“Pele ga Dithaba”
“UNTSE o le boago jwa rona mo dikokomaneng tsotlhe. Pele ga dithaba di tsalwa kana pele ga o dira gore lefatshe le lobopo di nne gone, o ntse o le Modimo go tswa bosasimologeng go ya bosakhutleng.” (Pesalema 90:1, 2, New International Version) Mantswe ao a ne a lebisitswe go Mmopi wa rona, mme abo a gomotsa jang ne—bogolo jang gompieno, jaaka go bonala ekete dilo ga di a tlhomama!
Jaaka maemo a tsa itsholelo a ntse a wela kwa tlase, ke ba le mmalwa fela ba ba nang le tsholofelo kaga isagwe. Go oketsega ga bothubaki go go tshosang le go sa dirise diokobatsi sentle go fetotse ditoropo dingwe gore e nne mafelo a ntwa. Le eleng thulaganyo e e sa bolong go nna teng, eleng lelapa, e a reketla. Re utlwa kaga dilo tsa go nna jalo tse di sa tlwaelegang jaaka go nyalana ga basodoma. Palo ya malapa a a nang le motsadi a le mongwe e ntse e gola, koo gantsi motsadi a le mongwe a tshwanelwang ke go dirisana le matshwenyego a magolo. Kagiso ya malapa a le mantsi e thubilwe ke go tlhoka lorato, jaaka go itewa ga molekane yo mongwe wa lenyalo le go sotliwa ga bana.
Ke mang yo o tla re kaelang mo dinakong tseno tse di botlhoko? Ga go na pelaelo ya gore go na le dikgakololo di le dintsi go tswa mo baithutatlhaloganyong, mo baneing ba thuto, le ba bangwe, mme bontsi jwa dikgakololo tseno di a ikganetsa. Mabapi le dikokomane tsotlhe tsa kwa Bophirima, Dr. Benjamin Spock e ne e le ene mogakolodi yo o kwa pelepele fa go tliwa mo dikgannyeng tsa go ruta bana. Kwa morago o ne a dumela gore kgakololo ya gagwe e ne e le phoso!
Abo go le botlhale thata jang ne go tsaya Modimo jaaka “boago” jwa rona! Mo dinakong tseno tse di bosula, ke lentswe je le sa tshikhinyegeng, esale a nna teng “go tswa kwa bosasimologeng go ya kwa bosakhutleng.” O ne a ipolela jaana ka moporofeti wa gagwe Malaki: “Nna Yehofa ga ke hetoge.” (Malaki 3:6) Ditekanyetso tsa Modimo, jaaka di kwadilwe mo Bibeleng, ke tse di ka ikanngwang ka mo go feletseng. Esale a nna teng “pele ga dithaba,” mme kgakololo ya gagwe, e e fitlhelwang mo Dikwalong tse di Boitshepo, e ikaegile ka botlhale jwa gagwe jo bo nnang bo ntse bo le teng ka bosaengkae. Tota ke seo re se tlhokang go bona boitumelo le katlego.
Ka jalo, ke selo se se botlhale go nna le tsholofelo mo Lefokong la Modimo, eleng Bibela. E ithute gore o tle o solegelwe molemo go tswa mo botlhaleng jwa Modimo. Ikanye seo o se ithutang, mme a e nne lesedi le le go kaelang go ya kwa tseleng ya botshelo. (Pesalema 119:105) Ba ba dirang jalo ke bone fela ba nang le lebaka la go nna le tsholofelo mo isagweng le go ritibala tlhaloganyo ga mmatota.