LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w93 5/15 ts. 30
  • Tila Go Nna Le Moya wa Boikgodiso!

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Tila Go Nna Le Moya wa Boikgodiso!
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1993
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1993
w93 5/15 ts. 30

Tila Go Nna Le Moya wa Boikgodiso!

Seane se se tshwanelang sentle sa Bibela se bolela jaana: “Eo o godisetsañ secwalō sa gagwè kwa godimo o senka tshenyègō.” (Diane 17:19) Setshwalo se se goletseng kwa godimo se phoso ka eng? Mme seane seno se gatelela ntlha efe?

MO METLHENG ya bogologolo go ne go tlwaelegile go bona batho fela le ditlhopha tsa dinokwane di pagame dipitse. Matlo a a neng a sa sirelediwa a a kwa ntle kwa metseng a ne a tlhola a tlhaselwa ke magodu. Batho bangwe ba ne ba thibela gore dilo tsa bone di se ka tsa utswiwa ka go aga dipota tse di nang le dikgoro tse di kgethegileng. Lobota lo ne lo agelwa kwa godimo, mme phatlha ya kgoro e e ne e le kwa tlase. Ebile tota, tse dingwe di ne di ka nna bogodimo jwa metara o le mongwe fela—di le kwa tlase thata mo pitse le mopagami wa yone ba neng ba ka se ka ba kgona go tsena. Ba ba neng ba sa dire diphatlha tsa dikgoro tsa bone dipotlana ba ne ba ipaya mo kotsing ya go tsenelelwa ke banna ba ba pagameng dipitse le go gapelwa dithoto.

Gantsi dikgoro tse di tsenang mo matlong tsa metsemegolo di ne di le kwa tlase ebile di sa kgatlhe, di dira gore motho a se ka a akanya gore go na le khumo mo teng ka dipota tsa dikago tseo. Lefa go ntse jalo, kwa Peresia, lobota lo lo kwa godimo lo ne lo supa maemo a segosi, ao bangwe ba babusiwa ba teng ba neng ba leka go a etsa mme ba ipaya mo kotsing. Motho ope fela yo o neng a dira kgoro e e kwa godimo kwa ntlong ya gagwe o ne a laletsa magodu gonne a ne a itshupa gore o humile.

Ka gone, Diane 17:19 e bontsha gore ba ba godisang dikgoro tsa matlo a bone ba ipiletsa matlhotlhapelo ka go itshupa ba le kwa godimo go feta kafa tota ba ntseng ka teng. Seane seno gape se ka nna sa bo se tshwantsha molomo le kgoro e e godiseditsweng kwa godimo ke puo ya boikgodiso le boikgogomoso tse di tswang ka one. Puo e e ntseng jalo e tsala dikgotlhang ebile kgabagare e ka tsenya motho yo o ikgodisang mo kotsing. Abo go le botlhale jang ne he go tila go nna le moya wa boikgodiso!

[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 30]

Picturesque Palestine, Sinai and Egypt, Volume 1, by Colonel Wilson (1881)

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela