Pogiso ya Bosakhutleng—Ke Eng Fa E Le Thuto E E Tshwenyang?
“Ke utlwa go twe lo lelekile moruti wa lona. Bothata e ne e le eng?”
“O ne a tlhola a re bolelela gore rotlhe re ya diheleng.”
“Moruti yo mosha ene a reng?”
“Moruti yo mosha le ene a re re ya diheleng.”
“Jaanong pharologano ke eng?”
“Pharologanyo ke gore, ka nako ya fa moruti wa pele a bolela jalo, o ne a utlwala ekete o ne a go itumelela; mme fa monna yo mosha a bua ka gone, o utlwala jaaka motho yo o utlwileng botlhoko.”
JAAKA fa go tshwantshitswe mo bukeng ya ditshwantsho, kgang eno e supa ka tsela e e tlhomologileng kafa barutisi ba le bantsi ba Bibela mmogo le batsenakereke ba sa welang dibete ka thuto eno ya dihele ka teng. Ka tsela e e utlwalang sentle, seno se gatelela gape se se boletsweng ke moithutabomodimo wa kwa Canada ebong Clark H. Pinnock jaana: “Mo dikgannyeng tsotlhe tsa thutabomodimo tse di kileng tsa tshwenya digakolodi tsa batho go ralala makgolokgolo a dingwaga, ke dumela gore e ka tswa e le di sekae fela tse di kileng tsa tsosa tlhobaelo e e seng kana ka sepe jaaka tlhaloso ya dihele ya go bogisediwa ruri ga mmele le moyasebele.”
Se Ama Jang Se Batho ba Se Lebang Se le Molemo Kana Bosula
Gone mme, ke eng fa ba le bantsi ba tshwenngwa ke ditshwantsho tseo di tshwantshiwang ke Labokeresete tsa lefelo leo le tshwantshetsang molelo wa dihele? (Bona lebokoso.) Porofesara Pinnock o bolela jaana: “Tota go a tshwenya go akanya fela gore sebopiwa se se tshelang se tla utlwisiwa botlhoko mo mmeleng le mo mogopolong ka bosakhutleng, mme le kgopolo fela ya gore Modimo ke ene a go dirang go kgatlhanong le selo se ke tlhatswegileng pelo ka sone sa gore Modimo o lorato.”
Ee, thuto ya go bogisediwa ruri e baka bothata mo boitsholong. Ka sekai, Bakeresete ba ba peloephepa ba akanya ka dipotso tseo moithutabomodimo mongwe wa Mokatoliki ebong Hans Küng a neng a di botsa a re: “A Modimo o o lorato . . . a ka nnela go leba dibopiwa tsa gagwe di utlwisiwa botlhoko ka bosakhutleng mo mmeleng le mo mogopolong, go sena tsholofelo epe, go sena kutlwelobotlhoko, go sena lorato, ka bosetlhogo?” Küng o tswelela pele jaana: “A tota ke moduedisi yo o peloethata jalo? . . . Re ne re tla akanya eng ka motho yo o neng a batla go kgotsofatsa keletso ya gagwe ya go ipusolosetsa ka tsela ya go se batle go dira kagiso ebile a sa kgotsofadiwe ke sepe?”a Tota gone, ke jang Modimo yo o re bolelelang mo Bibeleng gore re rate baba ba rona a ka batlang go bogisa baba ba gagwe ka bosakhutleng? (1 Yohane 4:8-10) Ga go gakgamatse he, go bo batho ba le bantsi ba swetsa ka gore tsela e dihele di ntseng ka yone ga e dumalane ka gope le tsela eo Modimo a ntseng ka teng le gore thuto eno ga e utlwale fa dilo di lejwa sentle.
Badumedi ba bangwe ba le bantsi ba leka go gatelela digakolodi tsa bone ka go tila dipotso tseno. Lefa go ntse jalo, go itlhokomolosa dipotso tseno ga go dire gore tlhakatlhakano eno e fele. Ka jalo, a re bueng ka kgang eno. Thuto eno e ama jang seo batho ba se lebang se le molemo kana se le bosula? Mo go Criswell Theological Review, Porofesara Pinnock o kwala jaana: “Go ya ka se batho ba itseng gore ke se se siameng, go bogisediwa ruri ke selo se se ka se kang sa itshokelwa ka gore go supa fa Modimo e le selalome se se nyoretsweng madi a batho se se nang le Auschwitz ya bosakhutleng e e diretsweng batho ba a ba bogisang a sa ba letle go swa.” O botsa jaana: “Motho yo o nang le kutlwelobotlhoko a ka nna jang a ritibetse fa a ntse a akanya ka selo se se ntseng jalo [thuto e e tlwaelegileng ya dihele]? . . . Bakeresete ba ka ikutlwa jang ka modimo o o ntseng jalo o o setlhogo o o ratang go ipusolosetsa?”
Fa a bontsha kafa thuto eno e nnileng le tlhotlheletso e e bosula ka teng mo boitsholong jwa batho, Pinnock o akgela jaana: “Ke a ipotsa gore batho bao ba dumelang mo Modimong o o bogisang baba ba gagwe ba dirile boleo jo bo masisi go le kana kang?” O konela jaana: “A seno ga se kgopolo e e tshwenyang e e tlhokang go tlhatlhobiwa?” Ee, ga go gakgamatse go bo batsenakereke ba ba amegang ka dilo ba batlisisa gore molelo wa dihele ke eng, ka gonne ga twe bosetlhogo joo bo dirwa ke Modimo. Mme ke eng se ba se boneng? Bothata jo bongwe kaga kgopolo ya go bogisiwa ka bosakhutleng.
Dihele le Tshiamiso
Ba le bantsi ba bao ba tlhatlhobang dingwao tsa thuto ya dihele ba fitlhela di leba Modimo jaaka yo o seng tshiamo, mme seno ga se dumalane le tsela eo ba tlhaloganyang tshiamo ka teng. Ka tsela efe?
O ka bona karabo e nngwe ka go bapisa thuto eno ya go bogisediwa ruri le molaomotheo wa tshiamiso o o tlhomilweng ke Modimo o o reng: “Leitlhō le cwèlwè ke leitlhō, leinō ke leinō.” (Ekesodo 21:24) Go kgaola kgang, dirisa molao oo Modimo a neng a o neela Baiseraele ba bogologolo oo mo thutong ya molelo wa dihele, molao o o neng o neela kotlhao e e tshwanetseng. Ke tshwetso efe e o ka nnang wa e dira? O ne o tla swetsa ka gore ke fela baleofi ba ba ileng ba bogisa ba bangwe ka bosakhutleng ba ka tsela e e tshwanang ba tshwanelwang ke go bogisiwa ka bosakhutleng—pogiso ya bosakhutleng e otlhaelwa ka pogiso ya bosakhutleng. Mme ereka batho (go sa kgathalesege gore ba bosula jang) ba kgona go bogisa ba bangwe ka selekanyo se se rileng go ba otlhaya ka go ba bogisa ka bosakhutleng go dira gore molato wa bone o se ka wa lekanwa ke go atlholelwa go ya kwa molelong wa dihele ka bosakutleng.
Kwantle ga pelaelo katlholo eo e tla bo e le botlhoko thata. E tla feta se ‘go tswela ga leitlho ke leitlho le go tswela ga leino ke leino’ go se bolelang. Fa o akanya gore dithuto tsa ga Jesu di ne di ganana le kgopolo ya go ipusolosetsa, o tla dumela gore Bakeresete ba boammaaruri ba tla go fitlhela go le thata go amogela pogiso ya bosakhutleng jaaka selo se se siameng.—Mathaio 5:38, 39; Baroma 12:17.
Go Buelela Thuto Eno
Lefa go ntse jalo, badumedi ba le bantsi ba leka go buelela thuto eno. Jang? Mokwadi mongwe wa Borithane ebong Clive S. Lewis mo bukeng ya gagwe ya The Problem of Pain o buelela ba ba tshegetsang thuto eno ka go bolela jaana: “Ga go na thuto epe e ke neng ke tla itumelela go e tlosa mo Bokereseteng fa e se yone eno, fa ke ne ke na le maatla a go dira jalo. Mme e tshegediwa ke Dikwalo ebile segolobogolo ke mafoko a Morena wa Rona ka sebele.” Ka jalo, batshegetsi ba thuto eno ba dumela gore pogiso ya bosakhutleng e a tshosa, mme ka nako e tshwanang ba bontsha gore thuto eno e botlhokwa ka gore ba akanya gore e rutwa ke Bibela. Moithutabomodimo Pinnock o bolela jaana: “Ka go dumela gore ga e itumedise, ba solofetse gore ba tla kgona go supa boikanyegi jwa bone jo bo tlhomameng mo Bibeleng le go supa kafa ba leng bagaka ka gone ka go dumela ga bone boammaaruri jo bo tshosang jono fela ka go bo bo rutiwa ke dikwalo. Ba dira gore go bonale ekete batho ba bolela gore Bibela e na le diphoso. A mme tota go ntse jalo?”
Le wena o ka ipotsa gore a go tshegetsa se se mo Bibeleng go dira gore go se ka ga nna le sepe se o ka se dirang fa e se go dumela thuto eno. Ke eng se totatota Bibela e se bolelang kaga dihele?
[Ntlha e e kwa tlase]
a Eternal Life?—Life After Death as a Medical, Philosophical, and Theological Problem, tsebe 136.
[Lebokoso mo go tsebe 5]
MEGOPOLO E MERARO E E TSHWANANG
Westminster Confession of Faith e e amogelwang ke Baporotesetanta ba te bantsi e bontshajore batho ba ba sa yeng legodimong “ba tla latlhelwa mo lefelong le ba tla bogisediwang Wi kwa go lone, mme ba tla otlhaiwa ka go bolaelwa ruri. “Mo Bokereseteng jwa Roma Katoliki,” go tlhalosa jalo The Encyclopedia of Religion, “go dumelwa gore dihele ke seemo W mo go sone motho a otlhaelwang ruri . . . kotlhao e e dirwang . . . ka go boga mo molelong kana ka go bogisiwa ka ditsela tse dingwe.” Saetlopedia eno gape e oketsa ka gore “Bokeresete jwa Eastern Orthodox” le jone bo dumela “thuto ya gore dihele ke lefelo la molelopo sa timeng la katlholo e e letileng batho ba ba hutsitsweng.“—Bolumo ya 6, ditsebe 238-9.