Fa Botlhaba Bo Kopana le Bophirima
“OWAI, Botlhaba ke Botlhaba, le Bophirima ke Bophirima, mme bobedi jo ga bo kitla bo tsamaya bo kopana.” Mafoko ano a mmoki wa Moboritane Rudyard Kipling a re gopotsa ka go farologana go go golo ga ditso go go kgaoganyang batho, mo go dirang gore go nne le go tlhoana ka ntlha ya lotso le bomorafe go go fitlhelwang gongwe le gongwe mo re leng teng gompieno. Batho ba le bantsi ba botsa gore, A ga go na sepe se Modimo o ka se dirang ka seemo seno? Ee, se gone! Tota e bile le gone jaanong o ntse o dira sengwe! Mola o o latelang wa leboko la ga Kipling o ne o bua ka seno. Botlhaba le Bophirima di tla nna di ntse di kgaogane ka lobaka lo lo kae? Mmoki yono o ne a re: “Go fitlha fa mo bogautshwaneng Lefatshe le Legodimo di tla bo di ema fa pele ga Setulo se segolo sa Modimo sa Katlholo.”
Modimo o neetse Morwawe, Jesu Keresete maikarabelo a go atlhola. (Yohane 5:22-24, 30) Mme nako eo ya katlholo e tla simologa leng? Ke bomang ba ba atlholwang, mme go tla felela jang? Jesu ke ene a ileng a tlhalosa ka go perofeta ka dintwa tsa lefatshe di patilwe ke matshwenyego a lefatshe tse di ileng tsa simolola go bogisa batho ka ngwaga wa 1914. O ne a bolela gore dilo tseno e ne e le “sesupō” sa ‘go nna gone ga gagwe a sa bonale le sa bokhutlo jwa lefatshe.’—Mathaio 24:3-8.
Kwa bofelong jwa boperofeti jono jo bogolo, Jesu o bolela motlha o re leng mo go one e le wa katlholo a itlhalosa jaana: “E tla re Morwa Motho a tla ka kgalalèlō ea gagwè, a na le baengele botlhe, hoñ o tla dula mo setuloñ sa gagwè sa bogosi sa kgalalèlō; me merahe eotlhe e tla phuthèlwa ha pele ga gagwè. Me o tla ba kgaoganya bañwe mo go ba bañwe, yaka modisa a tla a kgaoganye dinku le dipodi; mme dinku o tla di baea kaha lecogoñ ye legolo, me dipodi kaha go ya molèma.” Ka tsela ya tshwantshetso, gone jaanong batho botlhe ba lefatshe ba phuthelwa fa pele ga Moatlhodi mme ba ikarabelela go ya ka fa ba tsibogelang molaetsa wa gagwe wa poloko ka teng. E tla re fa katlholo e diragadiwa ka nako ya sepitla se segolo, batho ba ba sa utlweng ba seka dipodi “ba tla ea mo pecoñ e e sa khutleñ: me basiami [ba ba kutlo ba seka dinku] ba tla ea mo botsheloñ yo bo sa khutleñ.”—Mathaio 25:31-33, 46; Tshenolō 16:14-16.
‘Go tswa Botlhabatsatsi le go tswa Bophirimatsatsi’
Totatota go atlholwa ga lefatshe leno go simologile mo dingwageng tse di neng di tletse ka mmudubudu tsa Ntwa ya Lefatshe I. Ka nako eo, baruti ba Labokeresete ba ne ba eme ditlhopha tse di neng di tlhabana nokeng ka pelo yotlhe. Seno se ile sa ba supa e le karolo ya lefatshe le le bosula le le tshwanelwang ke “bogale jwa Modimo.” (Yohane 3:36) Lefa go ntse jalo, go tweng ka Bakeresete ba ba ratang kagiso ba ba neng ba bontsha tumelo go Modimo? Go simolola ka 1919, batho bano ba ne ba simolola go phuthelwa ka fa letlhakoreng la Kgosi, Keresete Jesu.
Ba ne ba tswa mo dikarolong tsotlhe tsa lefatshe, ba ntlha e le masalela a batlodiwa ba ba 144 000, ba ba ntseng ba tlhophiwa go ralala makgolokgolo a dingwaga a motlha wa Bokeresete. Batho bano ba tlile go nna “baruaboshwa mmōgō le Keresete” mo Bogosing jwa gagwe jwa selegodimo. (Baroma 8:17) Moperofeti wa Modimo o raya batho bano a re: “U se ka ua boiha; gonne ke na nau: ke tla tlisa losika loa gago lo cwa kwa botlhabatsatsi, ke gu phutha go cwa bophirimatsatsi. Ke tla raea Botsheka, ke re, Ntsha; ke raea Borwa, ke re, Se kganele: tlisañ bomorwaake go cwa kgakala, le bomorwadiake go cwa sekhutloñ sa lehatshe; Eboñ moñwe le moñwe eo o bidiwañ ka leina ya me, eo ke bileñ ka mo tlhōlèla kgalalèlō ea me; Nna ke mmopile; E, Nna ke mo dihile.”—Isaia 43:5-7.
Mme ga se gone gotlhe! Segolobogolo go simologa ka bo1930, boidiidi jo bogolo, jo gone jaanong bo balwang ka dimilione, bo ne jwa simolola go phuthiwa. Batho bano ke “dinku” tse Jesu a neng a bua ka tsone mo go Mathaio 25:31-46. Jaaka masalela a a tloditsweng a a tlhophilweng pele ga bone, bano ba “nna le tumelo” mo go Ene yo o bolelang jaana: ‘Lo basupi ba me, mme nna ke Modimo.’ (Isaia 43:10-12) Go phuthiwa ga boidiidi jono jo bogolo le gone go tsweletse pele ‘go tswa botlhabatsatsi le bophirimatsatsi, go tswa botsheka le borwa, le go tswa fela kwa sekhutlong sa lefatshe.’
Dinku tseno tse di ratang kagiso di kopanngwa go nna bana ba motho ba ba utlwanang ba ditšhabatšhaba. Ba bua dipuo di le dintsi tsa dinaga tse 231 tse ba nnang mo go tsone. Lefa go ntse jalo, ba tshwaragane mo go ithuteng “puō e e itshekileñ” ya molaetsa wa Bibela wa Bogosi, “gore ba bitsè leina ya ga Yehofa, go tla ba mo dihèla ka tumalanō e le ñwe hèla.” (Sefania 3:9) Go utlwana ga bone mo go se ba se dumelang, mo maikaelelong, le fa ba dira dilo, ke bosupi jo bo phepafetseng jwa gore tota Botlhaba bo kopane le Bophirima, le batho go tswa mo dikarolong tse dingwe tsotlhe tsa lefatshe ba mmogo mo go direleng Morena Molaodi Jehofa le go mo galaletsa.
Mo dinageng dingwe go kokoanngwa gono go dirwa mo maemong a a sa tlwaelegang, jaaka dipego tse di latelang di tla bontsha.