LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w93 11/15 ts. 23-27
  • Go Rera go Tswa mo Motseng O Mongwe go Ya kwa go O Mongwe kwa Spain

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Go Rera go Tswa mo Motseng O Mongwe go Ya kwa go O Mongwe kwa Spain
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1993
  • Ditlhogwana
  • Go Dumelelwa Semolao go Tlhotlheletsa go Neela Bosupi kwa Magaeng
  • ‘Senkang Ba Ba Tshwanetseng’
  • Babadi ba Bibela ba Arabela ka Bonako
  • Letlhoo Le A Fenngwa
  • Go Sekaseka Bibela go Bona Boammaaruri
  • Thobo E Ntle
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1993
w93 11/15 ts. 23-27

Go Rera go Tswa mo Motseng O Mongwe go Ya kwa go O Mongwe kwa Spain

JESU KERESETE o ne a eta “a ralala metse le metsana, a ruta, a nntse a ètèla kwa Yerusalema.” (Luke 13:22) Jesu le barutwa ba gagwe ba ne ba sa rere fela mo “metsemegolong” mme ba ne ba rera “go tswa mo motseng o mongwe go ya kwa go o mongwe.” Le mororo go ne go ka nna motlhofo gore ba rere mo metsemegolong, ga ba a ka ba feta metsana e mentsi e e kwa magaeng.a

Basupi ba ga Jehofa kwa Spain ba ne ba lebana le kgwetlho e Jesu a neng a lebane le yone. Morago jaana ka 1970, go ne go na le dikarolo tse dikgolo tsa mafelo a a kwa magaeng tsa tshimo e e iseng e dirwe e e siametseng go rojwa. (Mathaio 9:37, 38) Metsana e mentsintsi e e leng kwa dithabeng tse di kwa bokone tse go nang pula ka metlha kwa go tsone, le mo mabaleng a a mo gare ga naga a a omeletseng, le fa thoko ga lobopo e ne e ise e ko e fitlhelelwe ka molaetsa wa Bogosi.

Basupi ba ga Jehofa ba kwa Spain ba ne ba ititeile dihuba gore ba tla dira bojotlhe jwa bone go ya go rera mafoko a a molemo kwa dikarolong tseno. Mme ke eng fa batho ba ba kwa dikarolong tseno ba ne ba tshwanela go leta nako e telele jaana go utlwa molaetsa wa Bogosi? Mme ba ne ba arabela jang?

Go Dumelelwa Semolao go Tlhotlheletsa go Neela Bosupi kwa Magaeng

Tiro ya Basupi ba ga Jehofa e sa le e thibetswe kwa Spain ka nako ya fa ntwa ya selegae e fela ka 1939. Ka bo1950 le bo1960, Basupi ba ba tlhoafetseng ba ne ba rera ka kelotlhoko mo metsemegolong, koo ba neng ba sa lemogiwe bonolo gone. Fa tiro ya bone la bofelo e ne e dumelelwa semolao ka 1970, go ne go na le baboledi ba Bogosi ba ba ka nnang 10 000 kwa Spain. Mo e ka nang botlhe ba ne ba nna kwa metsemegolong le kwa ditoropong tse dikgolo, mme lefa go ntse jalo metsana ya kwa Spain le yone e ne e tlhoka go utlwa molaetsa wa Bogosi. Ke mang yo o neng a tla dira selo se se gwetlhang seo?

Ka bo1970 go ne ga simololwa letsholo la go fitlhelela dikarolo tsotlhe tsa sekasetlhake ka mafoko a a molemo. Mo e ka nnang kgwedi nngwe le nngwe go tloga ka 1973 go fitlha ka 1979, go ne go itsisiwe ka ditsela tse di kgethegileng gore go tlhokegang kwa mafelong a a farologaneng mo nageng eo mo go Tirelo ya Rona ya Bogosi, kgatiso ya kgwedi le kgwedi e e bonwang ke diphuthego tsa Basupi ba ga Jehofa. Malapa a mantsi a a ratang e bile a iketleeditse a ne a arabela taletso eno mme a ithaopela go direla kwa a tlhokegang thata teng.

Rosendo le mosadi wa gagwe Luci ke sekao se sentle sa seno. Ba ne ba romelwa go ya go dira jaaka babulatsela ba ba kgethegileng (bareri ba Bogosi ba nako e e tletseng) kwa motsaneng wa batshwari ba ditlhapi kwa bokonebophirima jwa Spain mme morago ga foo ba ne ba swetsa go nnela ruri mo lefelong leo fa ba ne ba nna le ngwana. “Tota ke tshwanetse go dumela gore re ne ra nna le mathata,” go bolela jalo Rosendo. “Go ne go le thata go bona tiro, lefa go ntse jalo re ne ra ikaega ka thuso ya ga Jehofa mme le ka motlha ga re ise re ko re bolawe ke tlala kana ra tlhoka fa re nnang teng. Tota go ne go na le molemo mongwe.” Fa dingwaga di ntse di tsamaya, ba ne ba kgona go thusa go tlhoma diphuthego tse nne mo karolong eno ya Spain.

‘Senkang Ba Ba Tshwanetseng’

Jesu o ne a bolelela barutwa ba gagwe gore ba “senkè” ba ba tshwanetseng mo motsemogolong kana mo motsaneng mongwe le mongwe. (Mathaio 10:11) Kwa magaeng a kwa Spain, go tlhoka gore motho a dire ka natla le go tsaya matsapa fa a senka, jaaka fa Ángel, mokaulengwe mongwe go tswa kwa Alcoy (Alicante) a ne a lemoga. O ne a tswa go etela matlo mangwe mo motsaneng wa Masías fa a ne a utlwa mokoko o lela. O ne a akanya jaana, “Fa e le gore go na le mokoko, go tshwanetse ga bo go na le ntlo felo gongwe—ntlo nngwe e re neng re sa e bona.” Morago ga go nna a batla, Ángel o ne a bona tselana e e fologelang ka kwa ga thotana mme la bofelo a bona ntlo nngwe e le kwa thoko.

Mo polaseng eo go ne go nna motho le kgaitsadie ebong José le Dolores ba ba leng mo dingwageng tsa bone tsa bo60. Ba ne ba reetsa ka kelotlhoko mme ba dumela go tshwarelwa thuto ya Bibela fela ka bonako. Lefa go ntse jalo, go ne go se motlhofo go ithuta le batho ba ba boikokobetso bano, ka go bo ba ne ba sa kgone go bala le go kwala, mme sengwe le sengwe se ne se tshwanetse go ranolelwa go tswa mo Sepanisheng go ya mo puong ya Se-Valencia eo e neng e le yone fela puo e ba neng ba e tlhaloganya. Mo godimo ga moo, ba ne ba ganediwa botlhoko ke baagisani ba bone. Lefa ba ne ba kgorelediwa jaana, José mmogo le Dolores ba ne ba gatela pele mo boammaaruring, le mororo ba ne ba tshwanelwa ke go tsaya loeto lo loleele ba ralala dithaba go ya dipokanong. Kgabagare, ba ne ba tshwanela gore ba ka kolobediwa, mme ka bobedi jwa bone ba tswelela pele ba direla Jehofa ka boikanyegi.

Rosendo le Luci, ba ba umakilweng kwa pelenyana, ba gakologelwa tsela e motho mongwe yo o suleng ditokololo yo o neng a nna mo ntlong e e kwa thoko gaufi le Moaña, kwa bokonebophirima jwa Spain a neng a amogela boammaaruri ka teng. Leina la gagwe e ne e le María. Fa a ne a kopana le Basupi la ntlha o ne a sa kgone go bala le go kwala mme o ne a sa bolo go lwala ka dingwaga tse dintsi ka go bo a ne a ile a tlhaselwa ke bolwetsi jwa polio fa e santse e le ngwana. Ntlo ya gagwe e ne e le bokgakala jwa dikilometara tse pedi go tswa mo mmileng o o fa gaufi. Mme lefa go ntse jalo, o ne a rata go ithuta Bibela, mme go ne ga bonala ka bonako gore o batla go direla Jehofa. María o ne a ithuta go bala le go kwala mme a simolola go ya dipokanong, abo re leboga phuthego jang ne ka ntlha ya ditiro tsa lorato tse e di dirileng. Bakaulengwe ba ne ba mo rwala dimetara di le 200 go tswa kwa ntlong ya gagwe go ya mo tseleng e e neng e le mangope koo ba neng ba kgona go mo tsenya ka kelotlhoko mo teng ga koloi. Le mororo ba lelapa la gaabo ba ne ba le kgatlhanong le ene kwa tshimologong, o ne a gatela pele gore a bo a kolobediwe. Ka go bo a ne a nonotshiwa ke kgatelopele e a e dirileng semoyeng, o setse a ithutile go kgweetsa koloi e e kgethegileng e a e diretsweng mme o feditse khoso ya dithuto tsa motheo. “Go kgona go thusa batho ba ba tshwanang le María go dira gore go intsha setlhabelo ka tsela epe fela go kgotsofatse,” Rosendo o tlhalosa jalo.

Babadi ba Bibela ba Arabela ka Bonako

Batho ka kakaretso ba ne ba simolola go dirisa Bibela ka bo1970 kwa Spain. Basepanishe ba bantsi ba ne ba ithekela dikopi tsa yone, mme bangwe ba bone ba ne ba simolola go bala Dikwalo. Pilar, wa kwa Medina del Campo (Valladolid), o ne a setse a bala Bibela fa Basupi ba ga Jehofa ba tla la ntlha kwa toropong ya gaabo ka 1973. E re ka e ne e le Mokatoliki, o ne a okaoka go tsaya dibuka mo Basuping, mme lefa go ntse jalo o ne a batla go tlhaloganya Bibela. Ka jalo, o ne a dumela go buisana le bone beke le beke gore a tle a arabelwe dipotso tsa gagwe kaga Bibela.

Kgaitsadi mongwe wa mmulatsela yo o neng a etela Pilar, o ne a kgona go araba dipotso tsa gagwe tse dintsi ka go dirisa dibuka tsa Mokgatlho wa Watch Tower ka tsela e e molemo. Ka ntlha ya go kgatlhiwa ke se a neng a se ithuta, morago ga dibeke di sekae Pilar o ne a dumela go ithuta Bibela ka go dirisa buka ya Boamarure jo bo Isang Botshelong jo Bosakhutleng. Pele a fetsa go ithuta buka ya Boamarure, o ne a setse a feditse go bala Bibela yotlhe mme o ne a tlhatswegile pelo gore o bone boammaaruri. O ne a nna Mosupi wa ntlha kwa Medina del Campo, eo jaanong e nang le Holo ya Bogosi e ntle le baboledi ba le 63.

Basupi ba kwa Spain ba santse ba bona batho ba ba “humanegileñ mo moeñ” le bao ba balang Bibela ka metlha ba dira boiteko jwa gore ba tlhaloganye se e leng go rata ga Modimo. (Mathaio 5:3) Pepi yo pele e neng e le Mokatoliki yo a kileng a bo a ruta katikisima kwa kerekeng ya kwa Zumaia (kwa bokone jwa Spain), o ne a ntse a rera mo motsaneng o o fa gaufi fa a kopana le moruti wa kereke.

“Pepi, o itshenyetsa nako,” moruti o ne a mmolelela jalo. “Mo motsaneng ono wa Itziar, go na le batho ba babedi fela—motho le mosadi wa gagwe—ba ba ratang dilo tsa semoya. Ba bangwe botlhe ba ya kerekeng fela ka go bo e le mokgwa.”

“Gone mme,” Pepi o a araba, “fa go na le batho ba babedi ba ba ratang dilo tsa semoya, ba tla nna Basupi ba ga Jehofa.”

Pepi o ne a tswelela pele ka tiro ya gagwe ya go rera ka ntlo le ntlo mmogo le Basupi ba bangwe go fitlha ba fetsa motsana oo. Mme fela jaaka motho a ka solofela, bakaulengwe ba ne ba fitlhela bone banyalani bao moruti a neng a bua ka bone kwa ntlong nngwe kwa thoko. Ba ne ba bala Bibela mme ba ne ba sa e tlhaloganye. Ba ne ba dumela go rutiwa Bibela ka boitumelo, ba gatela pele ka bonako, mme ba kolobediwa ka April 1991.

Batho ba bangwe ba ba dipelo di phepa ba ne ba ithuta boammaaruri ka go ipalela fela dibuka tse di thailweng mo Bibeleng tse di gatisitsweng ke Mokgatlho wa Watch Tower. Ka sekai, Basupi ba kwa Almadén (Ciudad Real) ba ne ba ntse ba rera bo motseng o monnye wa Ciruelas (Badajoz) fa ba ne ba kopana le mosadi mongwe yo o neng a reetsa molaetsa wa bone ka tlhoafalo. Ba ne ba mmolelela gore ba ka mo ruta Bibela gonne a ne a supa gore o a kgatlhega. Lefa go ntse jalo, o ne a gana, a bolela gore go na le monnamogolo mongwe yo a neng a mo ruta Bibela. Batho bangwe ba le mmalwa ba mo lefelong leo le bone ba ne ba bolela se se tshwanang. Bakaulengwe ba ne ba simolola go batlisisa ka monnamogolo yono gonne ba ne ba batla go itse ka ene. Ba ne ba bona aterese ya gagwe mme ba mo etela.

Ba ne ba gakgamadiwa ke go itse gore monna yono yo o bidiwang Felipe, o ne a bone buka ya O Ka Tshelela Ruri mo Lefatsheng la Paradaise kwa Madrid. Fa a sena go e bala yotlhe, o ne a lemoga gore o tshwanetse go bolelela baagisani ba gagwe mafoko a a molemo. Ka jalo, o ne a ntse a ba ruta Bibela ka buka eno. Bakaulengwe ba ne ba dira dithulaganyo tsa go ithuta le ene. Mosadi yo a neng a ithuta Bibela le ene o ne a dumela go rutiwa. Felipe o gatela pele sentle mo boammaaruring le mororo a na le dingwaga di le 80 e bile a sa itekanela sentle mo mmeleng.

Letlhoo Le A Fenngwa

Mafelo a kwa magaeng a na le mathata mangwe a a sa tshwaneng le a mafelo a mangwe. Dingwao tsa bodumedi le tumelobotlhodi gantsi di ratwa thata mo mafelong a a ntseng jalo, mme batho ba bantsi ba ba nnang kwa magaeng ba belaela “bodumedi jo bosha” thata. Batho bangwe ba ba nnang mo metsaneng ba boifa thata lebaka la gore baagisani ba bone le ba losika ba tla akanya eng ka bone fa ba ka fetola bodumedi jwa bone. Mme lefa go ntse jalo, maatla a Lefoko la Modimo a ka fenya mathata a a ntseng jalo mme a fetola botshelo jwa motho. Ke se se diragetseng kwa motsaneng wa batshwari ba ditlhapi wa Cangas de Morrazo kwa bokonebophirima jwa Spain.

Roberto, moagi mongwe wa motsana oo, o ne a simolola go dira mo dikepeng fa a na le dingwaga di le 14 ka go bo a ne a a batla go itaola. Tiro ya gagwe jaaka morekisi e ne ya dira gore a tsalane le badiri bangwe ba dikepe ba basha ba ba neng ba nwa thata e bile ba dirisa diokobatsi go itlosa bodutu fa ba le mo lewatleng. Go ise go ye kae Roberto le ene o ne a nwa thata a bo a tshwakgolwa ke diokobatsi.

Fa nako e ntse e ya Roberto o ne a boela gae mme o ne a palelwa e bile tota o ne a sa batle go tlogela mekgwa ya gagwe e e maswe. O ne a simolola go utswa gore a kgone go bona madi a go reka diokobatsi mme a felela a latlhetswe mo kgolegelong ka makgetlo a marataro a a farologaneng. Fa a na le dingwaga di le 18, o ne a nwa motswako o o neng wa batla go mmolaya wa beine e e tlhakantsweng le dipilisi tse di bolayang ditlhabi. Dingaka di ne tsa kgona go mo thusa, mme o ne a se ka a tlhola a kgona go dirisa maoto a gagwe le matsogo. O ne a tswa kwa kokelong a sule maoto le matsogo. Lefa a ne a tsamaya ka kolotsana ya maotwana ga a ka a tlogela mokgwa wa gagwe wa go dirisa diokobatsi. O ne a kgobilwe marapo ke bodumedi, mme go ne go bonala e le diokobatsi fela tse a ka di tshelelang—go fitlha dingwaga tse tharo morago ga foo fa a ne a etelwa ke Basupi ba ga Jehofa.

Go ithuta ka boperofeti jwa Bibela jo bo setseng bo diragaditswe go ne go thusa Roberto gore a se ka a tlhola a belaela. Go amogelwa ka lorato kwa Holong ya Bogosi go ne ga mo tlhatswa pelo gore bodumedi jwa boammaaruri bo dira gore botshelo jwa motho bo nne botlhokwa. Roberto o ne a kgona go fenya go tshwakgolwa ke diokobatsi mo dikgweding di le robongwe mme o ne a kolobediwa. O na le dingwaga di le robedi a ntse a dira jaaka mmulatsela le mororo a golafetse thata. E bile o sa le a nna mogolwane wa phuthego dingwaga tse pedi tse di fetileng. Francisco, nngwe ya ditsala tsa gagwe tsa pele, e ne ya kgatlhiwa thata ke diphetogo tse Roberto a di dirileng mo botshelong mo e leng gore le ene o ne a nna Mosupi mme ke motlhanka wa bodihedi jaanong. Phetogo e e gakgamatsang e e dirilweng ke motho yo o neng a tshwakgotswe yono yo go neng go lebega a se kitla a tlhola a siama gape, e ne ya thusa batho ba lefelo leo gore ba tlhaloganye mofuta wa tiro e re e dirang botoka. Mosadi mongwe o bile a tlisa morwawe yo mmotlana yo o tshwakgotsweng ke diokobatsi kwa Holong ya Bogosi go bona gore a Basupi ba ka se kgone go mo fodisa.

Go Sekaseka Bibela go Bona Boammaaruri

Ka kakaretso, batho ba ba nnang kwa magaeng ba anaanela boammaaruri thata mo e leng gore gantsi ba tlhabisa batho bao go ya ka lefatshe ba tlhalefileng ditlhong. (1 Bakorintha 1:26, 27) Adelina, mosadi mongwe yo o ditlhong wa dingwaga tse di fa gare, ke mongwe wa batho ba ba anaanelang bano. Pele o ne a tsaya tumelo ya gagwe ya Katoliki masisi thata. Moso mongwe le mongwe o ne a khubama a boaboeletsa thapelo ya Morena le Dithapelo tsa ga Maria ka makgetlo a le mmalwa. O ne a tle a rapele “moitshepi” yo o farologaneng letsatsi lengwe le lengwe la beke—go tlhomamisa fela gore dithapelo dingwe tsa gagwe di a utlwiwa.

Fa Adelina a simolola go ithuta Bibela, o ne a tlhoafalela tumelo ya gagwe e ntšha ka tsela e e tshwanang. Tota le ditlhong tsa gagwe ga di a ka tsa mo thibela, le mororo go ne ga ba tsaya metsotso e le lesome le monna wa gagwe go nna le bopelokgale jwa go tsena mo Holong ya Bogosi fa ba ne ba ya teng la ntlha. Lefa go ntse jalo, o ne a reetsa ka tlhoafalo fa ba setse ba le mo teng. Nako nngwe, o ne a ithuta ka Puso ya Dingwaga Tse Di Sekete ya ga Keresete. Setlhogo seno se ne sa mo kgatlha thata, mme fa a fitlha kwa gae o ne a batla go bala mo go oketsegileng ka sone mo Bibeleng ya gagwe. Lefa go ntse jalo ene mmogo le monna wa gagwe ba ne ba sa itse gore ba ka bona kae tshedimosetso eo, le mororo ba ne ba gopola gore e umakilwe felo gongwe mo bukeng ya Tshenolō. Ka jalo Adelina o ne a simolola go bala Tshenolō bosigo joo mme o ne a tswelela a e bala go fitlha a tsena mo kgaolong ya 20 mo mosong.

Nako nngwe gape, Adelina o ne a ithuta gore monna o tshwanetse go rapelela mosadi wa gagwe. Le mororo a ne a iketleeditse go rapela, monna wa gagwe o ne a sa itse gore a rapele a reng. Mo bosigong joo, Adelina o ne a swetsa go senka dikaelo tsa go dira jalo mo Bibeleng. Ka ura ya bobedi mo mosong, o ne a tsosa monna wa gagwe a mmolelela gore o bone Mathaio kgaolo 6, e e tlhalosang kgang ya thapelo ka botlalo. Kgabagare fa monna wa gagwe a sena go bala dikaelo tsa ga Jesu, o ne a ba rapelela ka bobedi jwa bone. Gone jaanong Adelina le monna wa gagwe ke Basupi ba ga Jehofa.

Thobo E Ntle

Jaanong karolo nngwe le nngwe ya Spain e utlwile mafoko a molemo mo e ka nnang ka dingwaga tse 25 tse batlhanka ba ba tlhoafetseng ba ga Jehofa ba ntseng ba neela bosupi ka tsone kwa magaeng. Fela jaaka go ne go ntse kwa Asia Minor mo lekgolong la ntlha la dingwaga, ‘lefoko la ga Jehofa le anamisediwa mo lefatsheng lotlhe.’ (Ditihō 13:49) Seno se ne sa felela ka gore batho ba ba diketekete ba ba mo metsaneng ba tseye dikgato tse di tswanetseng.

Kwa Spain le kwa mafelong a mangwe, go tlhoka bopelotelele le go intsha setlhabelo gore go kgonwe go rerwa ka botlalo kwa magaeng. Mme e re ka Modimo o batla gore ‘batho botlhe ba bolokwe,’ Basupi ba ga Jehofa ba itumelela go senka batho ba ba anaanelang. (1 Timotheo 2:4) Mme jaaka fa maitemogelo a a fa godimo a bontsha, Jehofa o segofaditse maiteko a a dirilweng a go rera go tswa mo motsaneng o mongwe go ya kwa go o mongwe kwa Spain.

[Ntlha e e kwa tlase]

a Josephus o ne a bolela gore “metse le metsana” ya kwa Galalea e ne e le 204, mme o ne a tlhalosa gore karolo eo e ne e na le “metsana e mentsi thata.”

[Mmapa mo go tsebe 23]

(For fully formatted text, see publication)

FORA

PORTUGAL

SPAIN

BALEARIC ISLANDS

CANARY ISLANDS

[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 24]

Vilac, Lérida

[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 24]

Puebla de Sanabria, Zamora

[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 25]

Casarabonela, Málaga

[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 25]

Sinués, Huesca

[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 26]

Lekeitio, Vizcaya

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela