LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w94 4/15 ts. 21-26
  • Go Tlosa Lesire kwa Karolong E E kwa Thokothoko ya Alaska

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Go Tlosa Lesire kwa Karolong E E kwa Thokothoko ya Alaska
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1994
  • Ditlhogwana
  • Phetogo E E Botlhoko
  • Maiteko A Ntlhantlha a go Neela Bosupi
  • Thuso E E Sa Lebelelwang E A Bonwa
  • Go Ya kwa Tlase kwa Dithabeng tsa Aleutian
  • Go Thuthafala ka Bonya
  • Go Tshela Molelwane
  • A go Tshwanela Matsapa Ano?
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1994
w94 4/15 ts. 21-26

Go Tlosa Lesire kwa Karolong E E kwa Thokothoko ya Alaska

JAANONG re setse re na le malatsi a le mabedi, ka bone jwa rona re ntse re pitlagane mo kamorenyaneng e nnye mo toropong e e itsiweng thata ka go batliwa ga gouta ya Nome, kwa Alaska. Ka 1898 go ne ga phuthega batho ba ka feta 40 000 fano, ba tlile go batla selo se le sengwe fela—gouta! Kafa letlhakoreng le lengwe, rona re batla letlotlo le le farologaneng.

Se re se kgatlhegelang mo lobakeng lono ke “dilō tse di eletsegañ” e leng bao ba ka tswang ba nna mo metseng e e kwa thoko ya Gambell le Savoonga kwa Setlhaketlhakeng sa St. Lawrence, dikilometara di le 300 kwa bophirima jwa Bering Strait. (Hagai 2:7) Koo Ba-Inuit ba gobea mo metsing a a gatsetseng a Arctic mme ba tsoma maruarua dikilometara di le mmalwa fela go tswa fa go se e kileng ya bo e le Soviet Union. Mme semathana se se fokang le kobo e e pududu ya mouwane e re thibeletse. Sefofane sa rona se kganeletswe fa fatshe.

Fa re ntse re letile jalo, ke akanya ka ditiragalo tsa dingwaga di le mmalwa tse di fetileng mme re leboga Jehofa Modimo go bo a re segofaditse fa re ntse re neela bosupi mo dikgweng. Kwa Alaska—e bontsi bo e bitsang karolo ya bofelo e e kwa thokothoko ya lefatshe—go na le batho ba ba tsholetsweng koo ba ba ka fetang 60 000 ba ba nnang mo metseng e e katoganeng e le 150, e e gasameng mo disekwerekilometareng di le 1 600 000 tsa naga fela e e sa tshwaraganngwang ke ditsela dipe. Re setse re fitlhile kwa nngwetharong ya metse e e katoganeng eno re isa mafoko a a molemo a Bogosi jwa Modimo ka sefofane sa Mokgatlho wa Watch Tower.—Mathaio 24:14.

E le gore re kgone go fitlha kwa mafelong a a kwa thoko ano, gantsi sefofane se tshwanetse go kotama go na le maru le mouwane tse di apesang naga ka malatsi. Fa se sena go kotama, go santse go na le mouwane o mongwe o re tshwanetseng ra o ralala. O khurumeditse megopolo le dipelo tsa batho bano ba ba pelonomi le ba ba nang le kagiso jaaka lesire.—Bapisa 2 Bakorintha 3:15, 16.

Phetogo E E Botlhoko

Go nna Ba-Inuit, Ba-Aleut, le Baindia kwa dikgweng tsa Alaska. Bangwe le bangwe ba na le dingwao le mekgwa e e sa tshwaneng e ba e ruileng mo go borraabonemogolo. Ba ithutile go tshela ka dilo tse di bonwang mo nageng ka go tsoma, go tshwara ditlhapi, le go tshwara maruarua, gore ba kgone go tshela fa go le mariga kwa Arctic.

Batswakwa ba ne ba tla fa gare ga bo1700. Ba-Russia ba ba neng ba gweba ka bobowa ba ne ba fitlhela batho ba ba apereng matlalo a diphologolo ba ba nkgang mafura a lenyibi, ba ba neng ba sa nne mo mekhukhwaneng e e dirilweng ka aese, mme mo megwaafatsheng e e dirilweng ka tlhaga e e tlhakantsweng le mmu e e ruletsweng ka tlhaga mme mejako ya yone e le kwa tlasenyana ga mmu. Bagwebi ba ne ba tlisetsa batho bano ba ba buang ka boleta, ba ba bonolo, mme lefa go ntse jalo ba le pelokgale, mathata a mantsi a a masisi, go akaretsa le dingwao tse disha le malwetsi a masha, a a neng a bolaya sephatlo sa batho ba merafe ya bone. Bojalwa bo ne jwa senya batho bano. Ikonomi e ntšha e ne ya fetola botshelo jwa bone jwa go tlamela malapa a bone ka go tshela kwa ntle ga go rekisa mme ya bo dira jwa go tshela ka madi. Le go fitlha gompieno, bangwe ba santse ba akanya gore phetogo eo e ne e le botlhoko.

Fa barongwa ba Labokeresete ba goroga, batho ba Alaska ba ne ba patelediwa go fetoga gape. Lefa bangwe ba ile ba tlogela mekgwa ya bodumedi jwa ngwao ya bone ntswa ba sa rate—e leng go obamela meya ya phefo, aese, bera, ntsu, le tse dingwe—bangwe ba ne ba kopanya dikgopolo, tse di neng tsa felela ka go tswakanngwa ga bodumedi kana ka bodumedi jo bo tlhakatlhakaneng. Dilo tseno tsotlhe gantsi di ne di felela ka go belaela le go sa ikanye batswakwa. Ga se gantsi moeng a amogelwang mo metseng e mengwe.

Ka gone, bothata jwa rona ke gore, Re tlile go fitlhelela jang batho ba ba gasameng mo lefelong leno le legolo le le kwa thokothoko? Dipelaelo tsa bone di ka fedisiwa jang? Re ka dirang go tlosa lesire?

Maiteko A Ntlhantlha a go Neela Bosupi

Fa bo1960 ba simologa, Basupi bangwe ba sekae ba ba tlhoafetseng ba kwa Alaska ba ne ba ralala—diphefo tse di maatla, dithemperetšha tse di kwa tlase ga lefela, semathana—mme ba fofisetsa difofane tsa bone tse di tsamayang ka enjene e le nngwe ba tswa matsholo a go ya go rera kwa metseng e e gasameng kwa bokone. Fa re akanyetsa maemo a nako eo, bakaulengwe ba ba pelokgale bano ruri ba ne ba ipaya mo kotsing tota. Fa enjene e ne e ka ema go ne go tla nna le kotsi e e maswe thata. Le e leng le fa ba ne ba ka kgona go kotama sentle, ba ne ba tla bo ba le dikilometara tse dintsi kgakala thata gore ba ka thusiwa, ba le mo dithemperetšhareng tse di kwa tlase ga lefela e bile go sena sepe se sengwe se ba ka tsamayang ka sone. Ba ne ba tla falola fela fa ba ka bona dijo le bonno, e leng selo se se neng se ka se bonwe bonolo. Re leboga fela gore go ne ga se ka ga diragala sepe se se masisi, mme dikotsi tse di ntseng jalo di ne di sa itlhokomolosiwe. Ka jalo, ofisi ya lekala ya Mokgatlho wa Watch Tower ya Alaska e ne e sa kgothaletse tsela e e ntseng jaana ya go rera.

Bakaulengwe ba ba ikanyegang ba Phuthego ya Fairbanks le ya North Pole ba ne ba tsweletsa tiro ka go dira thata mo metseng e megolo jaaka wa Nome, Barrow, le Kotzebue, e go tsamayang difofane tsa kgwebo kwa go yone. Ba ne ba dirisa madi a bone go etela mafelo ano, sekgala se se fetang dikilometara di le 720 go ya kwa bokone le bophirima. Bangwe ba ne ba nna kwa Nome ka dikgwedi di le mmalwa go tshwara dithuto tsa Bibela le batho ba ba kgatlhegang. Kwa Barrow go ne ga hirwa folete gore go nne le fa go ka tshabelwang teng dithemperetšha tsa dikerii tse 45 tsa boswakgapetla tsa Celsius. Mo dingwageng di le mmalwa tse di ntseng di feta ba ba tseelang pelong taolo ya ga Jesu ya go rera mafoko a a molemo go ya kwa dikhutlong tsa lefatshe ba ile ba dirisa madi a a fetang R50 000.—Mareko 13:10.

Thuso E E Sa Lebelelwang E A Bonwa

Go ne ga nna ga lekwa go bona tsela ya go fitlha kwa ditikologong tse di kwa thoko, mme Jehofa o ne a bula tsela. Go ne ga bonwa sefofane sa dienjene tse pedi—sone selo se se tlhokegang go kgabaganya Alaska Range ka pabalesego. Go na le ditlhoa di le mmalwa tse di bogodimo jwa dimetara di le 4 200 kwa Alaska, mme setlhoa sa Mount McKinley (Denali) e e itsegeng thata se dimetara di le 6 193 kwa godimo ga lewatle.

Kgabagare, sefofane seno se ne sa tla. Akanya fela kafa re neng ra swaba ka teng fa go ne go kotama motšhini wa go fofa o o onetseng, o mogologolo, o o mebalabala. A tota ruri se tla kgona go fofa? A matshelo a bakaulengwe ba rona a tla bo a babalesegile mo go sone? Letsogo la ga Jehofa le ne la itshupa gape gore ga le lekhutshwane. Bakaulengwe ba ba fetang 200 ba ne ba ithaopela go se baakanya ba kaelwa ke babaakanyi ba ba nang le dilaesense, mme ba ne ba senya diura di le dikete di le mmalwa go baakanya sefofane sotlhe.

A bo se ne se kgatlha jang ne fa o se leba! Go ne ga tlhatloga mo loaping lwa Alaska sefofane se se phatsimang se e keteng se sesha se na le nomoro ya ikwadiso ya 710WT mo mogatleng wa sone! E re ka Bibela e dirisa supa le lesome go tshwantshetsa selo se se feletseng, 710 e ka nna ya tsewa gore e ne e gatelela tsela e phuthego ya ga Jehofa e neng e ema nokeng tiro ya go tlosa lesire le le apesitseng dipelo tse di mo lefifing ka yone.

Go Ya kwa Tlase kwa Dithabeng tsa Aleutian

Fa re sale re nna le sefofane seno, re tsamaile dikilometara di le 80 000 mo nageng fela, re isa mafoko a a molemo a Bogosi le dibuka tsa Bibela mo metseng e le 54. Seno se tshwana le go kgabaganya kontinente ya United States ka makgetlo a le 19!

Re ne ra fitlha kwa Ditlhaketlhakeng tsa Aleutian tse di boleele jwa dikilometara di le 1 600 tse di kgaoganyang Lewatle la Pacific le Lewatle la Bering ka makgetlo a le mararo. Ditlhaketlhake tse di fetang 200 tse di senang ditlhare, tseo di dirang mogolagang ono ga se legae la Ba-Aleut ba ba tsholetsweng koo fela mme gape le diketekete tsa dinonyane tsa lewatle, le bontsu ba ba lefatla, le diganse tse di nang le ditlhogo tse di tshweu jaaka semathana le diphofa tse di sa tlwaelegang tse di bontsho le bosweu.

Lefa go ntse jalo, bontle jo bo gogelang jwa lefelo leno, ga se gore ga bo na dikotsi dipe. Fa re ntse re fofa fa godimo ga lewatle, re ne re kgona go bona makhubu a masweu a selekanyo sa dimetara di le tharo go ya go di le tlhano mo metsing a a lefulo a a gatsetseng, a a tsididi mo le fa go le selemo o ka se kang wa nna mo go one lobaka lwa metsotso e le 10 go ya go e le 15. Fa mokgweetsi wa sefofane a ne a ka patelesega go kotama, o ne a ka kotama fela mo setlhaketlhakeng se se tletseng matlapa kana mo lewatleng le le gatsetseng, le le bolayang. A bo re leboga jang ne go bo re na le bakaulengwe ba ba ditswerere, ba ba nang le ditlankana tsa A & E (Aircraft and Engines), ba ba ithaopelang go baakanya sefofane seno gore se nne se le mo maemong a siameng!

Mo leetong le lengwe, re ne ra leba kwa Dutch Harbor le kwa motsaneng wa batshwari ba ditlhapi wa Unalaska. Kgaolo eno e itsege ka diphefo tsa yone tse di fokang ka dikilometara di le 130 go ya go di le 190 ka ura. Se se itumedisang ke gore go ne go ritibetse mo letsatsing leo mme go ntse go kgoberega ka tsela e e neng e re dira gore re belaele ka makgetlonyana. A bo re ne ra gakgamala jang ne fa re ne re bona lefelo la go kotama—e le tselana fela e e gabilweng mo letlhakoreng le le matlapa la thaba! Kafa letlhakoreng le lengwe la tselana eno e ne e le lekgotlho la letlapa, kafa go le lengwe e le metsi a a dikgapetla a Lewatle la Bering! Re ne ra kotama mo tselaneng e e metsi. Pula e na malatsi a a fetang 200 ka ngwaga koo.

A bo re ne ra itumelela go tlotla ka Lefoko la Modimo le boikaelelo jwa gagwe le batho ba lefelo leo jang ne! Bontsi jwa batho ba ba godileng ba ne ba supa fa ba anaanela tsholofelo ya go tshela mo lefatsheng le le senang ntwa. Ba ne ba santse ba gakologelwa sentle fa Bajapane ba ne ba latlhela dibomo mo Dutch Harbor ka Ntwa ya Lefatshe II. Le rona ga re lebale maeto ao a go neela bosupi ka tsela e e tshwanang.

Go Thuthafala ka Bonya

Fa re tlhatlhoba maemo a bosa gape, re lemoga fa themperetšha e tlhatlogela godimo ka bonya. Seo se nkgopotsa tiro ya rona kwa dikgweng. Re ile ra lemoga gore dipelo tsa batho di ne di thuthafala ka bonya ka bonya.

Go re tsere nako gore re kgone go tlosa lesire la pelaelo le go sa ikanye batswakwa ga batho bano. Fa re ne re simolola, go ne go tlwaelegile gore baeteledipele ba dikereke ba motse ba kgatlhantshe sefofane, ba botse gore re tlile go dirang ba bo ba re bolelela ka bonako fela gore re tsamaye. Gone mme, go amogelwa ka tsela eo go ne go kgoba marapo. Mme re ne ra gakologelwa kgakololo ya ga Jesu e e mo go Mathaio 10:16 e e reng: “Lo nneñ botlhale yaka dinōga, le buri yaka maphoi.” Ka jalo re ne ra boa re tladitse sefofane ka letisi, ditamati, maphutshe, le dilo tse dingwe tse di sa bonweng motlhofo mo lefelong leo. Batho ba ba kileng ba bo ba se botsalano jaanong ba ne ba itumelela go bona thoto ya rona.

Fa mokaulengwe yo mongwe a tlhokomela “lebenkele,” a ntse a amogela meneelo ya merogo eo, ba bangwe ba le mmalwa ba ne ba tsamaya ka ntlo le ntlo, ba bolelela beng ba matlo ka dilwana tse disha tse di gorogileng. Ba ne ba botsa jaana fa ba fitlha kwa mejakong: “Ehe, kana, a o a tle o bale Bibela? Ke a itse gore o tlile go itumelela buka eno e e thusang go ithuta Bibela e e bontshang gore Modimo o re solofeditse gore o tla re tlisetsa paradaise.” Ke mang yo a neng a ka gana fa a solofediwa selo se se kgatlhang seo? Mongwe le mongwe o ne a itumelela dijo tsa nama le tsa semoya. Re ne re amogelwa monate thata, go ne ga tsamaisiwa dibuka tse dintsi, mme batho ba le mmalwa ba ne ba thuthafadiwa dipelo.

Go Tshela Molelwane

Phuthego ya Whitehorse e e kwa motsheo kwa Yukon Territory, e ne ya re laletsa jaaka batho ba “Makedonia” ba re ‘kgabaganyetsang kwano’ Canada le tle go etela mafelo a a kwa kgakala a Northwest Territories. (Ditihō 16:9) Re ne re le batlhano fa re ya kwa Tuktoyaktuk, motse o o gaufi le Mackenzie Bay mo Lewatleng la Beaufort, kwa bokone jwa Arctic Circle.

‘Leina le le sa tlwaelegang leno le bidiwa jang?’ re ne re ntse re ipotsa fa re goroga.

“Tuk,” mosha mongwe o ne a araba jalo a nyenya fela thata.

“Tota ke eng re se kile ra akanya jalo?” re ne ra gakgamala jalo.

Re ne ra gakgamadiwa ke go fitlhela batho ba Tuktoyaktuk ba itse Dikwalo thata. Seo se ne sa dira gore re nne le metlotlo e mentsi e e botsalano, re bo re tsamaise dibuka tse dintsi. Mongwe wa babulatsela ba ga rona ba babotlana o ne a tlotla le mongwe ka tsela e e neng ya dira gore a lemoge sengwe.

“Ke tsena Anglican!” mong wa ntlo o ne a rialo.

“A wa itse gore Kereke ya Anglican e dumelela bosodoma?” mmulatsela wa ga rona o ne a botsa jalo.

“E a bo dumelela?” monna o ne a ema go le gonnye. “Fa go ntse jalo, ga ke tlhole ke tla tsena Anglican.” Re solofela gore yono e ne e le motho yo mongwe gape yo a neng a bulela mafoko a a molemo a Bibela pelo ya gagwe.—Baefesia 1:18.

Monnamogolo mongwe o ne a kgatlhiwa ke go iketleetsa ga rona go ya kwa ntlong nngwe le nngwe mo lefelong leo. Re ne re tsamaya ka dinao. Gantsi re ne re tsamaya sekgala sa kilometara kana go feta go tswa kwa re kotameng teng go ya kwa motseng. Re ne re tshwanela go tsamaya mo ditseleng tse di matlapa le tse di seretse gore re fitlhe kwa ntlong nngwe le nngwe. Monna yono o ne a re adima llori ya gagwe, mme a bo e ne ya re thusa thata jang ne! Go kgabaganya molelwane re ya go thusa kwa tshimong ya Canada e ne e le tshiamelo e e molemo tota.

A go Tshwanela Matsapa Ano?

Fa maemo a bosa a le maswe mme e bile re kaelelwa kana re diega ka lobaka lo loleele, jaaka go ntse jaanong, kana fa re rerile letsatsi lotlhe mme re kopane le batho ba ba sa kgatlhegeng kana ba ba seng botsalano, re simolola go ipotsa gore nako, le maatla le ditshenyegelo tseno a ga di senyege fela. Re ka nna re akanya ka batho ba ba lebegang ba kgatlhega ba bo ba solofetsa go ithuta ka go romelelwa lokwalo mme ba bo ba sa dire jalo. Re bo re gakologelwa gore batho ba bantsi ba fano ga ba a tlwaela go kwala makwalo, mme e bile o ka nna wa ithaya wa re ba kgatlhegela molaetsa wa Bibela fa o ba bona ba supa botsalano. Ka dinako tse dingwe ga go motlhofo mo go rona go bona selekanyo se re atlegang ka sone.

Megopolo eno e e seng monate e lebalega ka bonako fa re gakologelwa maitemogelo a a monate a baboledi ba bangwe ba Bogosi. Ka sekai, Mosupi mongwe wa kwa Fairbanks o ne a rera kwa motseng wa Barrow kwa bokone jo bo kgakala. O ne a fitlhela mosetsana wa dingwaga tsa bolesome kwa gae a tswa kwa kholetšheng kwa California. Kgaitsadi yono o ne a mmoloka a ntse a kgatlhega jalo ka go kwalelana le ene le go tswelela a mo kgothatsa le fa a sena go boela kwa kholetšheng. Gompieno lekgarejwana leo ke motlhanka yo o itumetseng yo o kolobeditsweng wa ga Jehofa.

Go kokota ga mongwe kwa mojako go kgaosetsa se ke neng ke ntse ke se akanya mme go nnaya bosupi jwa gore matsapa ano ga se a lefela. Go eme Elmer, Mosupi a le mongwe fela wa Mo-Inuit yo o kolobeditsweng mo Nome.

“A nka tswa le lona fa e le gore le a tswa?” o ne a botsa jalo. O nosi fela e bile o nna dikilometara di le 800 go tswa kwa phuthegong e e gaufi, mme o rata go dira le bakaulengwe ba gagwe mo bodiheding fa a bona sebaka.

Marang a letsatsi a ralala maru, mme re itse gore re tla tloga re letliwa go tsamaya. Fa Elmer a pagama sefofane, sefatlhego sa gagwe se se itumetseng se se phatsimang se a re omosa. Leno ke letsatsi le le kgethegileng mo go Elmer. O tlile go tsamaya le rona kwa motseng o re yang kwa go one go ya go rerela batho ba gaabo ba Ba-Inuit, go ya go re thusa go tlosa lesire le le apesitseng dipelo tsa batho ba ba nnang kwa karolong e e kwa thokothoko ya lefatshe.—E Neetswe.

[Mmapa mo go tsebe 23]

(For fully formatted text, see publication)

1. Gambell

2. Savoonga

3. Nome

4. Kotzebue

5. Barrow

6. Tuktoyaktuk

7. Fairbanks

8. Anchorage

9. Unalaska

10. Dutch Harbor

[Setshwantsho mo go tsebe 24]

Gantsi go tlhokega gore re kgabaganye mongwe wa mekoloko e mentsi ya dithaba tsa Alaska gore re fitlhe kwa bathong ba ba nnang kwa thokothoko

[Setshwantsho mo go tsebe 25]

Dingwaga tse Betty Haws, Sophie Mezak, le Carrie Teeples ba nang le tsone mo tirelong ya nako e e tletseng di feta 30 fa di kopanngwa

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela