlho” gore re itimole lenyora.
Fa re sena go tsamaya lobakanyana fela, re fitlha kwa re tla gorogelang teng. Go dirilwe dijo tse di bakilweng mo ontong e e epilweng fa fatshe. Fa pele ga rona go bewa nama e e besitsweng ya kolobe, ya koko, tlhapi e e gadikilweng, mofuta mongwe wa lekakauwe, le digwete tsa lefelo leno, eleng taro. A mokete, le gone a bo go lebega jaaka paradaise jang ne, re ntse kafa tlase ga ditlhare tse di naana tsa kokonate!
Ka letsatsi le le latelang re etela batho mo metseng, e e bidiwang ho’aga ka Serotuma. Fa re ya re atamela legae la ntlha, re fapaana le kolojwana e e tlhagileng mo lesakaneng la yone e tabogaka, e ntse e gwetla. Mong wa ntlo o re bone re tla mme o re bulela kgoro a nyenya, a bo a re dumedisa a re “Noya!” ka Serotuma, go tswa foo a bo a re laletsa gore re nne fa fatshe. Go bewa poleite ya dipanana tse di buduleng fa pele ga rona, re bo re lalediwa gore re nwe matute a dikokonate dingwe tse ditala. Go tshola baeng ke selo sa botlhokwa mo Rotuma.
Fano ga go na batho ba ba sa dumeleng mo Modimong kana ba ba dumelang gore dilo di itlhageletse fela. Mongwe le mongwe o dumela Bibela. Dikgang tse di tshwanang le gore Modimo o ikaeletse eng ka lefatshe di gapa kgatlhego ya bone motlhofo fela. Mong wa ntlo o gakgamadiwa ke go utlwa gore lefatshe ga le kitla le senngwa mme le tla nniwa ke batho ba ba siameng ba ba tla tshelelang ruri mo go lone. (Pesalema 37:29) O reetsa ka kelotlhoko fa go balwa ditemana tsa Bibela tse di gatelelang ntlha eno, mme o itumelela go tsaya dikgatiso tsa Bibela tse re di mo neelang. Fa re ntse re ipaakanyetsa go tsamaya, o re lebogela go bo re ile ra mo etela a bo a re fa kgetsana e tletse dipanana tse di buduleng gore re tsamaye re di ja mo tseleng. Motho a ka nona ka bonako fela fa a rera fano!
Go Fetogela mo Bathong ba Baindia
Le mororo dinaga tse dingwe tse dintsi tsa ditlhaketlhake tsa South Pacific le tsone di na le ditso tse di farologaneng, Fiji e a di gaisa mo ntlheng eno. Kwantle ga ditso tsa Melanesia, Micronesia, le Polynesia go na le se se tswang kwa Asia. Fa gare ga 1879 le 1916, badiri ba ba neng ba hiretswe go tla go berekela mongwe ba ne ba tlisiwa go tswa kwa India ba tla go bereka mo masimong a lotlhaka lo go dirwang sukiri ka lone. Thulaganyo eno, e e neng e bidiwa girmit (tumelano), e ne ya dira gore go tle diketekete tsa Baindia mo Fiji. Ditlogolwana tsa badiri bano di bopa karolo e kgolo ya baagi ba naga eno. Ba santse ba tshegeditse setso sa bone, puo ya bone, le bodumedi jwa bone.
Kafa ntlheng e phefo e fokelang teng go tswa mo setlhaketlhakeng se segolo sa Fiji go na le toropokgolo ya Lautoka. Leno ke lefelo le legolo la madirelo a sukiri e e ntshiwang mo lotlhakeng mo Fiji mme ke legae la bontsi jwa baagi ba naga eno ba Baindia. Maloko a diphuthego tse tharo tse di fano tsa Basupi ba ga Jehofa a tshwanetse a kgona go fetofetoga mo tirong ya bone ya go “tshwara ditlhapi.” Fa o eta ka ntlo le ntlo, o tshwanetse gore o bo o ipaakanyeditse go fetola kgang e o tlotlang ka yone o ikaegile ka gore mong wa ntlo ke wa lotso lofe le gore ke wa bodumedi bofe. A re tsamayeng le setlhopha sa Basupi ba lefelo leno fa ba ntse ba etela magae a a gasameng le masimo a lotlhaka lwa sukiri ka kwa ntle fela ga Lautoka.
Fa re atamela ntlo ya ntlha, re lemoga gore go na le dikota tse ditelele tsa bamboo di gokeletswe diphatsa tsa matsela a mahibidu kwa godimo fa sekhutlong sa lelwapa. Seno se bontsha gore lelapa le le nnang fano ke la Bahindu. Bontsi jwa magae a Bahindu a kgabisitswe ka ditshwantsho tsa medimo ya bone. Ba le bantsi ba na le modimo wa bone o ba o ratang thata, jaaka Krishna, mme gantsi go nna le lefelo le lennye la kobamelo.a
Bontsi jwa Bahindu bo dumela gore madumedi otlhe a siame le gore ke ditsela tse di farologaneng fela tsa go obamela. Ka jalo, mong wa ntlo a ka reetsa ka maitseo, a tsaya dingwe tsa dikgatiso, a lo fa sengwe sa go itimola lenyora, a bo a akanya gore o dirile gotlhe mo a tshwanetseng go go dira. Gantsi go nna mosola gore o bo o itse dingwe tsa dipolelo tse di leng karolo ya tumelo ya bone, e le gore o tle o kgone go botsa dipotso tse di tshwanelang tse di tla tsenyang beng ba matlo mo motlotlong o o nang le matswela. Ka sekai, ka go bo re itse gore dingwe tsa dipolelo tsa bone di tlhalosa fa medimo ya bone e tsenelela mo ditirong tse di ka nnang tsa belaetsa batho ba le bantsi, re ka botsa jaana: “A o ne o ka dumela gore mosadi (monna) wa gago a itshware ka tsela e e ntseng jalo?” Gantsi karabo e nna: “Nnyaa, le eseng!” Go tswa foo, motho a ka bodiwa jaana: “A mme modimo one o tshwanetse go itshwara jalo?” Gantsi metlotlo e e ntseng jalo e dira gore go nne le sebaka sa go mmontsha kafa Bibela e leng mosola ka gone.
Tumelo ya gore motho o tsalwa ka mmele o mosha, eo e leng karolo e nngwe ya tumelo ya Sehindu, ke kgang e go ka tlotliwang ka yone. Mosadi mongwe yo o rutegileng tota wa Mohindu yo o neng a sa tswa go swelwa ke rraagwe o ne a bodiwa jaana: “A o ne o ka rata go bona rraago gape a ntse fela jaaka a ne a ntse pele?” O ne a araba jaana: “Ee, seo se ka itumedisa.” Go ya kafa a neng a araba ka gone le kafa re ileng ra tlotla ka gone moragonyana, go ne ga bonala sentle gore o ne a sa kgotsofadiwe ke tumelo ya gore rraagwe jaanong o ne a tshela kwa lefelong lengwe a le mo mmeleng o sele le gore o ne a se kitla a tlhola a tsamaya a mo itse gape. Mme lefa go ntse jalo thuto e e molemolemo ya Bibela kaga tsogo e ne ya mo ama pelo.
Gone Bahindu bangwe ba na le dipotso mme ba senka dikarabo tse di kgotsofatsang. Fa Mosupi mongwe a ne a etetse legae lengwe la Bahindu, monna mongwe wa gone foo o ne a botsa jaana: “Leina la modimo wa gago ke mang?” Mosupi o ne a mmalela mo go Pesalema 83:18 a ba a tlhalosa gore leina la Modimo ke Jehofa le gore Baroma 10:13 e bontsha gore re tshwanetse ra bitsa leina leo gore re tle re bolokwe. Monna yono o ne a kgatlhega mme a batla go itse mo go oketsegileng. E bile tota, o ne a nyoretswe kitso. O ne a tlhalosa gore rraagwe, yo o neng a ineetse thata mo setshwantshong sa modimo wa lelapa la bone, o ne a lwala a sena go obama fa pele ga sone mme a swa nako e khutshwane fela morago ga foo. Mogolowe le ene o ne a diragaletswe ke se se tshwanang. Go tswa foo o ne a oketsa ka go re: “Setshwantsho sele se re tlisetsa loso, e seng botshelo. Ka jalo go tshwanetse ga bo go na le sengwe se se phoso ka go se obamela. Gongwe Modimo o, Jehofa, a ka re thusa go bona tsela e e isang botshelong.” Ka jalo ene, mosadi wa gagwe, le bana ba gagwe ba babedi ba ne ba simolola go ithuta Bibela. Ba ne ba tswelela pele ka bofefo mme ya re go ise go ye kae ba bo ba kolobediwa. Ba tlogetse ditshwantsho tsa bone mme jaanong ba tsamaya mo tseleng ya ga Jehofa, Modimo wa botshelo.
Go tswa foo re tsena mo lelapeng la Bamoselema. Moya ole wa go tshola baeng le fano o teng, mme ka bonako fela re fiwa manno le dinotsididi. Ga re bone ditshwantsho dipe tsa bodumedi mo leboteng fa e se temana nngwe e khutshwane ya ditlhaka tsa Searabea e tsentswe mo foreimeng. Re umaka gore go na le fa Bibela le Koran di tshwanang teng, eleng ka tlhogo ya lotso Aberahame, le gore Modimo o solofeditse Aberahame gore merafe yotlhe e tla segofadiwa ka losika lwa gagwe. Tsholofetso eno e tla diragadiwa ka Jesu Keresete, Morwa wa Gagwe. Bamoselema bangwe ba ka ganetsa ntlha ya gore Modimo o na le morwa. Ka jalo, re tlhalosa gore fela jaaka monna wa ntlha, Adame, a bidiwa morwa wa Modimo ka gonne a bopilwe ke Modimo, Jesu ke Morwa Modimo fela jalo. Modimo ga a tlhoke mosadi wa mmatota gore a nne le barwa ba ba ntseng jalo. E re ka Bamoselema ba sa dumele mo thutong ya Tharonngwe, re dirisa yone ntlha eno e re dumelanang mo go yone go mmontsha gore Jehofa Modimo ke ene yo mogolo.
Jaanong e setse e le nako ya go ja dijo tsa motshegare, mme bangwe ba setlhopha sa rona ba boela kwa tseleng, ba tswa mo masimong a lotlhaka lwa sukiri, ba ya go emela bese e e boelang kwa toropong. Le fa ba lapile go sekae, botlhe ba itumeletse tiro ya mo mosong ya go “tshwara ditlhapi.” Go nnile mosola thata go leka go fetofetoga le maemo le ditumelo tse di farologaneng.
Metsi le dithotana tsa kwa Fiji di na le mefuta e mentsi ya ditlhapi. Gore gonedau (motshwaraditlhapi) wa Mofiji a atlege, o tshwanetse a bo a na le bokgoni mo tirong ya gagwe. Go ntse fela jalo le ka tiro ya go “tshwara ditlhapi” e Jesu Keresete a neng a e abetse barutwa ba gagwe. “Bachwara batho” ba Bakeresete ba tshwanetse gore ba bo ba na le bokgoni, ba kgona go fetofetola mafoko a bone le tsela e ba bayang mabaka ka yone gore e tshwanele ditumelo tse di farologaneng tsa batho. (Mathaio 4:19) Seno eleruri se a tlhokega kwa Fiji. Mme diphelelo tsa seno di bonala kwa dikopanong tse dikgolo tsa ngwaga le ngwaga tsa Basupi ba ga Jehofa, koo Bafiji, Baindia, Barotuma, le batho ba ba tswang mo ditsong tse di farologaneng ba obamelang Jehofa Modimo ka kutlwano. Ee, o segofatsa tiro ya go “tshwara ditlhapi” mo metsing a kwa Fiji.
[Ntlha e e kwa tlase]
a Bona buka ya Matsapa a a Tserweng ke Motho go Batla Modimo, e e gatisitsweng ke Watchtower Bible and Tract Society of New York, Inc., ditsebe 115-17.
[Mmapa mo go tsebe 23]
(For fully formatted text, see publication)
Viti Levu
Vanua Levu
Suva
Lautoka
Nandi
0 100 km
0 100 mi
18°
180°
[Setshwantsho mo go tsebe 24]
“Bure,” kana legae la mo lefelong leno
[Setshwantsho mo go tsebe 24]
Tempele ya Bahindu kwa Fiji
[Setshwantsho mo go tsebe 25]
Go “tshwara ditlhapi” tse e leng batho ka katlego kwa Fiji
[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 24]
Fiji Visitors Bureau