A O Ya Legodimong Kana Diheleng?
“O NA le sebaka se se kana kang sa gore a o ya legodimong kana diheleng?”
Seno tota ke se Baamerika ba neng ba se bodiwa mo patlisisong nngwe ya bosheng. Princeton Religion Research Center e ne ya gatisa se ba neng ba se bona mo go Religion in America 1992-1993.
Wena o ne o tla araba jang? Molekane wa gago kana ba bangwe ba o ba ratang ba na le sebaka se se kana kang sa gore a ba tla ya legodimong fa ba swa? A o akanya gore go ka nna ga direga gore wena kana bone, ba felele ba ile diheleng?
Patlisiso eo e ne ya bontsha gore 78 lekgolong ya bone ba ne ba akanya gore ba na le sebaka se sentle kana se se molemolemo sa gore ba ye legodimong, mme go na le batho ba ba oketsegileng ba ba arabang jalo go feta dingwaga tse 40 tse di fetileng. Go tweng ka dihele? Mo e ka nnang 77 lekgolong e ne ya bolela gore ga ba bone go ka direga gore ba ye diheleng.
A dikarabo tsa bone di ne di thailwe mo kitsong ya boammaaruri ya Bibela? Gone, batho ba le 4 mo go ba le 10 ba ne ba dumela gore ga ba ye ditirelong tsa bodumedi thata jaaka fa ba ne ba dira dingwaga tse tlhano tse di fetileng. Ke 28 lekgolong fela e e bolelang gore ba nna le ditlhopha tse ba ithutang Bibela mo go tsone le 27 lekgolong fela e e yang kwa ditlelaseng tsa thuto ya bodumedi.
Fa o ka ithuta Bibela ka kelotlhoko, o tla bona dintlha dingwe tse di gakgamatsang. Ka sekai, Bibela e bolela ka phepafalo gore fa Jesu a ne a swa o ne a ya “diheleng,” jaaka fa e ranolwa mo dithanolong dingwe tsa Bibela. (Ditihō 2:31, King James Version; “Hades,” New World Translation) Lefoko la Modimo gape le bontsha gore Kgosi Dafide mmogo le Johane Mokolobetsi ga ba a ka ba ya legodimong fa ba swa. (Mathaio 11:11; Ditihō 2:29) Ke mabaka a a utlwalang tota, e seng dikgopolo dingwe fela tsa patlisiso nngwe ya bodumedi.
Mabaka a mangwe a a go amang ke ano: Bibela e ruta gore baaposetoloi ba ga Jesu mmogo le palo e e lekanyeditsweng ya batho ba bangwe ba tla tseelwa legodimong go ya go busa le Jesu. Lefa go ntse jalo, bontsi jwa batho ba ba suleng ba ile fela mo lebitleng le le tlwaelegileng. Modimo o tla ba tsosa, a ba busetsa mo lefatsheng gore ba tle go tshela botshelo jo bo itekanetseng jo bo itumedisang, jo bo sa khutleng mo lefatsheng la paradaise.
Basupi ba ga Jehofa ba tla itumelela go go thusa gore o bone boammaaruri jwa tsholofetso eo go tswa mo Bibeleng ya gago.