Ke Eng Fa O Tshwanetse go Tlhatlhoba Gore A Bibela E Boammaaruri?
O leba Bibela jang? Bangwe ba dumela tota gore ke selo se Modimo a se dirisang go itshenolela batho. Ba bangwe bone ba dumela gore ke buka fela e e sa reng sepe. Go ntse go le jalo ba bangwe bone ba fa gare ga maikutlo a mabedi. Fa e le gore go na le sengwe se se go dirang gore o belaele gore Bibela e tswa kae, go na le mabaka a a go patelelang gore o e sekaseke go rarabolola bothata jono.
GO TLA go fitlha ka lekgolo la bo 18 la dingwaga, Bibela e ne e tlotliwa ke batho ka kakaretso jaaka Lefoko la Modimo mo dinageng tsa Labokeresete. Mme go tloga ka lekgolo la bo 19 la dingwaga go ya pele, palo e e neng e ntse e oketsega ya batho ba ba rutegileng, borasaense, le baithutabodumedi le baeteledipele ba dikereke e ile ya simolola go ipolela phatlalatsa fa e belaela gore Bibela e boammaaruri.
Ka ntlha ya seo go tshwaya Bibela diphoso go ile ga anama thata mo e bileng batho ba bantsi ba latofatsang Bibela ba sa itse le diteng tsa yone tota. Gompieno batho ba bantsi mo go Labokeresete ba ikanya matlhajana a batho go na le gore ba ikanye Bibela. Go ntse go le jalo, matlhajana a segompieno ga a dira gore batho ba sireletsege kana ba bone boitumelo. Leno ke lengwe la mabaka a a molemo a gore o tlhatlhobe Bibela go bona gore a kaelo ya yone e ka dira gore motho a itumele a bo a atlege.
Lebaka le lengwe la go tlhatlhoba gore a Bibela e boammaaruri ke ka ntlha ya dilo tse di molemo tse e di solofetsang batho. Ka sekai, Pesalema 37:29 e bolela jaana: “Basiami ba tla rua lehatshe, ba tla aga mo go yeōna ka bosakhutleñ.” (Tshenolō 21:3-5) Ditsholofetso tse di ntseng jalo di go ama jang? Eleruri di go naya mabaka a go batla go tlhatlhoba Bibela le go bona gore a e ka ikanngwa.
Makasine ono ga o bolo go nna o supa fa Bibela e le boammaaruri ebile gantsi o ile wa nna wa ntsha bosupi jwa gore e tlhomame. Go na le dikarolo tse di farologaneng tse motho a ka tlhatlhobang ka tsone gore a Bibela e boammaaruri. Ditokololo tse di farologaneng tsa Tora ya Tebelo di tla go thusa go araba dipotso tseno: A dintlha tse di itseweng tsa hisitori ya bogologolo di dumalana le Bibela? A dipolelelopele tsa yone di boammaaruri? A kgakololo ya yone e a thusa kgotsa a barutegi le boramatlhajana ba segompieno ba ile ba kgona go ntsha bosupi jwa gore Bibela e siilwe ke nako?
Thutafatshe ke karolo e nngwe e o ka tlhatlhobang ka yone gore a Bibela e boammaaruri. Ditlhamane tsa seheitane go le gantsi ga di dumalane le dintlha tsa thutafatshe. Ka sekai, batho ba bogologolo ba ne ba tle ba bue ditlhamane kaga maeto a go ya kwa go se se bidiwang lefatshe la baswi. Fa e bua ka Bagerika ba bogologolo, buka ya A Guide to the Gods e tlhalosa jaana: “Lefatshe le ne le tsewa e le boalo jo bo sephaphathi bo dikaganyeditswe ke metsi a mantsi a a bidiwang Lewatle. Go ne go tsewa gore ka kwa tlase go na le Lefatshe la Morago ga Loso, e leng naga e e sa lengweng e e nang le ditlhare tse dintsho tse di sa ungweng.” Fa go ne go lemogiwa gore seno ke tlhamane fela, boramatlhajana ba baheitene ba ne ba tshwanelwa ke gore ba amanye kgang e ya bone kaga lefatshe leno le go tweng ke la morago ga loso le lefelo lengwe le sele. Richard Carlyon yo e leng mokwadi o tlhalosa jaana: “Go ne ga bonwa lefelo le le tshwanetseng ka fa tlase ga lefatshe, le le neng le gokagana le lefatshe leno ka dikgaga tse di farologaneng.” Gompieno re itse gore seno le sone ke tlhamane fela. Ga go na lefatshe le le ntseng jalo kana mogorogoro o o ntseng jalo kafa tlase ga lefatshe.
Go farologana le ditlhamane tseno tsa batho ba bogologolo, Bibela ga e re lefatshe le sephaphathi. Go na le moo, e bua boammaaruri jo bo tshwanang le jwa saense jwa gore lefatshe ke selo se se kgolokwe se se sa tshegediwang ke sepe. (Yobe 26:7; Isaia 40:22, NW) Go tweng ka ditlhaloso tse dingwe tsa thutafatshe tse go buiwang ka tsone mo Bibeleng? A le tsone ke ditlhamane fela, kgotsa a go a kgonega gore o bone ditiragalo tse go buiwang ka tsone mo Bibeleng ka leitlho la tlhaloganyo fa o etela Egepeto ya gompieno, go akaretsa le Sekasetlhake sa Sinai, le Iseraele ya gompieno?
[Setshwantsho mo go tsebe 3]
“Go na le Mongwe yo o nnang kwa godimo ga lefatshe leno le le kgolokwe.”—Isaiah 40:22, NW
“O . . . [lepeleditse] lehatshe kwa go señ sepè.”—Yobe 26:7