LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w93 11/15 ts. 11
  • Bakeresete Ba Ba Tlhaga ba Borithane

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Bakeresete Ba Ba Tlhaga ba Borithane
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1993
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Karolo 5—Go Neela Bosupi go Fitlha kwa Dintlheng Tsotlhe tsa Lefatshe
    Basupi ba ga Jehofa—Baboledi ba Bogosi jwa Modimo
  • Ke ka Ntlha Yang fa Basupi ba ga Jehofa ba Rera ka Ntlo le Ntlo?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2012
  • “Tsamayang Mme lo Dire Batho ba Ditšhaba Tsotlhe Barutwa”
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2016
  • Bakeresete ba Boammaaruri Ke Bareri ba Bogosi
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1985
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1993
w93 11/15 ts. 11

Bakeresete Ba Ba Tlhaga ba Borithane

Go ya ka Economist, kwa tlase ga 10 lekgolong ya baagi ba Borithane ba ba dimilione di le 56 ke Bakeresete ba ba tlhaga tota. Fa go le Sontaga, go na le batho ba ba kwa tlase ga dimilione di le nne ba ba yang kwa kerekeng. Mo go bone ke ba le dimilione di le 1,1 fela ba ba tsenang Anglican. Lefa go ntse jalo, le mororo tumelo ya gore ga go na yo o ka itseng Modimo e tletsetletse, Church of England e tswelela e ntse e dira seabe sa yone sa bogologolo jaaka bodumedi jwa Naga. “Borithane e na le dingwaga di sekae fela e le lefelo la Bokeresete mme e latola gore e dumela gore Modimo ga o ka ke wa kgona go itsiwe, mme seno se bakiwa segolobogolo ke go eletsa go boela kwa mekgweng ya bogologolo,” go bolela one makasine oo wa bogologolo. Ga go gakgamatse go bo boradipolotiki le makwalodikgang a segompieno ba bolela gore Kereke e tlhatlhamololwe, Naga le Kereke di kgaogane.

“Lefatshe leo le amegileng thata ka dilo tse e seng tsa bodumedi, le le ipolelang gore ke la Bokeresete le maswe go gaisa mafatshe otlhe,” go ne ga bolela jalo ka kutlobotlhoko Walter Bagenot, morulaganyi wa lekgolo la bo 19 la dingwaga wa The Economist. Mme lefa go ntse jalo, Jesu Keresete o ne a raya barutwa ba gagwe mo lekgolong la ntlha la dingwaga C.E. a re ‘ga se ba lefatshe fela jaaka le ene e se wa lefatshe.’ (Yohane 17:16) Lefa go ntse jalo, o ne a ba roma mo lefatsheng gore ba ye go rera ka Bogosi jwa Modimo. Fela jalo le gompieno, Basupi ba ga Jehofa ba itsege mo lefatsheng lotlhe ka go rera ka botlhaga ‘mo ponong le ka go nna ba tsamaya le matlo.’—Ditihō 20:20.

Fa ba bapisiwa le batho ba ba tsenang Anglican, Basupi ba le 126 173 ba kwa Borithane ba babotlana thata ka palo. Lefa go ntse jalo, ba dirisa diura tse di ka nnang 20 kgwedi le kgwedi ba ya kwa dipokanong tsa Bokeresete. Mo godimo ga moo, ka 1992 Mosupi mongwe le mongwe o ne a dirisa palogare ya diura di le 16 tse dingwe a rerela ba bangwe mafoko a a molemo a Bogosi jwa Modimo, puso e e tla tlogang e tlhoma lefatshe le lesha le le nang le tshiamo. (Mathaio 24:14; 2 Petere 3:13) Mo nakong e e tlang fa Basupi ba ga Jehofa ba etela kwa legaeng la gago, a o tla reetsa molaetsa wa bone o o sa tshwaneng le wa bape mme o iponele ka bowena gore ke eng se se ba tlhotlheletsang go nna tlhaga jaana?

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela