Metsi a Botshelo
“LE EO o utlwañ, a a kè a re, tla. Le eo o nyorilweñ a a tlè: eo o ratañ, a a tseè metse a botshelō, a a tseè hèla a sena thèkō.” (Tshenolō 22:17) “Metse a botshelō”—a raya dilo tsotlhe tse di thailweng mo setlhabelong sa ga Jesu Keresete sa thekololo tse Modimo o di re direlang tse di tla re thusang gore re bolokiwe. Dilo tseno di teng, mme ga di rekwe. A bo Modimo o le pelonomi jang ne! Mme gone, ke eng fa di tshwantshediwa ka metsi?
Gone, metsi a mmatota a dira gore dijalo di mele mo mmung, mme seo se dira gore batho ba kgone go tshela. Dimela le batho ba ka se kgone go tshela kwantle ga metsi. Mo godimo ga moo, 65 lekgolong ya mmele wa gago ke metsi. Baitseanape bangwe ba tsa boitekanelo ba akantsha gore fa e le gore o batla go nna o ntse o na le selekanyo se se kalo sa metsi, o tshwanetse go nwa dilitara di le pedi le sephatlo tsa metsi letsatsi le letsatsi. Diphetogo tsotlhe tse di diragalang mo mmeleng—go simologa ka go silwa ga dijo go ya mo go ntsheng leswe—go tlhokega metsi. Fa o ka nna o sa nwe metsi ka beke e le nngwe fela, o tla swa.
Ka mo go tshwanang, “metse a botshelō” a thusa le go nonotsha botshelo jwa semoya. Fa re gana metsi a botshelo, re ka se nne le isagwe e e tla nnelang ruri. (Yohane 3:36) Fa re a amogela, re tla bona botshelo jo bo sa khutleng. Ga go gakgamatse go bo mosadi wa Mosamaria a ile a kgatlhega fa Jesu a ne a mmolelela jaana: “Me leha e le mañ eo o tla nwañ metse a ke tla a mo nosañ, ga a ketla a tlhōla a nyōrwa gopè; me metse a ke tla a mo nosañ a tla cwa mocwedi oa metse mo go èna, a a cwèlèlañ botsheloñ yo bo sa khutleñ”! (Yohane 4:14) E kete re ka kgaratlha ka mo re ka kgonang ka teng mme re tseye metsi a botshelo a a sa rekweng.
[Setshwantsho mo go tsebe 31]
Garo Nalbandian