Go Rera mo Nageng E E Farofarologaneng
DIKANKARU, dinonnori, di-wombat, le di-platypus, Ayers Rock le Great Barrier Reef—ano ke maina a batho ba a gakologelwang fa ba akanya ka Australia. Mme e bile go a gakgamatsa gore batho ba bantsi ba kwa Australia ga ba ise le ka motlha ba ko ba bone Ayers Rock kana Great Barrier Reef kana ba bona senonnori, wombat, kana platypus di sa tswalelwa mo suung. Seno ke ka go bo 85 lekgolong ya baagi ba le dimilione di le 17,3 ba naga eo ke batho ba ba nnang mo toropong, ba nna mo metseng e megolo e e leng gaufi le losi lwa lewatle.
Fa o tswa fa lebopong mme o tsenelela kwa teng ga naga o tsamaya dikilometara tse di ka nang 200, o tla fitlha kwa metseng ya selegae e e itsegeng thata ya kontinente eno. Fa o tswa mo lefelong le le kitlaneng la dikgwa tse ditala le mafelo a a nonneng a temothuo o tsena mo lefelong le le bulegileng le le mogote, le le omileng, koo e leng ditlhatshana le bojang jo bo kitlaneng fela jo bo kgonang go mela. Lefa go ntse jalo, batho ba kgona go tshela mo metseng eo ya selegae. Go na le dipolasi tse dikgolo tsa dinku le dikgomo, tse di anameng bokgakala jwa disekwerekilometara tse di makgolokgolo. Fa o tsenelela kwa tengteng ga naga go na le dikaka tse di mogote thata, koo ka dinako tse dingwe batho ba ka nnang ba swa fa ba sa itlhokomele sentle.
Mafoko A A Molemo A A Anama
Mafoko a a molemo a Bogosi jwa Modimo a rerwa kafa tlase ga maemo a a ntseng jalo kwa Australia. Batho ba le diketekete ba tsaya kgato ngwaga le ngwaga fa ba utlwa ka tsholofetso ya ga Jehofa ya lefatshe le lesha la tshiamo. Mo ngwageng o o fetileng wa tirelo, palo ya baboledi ba Bogosi e ne ya fitlhelela tlhora e e fetang 57 000, e leng palo e e batlileng e menagana sebedi mo go ya dingwaga tse di lesome tse di fetileng. Le mororo bontsi jwa baboledi, fela jaaka bontsi jwa baagi ba naga ba nna kwa dinageng tse di ka kwa lebopong, mafoko a a molemo a anamela kwa tengteng ga naga.
Gore re tle re tlhaloganye gore go rera go ntse jang mo nageng e kgolo eno ya dilo tse dintsi tse di farologaneng, a re pateng mongwe wa balebedi ba le tlhano ba kgaolo le mosadi wa gagwe fa ba ntse ba etela diphuthego dingwe mo dikarolong tse di kwa kgakala tsa metse e e kwa thoko ya selegae. Maeto a bone a fitlha kwa Bophrima jwa Australia, bontlhangwe jwa naga ya Queensland, le Karolo E E kwa Bokone, e e leng lefelo la bogolo jo bo fetang disekwerekilometara di le dimilione di le 4,7. E batlile e lekana le Yuropa, kwantle ga karolo e pele e neng e bidiwa Soviet Union.
Loeto lwa rona lo simolola kwa Perth, e e leng motsemošate wa Australia Bophirima. Mo motsemogolong ono o o tlhabologileng thata wa batho ba le dimilione di le 1,2, go setse go na le diphuthego tsa Basupi ba ga Jehofa di le 49. Kwantle ga diphuthego tsa Seesemane, go na le tsa Segerika, Setadiana, Sepotokisi, le Sepanishe, mmogo le ditlhophanyana tse dinnye tsa dipuo tse dingwe. Gape go na le phuthego e e leng ya bakaulengwe le bokgaitsadi ba Baaborijini fela, ba ba rerelang thata batho ba ba tlholegileng mo kontinenteng eo. Bontsi jwa batho ba ba boikokobetso bano ba tsaya kgato fa ba utlwa molaetsa wa Bogosi jaanong. Mme maemo a ntse jang mo mafelong a a kgakala le metsemegolo?
Go tswa kwa Perth re tsamaya dikilometara di le 1 800 go ela kwa bokone kwa Port Hedland, koo go tla tshwarelwang kopano ya potologo teng. Bontsi jwa batho ba ba 289 ba ba leng mo kopanong ba tsamaile sekgala sa dikilometara tse di fa gare ga 200 le 700 gore ba nne teng. Ba tswa kwa mafelong a a kwa thoko koo phuthego e e gaufi thata le kwa ba nnang teng e ka nnang bokgakala jwa dikilometara di le 250 mo ditseleng tse di tletseng maje a gantsi a tlhabang maotwana a dikoloi. Diphuthego tse tharo mo lefelong leno di sa tswa go aga Diholo tsa Bogosi, ba dirisa mokgwa wa go aga ka bonako.
Diholo Tse Di Agilweng ka Bonako kwa Mafelong A A kwa Thoko
A bo go farologane jang ne go aga Holo ya Bogosi mo mafelong ano le go e aga mo metsemegolong le mo ditoropong tse di kgolwane! Dilo tse dintsi tse di agang di tshwanetse go rwalwa ka diteraka go tswa kwa Perth, sekgala sa dikilometara di le 1 600 go ya kwa borwa. Bakaulengwe le bokgaitsadi ba ba makgolokgolo ba tsamaya sekgala seno le go feta ka mafelobeke a a rileng go ya go aga Holo ya Bogosi mo mogoteng wa selekanyo sa mogote wa dikerii di le 40 go ya go 45 tsa Celsius. Go tla ga batho ba bantsintsi jaana mo mafelong a mannye ano a a kwa thoko ka bogone fela go neela bosupi jo bo tlhomologileng. Fa go ne go agiwa Holo ya Bogosi kwa Tom Price, kwa torotswaneng ya moepo wa manyatshipi, tsebe e e kafa ntle ya lokwalodikgang lwa lefelo leo e ne ya bolela jaana: “Re amogela ka lorato badiri le bathusi ba baithaopi ba ba ba nnang le seabe mo go ‘agiweng ka bonako’ ga Holo ya Bogosi ya Basupi ba ga Jehofa e e tla agiwang ka matsatsi a le mararo mo Tom Price.”
Go ne go bonala e kete mo e ka nnang mongwe le mongwe mo toropong eo o ne a eletsa go thusa. Go na le gore go duelwe tlhwatlhwa e e tlwaelegileng ya R24 000 ya go rwala ditone tse 50 tsa dilo tse di agang, mong wa teraka mongwe yo o pelotshweu o ne a kopa bakaulengwe gore ba duelele fela mafura. Barekisi ba pente ba ne ba ntsha dilitara di le 100 tsa pente moneelo. Boradikonteraka ba ba epang mmu ba ne ba ntsha metšhine ya bone gore e thuse, mme khampani nngwe ya moepo e ne ya ba adima kereine mahala. Go batlela baeti ba le 300 marobalo e ne e le bothata, mme tirisanommogo ya batho ba motse e ne e gakgamatsa. Bangwe ba ne ba letsa mogala ba re fa malao. Monna mongwe o ne a letsa mogala go re itsise gore o tla bo a seyo ka mafelobeke mme o tla tlogela lebati le le kwa morago le butswe. O ne a bolela jaana: “Ntlo ke ya lona go fitlha kago e fela.”
Go ne ga direga sengwe se se tshegisang fa bakaulengwe bangwe ba ne ba fiwa aterese nngwe eo ba neng ba tshwanetse go ya go tsaya tereilara ya tikologo eo kwa go yone gone. Ba ne ba gakgamadiwa ke go bona mokwalo mo hekeng o o reng, “Ga Re Batle Baeng ba Bodumedi.” Mme lefa go ntse jalo tereilara e ne e eme moo. Ka jalo ba ne ba itsise mosadi wa ntlo gore ba tsaya tereilara, e e neng e tletse ka matlakala. Fa ba ntse ba e phepafatsa, ba ne ba simolola go lemoga gore ga se tereilara ya tikologo eo! Fa mong wa tereilara a tsena kwa gae, mosadi wa gagwe o ne a mmolelela gore Basupi ba ga Jehofa ba tsere tereilara ya gagwe. Bakaulengwe ba ne ba boa ka bonako ka tereilara e jaanong e neng e sena sepe, mme ba tlhalosa phoso e e diragetseng. Morago ga foo go ne ga nna le motlotlo o o monate, mme batho ba ba neng ba ganetsa pele bano ba ne ba na le dipotso tse dintsi tse ba neng ba di botsa ka tiro ya rona. Ba ne jaanong ba eletsa fela thata go tla go bona Holo e ntšha ya Bogosi.
Go rera mafoko a a molemo mo lefelong leno go tlhokega boitshoko. Sa ntlha go tsamaiwa dikgala tse ditelele. Kgaitsadi mongwe wa mmulatsela le monna wa gagwe ka metlha ba tsamaya loeto lwa bokgakala jwa dikilometara di le 350 ka koloi mo ditseleng tse di nang le maje tse di lerole go tswa kwa Port Hedland go ya kwa Marble Bar go ya go dira maeto a go boela le go tshwara dithuto tsa Bibela. Marble Bar ke nngwe ya mafelo a a mogote thata kwa Australia, gantsi ditempereitšhara di fitlha mo selekanyong sa dikerii di le 50 tsa Celsius go tloga ka October go fitlha ka March.
Go Ela kwa “Ntlheng E E kwa Bokone”
Darwin e e leng dikilometara di le 2 500 go ela kwa bokone, ke motse o o latelang o go tla tshwarelwang kopano ya potologo mo go one. Molebedi wa kgaolo le mosadi wa gagwe ba dirisa diura tse ditelele tsa fa ba kgweetsa go ithuta ka namana. Ba simolola ka go bala le go tlhatlhoba temana ya letsatsi. Morago ga foo ba reetsa mmalo wa Bibela mo khaseteng. Jaaka fa ba ntse ba refosana ka go kgweetsa, ba bile ba refosana ka go bala ditlhogo tsa Tora ya Tebelo le Tsogang!
Letshwao la tsela le ba tlhagisa gore ba tlhokomele “diteraka tse dikgolo.” Ke diteraka tse ditelele tse di gogang ditereilara tse tharo mme fa di kopane di botelele jwa dimetara di le 55. Ka jalo go tlhokega gore motho a di fete fa tsela e atlhameng thata teng. Diteraka tseno di dirisiwa go isa dikgomo le dilo tse dingwe kwa metseng e e kwa thoko.
Go mogote ka metlha mme kwa magaeng go nna go ntse go omeletse. Naga e e omeletseng eno e ka nna ya tshwantshanngwa ka phoso le mabitla ka go bo go tletse diolo. Diolo tseno di farologana ka mebala, go ikaegile ka gore ditshoswane di dirisitse mmu o o ntseng jang, mme di ka nna bogodimo jwa go tloga metara o le mongwe go ya go e le mebedi le sephatlo. Morago ga foo, fa baeti ba rona ba ntse ba kgabaganya Noka ya Victoria, ba bona matshwao a mantsi a a kwadilweng ke batho. Lengwe la one la re, “Kotsi: Go Thuma Ga go A Letlelelwa. Go Na Le Dikwena Tse Di Jang Batho mo Dinokeng Tseno!” Ka botlhale, ba swetsa go ya go batla mafelo a mangwe a go tlhapa le go itsidifatsa!
Kgabagare, ba fitlha kwa ntlheng e e kwa bokone ya Australia, eo e itsegeng thata jaaka “Ntlha E E Kwa Bokone.” Kwa Darwin, kwa motsemošate wa kgaolo e e kwa Bokone ya Australia, go na le diphuthego tse pedi tse dikgolo tsa Basupi ba ga Jehofa. Mekgwa ya ditso tse di farologaneng tsa kwa Darwin, e ka bonwa sentle ka nako ya kopano ya potologo. Re rata go lo itsise Charles yo o nang le dingwaga di le 30, yo a tswang kwa lefelong le le tlhasetsweng ke ntwa eleng Timor e e kwa Botlhaba jwa Indonesia. Batsadi ba gagwe ba Batšhaena ba ne ba mo ruta go obamela bagologolwane. Mme gape o ne a tseneletse thata mo metshamekong ya go lwa. Go ne go se motlhofo go tlogela dilo tseno ka go bo a ne a tseneletse thata mo tirisabadimong. Lefa go ntse jalo, ka go bo a ne a nna a gakologetswe tsholofetso ya ga Jesu ya gore “boamarure bo tla lo golola” o ne a tlogela go tshela ka tsela eno. (Yohane 8:32) “Gompieno,” o a bolela, “ke na le segakolodi se se phepa fa pele ga ga Jehofa, mme gone jaanong ke direla jaaka motlhanka wa modihedi. Mokgele wa me ke go ya kwa Sekolong sa Thapiso sa Badihedi.”
Re rata go lo itsise gape Beverly, yo o tswang kwa Papua New Guinea. “La ntlha ke ne ke sa kgone go neela batho ba basweu bosupi,” Beverly o dumela jalo, “ka go bo Seesemane e ne e le puo ya me ya bobedi mme mafoko a a rileng le segalo sa batho ba kwa Australia, di ne di dira gore go nne thata gore ke tlhaloganye. Mme ka go bo ke ne ka gakologelwa gore Bibela e re bolelela gore re ikanye Jehofa le gore re mo leke gore re tle re bone fa a le molemo, ke ne ka simolola tirelo ya bobulatsela jwa nako e tletseng ka January 1991. Moithuti wa me wa ntlha wa Bibela ke mmulatsela gone jaanong. Bomorwadie ba babedi le bone ba ne ba amogela boammaaruri, mme a le mongwe mo go bone o bula tsela mmogo le monna wa gagwe.”
Pele re tswa mo Darwin, a re tseyeng loeto lwa bokgakala jwa dikilometara di le 250 ka bonako go ya kwa ntlheng e e kwa botlhaba kwa Kakadu National Park, e e itsiweng thata ka dinonyane tse dintsi tse e nang natso. Fano re kopana le Debbie, yo e leng mongwe wa bareri ba mafoko a a molemo mo lefelong leo lotlhe le le kwa thoko. Re mmotsa gore o kgona jang go nna a nonofile semoyeng mo lefelong le le kwa thoko jaana. O araba jaana: “Sa ntlha, ka go rapela. . . . Le ka go bona kgomotso go tswa mo dikwalong tse di tshwanang le Isaia 41:10, e e bolelang jaana: ‘O se ka wa boifa, gonne ke na nao: O se ka wa kgaoga pelo gonne ke Modimo wa gago: ke tla go thatafatsa; ke tla go thusa: Ee, ke tla go tshegetsa ka seatla se se siameng sa tshiamo ya me.’”
Kwa Jilkmingan, dikilometara tse 450 go ya kwa borwa jwa Darwin, re kopana le setlhotswana se sennye sa Baaborijini. Setlhopha seno sa Baaborijini se ne se lebiwa jaaka Basupi ba ga Jehofa ka dingwaga tse dintsi ka go bo ba bantsi ba bone ba ne ba nna teng ka metlha kwa dikopanong tse dikgolo le tse dinnye, le mororo go ne go sena ope wa bone yo o neng a kolobeditswe. Setlhopha seno se ne se itsege ka go nna phepa ga sone. Se se itumedisang ke gore, bangwe ba ne ba emela boammaaruri ba nonofile mme ba kolobeditswe. Ke bone ba ntlha gare ga Baaborijini ba ba nnang kwa magaeng ba ba neng ba dira jalo. Go tlhokega bopelokgale tota le go ikanya moya o o boitshepo wa ga Jehofa gore batho ba ba ikokobeditseng bano ba tlogele dingwao tsa bone tsa dingwaga tse di makgolokgolo le ditiro tsa tirisabadimo tsa setso sa bone.
Go ya kwa Alice Springs le go Tswa kwa Magaeng
Jaanong ke nako ya go tswa kwa “Ntlheng e e kwa godimo,” mme re leba kwa ntlheng e e kwa borwa jwa Alice Springs e e bokgakala jwa dikilometara di le 1 600, kwa “Red Center” ya kontinente eno, gaufi le Ayers Rock e e itsegeng thata. Mo Holong eno ya Bogosi tempereitšhara ya yone e kgonang go laolwa, go na le manno a mantle a a baakanyeditsweng kopano, mme go na le batho ba le 130 kana go feta ba ba leng teng go tswa diphuthegong tse pedi tsa lefelo leo. Mme gape re bona Bapolynesia, Bayuropa, le Baaborijini ba kopane mmogo jaaka Bakeresete.
La bofelo re tswa mo Alice Springs mme re simolola karolo ya bofelo ya loeto lwa rona le molebedi wa rona yo o etang wa kgaolo le mosadi wa gagwe. Loeto lono ke lwa sekgala sa dikilometara tse 2 000 go ralala kontinente, go ya kwa bokone le kwa botlhaba. Fa re ntse re tswa koo, re tlogela metse ya magae, ka gore kgabagare re fitlha mo lefelong le le nonneng la dikgwa tsa boboatsatsi la Queensland. Fano, mo lebopong le le ka kwa bokone la Queensland—kwa nageng ya Great Barrier Reef—go na le diphuthego tse dintsi tse di nang le selekanyo se se kwa godimo sa Basupi fa ba bapisiwa le baagi.
Lefa go ntse jalo, ga re ise re fetse loeto lwa rona fa re ise re ye kwa kopanong e nngwe gape ya potologo. Re ne ra palama sefofane kwa Cairns—kwa motseng wa boboatsatsi wa Queensland wa Barrier Reef e e itsegeng thata—re tswa mo karolong e kgolo ya kontinente ya Australia re fofela kwa ntlheng e e kwa godimo ya bokone jwa Cape York Peninsula, go kgabaganya Torres Strait, go ya kwa Setlhaketlhakeng sa Thursday. Go na le phuthego e nnye koo ya baboledi ba le 23 fela. A bo e ne e le boitumelo jang ne go bona batho ba le 63 ba tlile kopanong ya rona ya bofelo mo loetong lono!
Re solofela gore lo ile lwa itumelela go bona tsela eo tiro ya go rera ka Bogosi e dirwang ka yone mo nageng eno e e nang le dilo tse di farofarologaneng. Gongwe le wena ka letsatsi le lengwe o tla kgona go re etela mo Australia mme o kopane le bakaulengwe le bokgaitsadi ba ba dirang bodihedi jwa bone mo kabelong ya bone e e sa tshwaneng le epe.
[Mmapa/Setshwantsho mo go tsebe 23]
(For fully formatted text, see publication)
Port Hedland
Canberra
Tom Price
Marble Bar
Newman
Darwin
Katherine
Alice Springs
Ayers Rock
Thursday Island
Cairns
Adelaide
Melbourne
Hobart
Sydney
Brisbane
Perth
[Setshwantsho mo go tsebe 24]
Perth, mošate wa Australia Bophirima
[Setshwantsho mo go tsebe 25]
Bosupi jwa mmila bo ntsha matswela a a molemo