Pego ya Baboledi ba Bogosi
“Leina ya ga Yehofa Ke Kagō e e Godileñ E E Thata”
RE TSHELA mo metlheng e e sa tlhomamang. Matshelo a rona a go bonalang e kete a tlhomame a ka fetoga ka bonako fela, mme kwantle ga tlhagiso epe, batho bangwe ba ile ba iphitlhela fela ba le mo gare ga nthagaraga pele ga ba e lemoga. Kotsi e ka tla ka tlhakatlhakano ya polotiki, tlhaselo e e setlhogo, masetlapelo a tlholego, kana bolwetsi jo bo masisi. E ka tswa e le eng fela se se diragalang, ke kae koo Mokeresete a tshwanetseng go leba gone fa botshelo jwa gagwe bo le mo kotsing?
David, mongwe wa barongwa yo o nnang kwa go lengwe la makala a Mokgatlho wa Watch Tower, o ne a itse karabo ya potso eo ka go diragalelwa ke sengwe se se tshosang. Ka a dira tiro ya go kgweetsa, moso mongwe o ne a tloga go le mahube go ya go tsaya badiri ba mo Bethele ba ba nnang kwantle (baithaopi ba ba sa nneng kwa lekaleng). Go ne go santse go le lefifi. O ne a setse a pegile Rosalía mme a feta fa seteishaneng sa mapodisi fa a ne a utlwa modumo wa ntlha wa sethunya.
Morago ga moo dilo di ne tsa diragala ka bonako. O ne a utlwa modumo o o neng o utlwala jaaka wa kirikete e kgolo mme a lemoga fa nngwe ya dithaere e dutla mowa thata. Ka tshoganetso a bona lesole le eme mo gare ga tsela le mo supile ka tlhobolo. Go ne ga diragala dilo di le tharo mo e ka nnang ka nako e le nngwe fela: Sefako sa dikolo se ne sa phunyakaka matlhakore a Jipi, tsa sugakanya difensetere; David le Rosalía ba ne ba di tila; lesole le ne la thuntsha galase e e kwa pele ya koloi go ya bogodimong jwa matlho a bone.
Fa Jipi e ntse e tsatsankiwa jalo ka dikolo, David o ne a gata mariki ka bojotlhe ka moo a ka kgonang ka teng a ntse a iname. David mmogo le Rosalía ba ne ba akanya gore ba tlile go swa. Ba ne ba rapela Jehofa kwa godimo, ba mo kopa gore a ba sireletse. Moragonyana, Rosalía o ne a bolela gore ka nako eo o ne a ipotsa gore lelapa la gagwe le ne le tla itshwara jang fa le utlwa gore o sule!
Ba ne ba Santse ba Tshela!
Kgabagare modumo wa dithunya le wa go thubega ga digalase o ne wa khutla, mme David o ne a tlhodumela Rosalía. O ne a batla a ema pelo fa a bona patsonyana e e kgolokwe ya madi mo mokwatleng wa gagwe. Mme lefa go ntse jalo e ne e le phatsa ya galase e seng kolo e e neng e mo tlhabile foo. Mangole a gagwe a ne a tswa madi ka ntlha ya digalase tse di neng di wa, mme lefa go ntse jalo o ne a lebega a siame.
Banna ba ba neng ba apere diaparo tsa sesole ka mabante a matsogo a masweu ba ne ba ragogela Jipi ya bone mme ba ba laela gore ba fologe mo go yone ba tsholeditse matsogo. Mongwe wa bone yo go neng go bonala e le wa maemo a a kwa godingwana, o ne a retologela kwa lesoleng leo mme a re: “Lo boleletswe gore lo seka lwa thunya batho ba legae.” Lesole le ne la ntsha seipato, le bolela gore le ne la utlwa dithunya mme la akanya gore di ne di tswa mo Jiping.
Ka nako ya fa David a ikitsise gore ene le Rosalía ke Basupi ba ga Jehofa, ba ne ba tsewa sentle. O ne a tlhalosa se a neng a ntse a se dira, mme lefa go ntse jalo masole a ne a santse a batla go ba tshwara. Go bonala gore ka mahube a moso oo, setlhopha seo sa masole se ne se menotse puso, mme ka nako eo fa David le Rosalía ba ne ba feta ka Jipi masole ano a ne a tshwaragane le go gapa seteishane sa mapodise.
Rosalía o ne a tshwenyegile maikutlo thata, mme lefa go ntse jalo o ne a leka ka bopelokgale go ritibatsa maikutlo fa David a ntse a ba rapela gore ba gololwe. Kgabagare ba ne ba letlelelwa go tsamaya—ba tlogela Jipi. Ba ne ba tshwanelwa ke go tsamaya ka maoto go ya kwa tseleng e e neng e le gaufi mme ba palama bese go ya kwa lekaleng, koo Rosalía a fitlhileng a alafiwa kwa kokelong ya teng.
Maatla a Thapelo
David o ne a ithuta sengwe go tswa mo tiragalong eno—o se ka wa nyatsa maatla a thapelo e e rapelwang ka tlhoafalo, e bile o se ka wa lebala gore go ipolela ka bopelokgale gore o mongwe wa Basupi ba ga Jehofa gantsi go a sireletsa. Go ka nna ga direga gore o iponele ka matlho gore ruri “leina ya ga Yehofa ke kagō e e godileñ e e thata: mosiami o sianèla mo go eōna, me a bolokège.”—Diane 15:29; 18:10; Bafilipi 4:6.
[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 19]
Fotografía de Publicaciones Capriles, Caracas, Venezuela