Go Rera ka Boitshoko mo Nageng ya Dikgapetla le Molelo
ICELAND e kwa Atlantic Bokone mo e ka nnang fa gare ga Amerika Bokone le Yuropa. Le mororo e le fela fa tlase ga Arctic Circle tlilemate ya yone ga e tsididi thata jaaka go ne go ka lebelelwa, gonne e thutafadiwa ke Gulf Stream. Iceland e ile ya bidiwa naga ya dikgapetla le molelo gonne e na le kgapetlakedi e kgolo go di gaisa tsotlhe mo Yuropa gape e na le makgwamolelo a a thunyang kgapetsa go a gaisa otlhe mo lefatsheng. Metswedi ya yone ya metsi a a molelo le di-solfatara eleng diphatlha tsa makgwamolelo tse di ntshang moyametsi o o bolelo le digase tsa sulefura di itsege thata.
Baagi ba ba 260 000 ba setlhaketlhake seno se e leng sa bobedi se segolo mo Yuropa ke ditlogolwana tsa Ba-Viking, ba ba neng ba nna fano dingwaga tse di fetang 1 100 tse di fetileng. Se-Iceland se tshwana fela le Se-Old Norse, puo ya Scandinavia ya motlha wa Ba-Viking. E ne ya se ka ya fetoga gonne Ba-Iceland ba ne ba rata go bala hisitori ya bone ya bogologolo, e bontsi jwa yone bo neng bo kwadilwe ka lekgolo la bo 13 la dingwaga.
Bibela e ne ya simolola go ranolwa ka Se-Iceland ka lekgolo la bo 16 la dingwaga. “Tesetamente E Ntšha” e ne ya tlhaga ka 1540 mme Bibela e e feletseng ka 1584. Mo e ka nnang go feta 90 lekgolong ya baagi ba tsena Evangelical Lutheran Church, bodumedi jwa semolao jwa Naga. Lefa legae lengwe le lengwe le na le Bibela, ke ba sekae fela ba ba dumelang gore ke Lefoko la Modimo. Ba-Iceland ba bantsi ga ba tatalale thata ka dilo tse ba di dumelang tsa bodumedi, e bile ga se batho ba ba kgomarelang megopolo ya ba bangwe.
Mafoko A A Molemo A Fitlha kwa Iceland
Batho ba ntlha ba Iceland ba ba neng ba utlwa mafoko a a molemo a Bogosi ba ne ba a utlwa ba le kwa Canada. Mongwe wa bone e ne e le Georg Fjölnir Lindal. Batsadi ba gagwe ba ne ba tswa kwa Iceland, e bile o ne a bua Se-Iceland. O ne a nna moreri wa nako e e tletseng wa mafoko a a molemo fela fa a sena go neela botshelo jwa gagwe mo go Jehofa Modimo. O ne a isa mafoko a a molemo kwa nageng eo ya dikgapetla le molelo ka 1929, a na le dingwaga di le 40.
A bo eo e ne e le tiro e kgolo jang ne go ka dirwa ke motho a le mongwe! Iceland e ka nna dikilometara di le 320 go tloga kwa bokone go ya kwa borwa le dikilometara di le 500 go tloga kwa botlhaba go ya kwa bophirima. Lotshitshi, loo lo lo akaretsang dikgogometso tsa lewatle le makadiba a lewatle le boleele jwa dikilometara di le 6 400. Ka nako eo, go ne go sena ditsela tse di siameng e bile go sena dikoloi kana dipagangwa dipe fela tsa segompieno. Lefa go ntse jalo, Mokaulengwe Lindal o ne a akaretsa setlhaketlhake sotlhe mo dingwageng di le lesome mme a anamisa dibuka di le diketekete. O ne a tsamaya fa lotshitshing ka mekoro, mme o ne a dirisa dipitse tse pedi fa a ne a etela dipolasi, e nngwe a e pagama mme e nngwe e rwala dibuka le dilwana tsa gagwe.
Mokaulengwe Lindal e ne e le ene Mosupi fela mo Iceland ka dingwaga di ka nna 18. Le mororo a ne a dira ka natla, ga go a ka ga nna le ope yo a neng a ema mo letlhakoreng la Bogosi ka nako eo. Lobaka lo loleele lo a lo ntseng a le nosi lo ne lwa fela ka March 25, 1947, fa baalogi ba ntlha ba Sekolo sa Bibela sa Watchtower sa Gileade ba ne ba goroga. O ka akanya fela gore o ne a itumela jang fa Jehofa kgabagare a ne a araba dithapelo tsa gagwe tsa gore a romele badiri ba bantsi go tla go roba. (Mathaio 9:37, 38) Mokaulengwe Lindal o ne a tswelela a dira kwa Iceland go fitlha a boela kwa Canada ka 1953.
Badiri Ba Ba Oketsegileng mo Thobong
Barongwa ba ba neng ba tla ka 1947 e ne e le bakaulengwe ba babedi ba kwa Denmark. Go ne ga tla barongwa ba bangwe dingwaga tse pedi moragonyana. Ba ne ba anamisa dikgatiso di le diketekete fa ba ntse ba rera le ditsala di sekae tse di neng di fudugetse kwa Iceland. Bontsi jwa batho ba Iceland bo rata go bala thata, mme ke ba sekae fela ba ba neng ba tsaya kgato fa ba utlwa mafoko a a molemo. Morago ga dingwaga di le 27 tsa go jala le go nosetsa, bakaulengwe ba ba pelotelele bao ba ne ba simolola go bona maungo a tiro ya bone. Ka 1956 ba bangwe gape ba le supa ba ne ba ema mo letlhakoreng la Bogosi mme ba neela matshelo a bone mo go Jehofa.
Palo ya baboledi ba Bogosi e ne ya menagana go feta gabedi mo dingwageng tse di lesome tse di fetileng. Jaanong go na le diphuthego tse supa le setlhopha sengwe kwa thoko tse di nang le palogotlhe ya baboledi ba le 280 ba mafoko a a molemo. A re eteleng kwa setlhaketlhakeng seno go etela diphuthego tseno.
Moshate le Tikologo
Bakaulengwe le bokgaitsadi ba ba neng ba itshoka mo dingwageng tseo ba ne ba segofadiwa fela thata. Jaanong go na le diphuthego tse pedi tse di golang mo moshateng eleng Reykjavík. Ba kopanela mo Holong e ntle ya Bogosi e e leng mo kagong ya ofisi ya lekala e e neng ya kgakolwa ka 1975.
Friðrik le Ada ke bangwe ba batho ba ba supa ba ba neng ba kolobediwa bogologolo ka 1956. “Ke gakologelwa gore re ne re tshwarela dipokano mo kamorenyaneng e e kwa godimo koo barongwa ba neng ba nna teng,” go bolela jalo Friðrik. “E ne e kgona go tsenya ditulo di le 12, mme ka dinako tse dingwe fa go ne go tla batho ba bantsi re ne re bula mojako gore re dirise le kamorenyana e nnye e e neng e bapile le eo. A bo go farologane jang ne gompieno ka go na le diphuthego tse pedi tse di tlatsang Holo ya Bogosi!”
Friðrik o ne a tlhokomela Lephata la Tirelo ya Dijo fa go ne go tshwerwe dikopano tsa ntlha. “Ke ne ke dira tiro yotlhe ka bonna, mo godimo ga moo, ke ne ke tlhola ke nna le dipuo di le tharo kana di le nne mo thulaganyong letsatsi le letsatsi. Ke ne ke apara khiba fa ke dira mo kitsing. Fa nako ya go neela puo e tla, ke ne ke apara baki ke bo ke sianela kwa holong. Bakaulengwe ba ne ba tlhola ba nkgakolola gore ke apole khiba. Jaanong re na le batho ba le 400 go ya go ba le 500 ba ba tlang dikopanong, e bile re na le bagolwane ba ba molemo tota ba ba fang dipuo tse dingwe mo thulaganyong. Re na le batho ba bantsi gape ba ba thusang mo Lephateng la Tirelo ya Dijo.”
Phuthego ya Keflavík e gaufi thata le ya Reykjavík, e e dikilometara di le 50 fela go ya kwa bophirima. Tsela ya teng e ralala masimo a mmu wa manya a lekgwamolelo. Diperesente di le lesome tsa Iceland di apesitswe ke mmu wa manya a lekgwamolelo. Dijalo tsa ntlha tse di tlhogang mo masimong a a ntseng jalo ke di-lichen le di-moss, mme mo masimong a bogologolo a a nang le mmu wa manya a lekgwamolelo o ka fitlhela mmurubele le ditlhatshana tse di sa goleleng kwa godimo.
Phuthego ya kwa Keflavík e na le baboledi ba le 19 mme e ne ya tlhongwa ka 1965. Gaufi le foo go na le boemafofane jwa meraferafe, le lefelo la masole a U.S. Le mororo Basupi ba ise ba ko ba kgone go dira ka ntlo le ntlo mo teng ga lefelo leno, go ile ga tshwarwa dithuto tse dintsi tsa Bibela koo, mme go na le batho ba le mmalwa ba ba neng ba ithuta boammaaruri.
Phuthego e nngwe e kwa Selfoss, dikilometara di le 55 kwa botlhaba jwa Reykjavík. Eno ke naga e tala ya temo e e nang le dikgomo le dinku, mmogo le deri e kgolo go di feta tsotlhe mo Iceland. Mo tseleng re feta Hveragerði, toropo e nnye e e mo mo mokgatšheng o montle. Fa re santse re le kgakala re kgona go bona phufudi e e tswang mo metsweding ya metsi a a molelo go dikologa mokgatšha ono. Leno ke lengwe la mafelo a a nang le metswedi e mentsi e e nang le metsi a a molelo mo nageng eno, mme go ile ga agiwa matlo a mantsi a go jalwang dijalo mo go one fano gore go jalwe ditamati, di-cucumber, le dithunya tse di farologaneng.
Go na le phuthego e nnye e e tlhaga ya baboledi ba Bogosi ba le 19 mo lefelong leno. Sigurður le Guðrún Svava ba ne ba fuduga kwa Reykjavík go tla go thusa setlhopha se sennye seno mo e batlileng e le ka nako ya fa phuthego eno e ne e tlhongwa ka 1988. Sigurður ke ene mogolwane fela fano. Pele e nna mongwe wa Basupi ba ga Jehofa dingwaga tse di ka nnang lesome tse di fetileng e ne e le moopedi, a letsa meropa mo ditlhopheng tse di farologaneng tsa mmino. Gompieno o itshedisa ka go tlhatswa difensetere, gape o ruta le mmino. Botshelo jwa gagwe jaaka motho yo a neng a tlosa ba bangwe bodutu bo ne bo mo tsosetsa mathata a mantsi, jaaka go dirisa diokobatsi ka tsela e e sa tshwanelang, go nwa thata, le go thubegelwa ke lenyalo. A bo jaanong a itumetse jang ne ka jaana a itse gore o tshelelang e bile o direla Jehofa!
Ntlha E E kwa Botlhaba
Fa re tswa kwa Selfoss, re tsaya loeto lwa dikilometara di le 680, mo tseleng e tshesane e e tletseng makgabana. Re leba kwa phuthegong e nngwe e e kwa toropong ya Reyðarfjörður kwa lotshitshing lo lo kafa botlhaba. Morago ga halofo ya ura, re bona Hekla, lekgwamolelo le le itsegeng thata la Iceland. Le setse le kile la thunya ka makgetlo a le mane mo lekgolong leno la dingwaga.
Ka 1973 lekgwamolelo lengwe le ne la thunya ka tsela e e gakgamatsang thata kwa Vestmannaeyjar (Ditlhaketlhake tsa Westmann). Baagi botlhe ba ba 5 300 ba ne ba fudusediwa mo teng ga naga mo lobakeng lwa diura di le mmalwa fela. Fa toropo eo e sena go tsosolosiwa, bontsi jwa baagi bo ne jwa boela gape ka bonya ka bonya. Jaanong go na le Basupi ba babedi ba ba nnang koo mme ba rerela batho ba tikologo e nnye eo mafoko a a molemo. Morago ga go tsamaya diura tse dingwe gape tse pedi, re bona lefelo le legolo le lentle la Vatnajökull, kgapetlakedi e e di fetang tsotlhe mo Iceland, e e apesitseng disekwerekilometara di le 8 300. Mo tseleng re feta, diphororo tse di kgatlhang le dinoka.
Re goroga kwa re yang teng morago ga diura di le lesome re ntse re le mo tseleng. Kwa Reyðarfjörður re kopana le baboledi ba le 12 ba phuthego e ntšha go tlhongwa mo go tsone tsotlhe mo Iceland. Go ne go sena Basupi mo lefelong leno go fitlha fa go ne go tlhongwa legae la barongwa fa 1988 a ya go fela. Kjell le Iiris, banyalani ba barongwa ba kwa Sweden, ba ba saleng ba dira mo Iceland go tloga ka 1963, ba abetswe go thusa batho ba ba 15 000 ba lefelo leno la magae. Bontsi bo nna kwa metseng ya batshwari ba ditlhapi mo lotshitshing, mme e iphaphathile dikilometara di le 500 mo go lone.
Kjell o anela jaana: “Ga go belaetse gore Jehofa o ile a segofatsa tiro ya go rera ka Bogosi mo karolong eno ya Iceland. Go ne ga tlhomiwa phuthego fano ka January 1, 1993, me re tshwara dithuto tse dintsi tsa Bibela le batho ba ba gatelang pele sentle. Le mororo jaanong ba dirisa dipagangwa tse di farologaneng e bile Mokaulengwe Lindal a tsamaya ka pitse, ga go motlhofo go kgweetsa mo dithabeng mo ditseleng tse di tletseng dikgapetla mo dikgweding tse di lefifi tsa mariga, le eleng lefa o dirisa koloi e e gogang ka maotwana a mane. Ka nako nngwe e kile ya phailega mme ya menogana gabedi kana gararo mo mokgokoloseng. A bo re ne ra leboga jang ne gonne re ne ra se ka ra gobala!”
Iiris o bolela jaana morago ga dingwaga tse 30 a ntse a le kwa Iceland: “Go ile ga tla bangwe go tswa kwa dinageng tse dingwe go tla go thusa fano fa dingwaga di ntse di feta. Le mororo ba bantsi ba ne ba tshwanela go tsamaya ka ntlha ya mabaka a farologaneng, eleruri ba ile ba nna le seabe se segolo mo tirong ya go jala le go nosetsa. Re itumelela go bo re ile ra kgona go nna, e re ka jaanong re na le tshiamelo ya go bona thobo e ntse e phuthiwa. Jehofa o akofisa tiro ya gagwe le fano.”
Koketsego e ntsi e nna teng gonne bontsi jwa ba basha jaanong bo neela ba ba dirang nabo bosupi. Atli o ne a rutiwa boammaaruri ke barongwa mme o ne a simolola go bo bolelela ba bangwe kwa kampaning ya go aga koo a neng a dira teng. Ba babedi ba a dirang le bone jaanong ba nna le seabe mo tirong ya go rera, yo mongwe o ne a kolobediwa le mosadi wa gagwe ka November 1992. Yo mongwe wa boraro yo a dirang nae o ithuta Bibela le Basupi.
Re Tsaya Tsela E E Yang kwa Bokone
Fa re tloga kwa Reyðarfjörður, re leba kwa bophirima. Phuthego e e latelang e dikilometara tse 300 go tloga foo, kwa toropong ya Akureyri. Go ne go rometswe bareri ba ba kgethegileng koo ba nako e e tletseng kwa tshimologong ya bo1950. Go tloga fela kwa tshimologong, bangwe ba baruti ba ne ba ganetsa thata. Go ne ga gatisiwa ditlhogo mo lokwalodikgannyeng lwa lefelo leo go tlhagisa batho ka Basupi ba ga Jehofa. Bontsi jwa batho ba toropo eno bo ne bo tsene thata mo tirisabadimong. Mme re leboga go bo babulatsela le barongwa ba ba farologaneng ba ile ba itshoka le go nna pelotelele, gompieno go na le phuthego e e tlhaga le e e lorato ya bareri ba Bogosi ba le 35.
Mongwe wa bagolwane ba yone ebong Friðrik e ne e le motshwari wa ditlhapi. Fa a tswa kwa kopanong ya kgaolo ka 1982, o ne a tla a tlhatswegile pelo gore se a neng a se ithuta e ne e le boammaaruri. O ne a boela kwa Akureyri a iketleeditse go neela balelapa, ditsala, le ba a dirang nabo bosupi. Friðrik o ne a rulaganya gore a tlogele tiro ya gagwe jaaka motshwari wa ditlhapi gore a kgone go bona nako e e oketsegileng ya go nna teng kwa phuthegong. O ne a bolelela lekgarebe la gagwe ebong Helga, gore ba ka se tlhole ba kgona go nna mmogo go fitlha ba nyalana, e re ka a tlile go nna mongwe wa Basupi ba ga Jehofa. Friðrik o ne a batla gore le ene a ithute Bibela gonne o ne a ka se ka a nyala ‘motho yo o sa dumeleng.’ (1 Bakorintha 7:39) Helga o ne a mo gakgamatsa mme a simolola go ithuta. Ba ne ba nyalana ka February 1983 mme ba kolobediwa ka pele fela morago ga foo. Mmaagwe Friðrik le kgaitsadie le bone ba ne ba tla mo boammaaruring.
La bofelo re ne ra ema kwa Akranes, dikilometara tse 350 go tloga kwa Akureyri, re fetile dithaba tse tharo e bile re raletse mekgatšha e mentle. Fano tsela e tshetswe sekonotere, mme go tsamaega monate fa o bapisa le go tsamaya mo ditseleng tse di makgabana le tse ditshesane tse re tlileng re tsamaya ka tsone. Akranes e na le phuthego e nnye go di feta tsotlhe mo Iceland—baboledi ba batlhano, ba babedi ba bone ke bagolwane. E na le malapa a mabedi a a neng a araba pitso ya Makedonia, a a neng a fuduga kwa phuthegong e kgolwane ya Reykjavík, mme a tla go nna mo toropong e nnye eno go tla go direla kwa a tlhokegang thata teng. (Ditihō 16:9, 10) Ba na le dingwaga tse di fetang tse pedi jaanong ba ntse ba rera mafoko a a molemo mo tshimong eno, ba solofetse thata gore Jehofa o tla dira gore dilo di gole.—1 Bakorintha 3:6.
Ba Lebeletse Thata Gore Ba Tla Oketsega
Balemi ba Iceland ba ile ba kgona go jala maungo a mantsi le merogo, mmogo le dijalo tse dingwe mo matlong a a gotediwang ka maatla a tlholego le mabone a a itiretsweng. Basupi le bone ka tsela e e tshwanang, ba ile ba bona maungo a a itumedisang mo tshimong eno ya Iceland, ka go bo ba ne ba tshotse boammaaruri jwa semoya, ba rotloetsa batho ka bonolo le ka lorato e bile ba segofadiwa ka moya wa ga Jehofa o o boitshepo.
Mo ngwageng ono Segopotso sa loso lwa ga Keresete se ne sa tliwa ke batho ba le 542, mme go tshwarwa dithuto tsa magae tsa Bibela di ka nna 200. Mo godimo ga go tsaya kgato e e siameng fa ba kgothalediwa go dira ditshimo tse di sa abiwang re tlhomamisa gore batho botlhe ba sekadinku ba ba leng mo setlhaketlhakeng se segolo seno ba tla utlwa lentswe la Modisa yo o Molemo, Jesu Keresete. (Yohane 10:14-16) A bo seo e le maungo a a itumedisang jang ne mo barering ba ba ikanyegang bao ba Bogosi ba ba ileng ba nna pelotelele ba bo ba itshoka mo go rereng mafoko a a molemo mo nageng eo ya dikgapetla le molelo mo dingwageng tse 64 tse di fetileng!
[Mmapa mo go tsebe 24]
(For fully formatted text, see publication)
Akureyri
Akranes
Keflavík
Selfoss
Vestmannaeyjar
Reyðarfjörður
Hekla
Geysir
VATNAJÖKULL
REYKJAVÍK
[Motswedi wa Setshwantsho]
Based on map by Jean-Pierre Biard