LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w93 3/1 ts. 30-31
  • Barongwa ba kwa Micronesia

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Barongwa ba kwa Micronesia
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1993
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1993
w93 3/1 ts. 30-31

Barongwa ba kwa Micronesia

LE MORORO ba kgaogantswe ke Lewatle la Pacific le le boatlhamo jo go bonalang bo sena selekanyo, barongwa ba kwa Micronesia ba santse ba kgona go kokoana mmogo ngwaga le ngwaga mo “bokopanong jwa lelapa.” Baefangele bano ba ba tswang kwa ditlhaketlhakeng tse di katoganeng thata tseno ba kopanela kae? Ka mo go tshwanetseng, ba kopanela kwa lefelong leo puso e ileng ya le bitsa ya re ke Mmila wa Jehovah—ebong aterese ya lekala la Guam leo le okametseng tiro ya bone.

Ka June 1992, barongwa ba le 56 ba ne ba kgobokanela mo lekaleng e le gore ba tle ba kgone go nna gone mo Kopanong ya Kgaolo ya “Batshodi ba Lesedi.” Go ne go utlwala setshego le motlotlo o o itumedisang jaaka fa ba ntse ba bonana le ditsala tsa bone tsa bogologolo le go simolola tse disha. Fela jaaka gale, ba ne ba nna sentle gore ba tsewe senepe sa bone jaaka setlhopha mo diseteposeng tsa Holo ya Bogosi mme morago ba nna mmogo mo ditafoleng tse ditelele tsa go jela dijo tsa barongwa tsa moletlo wa ngwaga le ngwaga, mme mo go one go na le Albert Schroeder yo o neng a ba etetse, wa leloko la Setlhopha Se Se Laolang.

Mo barongweng ba le bantsi ba Guam, bokopano jono jwa ngwaga le ngwaga ke yone fela tshono ya gore ba ka nama ba tlogetse magae a bone a mabotlana a a mo boboatsatsi. Mme ruri a mannye. Ebeye Island, se e leng bontlhanngwe jwa Marshall Islands, se bogolo jwa diheketere di le 32. Legae la barongwa la Majuro mo Marshall Islands le la Kiribati mo Gilbert Islands di mo moripong wa lekgabana le lesesane le leleele le le bophara jwa dikilometara di le 0,8. Jalo he, barongwa ba sola molemo fela thata loeto lwa bone lwa go ya Guam.

Le mororo mogopolo wa go ya go rera kwa setlhaketlhakeng se se kwa thokothoko sa boboatsatsi o utlwala o kgatlhisa, totatota gone ke kgwetlho eo go seng ba le bantsi ba ba ka emelanang le yone. Ebu, mo barongweng ba le 56 ba ba koo, ke ba le 7 fela ba ba tswang kwa Sekolong sa Bibela sa Watchtower sa Gileade. Bontsi jwa bone ba ne ba tswa kwa Hawaii kana kwa Philippines koo ba neng ba le badihedi ba babulatsela bao ba neng ba setse ba tlwaetse botshelo jwa boboatsatsi, mme ba ne ba tloga fela mo dinageng tsa bone go ya kwa ba abetsweng teng jaaka barongwa.

Ereka ditlhaketlhake tsa Micronesia di le gaufi le ekweita, barongwa ba lebagana le mogote o o tukang le bongola fa ba ya kwa baaging ba teng ka mafoko a a molemo. Tlhaeletsano le yone e ka nna bothata jo bogolo. Setlhaketlhake sengwe le sengwe kana setlhopha sa tsone se na le puo e e leng ya sone—dingwe tsa tsone e le tse di sa tlhaloganngweng mo e leng gore ga di a kwalwa mo bukantsweng—mme ebile go ka nna ga tsaya le ngwaga pele ga moeng a ka di bua ka thelelo. Lekala la Guam le ile la gatisa dibuka ka dipuo di le 11, tse 9 tsa tsone e le tse di buiwang fela mo Micronesia, go thusa batho ba ba nang le ditsela tse di farologaneng tsa botshelo ba ditlhaketlhake tseno gore ba tlhaloganye Bibela.

Dingwe tsa ditlhaketlhake di kwa thokothoko fela thata mo e leng gore go fitlha kwa go tsone motho o tshwanetse a dirisa mokoro fela. Legae la barongwa la Tol mo Chuuk (mo Truk) le mo setlhaketlhakeng se se ntseng jalo, mme barongwa ba koo ba ithusa ka dimati tsa marang a letsatsi gore ba bone motlakase ka diura di sekae ka letsatsi.

Go na le magae a barongwa a le 14 go kgabaganya Micronesia yotlhe, eo selekanyo sa yone se ka nnang sa United States yotlhe. Mo bathong ba ba nnang mo kgaolong eo ba ba ka fetang 400- 000, ba le 1 000 ke baboledi ba mafoko a a molemo, ba ba rulagantsweng mo diphuthegong di le 20 le ditlhopha tse di kwa thoko tse 3.

Le mororo batho ba Micronesia ka tlwaelo ba le botsalano, dingwao tsa bodumedi tsa lefelo leo le kgatelelo ya ba lelapa, di kgoba batho ba le bantsi marapo gore ba ka amogela boammaaruri jwa Bogosi jwa Modimo. Jalo he, le mororo tiro ya go rera e tsweletse ka go gola (baboledi bao ba Bogosi ba ba 1 000 ba tshwara dithuto tsa Bibela di feta 2 000), diphuthego dingwe le ditlhopha di nna di ntse di le dipotlana. Ka sekai, go na le baboledi ba le 5 fela mo setlhaketlhakeng sa Tinian, baboledi ba le 7 fela mo setlhaketlhakeng sa Nauru, mme mo diphuthegong tsa Yap, Kosrae, le Rota go na le baboledi ba ba kwa tlase ga 40 mo go nngwe le nngwe ya tsone. Lefa go le jalo, barongwa bangwe ba ile ba nna mo ba abetsweng teng ka dingwaga tse di fetang 20. Se se kgatlhisang ke gore, barongwa botlhe ba barataro ba ba mo setlhaketlhakeng sa Belau ba ile ba nna koo mo e ka nnang dingwaga tse 12.

Go na le dituelo di le dintsi thata mo go bao ba itshokileng. Go na le ditshono di le dintsi letsatsi le letsatsi tsa go ipelela bontle jwa dipopo tsa ga Jehofa. Ditlhaketlhake tse ditalana tsa Micronesia di gasame jaaka majana a matalana a a mo godimo ga boalo jo bobududu jwa Pacific. Dintshi tsa lewatle tse di sekgala sa dikilometara di le dintsi tse di sa tlalatlalang ka batho le mafikana a korale a a tletseng ka ditlhapi tse di mebalabala di oka bakanoki ba mawatle le bashapi ba kafa tlase ga lewatle ba ba tlileng go sekaseka mangwe a mafelo a mantle thata a a mo lefatsheng a go shapa kafa tlase ga lewatle. Mme fa letsatsi le phirima, go na le pono e e kgatlhisang fela thata ya phirimo ya letsatsi ya mo lewatleng.

Lefa go ntse jalo, tuelo e e di fetang tsotlhe, ke tshiamelo ya go direla Jehofa ka go bolelela ba bangwe kaga ditsholofetso tse di molemolemo thata tsa ga Jehofa tsa nako e e tlang. Ereka barongwa ba Micronesia ba ntse ba tsweletse ka go lekela kwa tuelong eo, ba tshela fela go ya kafa mafokong a Isaia 42:12: “A ba neè Yehofa kgalalèlō, ba bolèlè pakō ea gagwè mo ditlhakiñ.”

[Mmapa/Setshwantsho mo go tsebe 31]

(For fully formatted text, see publication)

Barrigada, Guam

Santa Rita, Guam

Koror, Belau

Dublon, Chuuk (Truk)

Moen, Chuuk (Truk)

Faro Tol, Chuuk (Truk)

Tharawa, Kiribati

Lelu, Kosrae

Ebeye

Marshall Islands

Majuro

Kolonia, Pohnpei

Songsong, Rota

Chalan Kanoa, Saipan

Yap

MICRONESIA

MELANESIA

CAROLINE ISLANDS

PACIFIC OCEAN

PHILIPPINES

NEW GUINEA

EQUATOR

[Setshwantsho]

Barongwa ba phuthegile mmogo mo Guam, June 1992

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela