LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w83 5/1 ts. 4-8
  • Bibela—A Ruri ke ya Modimo?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Bibela—A Ruri ke ya Modimo?
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1983
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Tumalano ya Yone ka Boyone
  • Go Tlhomama ga Yone mo Boitseanapeng
  • Tshosologo ya Bakwadi ba Yone
  • Go Bolokwa Ga Yone
  • Go Bolelela Pele ga Yone
  • Motswedi o o Sa Tshwaneng le Ope wa Botlhale jwa Maemo A A kwa Godimo
    Lebaka la Go Bo Botshelo Bo le Gone Ke Lefe?
  • Baebele—Buka e e Tswang Kwa Modimong
    Totatota Baebele e Ruta Eng?
  • Baebele—Buka e e Tswang Kwa Modimong
    Baebele e re Ruta Eng?
  • A Baebele ke Buka e e Nang le Botlhale Jwa Batho?
    Dikarabo Tsa Dipotso Tsa Baebele
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1983
w83 5/1 ts. 4-8

Bibela—A Ruri ke ya Modimo?

GO NA le ntlha e le nngwe fela. Gore o amogele buka jaaka e e leng ya Modimo, e tshwanetse go nna boammaaruri le go tlhomama mo go sengwe le sengwe se e se buang. Batho le mafelo a e buang ka one a tshwanetse tota a bo a kile a nna gone. A ga go jalo? Bibela mo ntlheng eno e felela kae?

Tsaya sekai se le sengwe fela, Bibela e re Ponto Pilatwe e ne e le molaodi wa Judea ka nako ya bodihedi jwa lefatshe jwa ga Jesu Keresete. (Luke 3:1, 2) A mme ruri Pilatwe o kile a tshela, mme fa go ntse jalo, a tota e ne e le mmusi wa Judea?

Go ne go se tlhotlhomiso epe ka lobaka lo loleele. Ya re ka 1961 ga ribololwa sengwe se se gakgamatsang kwa Kaesarea. Go ne ga bipololwa letlapa le le neng le kwadilwe, le mo tshimologong e neng e le karolo ya tempele e e neng e tlotla mmusi Tiberio. Mokwalo wa Selatine o ne o re: “Ponto Pilatwe, Mogolwane wa Judea, o ne a kgakolela batho ba Kaesarea tempele ya go tlotla Tiberio.” Tlhomamo ya Bibela mo ditiragalong e ne e tlhomamisitswe! Ebile go na le dikao tse dingwe tse dintsi-ntsi tse di bontshang gore Bibela e tlhomame ebile e a ikanyega mo ditiragalong le mo thuta-lefatsheng.

O ka nna wa re, ‘Ema go se go ne ne. Lebaka la go bo buka e tlhomame ga le supe gore ke ya Modimo!’ Ke boammaaruri. Tlhomamo ya Bibela ka boyone ga e supele tlhotlheletso ya bomodimo. Lefa go ntse jalo, Bibela e na le tshupo e e supang gore ga se buka ya ditiragalo tse di tlhomameng fela. Ka gone, bontsi jwa baithuti ba Bibela ba ba tlhoafetseng ba ile ba tlhatswega pelo gore Bibela eleruri ke ya Modimo. O tshwanelwa ke go bona se se ba tlhatswitseng pelo jalo. A re tlhatlhobeng ditsela tse tlhano tse di farologaneng tsa bosupi.

Tumalano ya Yone ka Boyone

Akanya gore batho ba ba 40 ba ne ba kopilwe go kwala dikarolo tsa buka. Matshelo a bone a ne a farologane. Ba bangwe ba ne ba rutegile thata, fa ba bangwe e ne e le balemi le badisa fela. Go feta moo, ga se botlhe ba ba neng ba itsane. Tota-tota, bontsi jwa bone ba ne ba nna mo dinakong tse di farologaneng mo ditiragalong le mo mafelong a a farologaneng. O akanya gore a tota mekwalo ya bone e ne e tla dumalana yotlhe, le e leng mo dintlheng tse di potlana? A wa re ‘Le bogologolo!’? Mme gone go ne go ntse jalo fa go kwalwa Bibela.

Jaanong akanyetsa go tlhomama ga bone mo go bueng ka Jehofa Modimo jaaka sekao se le sengwe sa tumalano ya bakwadi bano. Jaaka o ka bala mo Bibeleng, dikarolo tsa yone tse di farologaneng di a dumalana mo go tlhaloseng Jehofa Modimo mabapi le popego ya gagwe le botho jwa gagwe. Ga a na tshimologo ebile ga a na bokhutlo. (Pesalema 90:2; Habakuke 1:12; Tshenolō 10:6; 15:3) Ga a bonale mo matlhong a batho. (Ekesodo 33:20; Yohane 1:18; 1 Timotheo 1:17) Bakwadi ba Bibela, fa ba ne ba filwe diponatshegelo tsa fa a leng teng, ba ne ba tlhalosa tlotlo e kgolo le bonatla, gammogo le thethebalo, thulaganyo le bontle. (Ekesodo 24:9-11; Esekiele 1:26-28; Tshenolō 4:1-3) Mo Bibeleng yotlhe dinonofo tsa Modimo tse dikgolo di boaboelediwa e le lorato, botlhale, tshiamiso le maatla.

Eleruri, tumalano ya Bibela ka boyone—go sa kgathalesege bakwadi ba yone ba bantsi—ke tshupo ya gore motswedi wa yone ke o o kwa godingwana ga motho.

Go Tlhomama ga Yone mo Boitseanapeng

Jaanong a re akanyetseng dikakgelo tse pedi kana e le nngwe tsa Bibela mo dikgannyeng tsa boitseanape. Ke ka ntlhayang fa di le botlhokwa? Ka ntlha ya mabaka a le mmalwa: (1) Di dumalana le ditlhotlhomiso tsa boitseanape; (2) di bontsha kitso e e neng e gaisa kitso ya batho e e neng e le gone ka nako ya fa di ne di kwadiwa; ebile (3) ga dia tlhotlhelediwa ka gope ke dipono tse di phoso tse di neng di le teng ka nako eo.

Gongwe o utlwile gore Bibela e re lefatshe la rona le lepeletse mo go seng sepe le bile le kgolokwe. (Yobe 26:7; Isaia 40:22) ‘Ke ka ntlhayang fa seno se le botlhokwa mo go kalo?’ o ka nna wa botsa jalo. Gakologelwa gore dikakgelo tseno tsa Bibela di dumalana le tlhotlhomiso ya boitseanape ebile di farologane le ditlhamane tsa bogologolo ka ga popego ya lefatshe le gore le ne le tshegeditswe jang. Antsaana, bontsi jwa batho, le e leng bao ba ithutang boitseanape, ba ne ba dumela gore lefatshe le ne le le sephara go fitlhela makgolonyana a dingwaga a a fetileng! Ka jalo go a gakgamatsa gore bakwadi ba Bibela ba ne ba itse dintlha tseno kaga lefatshe dikete tsa dingwaga tse di fetileng mme ebile ba sena didirisiwa tsa segompieno tsa boitseanape!

Sekao sengwe ke seno. Ka nako ya ga Moshe go ne go tlwaelegile kwa Egepeto go dirisa mantle le boloko jaaka kalafi ya malwetsi mangwe. Go feta moo, Moshe o ne a godisiwa kwa Egepeto ebile o ne a “rutwa botlhale yotlhe yoa Baegepeto.” (Ditihō 7:22) Mme mafoko a a a kwadileng mo go Duteronome 23:12, 13 ruri gaa tlhotlhelediwa ke dikalafo tsa Egepeto tse diphoso, ebile tota di le diphatsa. Go ya ka mafoko ano, mantle a batho kwa Iseraeleng wa bogologolo a ne a tsewa e le leswe, a tshwanetswe go ntshiwa fa bathong le fa metsing a bo a epelwa. Jaaka o itse, boitseanape jwa kalafi jwa segompieno bo dumalana le se.

A dikao tseno ga se tshupo e nngwe gape ya gore boikitsiso jo bo begilweng ke bakwadi ba Bibela bo tshwanetse jwa bo bo dule mo motsweding o mogolo go ba feta?

Tshosologo ya Bakwadi ba Yone

Sengwe gape se se bontshang gore Bibela ke ya Modimo ke tshosologo ya bakwadi ba yone. Ka ntlhayang? Go a itsege gore ka tlholego batho ba ba sa itekanelang ga ba ke ba dumela diphoso tsa bone, bogolo jang mo mokwalong. Mo ntlheng eno, Bibela e farologane le dibuka tse dingwe tsa bogologolo. Mme, go feta seo, tshosologo ya bakwadi ba yone e tlhomamisa boikanyegi jwa bone ka kakaretso. Gone, tota ba ne ba se kitla ba senola makoa a bone mme ba bo ba bua maaka ka dilo tse dingwe, a ga go jalo? Fa e le gore ba ne ba ka bua maaka ka sengwe, a e ne e se kitla e nna kaga diphoso tsa bone? Ka jalo he, tshosologo ya bakwadi ba Bibela e tiisa boiphako jwa bone jwa gore Modimo o ne a ba kaela mo go seo ba se kwadileng.—2 Timotheo 3:16.

Jaaka sekao sa tshosologo eo, a re akanyetseng Moshe. Lefa e ne e le moeteledipele wa setšhaba sa Iseraele, motsereganyi wa kgolagano ya Molao, moperofeti le moatlhodi, ga a ka a gorosa Baiseraele mo Lefatsheng la Tsholofetso. Ka ntlhayang? Go ya ka Dipalo 20:1-13, Moshe o ne a dira phoso e kgolo. Bala kafa o neng a ‘leofa’ ka teng mme a “bua ka phorumèlo ka dipounama tsa gagwè,” a palelwa ke go tlotlomatsa leina la Modimo. Ke mang yo o begileng pego ya Bibela mo bukeng ya Dipalo? Ke Moshe, yo ka tshosologo a kwadileng diphoso tsa gagwe go ya go ile!—Duteronome 32:50-52; Pesalema 106:32, 33.

Gape akanyetsa ditlhaelo tsa baaposetoloi ba ga Jesu Keresete. Ka dinako tse dingwe ba ne ba le bonya go tlhaloganya (Mathaio 16:5-12), ba bontsha tumelo e potlana (Mathaio 17:18-20) mme ba bontsha tshekamelo ya go batla tlotlomalo. (Mathaio 18:1-6; 20:20-28) Antsaana, ba bile ba phatlalela Jesu mo bosigong jwa go tshwarwa ga gagwe! (Mathaio 26:56) A mme o lemogile gore ditlhaelo tsotlhe tseno di ne tsa begwa ke Mathaio, mongwe wa baaposetoloi ba le 12?

A ga o dumele gore tshosologo ya bakwadi ba Bibela ke tshupo e nngwe gape ya gore Bibela ga se fela buka ya batho mme gape e supega gore e tshotse “e señ . . . lehoko ya batho, ha e se lehoko ya Modimo hèla”?—1 Bathesalonia 2:13.

Go Bolokwa Ga Yone

Go bolokwa ga Dikwalo gape go bontsha gore Bibela eleruri ke ya Modimo. Akanyetsa mabaka ano a mabedi:

(1) Ereka bakwadi ba Bibela kwa tshimologong ba ne ba kwaletse fela mo dilong tse di nyelelang, Dikwalo di ne tsa tshwanelwa ke go kwalololwa ka seatla mo makgetlong a mantsi go kgabaganya makgolo a dingwaga, e le gore di tle di bolokelwe dikokomana tsa isagwe. Ke ka ntlhayang fa seno se kgatlhisa mo go kalo? Ga se fela ka go bo batho ba ne ba ka dira diphoso mme gape go ne go na le maiteko a ka bomo a go senya mokwalo wa ntlha. Lefa go le jalo Bibela e bile ya re gorogela ka tlhomamo e gakgamatsang, fela jaaka go ribololwa ga mekwalo ya bogologolo ya Bibela go rurifatsa se.a

(2) Go bolokwa ga Bibela go gakgamatsa bogolo fa o akanya gore e falotse kganetso e e maswe-maswe. Go ne go na le dinako tse dingwe fa bomopapa le makgotla a dikereke a ne a kganela go balwa ga Bibela ka gore kotlhao ke go lelekiwa. Barati ba bantsi ba Bibela ba ne ba tshubelwa mo koteng. Mme Bibela e falotse kganetso eno yotlhe ebile ke buka e e anamisitsweng thata-thata mo lefatsheng.

Ga go buka epe mo ditiragalong tsa batho e e falotseng ka tlhomamo go sa kgathalesege go kwalololwa gangwe le gape ke batho ba ba sa itekanelang le ditlhaselo tse di maswe tsa baba ka makgolo a dingwaga. A seno ga se tshupo e e tlhatswang pelo ya gore Bibela e tshotse “lehoko ya ga Yehofa,” le le ntseng “ka bosakhutleñ”?—1 Petere 1:24, 25.

Go Bolelela Pele ga Yone

Gongwe tshupo e kgolo ya gore Bibela ke ya Modimo ke tiragatso ya dipolelelopele tse dintsi tsa yone. Ke motho ofe yo o gone yo o ka bolelang ka isagwe a sa tlholwe, ka go tsepama, makgolo, le e leng dikete tsa dingwaga go le pele? Batho ba na le bothata mo go boleleng pele kaga maemo a loapi le e leng go feta dioura di se kae!

O ka nna wa botsa ka gore: ‘Mme re ka itse jang gore dipolelelo-pele tsa Bibela eleruri di ne tsa kwalwa go le pele?’ Go araba seo, bula Isaia 13:19, 20 o bo o bala polelelo-pele ya Isaia mabapi le go senngwa ga Babelona wa bogologolo. Tlhokomela gore Isaia ga a bolelela pele fela ka tshenyego ya Babelona. O ile a re: “[Babelona] ga o ketla o tlhola o nnwa ke batho gopè.” Nako kgolo ke eno Babelona ke marope fela. Isaia o ka bo a kwadile jang pele polelelo-pele eno morago ga tiragatso ya yone?

Go feta moo, lefa Babelona a ne a fenngwa ke Ba-Meda le Ba-Peresia ka 539 B.C.E., polelelo-pele ya ga Isaia e ne e sa diragadiwa gotlhelele ka nako eo. Tota, go ne go sa ntse go agile batho mo Babelona go fitlha le mo lekgolong la ntlha la dingwaga C.E. (1 Petere 5:13) Ka mo go bonalang, e nnile go fitlha mo lekgolong la bone la dingwaga C.E. fa Babelona a ne a swafadiwa la bofelo, ka gone a diragatsa mafoko a ga Isaia gotlhelele. Ga go na pelaelo ya gore Isaia o kwadile buka ya gagwe pele ga seo, ka go bo le e leng Memeno ya Lewatle le le Suleng (mekwalo ya Bibela e lwa ntlha e bonweng ka 1947) e tshotse sekaelo sa ga Isaia se se kwadilweng mo lekgolong la ntlha kana la bobedi la dingwaga B.C.E.

Bibela e tshotse dipolelelo-pele tse dingwe tse dintsi tse di boletsweng go sa le pele thata tse di neng tsa diragadiwa. Go feta moo, fa o ithuta Bibela o tla lemoga gore e tshotse dipolelelo-pele tseo o di bonang di diragadiwa gompieno. (Akanyetsa lebokoso le le patileng setlhogo se.) A go ka nna le pelaelo ya gore bakwadi ba Bibela ba ne ba buisiwa ke Modimo?

Morago ga go sekaseka tshupo eo, o feleletsa ka go reng? Bobotlana, a Bibela ga e tshwanelwe ke gore o e tlhatlhobe? Go na le lebaka le le go tlamang la gore o e tlhatlhobe. Jaaka re etse tlhoko mo setlhogong se se fetileng, mo ditiragalong tsotlhe ga go ise go tlhokafale kaelo e e nitameng mo ditsamaisong tsa batho thata jaana. Bibela e na le melao-metheo e e reng fa o e dirisa e bo e go thusa go emelana le mathata a tsa boitshediso, go tshela ka kagiso le batho-ka-wena le go aga botshelo jwa lelapa le le itumetseng. Go tweng ka mathata a kgolokwe yotlhe ao a sa kgonweng ke batho? Bibela e umaka tharabololo ya go ya go ile e e tla dirisiwang ke Bogosi jwa Modimo fa go busa Keresete mo isagweng e e gaufi.

A o eletsa go itse segolo ka dilo tseno? Ke ka ntlhayang fa o sa ikopanye le Basupi ba ga Jehofa mo kgaolong ya gago kana o kwalele bagatisi ba makasine ono? O tla amogela dilo tse di mosola tota.

[Ntlha e e kwa tlase]

a Bona buka ya Aid to Bible Understanding, ditsebe 1106-1110, e e gatisitsweng ke Watchtower Bible and Tract Society of New York, Inc.

[Lebokoso mo go tsebe 7]

Dipolelelo-pele tsa Bibela Tse Re di Boneng di Diragadiwa

1. Dintwa tsa lefatshe (Tshenolō 6:3, 4)

2. Tlhaelo e kgolo ya dijo, ka go tlhatloga ga ditlhotlhwa tsa dijo (Tshenolō 6:5, 6; Mathaio 24:7)

3. Go runya ga boganana le bokebekwa (Mathaio 24:12; 2 Timotheo 3:1-5)

4. Ntsifalo ya dithoromo tsa lefatshe (Luke 21:11)

5. Go senngwa ga lefatshe, jaaka ka kgotlelo e e bolayang (Tshenolō 11:18)

6. Go rerwa ga mafoko a a molemo a Bogosi jwa Modimo ka Basupi ba ga Jehofa lefatshe ka bophara (Mathaio 24:14)

[Setshwantsho mo go tsebe 5]

Banna ba ba tsamaileng mo ngweding kana ba ba dikologileng lefatshe ba ka supa tlhomamo ya Bibela mo boitseanapeng

[Setshwantsho mo go tsebe 6]

Ke ka ntlhayang fa go le botlhokwa gore Moshe a bo a begile phoso ya gagwe e e masisi?

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela