Selo Sa Konokono Se Se Atlegisang Botshelo jwa Lelapa
“MALAPA a rona a ntse a senyegela pele,” go ne ga bolela jalo ntlhopheng mongwe wa maemo a botautona kwa U.S. ngogola. Ke boammaaruri, selekanyo se malapa a ntseng a senyegela pele ka sone se tsitsibanya mmele. “Fa dilo di ne di ka fetoga ka selekanyo se se tshwanang mo go tsa itsholelo le tsa madirelo ka nako e le nngwe,” go ne ga bega jalo makasine wa Fortune, “re ne re tla sala re atlhame ke go gakgamala.”
Tota le malapa a a lekang go latela melaometheo ya Bibela gantsi a amega ka mo go tlhomolang pelo. Dingwaga di le mmalwa tse di fetileng, rrabana yo o nang le bana ba le barataro ba ba santseng ba le kwa tlase ga dingwaga tsa bolesome o ne a bolelelwa jaana ke Mokeresete mmogo le ene mongwe yo o neng a bua a sena maikaelelo ape a a maswe: “O ka lebelela gore o tlile go latlhegelwa ke bana ba gago ba le bane ba ya kwa lefatsheng.” Lefa go ntse jalo, rrabana yono o ne a sa dumele gore selo seno se ne se tshwanetse sa diragalela lefa e le a le mongwe fela wa bana ba gagwe. O ne a tlhalosa lebaka la seo.
“Bana ba rona tota ga se ba rona,” o ne a rialo. “Nna le mosadi wa me re ba neilwe ke Jehofa Modimo, ke ‘boswa,’ kana mpho, e e tswang kwa go ene. Mme o ne a bolela gore fa re ba thapisa ka tsela e e tshwanetseng, ‘ga ba kitla ba kgaogana nayo.’ Ka jalo ka metlha re ntse re leka go ba tlhokomela jaaka e kete ke ba ga Jehofa.”—Pesalema 127:3; Diane 22:6.
Rre yono o boletse selo sa konokono se se atlegisang botshelo jwa lelapa—batsadi ba tshwanetse ba tlhokomela bana ba bone jaaka e kete ba ne ba tlhokomela dilo tsa Modimo. Le mororo seno se sa bolele gore bana ba tla tsaya tsiya kaelo ya gago e e molemo ka metlha yotlhe, o na le boikarabelo jwa go tlhokomela bana ba Modimo a go neileng bone.
Boikarabelo Jo Bo Masisi
O ba neela tlhokomelo eno sentle ka tlotlo le ka go amega thata, e seng ka go latlhelela kana ka go tlhoka kgatlhego. O dira bojotlhe o ntse o lemoga gore o tla ikarabelela mo Modimong ka ntlha ya boswa jwa gagwe, kana mpho, e a go neileng yone. Ga go tlhokege gore o lekeletse mekgwa e e farologaneng ya go godisa bana. Batsadi ba tlhoka fela ditaelo tsa Modimo jaaka fa a di neetse mo Lefokong la gagwe, e leng Bibela, mme ba tshwanetse ba di latela ka kelotlhoko.
Jehofa Modimo o laela jaana: “Me [mafoko a me] u a rutè bana ba gago ka tlhōahalō, u buè kaga aōna ha u dutsè mo tluñ ea gago, le ha u tsamaea mo tseleñ, le ha u rapame, le ha u rapamologa. Me u a bohèlèlè mo seatleñ sa gago go nna seshupō, me a nnè sebeèō sa ha gare ga matlhō a gago. Me u a kwalè mo mephakwaneñ ea moyakō oa ntlo ea gago, le mo dikgoroñ tsa gago.” Bibela gape e kgothatsa jaana: “Lona borra bana, . . . lo . . . godisetsè [bana ba lona] mo koatlhaoñ le mo taoñ ea Morèna.”—Duteronome 6:7-9; Baefesia 6:4.
Ka jalo go tlhokomela bana go batlega gore e nne selo sa letsatsi le letsatsi; ee, go bolela gore o ba neele nako ya gago yotlhe fela bogolo jang lorato lwa gago le go amega ga gago ka bone thata. Batsadi ba ba neelang bana ba bone dilo tseno tse di kgolo tse ba di tlhokang ba dira se Modimo a reng se tshwanetse sa dirwa e le gore ba nne le botshelo jwa lelapa le le atlegileng.
A o akanya gore seno ke go batla go le gontsi thata? Batsadi ba le bantsi, ka se ba se dirang, ba bontsha gore ba akanya jalo. Mme lefa go ntse jalo, dimpho tseno tse di tswang kwa Modimong—bana ba gago—tota di tlhoka tlhokomelo e e kgethegileng fela thata.
Ka Moo Ba Ka Tlhokomelwang ka Gone
Go tla bo go le botlhale gore o sekaseke sekai sa ba ba atlegileng mo go godiseng bana. Makasine mongwe, mo setlhogong sa one se se tsamaisanang le setlhogo se se kafa ntle se se reng “Malapa A A Gakgamatsang,” o ne wa bolela dilo di le nne tse di botlhokwa gore motho a godise bana ba gagwe ka katlego: “[1] Motlotlo wa ka nako ya fa go jewa o o dirang gore motho a akanye, [2] go tlwaelana le dibuka tse di molemo thata, [3] tlhotlheletso ya batho ba ba akanyang sentle e bile e le dikai tse di molemo go latelwa, [4] go itse gore go na le mekgwa mengwe ya lelapa e e tshwanetseng ya bolokwa.”—U.S.News & World Report, December 12, 1988.
Malebana le “motlotlo wa ka nako ya fa go jewa,” gakologelwa gore Modimo o laela batsadi gore ba rute bana ba bone fa ba dutse mo ntlong. A lelapa la gago le dula mmogo ka metlha mo tafoleng fa go jewa, ka go rialo le dira gore go nne le ditshono tseo letsatsi le letsatsi tsa gore lo nne mmogo mme lo nne le motlotlo o o dirang gore lo akanye? Dinako tse di tshwanang le tseno di botlhokwa e bile bana ba tla nna ba di gakologelwa, di ba dira gore ba ikutlwe ba ritibetse e bile ba bolokesegile. Ngwana mongwe wa dingwaga di le thataro o ne a bolela gore o ne a rata dinako tsa go ja “ka gonne ga o tlhoke go tshwenyega ka yo mongwe,” ka gonne botlhe ba mmogo.
Go tweng ka boleng jwa seo lo se tlotlang fa lo ja? A gantsi ke ka ga se se mo ‘dibukeng tse dikgolo,’ go akaretsa le Bibela le dibuka tse di theilweng mo Bibeleng tse di tlotlang ka tirelo ya rona eo e re e direlang Modimo kana dilo tse di amanang le popo ya Modimo? Mo godimo ga motlotlo o o ntseng jalo o lo nnang le one ka nako ya fa go jewa, batsadi ba tshwanetse ba dirisa thulaganyo ya ka metlha ya go ithuta go dira gore bana ba bone ba rate Jehofa ka bobone ba bo ba rate le melao ya gagwe e e siameng.
“Go ja dijo mmogo ka metlha e ne e se bothata,” go ne ga tlhalosa jalo rre wa bana ba le barataro yo o umakilweng pelenyana. “Go ne go itiragalela fela, mme go ne go thusa go re dira seoposengwe. Mme go nna le thulaganyo e e latelwang ka metlha ya go ithuta Bibela go ne go le thata.” Ka ntlha ya go bo a ne a itapetse fela morago ga go dira ka thata letsatsi lotlhe, ka dinako tse dingwe o ne a thulamela fa thuto e ntse e tsweletse. Mme lefa go ntse jalo, ga a ise a ko a tlogele go tshwara thuto ya Bibela ka metlha le bana ba gagwe, e bile ka metlha o ne a tlotla le mongwe le mongwe wa bone a le nosi e bile a ba reetsa sebaka se se leele.
Mo godimo ga go di goga kwa pele mo go nneng le motlotlo o o agang ka dinako tsa fa go jewa le go ba tlwaelanya le dibuka tse di molemo, a o tlhomamisa gore bana ba gago ba bona “tlhotlheletso ya batho ba ba akanyang sentle e bile e le dikai tse di molemo go latelwa”? Boammaaruri ke gore, go rulaganyetsa gore bana ba gago ba kopane ka metlha le batho ba ba etsang monna yo mogolo go ba gaisa botlhe yo o kileng a tshela, ebong Jesu Keresete, go botlhokwa e le gore ba tle ba atlege fa e setse e le bagolo.
Sa bofelo, go tweng ka “go itse gore go na le mekgwa mengwe ya lelapa e e tshwanetseng ya bolokwa”? Bana ba gago ba tshwanetse ba tlhaloganya gore go na le ditekanyetso dingwe tsa lelapa tse go lebeletsweng gore ba di boloke—gore boitshwaro bongwe jo bo rileng, puo, moaparo, maitseo, le dilo tse dingwe, ga di amogelwe e bile ke go tlola melao mengwe ya lelapa. Ba tshwanetse ba lemoga gore go tlola melao ya lelapa ke selo se se masisi—gore seno se ne se tla go utlwisa botlhoko thata, fela jaaka fa go ne ga nna le ka tlhogo ya lotso ya bogologolo ebong Jakobe, yo basimane ba gagwe ba neng ba mo ‘nkgisa sebodu mo banning ba lehatshe’ ka maitsholo a bone a a tlhabisang ditlhong.—Genesise 34:30.
Rre wa bana ba le barataro yo o neng a leba bana ba gagwe jaaka ba Modimo o ne a gatelela thata ntlha ya “mekgwa ya lelapa.” Ka metlha o ne a ntse a akantshana le bana ba gagwe malebana le kafa ditekanyetso tsa lelapa tsa moaparo, go ikgabisa, le go kgaogana le ditsela tsa lefatshe di neng di tsamaisana ka gone le moya wa Mmopi ebong Jehofa Modimo le kaelo ya gagwe. Ka ntlha ya nako e ntsi, lorato, le kamego e kgolo tse ba di neilweng—ba thapisitswe ka tsela e ba tshwanetseng ba tsamaya ka yone—bana bano botlhe ka borataro jwa bone ba arabetse sentle ka go ‘se kgaogane le tsela e ba tshwanetseng ba tsamaya ka yone.’—Diane 22:6.
Go na le diketekete tsa malapa a a ntseng jalo a a nonofileng lefatshe ka bophara. A bo malapa a a ntseng jalo a galaletsa Mmopi jang ne, mme a bo e le tuelo jang ne mo batsading ba ba seng bogagapa, ba ba lorato! Jaaka fa dingwaga di ntse di feta, batsadi ba ba ntseng jalo ba anaanelwa thata ke bana ba ba sologetsweng molemo ke maiteko a bone. Tsweetswee sekaseka polelo e e latelang ya mosadi mongwe yo o neng a godisiwa ke batsadi ba ba boifang Modimo, mme o tlhokomele dithuto tse di molemolemo tse di ka ithutiwang mo go yone.