LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w93 1/15 ts. 3-4
  • A O Tla Tsholelediwa kwa Legodimong?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • A O Tla Tsholelediwa kwa Legodimong?
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1993
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Megopolo E E Farologaneng kaga go Gapiwa
  • Go Gapiwa
    Go Fetolana ka Dikwalo
  • ‘Go Tsholelediwa go ya go Kgatlhantsha Morena’—Jang?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1993
  • “Kgololo ya Lona e a Atamela”!
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2015
  • Go Boa ga ga Keresete
    Go Fetolana ka Dikwalo
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1993
w93 1/15 ts. 3-4

A O Tla Tsholelediwa kwa Legodimong?

BATHO ba bantsi ba dumela gore ba tla ya kwa legodimong fa ba swa. Mme lefa go ntse jalo, bangwe ba dumela gore ba tla tsholelediwa kwa legodimong ka tsela ya se go tweng ke go gapiwa. A ke seo o se lebeletseng?

Go gapiwa ke “go nyelela ga dimilione le dimilione tsa batho kwantle ga go itse le eseng gore ba ile kae!” Go ne ga bolela jalo moefangele mongwe wa Moporotesetante. Go ya ka Evangelical Dictionary of Theology, lefoko “go gapiwa” le raya “go kopana ga kereke le Keresete fa a tla la bobedi.”

Bangwe ba go fitlhela go ba tshwenya tota fa ba tla go akanya ka go tlogela ditsala tsa bone le maloko a malapa a bone kwa morago go ya go kopana le Jesu Keresete. Lefa go ntse jalo, ba le bantsi ba dumela gore go gapiwa go tshwanetse ga diragala. A go tla diragala? Fa e le gore go ntse jalo, go tla diragala leng?

Megopolo E E Farologaneng kaga go Gapiwa

Bibela e supa gore pele ga Puso ya Dingwaga Tse di Sekete e e solofeditsweng ya ga Keresete e simologa, go tla nna le nako e e bidiwang “sepitla se segolo.” Jesu o ne a bolela jaana: “Gonne go tla nna le sepitla se segolo mo metlheñ euō, se se e señ se ke se nne, e sa le ka tshimologō ea lehatshe go tla nakoñ eno; nya, le gōna go se ketla go tlhōla go nna yalo gopè.” (Mathaio 24:21; Tshenolō 20:6) Bangwe ba akanya gore go gapiwa go tla diragala pele ga sepitla se segolo. Ba bangwe ba solofetse gore go tla diragala ka nako ya sepitla se segolo. Go ntse go ntse jalo bangwe ba akanya gore go gapiwa go tla tla morago ga tlalelo eo ya mofuta wa yone fela.

Mogopolo wa gore go gapiwa go tla diragala morago ga sepitla se segolo o ne o tletsetletse go fitlha ka nako ya tshimologo ya lekgolo la bo 19 la dingwaga. Morago ga foo, go ne ga nna le mokgatlho kwa Engelane o o neng o eteletswe pele ke John Nelson Darby, yo pele e neng e le moruti wa Church of Ireland. Ene mmogo le ba kereke ya Anglican ba ba neng ba akanya fela jaaka ene ba ne ba itsege jaaka Bakaulengwe. Darby o ne a tlogela kereke ya gagwe e e neng e tlhomilwe kwa Plymouth, mme o ne a simolola go tsaya loeto ka go ya go rera kwa Switzerland le go sele fela kwa Yorupa. O ne a gatelela gore go boa ga ga Keresete go ne go tla diragala ka dikgato di le pedi. Go ne go tla simologa ka go gapiwa ga mo sephiring, ka nako eo “baitshepi” ba neng ba tla tsholelediwa pele ga nako ya sepitla sa dingwaga di le supa se senya lefatshe. Morago ga moo Keresete o ne a tla tlhaga gore a bonwe, a patilwe ke “baitshepi” bano, mme ba tla busa mmogo mo lefatsheng ka dingwaga di le sekete.

Darby o ne a gatelela tsela e go neng go le botlhokwa ka yone go ikgaoganya le lefatshe, mme ba ba neng ba dumalana le dikakanyo tsa gagwe kgabagare ba ne ba itsege jaaka Bakaulengwe ba ba Tlhomologileng. B. W. Newton o ne a etelela pele setlhopha sengwe se sele se se neng se dumela mo go gapiweng mme eseng go go neng go tla diragala pele ga sepitla. Mmueledi wa go gapiwa go go neng go tla diragala morago ga sepitla eleng Alexander Reese o ne a tshegetsa kgang ya gore “dithuto tsa Go Gapiwa ga mo Sephiring ke sengwe se se senyang tsholofelo ya Go Tla ga ga Keresete.”

Batho ba ba dumelang mo go gapiweng ga pele ga sepitla ba dumela gore go nna le megopolo e e farologaneng ka kgang eno, ke sengwe se se ka amang “mofuta wa go solofela ga [bone] mabapi le go tla ga ga Keresete.” Bangwe ba beile tsholofelo ya bone mo “thutong ya go dumela ka bontlhanngwe mo go gapiweng,” ba dumela gore ba ba ikanyegang thata mo go Keresete ba tla gapiwa pele mme ba ba ratang thata dilo tsa lefatshe ba tla tsewa kwa morago.

Ditlhopha di le dintsi tsa diefangele di goeletsa kaga go gapiwa go go tla tlogang go diragala ga Bakeresete ba ba ikanyegang. Lefa go ntse jalo, bukana e e phasaladitsweng ke Elim Pentecostal Church ya Boritani e e bolela jaana ka ntlha ya megopolo e e farologaneng kaga kgang eno: “Lefa gone re dumela dilo di le dintsi tse di amanang le ditiragalo tse di mabapi le go boa ga Morena Jesu . . . , go a letlelesega gore mongwe le mongwe a ka iphuthololela boperofeti ka tsela e a bonang ka yone. Ba bantsi ba bone go le botoka gore ba seka ba ngaparela thata mo go seo ba se dumelang, mme ba lete fela ka bopelotelele gore ditiragalo e nne tsone tse di ba phuthololelang lenaneo la boperofeti.”

Lefoko la Modimo le le tlhotlheleditsweng eleng Bibela, ke tekanyetso e re tshwanetseng go tlhatlhoba ka yone go bona gore a dilo tse tsotlhe tse batho ba di dumelang di boammaaruri. (2 Timotheo 1:13; 3:16, 17) Ka jalo, yone ya reng kaga go gapiwa?

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela