LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w93 3/1 ts. 20-23
  • Modimo Ke Ene A Ungwisang—A le Wena O Nna le Seabe?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Modimo Ke Ene A Ungwisang—A le Wena O Nna le Seabe?
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1993
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Modimo Ke Ene A Ungwisang
  • “Eo O Jalañ E Be E Se Sepè”
  • Badirimmogo le Modimo
  • Dira Seabe sa Gago
  • “U Se Ka Ua Ikgogona Lecōgō”
  • “Modimo Oa Uñwisa”
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1984
  • Apolose—Mmoledi yo o Seleta mo Puong wa Boammaaruri Jwa Bokeresete
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1996
  • Buka ya Bibela ya bo 46—1 Bakorintha
    “Lokwalo Longwe le Longwe Lo Tlhotlheleditswe ke Modimo Ebile Lo Mosola”
  • Bodihedi jo bo Nang Le Matswela bo Gogela kwa Barutweng ba ba Oketsegileng
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1985
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1993
w93 3/1 ts. 20-23

Modimo Ke Ene A Ungwisang—A le Wena O Nna le Seabe?

TSHWANTSHA selo seno mo tlhaloganyong. O mo tshingwaneng e ntle, e e dikologilweng ke ditlhare tse dikgolo, tshutlha ya ditlhatshana tse di golang ka bontsi, le sekgwana sa dithunya tse dintle tsa mebalabala. Go na le bojang jo botalana jo bo tlhogileng mo mokgokoloseng o o fologelang kwa tlase kwa lotshitshing lo lo bopegileng sentle lwa nokana ya metsi a mantle a a elelang. Ga go na sepe se se senyang tebego ya lefelo leo. Ka go kgatlhiwa ke seno, o botsa gore ke mang yo o dirileng lefelo leno le lentle. Ratshingwana o go araba ka bonolo fela a re Modimo ke ene a tlhogisang dilo tsotlhe.

Ka tlwaelo fela, o a itse gore go ntse jalo. Fa o tsena kwa gae o gopola mafoko a ratshingwana mme o be o bona jarata ya gago ya ka kwa morago e e tlhakatlhakaneng, koo go sa tlhogeng sepe se se kgatlhisang, go na le dithotobolo tsa matlakala, le metsi a pula a tletse ka dikhuti tse di maswe tse di epegileng. O ikutlwa o eletsa tota go nna le tshingwana e e tshwanang le eo o sa tswang go e etela. Ka jalo, ereka o dumela tota gore se se neng se buiwa ke ratshingwana ke boammaaruri, o be o khubama mme o rapela Modimo ka pelo yotlhe gore a dire gore go tlhoge dithunya tse dintle mo jarateng ya gago. Ke eng se se diragalang? Ee, gone, ga go na sepe se se diragalang.

Go tweng kaga kgolo ya semoya? O ka nna wa ikutlwa o eletsa tota go bona dilo di gola semoyeng, jaaka go amogela ga barutwa ba basha boammaaruri jwa Lefoko la Modimo kana go tswelela pele ga gago semoyeng. Mme o ka nna wa rapela Jehofa ka pelo yotlhe gore a dire gore go nne le kgolo ya go nna jalo, ebile o dumela tota gore o na le maatla a go dira jalo. A mme lebaka fela la go bo o eletsa thata, o rapela ka pelo yotlhe, ebile o dumela tota mo maatleng a Modimo ka bolone, le ka dira gore go nne le kgolo?

Modimo Ke Ene A Ungwisang

Ka gongwe o ikutlwa gore seabe se o nang le sone mo kgolong ya semoya ga se a lekana ebile ga se na mosola ope. A moaposetoloi Paulo ga a a ka a re akantsha seo mo go 1 Bakorintha 3:5-7? O kwadile jaana: “Me hoñ Apolose e be e le mañ? le Paulo ke mañ? Ke badihedi hèla ba lo dumetseñ ka bōnè; me moñwe le moñwe o nntse yaka Morèna a mo abetse. Nna ka yala, Apolose a nosa; me Modimo oa uñwisa. Yalo eo o yalañ e be e se sepè leha e le eo o nosañ; ha e se Modimo hèla o o uñwisang.”

Paulo o ile a lemoga sentle gore fa dilo di gola, tlotla yotlhe e ya kwa Modimong. Ratshingwana a ka nna a lema mmu, a jala peo ya gagwe, mme a be a tlhokomela dijalo tsa gagwe sentle, mme kwa bofelong, fa dilo di tlhoga, e a bo e le ka ntlha ya maatla a Modimo a a molemolemo a a dirang gore dilo di tlhoge. (Genesise 1:11, 12, 29) Lefa go ntse jalo, ke eng se Paulo a se bolelang fa a re “eo o yalañ e be e se sepè leha e le eo o nosañ”? (“Tlotlo ga e ye kwa go boratshingwana ba ba jadileng le go nosetsa,” The New English Bible.) A o tsaya gore seabe se modihedi mongwe le mongwe a nang le sone mo go direng barutwa ba basha ga se botlhokwa go le kalo, o tsaya gore totatota ka moo re dirang bodihedi jwa rona ka teng ga go dire pharologanyo e e kalo?

“Eo O Jalañ E Be E Se Sepè”

Ela tlhoko gore mo karolong eno ya lekwalo la gagwe, Paulo ga a bue ka bodihedi jwa Bokeresete mme o bua ka tsela e go tla bong go le boeleele ka teng go latela batho go na le go latela Jesu Keresete. Batho bangwe kwa Korintha ba ne ba neela batlhanka bangwe ba ba itsegeng ba ga Jehofa eleng Paulo le Apolose tlotla e e sa tlhokegeng. Bangwe ba ne ba rotloetsa gore go nne le makoko mme ba tlotlomatsa banna ba ba neng ba akanya gore ba kwa godimo ga bakaulengwe ba bone ba Bakeresete.—1 Bakorintha 4:6-8; 2 Bakorintha 11:4, 5, 13.

Go galaletsa batho ka tsela eno ga go a siama. Ke megopolo ya senama, mme e dira gore go nne le lefufa le dintwa. (1 Bakorintha 3:3, 4) Paulo o bontsha diphelelo tsa go akanya jalo. O bolela jaana: “Go na le dikgañ mo go lona. Ke bua yana, ka re, moñwe le moñwe oa lona o tla a re, Nna ke oo ra Paulo; le nna ke oo ra Apolose; le nna ke oo ra Kefase; me nna ke oo ra Keresete.”—1 Bakorintha 1:11, 12.

Jalo he, fa a kwala a re, “yo o jalang le yo o nosetsang ga se sepe,” (Phillips) moaposetoloi o nyatsa megopolo e e ntseng jalo ya senama, o gatelela botlhokwa jwa go leba Jesu Keresete jaaka Moeteledipele le gore kgalaletso yotlhe ya go gola ga phuthego e ya kwa Modimong. Baaposetoloi le bagolwane ba bangwe ke batlhanka fela ba phuthego. Ga go na ope wa bone yo o tshwanetseng go golediwa kana le eleng gore bone ka bobone ba batle go tlotliwa kana go tuma. (1 Bakorintha 3:18-23) Ka jalo yo o jalang le yo o nosang e be e se sepe, go bolela jalo Paulo, “fa ba bapisiwa le ene yo o nayang peo botshelo.”—1 Bakorintha 3:7, Phillips.

Badirimmogo le Modimo

Ka jalo, ka go rialo, moaposetoloi Paulo o ne a sa reye gore karolo ya rona ya go jala le go nosetsa ga e botlhokwa go le kalo. O ne a sa reye gore re simolole go akanya ka gore, “Modimo o tla dira gore dilo di gole ka nako e eleng ya gagwe,” mme ka jalo re be re iketla fela mme re bo re emela gore e nne ene yo o dirang tiro eno. O ne a itse sentle gore seo re se dirang le tsela eo re se dirang ka yone se na le tlhotlheletso nngwe ya ka moo dilo di golang ka teng.

Ke gone ka moo Paulo a neng a kgothaletsa Bakeresete kgapetsakgapetsa gore ba dire ka natla mo tirelong ya bone le go tokafatsa botswerere jwa bone jwa go ruta. Gopola ka kgakololo e a e nayang lekawana Timotheo. “U ipōnè, u bo u bōnè le go ruta ga gago. U nnèlè rure mo diloñ tse; gonne ka go diha yalo u tla bo u ipoloka u ba u boloka ba ba gu utlwañ.” (1 Timotheo 4:16) “Kea gu laea mo ponoñ . . . , rèra lehoko; u tlhōahalè . . . , u laeè ka bopelotelele yotlhe le ka go ruta. . . . U shwetsè tihèlō ea gago.” (2 Timotheo 4:1, 2, 5) Go ne go tla bo go sa thuse mo go kalo gore Timotheo a dire ka natla mo go tokafatseng botswerere jo a rutang ka jone fa e le gore tiro ya gagwe ya go jala le ya go nosetsa e ne e tla bo e sena tlhotlheletso epe mo go direng gore dilo di gole.

Le wena ka go tshwana, jaaka Paulo le Apolose, o ka nna le tshiamelo e e senang tekanyetso ya go direla jaaka mongwe wa badirimmogo le Modimo. (1 Bakorintha 3:9; 2 Bakorintha 4:1; 1 Timotheo 1:12) Ka tsela e e ntseng jalo, tiro ya gago e botlhokwa. Ratshingwana ga a na go lebelela gore Modimo ka dikgakgamatso a dire gore go nne le tshingwana e ntle kwantle ga gore ratshingwana a tseye matsapa. A e tshwanetse go nna sengwe se se farologaneng fa go tliwa mo kgannyeng ya kgolo ya semoya? Eleruri ga go a nna jalo. Fela jaaka molemi a nna ka bopelotelele a ‘lebeletse loungo lo lo tlhokegang lwa lehatshe,’ re tshwanetse gore pele re dire ka natla mo go jaleng le mo go nosetseng, re nna re lebeletse gore Modimo e nne ene a ungwisang.—Yakobe 1:22; 2:26; 5:7.

Dira Seabe sa Gago

Ereka jaana moaposetoloi Paulo a ne a bolela ka gore, “moñwe le moñwe o tla amogèla tuèlō ea gagwe kaha tihoñ ea gagwè,” re tshwanetse go ipotsa gore rona re dira tiro ya rona jang.—1 Bakorintha 3:8.

Motho mongwe yo o leng setswerere mo tshingwaneng eleng Geoffrey Smith o bolela jaana: “Ga go tlhokege gore o bo o na le thutego nngwe gore o tle o tshwanelege go nna ratshingwana, go tlhokega fela gore o bo o na le kgatlhego mo dijalong.” (Shrubs & Small Trees) Ka tsela e e tshwanang, ga go tlhokege gore le rona re be re na le thutego nngwe e e kgethegileng e re e ruileng gore re tle re nne badirimmogo le Modimo, go tlhokega fela gore re bo re na le kgatlhego ya mmatota mo bathong le go ikemisetsa go dirisiwa ke Modimo.—2 Bakorintha 2:16, 17; 3:4-6; Bafilipi 2:13.

Ela tlhoko dikgakololo dingwe tse di molemo tse di neetsweng ke batho ba ba itseng tiro ya tshingwana. Ke jaaka moitse mongwe a ne a re, fa motho yo o santseng a ithuta go dira tshingwana a ikemiseditse go reetsa bao ba nang le maitemogelo go mo feta, “ene motho yo o santseng a ithuta a ka nna setswerere sa tshingwana ka bonako.” Ene moitse yono gape a re, “ka dinako tsotlhe mankge o a bo a ntse a na le sengwe se sesha se a se ithutang.” (The Encyclopedia of Gardening) A o ikemiseditse go amogela thuso le katiso tseo Jehofa a di neelang gore o tle o kgone go jala le go nosetsa ka katlego? Fa e le gore o dira jalo, o ka tswa o le mosha mo tirong eno kana o na le maitemogelo mo go yone, o ka kgona go oketsa botswerere jwa gago jaaka modirimmogo le Modimo mme ka jalo wa nna yo o ‘nonofileng go ruta ba bangwe.’—2 Timotheo 2:2.

Fa e le gore o iketleeditse go reetsa le go ithuta, go bolela jalo Geoffrey Smith, “motho yo o santseng a ithuta o tla tila mamena a a kotsi thatathata.” Fa re reetsa kaelo eo Jehofa a re e neelang ka Lefoko la gagwe le phuthego ya gagwe, re tla dira dilo go ya kafa a batlang ka teng. Ka jalo re tla tila ka sekai, mamena a a ntseng jaaka go iphitlhela re fetogile dieleele ka go ngangisana ka go sa dirise tlhaloganyo le bao ba batlang fela go tsosa kgang kana go lwa ka mafoko.—Diane 17:14; Bakolosa 4:6; 2 Timotheo 2:23-26.

Kgakololo e nngwe gape ya go dira tshingwana e e siameng ke go akanyetsa dilo ka kelotlhoko pele ga o ka itlhaganelela go epa mmu. The Encyclopedia of Gardening e bolela jaana: “Pele ga o ka simolola go epa mmu, iphe nako ya go sekaseka ka tidimalo [dilo tseo o ka di solofelang].” A o wela mo seraing sa go phamoga fela go ya kwa bodiheding jwa Bokeresete kwantle ga gore pele o akanyetse sentle le go rapela ka seo o batlang go se fitlhelela le gore tiro eno o ka e dira botoka jang? Baakanya dintlha tsa gago tse o batlang go bua ka tsone pele ga fa o ka simolola. Ka sekai, akanya ka mofuta wa batho ba o ka nnang wa kopana le bone le mathata a o ka nnang wa kopana le one, mme o ipaakanyetse gore o ka dirisana jang le one. Seno se tla go dira gore o kgone go ‘gapa bogolo jaaka fa o nna dilo tsotlhe mo bathong botlhe.’—1 Bakorintha 9:19-23.

“U Se Ka Ua Ikgogona Lecōgō”

Fa re anaanela tshiamelo ya go direla jaaka badirimmogo le Modimo, ga re ne re ikgogona mo seabeng sa rona sa go dira le ene. “Mo moshoñ u yalè peo ea gago, me mo maitsiboeeñ u se ka ua ikgogona lecōgō: gonne ga u itse e e tla tlhōmamañ, eno, kgotsa ele, kgotsa a di tla nna molemō coopedi tsa chwana hèla.” (Moreri 11:6) Go ikaegile ka Jehofa go bona matswela kwa bofelong, mme lefa go ntse jalo, re tla roba fela fa pele re jadile ka tlhoafalo.—Moreri 11:4.

Ga go na tshingwana epe e e kileng ya dirwa bontle go epilwe mmu fela go sa dirwe ka pelo yotlhe, go sa kgathalwe ebile ka go gasiwa peo fela gongwe le gongwe. Ka go tshwana, go tlhokega gore o dire mo gontsi mo tirelong ya Bokeresete go na le gore o nne yo o sa tseyeng karolo ka pelo yotlhe mo go tsamaiseng dikgatiso tsa Bibela. Jaaka badirimmogo le Modimo, go tlhokega gore re bolele mafoko a a molemo kaga Bogosi jwa Modimo ka tlhoafalo le ka bojotlhe jwa rona, re batla bao ba laoletsweng botshelo. (Ditihō 13:48) Gopola molaomotheo o o mo mafokong a ga moaposetoloi Paulo a a mo go 2 Bakorintha 9:6: “Eo o yalañ ka boñoma, o tla rōba ga boñoma: me eo yalañ ka bogolo, o tla rōba ga bogolo.”

Fela jaaka boratshingwana botlhe ba ditswerere, re leka go jala mo mmung o o siameng. Lefa go ntse jalo, ga se gore fa fela sengwe se jadilwe mo mmung o o molemo, go raya gore go fedile. Geoffrey Smith o bolela jaana: “Seno ga se reye gore fa fela go jadilwe, ga go na maikarabelo ape a motho a ka tlholang a a tsaya kwantle fela ga go reka setilo sa maikaego le sekgele sa moriti.” Nnyaa, gore dilo di gole, go tlhokega maiteko mo go nosetseng le mo go sireletseng dijalo.—Bapisa Diane 6:10, 11.

Totatota, o ka nna wa dira ka natla ka lobaka lo loleele mo bodiheding jwa Bokeresete, mme go bonala e kete ga go na sepe se se diregang. Mme lefa go ntse jalo, go ka nna ga latela matswela a a molemo, ka tshoganyetso ebile ka dinako tse dingwe o sa lebelela. Geoffrey Smith o bolela jaana: “Go dira tshingwana go na le tiro e e tswelelang pele ya lobaka lo loleele e mo go yone go nang le dinako tse ka tsone o fitlhelang go na le bontle jo bogolo thata mo ebileng o lebetse gore o kile wa ne o epa, o tlhagola, ebile o tshwenyegile thatathata.” Le wena ka go tshwana go ka nna le dinako tse ka tsone o ikutlwang o kgotsofetse thata fa motho yo o pelontle a amogela molaetsa wa boammaaruri—go ikaegile ka gore o ikemiseditse go epa pele, go jala, go tlhagola le go nosetsa.—Bapisa Diane 20:4.

Paulo le Apolose ba ne ba itse gore tiro ya bone ya go rera ka Bogosi le go dira barutwa e ne e sa dire gore ba fiwe tlotla nngwe e e kgethegileng mo phuthegong ya Bokeresete. Ba ne ba tlhaloganya gore ke Modimo yo o dirang gore dilo di gole. Go ntse go ntse jalo, ba ile ba jala le go nosetsa—ka tlhoafalo. Ekete re ka latela sekao sa bone mme re itetle go dirisiwa ke Modimo jaaka ‘badihedi fela bao bangwe ba dumetseng ka ntlha ya rona.’—1 Bakorintha 3:5, 6.

[Setshwantsho mo go tsebe 23]

Modimo ke ene yo o ungwisang dilo tsotlhe—mme lefa go ntse jalo, ratshingwana le ene o dira seabe sa gagwe

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela