Lore Lwa Setlhare sa Garanate mo Ntlong ya ga Jehofa?
BAITHUTAMAROPE ba kwa Iseraele ba ile ba ribolola dinthe di le dintsi, e leng dithobane tse di neng di dirisiwa ke batho ba ba neng ba na le taolo mo morafeng. (Genesise 49:10; Esethere 8:4; Esekiele 19:14) Dinthe dingwe tse di fitlhetsweng kwa Lachish di ne di na le ditlhogo tse di tshwanang le garenate. Batho ba Modimo ba ne ba itse leungo leno thata.—Duteronome 8:8; Sehela sa Dihela 4:13.
Garenate e e dirilweng ka lonaka lwa tlou e e kafa molemeng, e ile ya bonwa bosheng jaana. E boleele jwa dimilimetara tse 43, mme mosimanyana o o fitlhelwang kafa tlase ga yone o supa gore e ne e le karolo ya lore. Ela tlhoko ditlhaka tse di kgwarintsweng mo go lone ka mokgwa wa bogologolo wa Sehebera wa lekgolo la borobedi la dingwaga B.C.E.
Karolo ya lonaka lwa tlou e ne ya kgaolwa bogologolo, ka jalo ditlhaka di le mmalwa di a tlhaela kana go tlhagelela bontlhangwe jwa tsone fela. Go ntse go le jalo, baitseanape ba mekwalo ya bogologolo ba bolela gore le ne le tshwana le le le tshwantshitsweng fa tlase. (Ba Ikaegile Ka Biblical Archaeologist) Diphatlha tse di sa lekalekaneng fa gare ga ditlhaka di ile tsa dira gore mafoko ano a balwe ka ditsela tse pedi tse dikgolo. Mokanoki wa Mofora ebong André Lemaire o ne a re seno se balega jaana “Ke la Tem[pele ya Mor]ena [Yahweh], lo boitshepo mo baperesiting.” Nahman Avigad o ne a akantsha seno, “Moneelo o o Boitshepo mo baperesiting ba (mo) Ntlong ya ga Yahweh.”
Bakanoki bano le ba bangwe ba ile ba swetsa ka gore kwa tshimologong go ne go dirisiwa lore lono go kwalela ditlhaka tse nne tsa Sehebera tsa leina la sebele la Modimo eleng Jehofa mo go lone. Ka gone go ka nna ga tswa go kwadilwe mafoko “ntlo ya ga Jehofa,” mo go lone eleng polelo e e tlwaelegileng thata mo Bibeleng.—Ekesodo 23:19; 1 Dikgosi 8:10, 11.
Batho ba le bantsi ba setse ba ikutlwa gore tlhogwana ya lore lono e ne e le ya moperesiti kwa tempeleng eo Solomone a neng a e aga kana gore e ne ya ntshiwa jaaka moneelo go nna ya tempele eo. Se se kgatlhang ke gore, garenate e e ntseng jalo e ne e tle e bonwe gangwe le gape mo tempeleng ya Modimo.—Ekesodo 28:31-35; 1 Dikgosi 7:15-20.
[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 32]
Israel Museum, Jerusalem