“Baboledi ba Bogosi” Ba Nenesela mo Bophadiphading jwa Metsi a Guyana
GUYANA.a Lefoko leno la Seamerinti le raya “lefatshe la metsi.” Abo le tlhalosa sentle jang ne sebopego sa naga eno e e leng yone fela e go buiwang Sekgoa mo go yone mo mafatsheng otlhe a a mo Amerika Borwa. Lefatshe leno le raletswe mo dintlheng tsotlhe ke dinoka di le dintsi le dinokana tse di itsoketsang mo go lone, mme di elela di tswa kwa Dithoteng tsa Guiana go ralala dikgwa tsa boboatsatsi go ya kwa Lewatleng la Atlantic. Meedi eno ya metsi ke yone e tshegetsang botshelo jwa baagi ba metsana e le mentsi le dipolase tseo di leng gongwe le gongwe fa thoko ga dintshi tsa tsone.
Basupi ba ga Jehofa mo Guyana ba itse gore fa Jesu a ne a bolelela pele gore “Mahoko a a Molemō a, a bogosi, a [ne a] tla rèrwa mo lehatshiñ yeotlhe, go nna chupō mo merahiñ eotlhe,” seo se ne se tla akaretsa go rerela batho ba ba nnang mo dikgaolong tseno tse di fa thoko ga dinoka mafoko a a molemo. (Mathaio 24:14) Jalo he, go ralala dingwaga, ditlhopha tsa Basupi, bao bontsi jwa bone e neng e le babulatsela, ba ile ba dirisa mekoro, e megolo le e mebotlana, go nenesela mo metsing a a mo Guyana go isetsa batho mafoko a a molemo.
Go thusa batho go dira tiro, Mokgatlho wa Watch Tower mo Guyana o ile wa dirisa, go fitlha le gompieno, mekoro e le metlhano ya logong e e bidiwang Kingdom Proclaimer I go ya go Kingdom Proclaimer V. Ke mekoro ya logong e e sa khurumediwang, e e tšheka kafa tlase, e e boleele jwa dimitara di le supa, e e bidiwang balahoo, eo e ileng ya agiwa le go tlhokomelwa ke lelapa lengwe la Basupi. Mekoro ya pele e mebedi e Basupi ba lefelo leo ka go e reta ba neng ba e bitsa Proclaimers, e ne ya lesa go tlhola e dira tiro morago ga e sena go fetsa masomesome a dingwaga e le mo tirong. Lefa go ntse jalo, ya Nomoro III, IV, le V, e santse e tsweletse mo tirong mo nokeng ya Pomeroon, Mahaica, le Demerara.
Mo Demerara
Mo Boritane le mo dikarolong tse dingwe tsa Yuropa, lefoko “demerara” le ka nna la gakolola motho lekgabana la sukiri ya letlhaka le le borokwa jo bosetlhana, leo le tlhogang mo ditshimong tse di fa thoko ga noka e e diretse le e e makgobokgobo. Kafa bophirima jwa yone, tsela e e tswang kwa letshitshing la lewatle e felela fa masimo a letlhaka a felelang teng. Go pota ka kwa ntlheng e nngwe, Basupi ba ikaega ka mekoro ya Kingdom Proclaimer gore ba isetse batho ba ba ka kwa moseja ga noka molaetsa o o monate wa Bogosi jwa ga Jehofa—Bahindu, Bamoselema, le ba ba ipitsang Bakeresete.
Matsholo a go ya go rera mo Demerara fa gongwe a ka tsaya selekanyo sa mosepele wa letsatsi le le lengwe kana dibeke di le mmalwa, motho a tswa letshitshing le lengwe a ya kwa go le lengwe, go tloga mo mosong go ya go fitlha ka lotlatlana. Fa ba tsamaile mosepele wa go ya go lala, babulatsela ga ba fete ba apaya fela le go jela mo mokorong mme gape ba robala mo go one. Fa go nna bosigo, Proclaimer o bofelelwa mo setlhareng sa mangrove kana o gokelelwa mo boemakepeng fa e le gore bo teng. Go tlhongwa dipinagare di le pedi tsa dimetara di le 2,5 kwa bokafapeleng jwa sekepe le bokafamoragong jwa sone. Dipale tseno tse pedi tse di tsepaletseng di bofelelwa mogala o o gagametseng kwa godimo ga tsone, mme go bo go apesiwa saile mo godimo gore go nne le marulelo. Malao one a dirwa ka dipolanka tsa logong, mme kobo le shiti tsone di dirwa materase. Lefa go ntse jalo, go robala go nna motlhofo fela ka ntlha ya go tlhola mo motshegareng o moleele.
“A lo tlhapa ka metsi a a diretse?” batho ba e tle ba botse babulatsela jalo.
“Fa re ka kgona, ga re dire jalo!” ke kafa ba arabang ka teng. “Nako le nako fa re ka feta fa molapong wa metsi a a mantle, re tlatsa dikgamelo tsa rona ka metsi a re apayang ka one, a re a nwang, le a re tlhapang ka one.”
Bopelotelele jwa bone bo duelwa ka maitemogelo a le mantsi a a molemo. Ka nako nngwe, monna mongwe o ne a tla mo re emisitseng mokoro teng, a feta a ema a tsepaletse a itshwere dinoka, mme a re lebelela ka kgatlhego e kgolo. “Kingdom Proclaimer V”! O ne a balela leina le le neng le kwadilwe mo mmeleng wa sekepe kwa godimo. “Lo tshwanetse lwa bo lo le Basupi ba ga Jehofa. Ke lona fela batho ba ba dirisang lefoko ‘bogosi’ ka tsela eno. Lo na le Holo ya Bogosi mme jaanong lo na le Kingdom Proclaimer [Mmoledi wa Bogosi].”
Go Tswa Kwa Gileade go ya Kwa Pomeroon
Tiro mo Nokeng ya Pomeroon yone e farologane ka ditsela dingwe, jaaka fa Frederick McAlman a gakologelwa. Ngwaga fela morago ga a sena go aloga kwa Sekolong sa Bibela sa Gileade sa Watchtower ka 1970, o ne a fitlha mo Charity, e leng motsana mongwe wa selegae o o dikilometara di le 34 kafa letshitshing le le kafa botlhabatsatsi la Pomeroon, koo go neng go na le setlhopha sa baboledi ba Bogosi ba le batlhano.
“Go ne ga re tsaya dingwaga di le tlhano tse ditelele re ntse re ‘itumelela’ go fudua Proclaimer II re ntse re tlhatloga le go fologela tlase mo nokeng ya Pomeroon pele ga re ka simolola go dirisa enjene e e kileng ya dirisiwa ya sekepe ya six-horsepower,” go tlhalosa jalo Mokaulengwe McAlman. “Fa re ntse re tshwere re kgweetsa mokoro go ya le noka, re ne re tsamaya re rera mo dintshing tsa botlhabatsatsi go fitlhela re fitlha mo Hackney, [dikilometara di le 11] go tswa kwa e tlhatsetsang teng. Fa re fitlha koo, re ne re lala boroko jo bo monate bosigo kwa legaeng la ga Kgaitsadi DeCambra, mmelegisi yo o neng a dira mo lefelong leo ka nako eo. Mo letsatsing le le latelang go sa le moso thata, re ne re tswelela go ya go fitlha kwa noka e tlhatsetsang teng pele ga re kgabaganyetsa kafa lotshitshing lwa bophirima. Go tswa foo re ne re boela morago ka [dikilometara di le 34] go ya kwa Charity.”
Enjene ya six-horsepower e ne ya tsaya dingwaga tse di lesome e ba thusa sentle. Go tswa foo, ka 1986, e ne ya emisediwa ka e nngwe ya modiro o mosha ya 15-horsepower. Mokaulengwe McAlman, yo o ileng a fetsa dingwaga tse di ka fetang 21 a dira ka boikanyego mo Pomeroon, o kgona go leba ka kgotsofalo ya pelo Holo ya Bogosi e e sa tswang go agiwa mo Charity, e jaanong e dirisiwang ke baboledi ba le 43, ba ba tswang dintlheng tsotlhe tsa noka. Palogare ya ba ba nnang gone mo dipokanong e feta 60, mme kwa Segopotsong sa loso lwa ga Jesu Keresete ka 1992, ba ne ba nna le boidiidi jwa batho ba le 190!
Go Batliwa ga “Monna wa Tora ya Tebelo”
Mantaga ke letsatsi la mmaraka kwa Charity. Jalo he e nna nako e e molemo ya go rera mafoko a a molemo, mme Basupi ba nna gone ka dimakasine tsa Tora ya Tebelo le Tsogang! Letsatsi lengwe mo tshimologong ya bo1970, Monica Fitzallen wa kwa Warimuri mo Moruka o ne a tla mo mmarakeng mme a feta a amogela dimakasine di le pedi mo go Mokaulengwe McAlman. Mme fa a fitlha kwa gae, o ne a tsenya dimakasine tseo kafa tlase ga diaparo tsa gagwe mo lekeseng.
“Di ne tsa nna koo ka dingwaga tse pedi mme ke sa di bale,” Monica o gakologelwa jalo. “Go tswa foo ke ne ka lwala mme ka nna fela mo dikobong ka lobakanyana. Fa ke ntse ke tokafala, ke ne ka simolola go hukutsa mo ntlong go batla le go sekaseka pampitshana nngwe le nngwe eo ke neng ke ka e bala gore ke kgone go nna le sengwe se ke se dirang. Labofelo, ke ne ka gakologelwa dimakasine tse pedi tse di neng di le mo lekeseng la diaparo mme ka simolola go di sekaseka.” O ne a kgona go lemoga gore seno ke boammaaruri kwantle ga tiego epe.
Fa Monica a sena go fola, o ne a kopa monna wa gagwe, Eugene, gore a batle tiro go bapa le noka ya Pomeroon gore a tle a kgone go bona monna yo o neng a mo fa dimakasine. Eugene o ne a dumalana mme lefa go ntse jalo o ne a ka bona tiro fela mo polaseng gaufi le noka ya Pomeroon lobaka lwa beke e le nngwe fela, go tloga ka Mantaga go ya go fitlha ka Matlhatso motshegare.
Ka Matlhatso one ao, Monica o ne a ise a bone monna yo o neng a mo neela dimakasine. Mo e ka nnang motshegarenyana, o ne a botsa monna wa gagwe gore a makhubu a noka a ne a ka ba dumelela gore ba kgweetse mokoro go ya kwa Charity go ya go batla “monna wa Tora ya Tebelo.” Fela fa a fetsa go bua, ba ne ba utlwa dikgato tsa mongwe a raletse jarata mme ba bona kgaitsadi mongwe wa sefatlhego se se tletseng monyenyo a ba tliseditse dikaelo tsa dimakasine tsa bosheng. “A o mongwe wa batho ba Tora ya Tebelo?” Monica o ne a botsa jalo. Ba ne ba mmotsa dipotso di le dintsi fela thata mo e leng gore o ne a tshwanelwa ke go boela kwa mokorong go ya go batla ba ba ka mo thusang. Mothusi e ne ya nna mang? E ne e ka nna mang fela fa e se Mokaulengwe McAlman!
Ba ne ba dira thulaganyo ya gore a tshwarelwe thuto ya Bibela ka go kwalelana le ene. Nakonyana e khutshwane moragonyana, Monica o ne a romela lekwalo la gore a phimolwe mo Kerekeng ya Anglican. Fa moruti a busa phetolo, o ne a re: “O se ka wa reetsa JW’s [Basupi ba ga Jehofa]. Ga ba na kitso e e boteng ya Bibela. Ke tla tla go bua ka kgang eno le wena.” Go tla go fitlha le gompieno, moruti ga a ise a ke a tle. Lefa go ntse jalo, Monica o ne a kolobediwa ka 1975. Ngwaga moragonyana ga moo, monna wa gagwe, yo bakaulengwe fa ba mo reta ba mmitsang Malome Eugene, le ene o ne a kolobediwa morago ga a sena go tlhatlhoba Dikwalo ka kelotlhoko. (Ditihō 17:10, 11) Le mororo ba tsamaya diura tse 12 ka mokoro go ya phuthegong e e gaufi mo Charity, ba santse ba tsweletse e le baboledi ba Bogosi ba ba tlhagafetseng nako kgolo ke eno.
Maeto a Barongwa go ya kwa Bogareng
Mo dingwageng tsa bosheng jaana Mokgatlho wa Watch Tower o ile wa tshegetsa maeto a ka metlha a go tsenelela mo bogareng. Ka go dirisa mekoro eo e tsentsweng dienjene, baithaopi ba ba dirang ka pelo e e ratang ba ile ba ikutlwela monate wa go isa mafoko a a molemo kwa bathong ba ba nnang mo mafelong a a beetsweng Baamerinti bao ba nnang mo metseng e e kwa thoko e e dirang tiro ya go rema dikota le go lema go ralala dinoka tse di mo bogareng. Jaaka babulatsela tota ba mmannete, ba ile ba nna le tshiamelo ya go isa ‘leina la ga Jehofa’ mo dikgaolong tseno tse di kwa botennyeng e le lantlha. (Baroma 10:13-15) Bakaulengwe ba tshwanelwa ke go itshokela mathata a le mantsi, fa gongwe ba tsaya selekanyo sa malatsi a le mararo a a tletseng ba raletse dinoka ba ya kwa go mangwe a mafelo ano. Mme maduo a gone ruri a a kgotsofatsa.
Lekawana lengwe la Mopentekosete le le nnang gaufi le motsana wa Kwebanna o go rengwang dikota mo go one mo Nokeng ya Waini, o ne a rerelwa ka nako ya loeto lwa ntlha lwa barongwa mo lefelong leo ka July 1991. Mo loetong lo lo latelang ka October, o ne a tshwarelwa thuto ya Bibela. E le lantlha mo botshelong jwa gagwe, o ne a iponela mo Bibeleng ya gagwe gore leina la Modimo ke Jehofa, le gore Jesu ga se Mothatayotlhe, le gore tumelo ya motheo ya Tharonngwe ga e yo mo Dikwalong. (Pesalema 83:18; 1 Bakorintha 11:3) O ne a kgatlhega fela thata mo e leng gore fa bakaulengwe ba sena go tsamaya, o ne a phutha Bapentekosete ka ene mme a simolola go ba bontsha mo Dibibeleng tsa bone se boammaaruri bo se bolelang ka Jehofa Modimo le Jesu Keresete. Fa a bona ba le bantsi ba gana boammaaruri, o ne a bona gore go botoka a iphimole le go tswa go “Babelona o mogolo.” (Tshenolō 18:2, 4) Fa bakaulengwe ba boa gape go tla go mmona ka February 1992, o ne a ba bolelela se se diragetseng mme a bo a re: “Ke batla go ikopanya le lona. Ke batla go nna mongwe wa Basupi ba ga Jehofa. Ke batla go ruta batho boammaaruri!”
Maitemogelo a a tshwanang le ano ke one a a dirang gore bakaulengwe ba tshwarelele mo tirong eno e e gwetlhang. Batho bao ba tsamayang maeto ano a borongwa ba tshwanelwa ke go ithontsha boiketlo jwa go nna mo gae, le go nna mo kotsing ya go tsenwa ke malwetsi a a tshwanang le malaria, mmogo le go itshokela botshelo jo bo nang le dikotsi jwa mo sekgweng. Mme ba ba salang le bone ba ithontsha dilo dingwe. Malapa a tlhoafalela baratiwa ba bone, fa gongwe ka lobaka lwa dibeke di le mmalwa nako e le nngwe. Fa gongwe diphuthego di nna fela di sena bagolwane ba tsone mmogo le makawana mangwe, jaaka, ka dinako tse dingwe, go sala mokaulengwe a le mongwe fela gore a tlhokomele phuthego ka dilo tse e di tlhokang. Lefa go le jalo, a bo go nna le boitumelo jang ne le kgothatso fa diphuthego tseo di utlwa maitemogelo a bone a a kgatlhisang thata fa ba boa! Ditshenyegelo tsa bone ga ba di bone ka sepe.
Baboledi ba Bogosi ba ba neneselang mo bophadiphading jwa metsi a Guyana ba tshotse mafoko a a molemo ba itumelela maitemogelo a mofuta wa one fela. Bone le badiri ka bone ba ba mo lefatsheng lotlhe, ka bopelokgale le ka pelo e e ratang ba ‘isetsa Modimo tshupelo ya pako, ebong ka loungo lwa melomo e e ipolelang leina ja gagwe.’—Bahebera 13:15.
[Ntlha e e kwa tlase]
a Naga eno e pele e neng e bidiwa British Guiana, e ne ya tloga ya bidiwa Guyana morago ga e sena go bona boipuso jwa yone go tswa go Boritane ka 1966.
[Dimmapa mo go tsebe 24]
(For fully formatted text, see publication)
HONDURAS
NICARAGUA
COSTA RICA
PANAMA
VENEZUELA
COLOMBIA
GUYANA
SURINAME
FRENCH GUIANA
BRAZIL
BOLIVIA
ATLANTIC OCEAN
[Ditshwantsho mo go tsebe 26, 27]
Kafa molemeng: Go neela bosupi ka letsatsi la mmaraka
Fa godimo: Go bua le batho kaga mafoko a a molemo mo Nokeng ya Demerara
Fa godimo kafa mojeng: Setlhopha sa barongwa se fudua mokoro go boela kwa bothibelelong