A O Tla Sekegela Tlhagiso ya Modimo Tsebe?
GANTSI batho ba itlhokomolosa ditlhagiso tseo di ka bolokang botshelo jwa bone. Baagi ba le bantsi ba kwa Pompeii ba ile ba tlhopha go itlhokomolosa modumo o o neng o shakgetse wa Thaba ya Vesuvius. Ka tsela e e tshwanang, batho ba le bantsi gompieno ba itlhokomolosa ditlhagiso tsa masetlapelo a lefatshe ka bophara ao a tlang. Lefa go le jalo mo go bao ba eletsang go leba dilo jaaka di ntse, tlhagiso ke selo sa mmatota mo go bone fela jaaka matlhasedi a lesedi le molelo o o neng o biloga mo Thabeng ya Vesuvius morago kwa mo lekgolong la ntlha la dingwaga. Dintwa tse pedi tsa lefatshe, makgolokgolo a dikgogakgogano tse dipotlana tsa go dirisiwa dibetsa, mauba, dithoromo tse dikgolo tsa mafatshe, leroborobo la malwetsi, bontsintsi jwa ditlolomolao le bothubaki, mmogo le letsholo la go rera mo lefatsheng ka bophara, dilo tseno tsotlhe di bopa sesupo se se tsosang kgatlhego sa gore mokgatlho wa batho o atamela masetlapelo a magolo ka bofefo.
Bibela e bolelela pele kgang eno e e masisi: “Gonne go tla nna sepitla se segolo mo metlheñ euō, se se e señ se ke se nne, e sa le ka tshimologō ea lehatshe go tla nakoñ eno; nya, le gōna go se ketla go tlhōla go nna yalo gopè.” (Mathaio 24:21) Fela jaaka fa go ile ga nna mo masetlapelong a kwa Pompeii, bangwe ba tla falola—“boidiidi yo bogolo yoa batho, yo go señ motho opè eo o ka bo balañ, e le ba morahe moñwe le moñwe, le ba dicō cotlhe, le batho, le dipuō,” ba tla falola, ke gore, ba tla “[tswa] mo pitlaganoñ e kgolo.”—Tshenolō 7:9, 14.
Potso ke gore, Tshenyego eno e tla tla leng? Go na le lebaka leo le re pateletsang go dumela gore sesupo seno se gaufi. Ka gongwe e le ka ntlha ya go bo ba ne ba batla go itse gore seno se ne se tla diragala leng, barutwa ba ga Jesu ba ile ba botsa jaana: “Seshupō e tla nna eñ sa go tla ga gago, le sa bokhutlō yoa lehatshe?” (Mathaio 24:3) Ela tlhoko karabo eo Jesu Keresete a neng a ba neela yone.
Ntwa—Karolo E E Tlhomologileng ya Sesupo Se Se Dikarolo Dintsi
Jesu ga a ka a bolelela pele tiragalo e le nngwe fela e e tlhomologileng. Go na le moo, o ile a umaka metseletsele ya ditiragalo tseo, fa di sobokanngwa tsotlhe di neng di tla bopa tlhagiso ya bomodimo—sesupo se se dikarolo dintsi sa bokhutlo jwa tsamaiso eno ya dilo. Tiragalo ya ntlha eo e ileng ya bolelelwa pele e tlhalosiwa mo go Mathaio 24:7: “Morahe o tla cogologèla morahe, le bogosi bo cogologèle bogosi.” Mo boperofeting jo bo tshwanang le jono mo go Tshenolō 6:4, Bibela e bolela pele gore ‘kagiso e tla tloswa mo lefatsheng.’ Seno se ne se bolela gore go tla nna le ntwa ka selekanyo se se iseng se ke se nne.
Hisitori e re bontsha gore boperofeti jono jo bo leng malebana le ntwa ya lefatshe ka bophara bo ile jwa diragadiwa fa esale go tloga ka ngwaga o o sa lebalesegeng wa 1914. Buka ya American Adventures e bolela jaana malebana le dingwaga tsa pele ga 1914: “Maamerika a le mantsi a ne a tsene mo lekgolong le lesha la dingwaga a tletse ka tsholofelo. Dingwaga tseno e ne e le ‘dingwaga tse di itumedisang’ mme ebile di ile tsa itumedisa go fitlhelela mo ngwagasomeng wa bobedi wa lekgolo leo la dingwaga. . . . Mme e ne ya re moragonyana, ka July 28, 1914, maikutlo ano a ne a garaswanngwa ke lefoko le le lengwe fela: ntwa.” Ka gone Ntwa ya Lefatshe I e ne ya simologa, mme ya tsaya lobaka lwa go tloga ka 1914 go ya go 1918 mme ebile bangwe ba ile ba e bitsa “ntwa e e tlileng go fedisa dintwa tsotlhe.” Dinaga di le masome a mabedi le borobedi di ne di amega ka tlhamalalo mo go yone. Mme ebile fa o akaretsa dinaga tseo di neng di le kafa tlase ga tseno, merafe eo e neng e lwa e ne e ka tshwara mo e ka nnang diperesente di le 90 tsa baagi botlhe ba lefatshe ka nako eo.
Ntwa ya Lefatshe I e ile gape ya nna le didirisiwa tse disha ebile di le kotsi tsa ntwa, tse di ntseng jaaka ditlhobolo tsa dimatšhini, digase tse di botlhole, dithunyi tse di kgwang molelo, ditanka tsa ntwa, difofane tsa ntwa, le dikepe tsa ntwa tse di tsamayang kafa tlase ga lewatle. Mo e ka nnang masole a le dimilione tse di lesome a ile a bolawa—eleng palo e e fetang palo ya masole otlhe a a ileng a swa mo dintweng tse dikgolo tseo di ileng tsa lowa mo dingwageng tse 100 tse di ileng tsa tla pele ga eo! Mo e ka nnang masole a le dimilione tse 21 a ne a gobala. Eleruri, e ne e le ntwa e e aparetseng lefatshe lotlhe, e tshwaya 1914 go nna tshimologo ya “[metlha] ea bohèlo.” (2 Timotheo 3:1) Lefa go ntse jalo, ntwa e ne e le fela karolo e le nngwe ya sesupo sa ga Jesu.
Dikarolo tse Dingwe tsa Sesupo
Jesu o ne a oketsa jaana: “Go tla nna meshwèle, le dithoromō tsa lehatshe mo maheloñ mañwe le mañwe. Me dilō cotlhe tse, e be e le tshimologō ea botlhoko yoa pèlèga.” (Mathaio 24:7, 8) Luke 21:11 e oketsa ka “dikgogodi tsa bolwetsi” mo go seno. Pele ga fa Ntwa ya Lefatshe I e ne e khutla, leroborobo la bolwetsi jwa Spanish influenza le ne la anama le lefatshe lotlhe ka lobelo lo logolo. Kgabagare, le ne la bolaya batho ba feta dimilione tse 20, palo e e fetang ya batho botlhe ba ba ileng ba swa mo ntweng.
Ka nako ya fa ntwa e ne e fagile le morago ga yone, batho ba bangwe ba le dimilionemilione ba ne ba swa ba bolawa ke tlala. Dithoromo tsa mafatshe le tsone di ne tsa amoga batho ba le bantsi matshelo. E ne ya bolaya batho ba feta 30 000 kwa Italy ka 1915; ba ka tshwara 200 000 ba ne ba nyelela kwa China ka 1920; ba ka nna 143 000 ba ne ba swa kwa Japane ka 1923. Go ntse go le jalo, jaaka fa Jesu a ile a supa, dilo tseno tsotlhe e ne e le tshimologo fela ya botlhoko jwa pelega. Bukantswe nngwe e tlhalosa lefoko “botlhoko” e le “setlhabi se se tlhabang ka lobaka lo lo khutshwane.” Fa e sale go tloga ka 1914 lefatshe leno le ntse le bidikama go tswa mo setlhabing se sengwe go ya mo go se sengwe ka selekanyo se se golelang pele le ka lobelo lo logolo. Ka sekai, dingwaga di le 21 fela morago ga Ntwa ya Lefatshe I go ne ga tlhagoga ntwa ya bobedi ya lefatshe, eo e ileng ya tsaya matshelo a batswasetlhabelo ba le dimilione tse 50 mme ya latlhela setho mo motlheng o o bidiwang motlha wa nuklea.
Mo dingwageng tsa bosheng jaana go ile ga buiwa thata kaga selo se sengwe gape se se bakang matshwenyego a magolo: go senya ga motho tikologo. Le mororo gone Jesu a ile a seka a umaka seno ka tlhamalalo mo boperofeting jwa gagwe, Tshenolō 11:18 e bontsha gore pele fela ga gore tshenyego e e tlang e ikgorose, batho e tla bo e le ba ba “senyañ lehatshe.” Go na le bosupi bo le bontsi jo bo bontshang gore go senngwa gono ga lefatshe go gone. Fa a tsopolwa mo bukeng e e reng State of the World 1988, mosekaseki wa tikologo eleng Norman Myers o ntsha molaetsa ono o o tshosang: “Ga go na losika lope mo nakong e e fetileng loo lo ileng lwa lebana le matshosetsi a go nyelediwa ka selekanyo se segolo ka nako ya fa lo santse lo tshela jaaka lwa gone jaanong. Ga go na losika lope mo nakong e e tlang lo le ka motlha ope lo ka lebanang le kgwetlho eno e e tshwanang jaaka lono: fa losika lwa gone jaanong lo ka retelelwa ke go fenya bothata jono, tshenyo e tla bo e dirilwe ebile ga lo ne lo nna le tshono ya go boa lo ‘iteka lesego gape.’”
Akanya ka pego e e ileng ya tlhagelela mo tokololong ya February 17, 1992 ya makasine wa Newsweek eo e leng malebana le go koafadiwa ga ozone mo atemosefereng. Moitseanape wa Greenpeace mo go tsa ozone eleng Alexandra Allen o ile a nopolwa a tlhagisa gore go fela ga ozone “jaanong go tshosetsa isagwe ya ditshedi tsotlhe tse di mo lefatsheng.”—Bona lebokoso le le mo tsebeng eno go bona bosupi jo bo oketsegileng jwa go senngwa ga tikologo ya lefatshe.
Ga re kake ra kgona go tlhalosa dintlha tsotlhe tsa boperofeti jwa ga Jesu ka botlalo. (Bona tšhate e e mo go tsebe 5 go bona sebopego se se feletseng sa dintlha tse dingwe tsa boperofeti.) Lefa go le jalo, karolo e nngwe ya sesupo eo e se kakeng ya tlhaediwa matlho e tlhalosiwa mo go Mathaio 24:14: “Me Mahoko a a Molemō a, a bogosi, a tla rèrwa mo lehatshiñ yeotlhe, go nna chupō mo merahiñ eotlhe; hoñ ke gōna bokhutlō bo tla tlañ.” Go mo pepeneneng gore ke bomang bao ba dirang tiro eno ya go rera mo lefatsheng ka bophara. Ka 1992 fela, Basupi ba ga Jehofa mo dinageng tse 229 ba ile ba senya diura tse di fetang dimilione di le sekete mo tirong eno. Ka gone tiro ya bone e tlatseletsa mo bosuping jo bo bonwang ke mang le mang jwa gore re tshela mo metlheng ya bofelo.
Lo Seka lwa Tsietsega!
Lefa go le jalo, bangwe ba ka nna ba tsosa kgang ya gore go bua ka “metlha ea bohèlō” ke boikutlo fela jwa go akanya gore go tla direga dilo tse di bosula mo isagweng. ‘Go tweng ka go nyelela ga Bokomonise kwa Yuropa Botlhaba bosheng jaana?’ ba botsa jalo, ‘kana maiteko a a dirwang ke mebuso e megolo go tlisa kagiso? A seno ga se bosupi jwa gore dilo di a tokafala?’ Nnyaa. Ela tlhoko gore Jesu ga a ka a re lefatshe lotlhe le tla tswelela le ntse le hupeditswe ke dintwa di sa kgaotse, dithoromo tsa mafatshe, le mauba mo metlheng ya bofelo. E le gore mafoko a a molemo a ke a rerwe lefatshe ka bophara, go ne go tshwanetse gore bobotlana go nne le dinako tseo maemo a ritibalang ka tsone.
Gape, gopola gore Jesu o ile a tshwantsha metlha ya bofelo le metlha ya Morwalela wa ga Noa. Ka nako eo batho ba ne ba tshwaregile ka go ja, go nwa, le go nyala—ba dira dilo tse di tlwaelegileng tsa botshelo. (Mathaio 24:37-39) Seno se ne se ka bontsha gore lefa gone maemo mo motlheng wa bofelo e tla bo e le ao a sa itumediseng, maemo a ne a se kitla a nna maswemaswe go le kalo moo ditiro tse di tlwaelegileng tse di dirwang letsatsi le letsatsi mo botshelong di neng di ka seke di kgonege. Fela jaaka fa go ne go ntse mo motlheng wa ga Noa, batho ba le bantsi gompieno ba tshwaregile thata ka dilo tsa letsatsi le letsatsi mo eleng gore ga ba lemoge gore metlha eno e masisi.
Ka gone, go ne go ka nna kotsi thata go wela mo boikutlong jwa go sa tsee tsia e le fela ka ntlha ya go bona ditiragalo tseo di lebegang e le kgatelopele mo go tsa sepolotiki. (Bapisa 1 Bathesalonia 5:3.) Go na le bosupi jo bontsi thata jwa gore boperofeti jwa ga Jesu bo a diragadiwa gone jaanong—eleng tlhagiso ya gore tshenyego e gaufi!
Melemo Eo E Tla Nnang Gone Morago ga Moo
Tshenyego ya kwa Pompeii e ne ya lere loso le masetlapelo. Lefa go ntse jalo, bokhutlo jwa tsamaiso ya gone jaanong bo tla dira gore go nne le botshelo jo bo sa khutleng mo lefatsheng le le ntlafaditsweng go nna paradaise. (Tshenolō 21:3, 4) Ga go ne go tlhola go diragala gore dipuso tsa batho tseo di kgaoganyang batho di ganyaole lefatshe ka dintwa. Batho ga ba ne ba tlhola ba lebagana le matshosetsi a go tantabela mo masetlapelong a nuklea. Madirelo a a kgwelang dikhemikhale tse di botlhole mo tikologong a tla bo a sa tlhole a le gone.—Daniele 2:44.
Ka nako eo mongwe le mongwe yo o tla bong a tshela e tla bo e le motho yo o ratang tshiamo ebile e le tsala ya boammaaruri, a ikobela puso ya Bogosi gotlhelele. (Pesalema 37:10, 11) Dikokelo, dimotšhara, le mafelo a baswi e tla bo e le dilo tsa maloba. Tlhalano, go kgaogana ga batho ba ba nyalaneng, go tshwenyega mo maikutlong, le go sotlwa ga bana le gone ga go ne go tlhola go nna gone.—Isaia 25:8; 65:17.
A o batla go falola metlha ya bofelo le go fetela mo lefatsheng le lesha le le galalelang la Modimo? Ka jalo “itiseñ . . . gonne ga lo itse lobaka, go re, ke lohe.” (Mareko 13:33) Lefa go le jalo, ditiragalo tsa lefatshe di supa gore nako e e beilweng e gaufi thata—e gaufi thata le go wela ba le bantsi. Ga go na nako ya gore motho a nne fela a sa tshwenyege. Ka gone tsaya dikgato tseo di ka bolokang botshelo, mme ka gone o senke bao ba etseng bosupi jwa lefatshe ka bophara jwa metlha ya bofelo tlhoko. Bano o ka kgona go ba bona bonolo fela, ka jaana ke bone fela ba ba obamelang taelo ya ga Jesu ya go rera mafoko a molemo a Bogosi lefatshe ka bophara. Ekete wena le bone lo ka tsaya dikgato tseo di tla lo tsalanyang le Kgosi, Keresete Jesu, yo go buiwang jaana ka ene: “Badichaba ba tla sholohèla mo leineñ ya gagwè.”—Mathaio 12:18, 21.
[Lebokoso mo go tsebe 5]
Dikarolo tse 24 tsa Sesupo
1. Dintwa ka selekanyo se se iseng se ko se nne gone—Mathaio 24:6, 7; Tshenolō 6:4
2. Dithoromo tsa mafatshe—Mathaio 24:7; Mareko 13:8
3. Ditlhaelo tsa dijo—Mathaio 24:7; Mareko 13:8
4. Dikgogodi tsa malwetsi—Luke 21:11; Tshenolō 6:8
5. Go oketsega ga bosenyi—Mathaio 24:12
6. Go senngwa ga lefatshe—Tshenolō 11:18
7. Go tsidifala ga lorato lwa batho—Mathaio 24:12
8. Dilo tse di rerisang fa di bonwa—Luke 21:11
9. Go rata madi ka tsela e e feteletseng—2 Timotheo 3:2
10. Go sa utlwe batsadi—2 Timotheo 3:2
11. Go rata dikgatlhego bogolo go go rata Modimo—2 Timotheo 3:4
12. Batho go ithata bobe—2 Timotheo 3:2
13. Batho ka kakaretso ba sena lorato lwa tlholego—2 Timotheo 3:3
14. Batho ba sa batle go dumalana mo go sepe—2 Timotheo 3:3
15. Batho ba mefuta yotlhe ba sena boithibo—2 Timotheo 3:3
16. Batho ka kakaretso ba sa rate molemo—2 Timotheo 3:3
17. Ba le bantsi ka boitimokanyi ba iphaka e le Bakeresete—2 Timotheo 3:5
18. Ba le bantsi ba ja le go nwa bobe—Luke 21:34
19. Baganetsi ba gana sesupo—2 Petere 3:3, 4
20. Go ntsifala ga baperofeti ba maaka—Mathaio 24:5, 11; Mareko 13:6
21. Go rerwa ga mafoko a a molemo a Bogosi jo bo tlhomilweng jwa Modimo—Mathaio 24:14; Mareko 13:10
22. Go bogisiwa ga Bakeresete ba boammaaruri—Mathio 24:9; Luke 21:12
23. Go goelediwa ga kagiso le polokesego go go lereng metlha ya bofelo mo setlhoeng sa yone—1 Bathesalonia 5:3
24. Batho ba sa tseye kotsi e e tlang tsia—Mathaio 24:39
[Lebokoso mo go tsebe 6]
Mathata a tsa Tikologo—Sesupo sa Metlha
◻ Sesireletsi sa ozone mo dilatitšhuting tse di timpetseng ka kgotlelo tsa Hemesifere ya Bokone se nna sesesane ka lobelo lo lo oketsegileng go menagane gabedi go feta ka tsela eo borasaense ba neng ba akanya ka yone dingwaga di le mmalwa fela tse di fetileng.
◻ Bobotlana go nyelela mefuta ya dimela le diphologolo di le 140 letsatsi le letsatsi.
◻ Dilekanyo tsa carbon dioxide eo e tshwarang mogote wa mo atemosefereng jaanong di tlhatlogile ka diperesente di le 26 go feta kafa go neng go ntse ka teng mo dingwageng tsa pele ga tlhabologo ya tsa madirelo a mantsi, mme ebile di ntse di golela pele.
◻ Boalo jwa lefatshe bo ne bo le mogote thata ka 1990 go feta ngwaga ope fela fa e sale go simololwa go bolokiwa rekoto ya mogote mo bogareng jwa lekgolo la bo19 la dingwaga; mo dingwageng tse supa tseo di neng di fisa thatathata tseo di tsentsweng mo rekotong, tse thataro tsa tsone di nnile go simologa ka 1980.
◻ Dikgwa di nyelela ka selekanyo se e ka nnang diheketara di le 17 000 000 ngwaga le ngwaga, eleng karolo ya naga e e ka batlang e lekana le halofo ya bogolo jwa naga ya Finland.
◻ Palo ya baagi ba lefatshe e gola ka selekanyo sa batho ba le dimilione tse 92 ngwaga le ngwaga—mo e batlileng e le go oketsa ka palo e e lekanang le ya baagi ba Mexico ngwaga le ngwaga; mme mo palong eo, batho ba le dimilione tse 88 ba oketsega mo dinageng tse di tlhabologang.
◻ Batho ba ka nna dimilione di le dikete tse 1,2 ga ba na metsi a a sireletsegileng go ka nowa.
Go ya ka buka ya State of the World 1992, e e kwadilweng ke Worldwatch Institute, tsebe 3, 4, W. W. Norton & Company, New York, London.
[Setshwantsho mo go tsebe 7]
Morago ga tshenyego go tla latela lefatshe le lesha le le galalelang la Modimo