LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w92 12/15 ts. 14-28
  • Go Fitlhelela ‘Batho ba Mefuta Yotlhe’ kwa Belgium

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Go Fitlhelela ‘Batho ba Mefuta Yotlhe’ kwa Belgium
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1992
  • Ditlhogwana
  • Maiteko a Lere Matswela
  • “Latlhèla Diyō tsa Gago”
  • Kgwetlho ya Dipuo Tse Di Farologaneng
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1992
w92 12/15 ts. 14-28

Go Fitlhelela ‘Batho ba Mefuta Yotlhe’ kwa Belgium

MOAPOSETOLOI Paulo o ne a gakolola Bakeresete ka ene ba ba tloditsweng kaga se Modimo o se ratang eleng gore “batho botlhe ba kè ba bolokwè, me ba hitlhè mo kicoñ ea boamarure.” Gore ba ke ba kgone go bona seno ba ne ba tshwanelwa ke gore ba rapelele gore ba newe gore ba “tshelè mo boiketloñ le mo tidimaloñ” e le gore ba ke ba kgone go bolelela batho botlhe bao ba neng ba ka ba reetsa mafoko a a molemo a Bogosi.—1 Timotheo 2:1-4.

Gompieno, go fitlhelela ‘batho ba mefuta yotlhe’ ka mafoko a a molemo go kaya sengwe se se kgethegileng mo Basuping ba ga Jehofa kwa Belgium. Fa e sale go tloga ka nako ya fa Ntwa ya Lefatshe II e ne e fela, naga eno e potlana, eo ka bogolo e ka lekanang le Letsha la Tanganyika kana bontlhanngwe jwa Letsha la Michigan, e ile ya nna le diphetogo tse dikgolo mo ditsong le mo dingwaong. Mo godimo ga baagi ba merafe e meraro eo e tlholegileng koo—e leng Ba-Belgium (bao ba buang Sedatšhe), Bafora, le Bajeremane—jaanong kwa Belgium go na le mefutafuta ya ditlhopha tse di farologaneng tsa dipuo le ditso. Go na le Baarabia, Ba-Turkey, Baindia, Ba-China, BaPhilippine, Baafrika, le baagi ba bangwe ba Baamerika, fa re umaka ba sekae fela ba bone. Go fopholediwa gore motho a le mongwe mo go bangwe le bangwe ba le 10 kwa Belgium ke motswakwa.

Ka gone, Basupi ba kwa Belgium, fela jaaka fa go ntse ka Bakeresete ka bone mo lefatsheng ka bophara, ba lebagane le kgwetlho ya go fitlhelela ‘batho ba mefuta yotlhe’ ka mafoko a a molemo. Go utlwala jang go rera gareng ga batho ba merafe e e farologaneng jaaka eo? Motho a ka simolola go buisana jang le batho bao ba godileng ka setso le bodumedi tse di farologaneng gotlhelele? Mme ba arabela jang mo molaetseng wa Bibela?

Maiteko a Lere Matswela

Go buisana le ‘batho ba mefuta yotlhe’ ka mafoko a a molemo a Bogosi ke boitemogelo jo bo itumedisang le jo bo monate thata. O ka fitlhela batho ba ba tswang kwa dikontinenteng tsotlhe mo mebileng e e tlhanaselang, kwa mebarakeng, mo dipalangweng tsa botlhe, le fa o tsamaya ka ntlo le ntlo. Ka go dira maiteko a a sa reng sepe go bua le motho, mmoledi wa Bogosi a ka simolola motlotlo bonolo fela, mme ebile gantsi seno se ile sa lere matswela a a itumedisang.

Kwa boemelong bongwe jwa dibese, Mosupi o ne a simolola motlotlo le mosadi mongwe wa Moafrika e le fela ka go nyenya le ene ka botsalano. E ne ya re go ise go e kae mosadi yono a bo a setse a tlhalosa ka tsela eo a itumeletseng ka gone go utlwa kaga Bogosi jwa Modimo, ebile a batla go itse mo go oketsegileng kaga Bibela. O ne a tsaya makasine wa Tora ya Tebelo le wa Tsogang! mme a naya Mosupi yono aterese ya gagwe. E ne ya re fa Mosupi a ne a mo solofetsa gore o tla mo etela mo sebakeng se se sa fediseng pelo, mosadi yono o ne a gana. “Nnyaa! Nnyaa! A re bee nako e e tlhomameng eo o tla tlang go nketela ka yone gore ke bo ke le teng kwa gae fa o tla.”

Malatsi a le mararo moragonyana, ka nako e Mosupi a ne a tshwanetse go mo etela ka yone, o ne a fitlhela gore o latlhegetswe ke aterese ya mosadi yono. Lefa go le jalo ereka jaana a ne a santse a gakologelwa leina la mmila wa teng, o ne a tsena ntlo nngwe le nngwe a batla motho wa leina la Seafrika. O ile a ba a fitlha kwa bofelong jwa mmila oo a ise a bone seo a neng a se batla. Abo seno se ne sa mo swabisa jang ne! Ka bonako fela, fa a ne a tla tloga a itlhoboga, o ne a bona go eme fa pele ga gagwe ene mosadi yono yo a neng a mmatla jaaka ekete o ne a tlhaga golo re sa go itseng, mme e ne e le ka yone nako eo ba neng ba dumalane gore ba tla kopana ka yone! Ba ne ba simolola thuto ya Bibela.

Go tweng ka dingwao, ditumelo le ditso tsa gone tse di farologaneng? Ka sekai, go tweng ka ditumelo tsa Sehindu? Ee gone, mmulatsela mongwe o ne a gakologelwa seo a neng a se badile mo bukeng ya Go Fetolana ka Dikwalo. Yone ya re: “Go na le go leka go dirisana le marara a botlhajana jono jwa Sehindu, neelana ka boammaaruri jo bo kgotsofatsang jo bo fitlhelwang mo Bibeleng E E Boitshepo. . . . Boammaaruri jo bo papametseng mo Lefokong la gagwe bo fitlhelela dipelo tsa bao ba bolaetsweng ke tlala le go nyorelwa tshiamo.”

Ke sone seo mmulatsela a neng a se dira fa a ne a kopana le Kashi, yo e neng e le mosadi mongwe go tswa kwa India yo a neng a dumela gore go ithutiwe nae Bibela. Kashi o ne a gatela pele sentle thata, mme ka bonakonyana fela o ne a setse a lotlegela ditsala tsotlhe tsa gagwe ka seo a neng a se ithuta. Ka nako nngwe mmulatsela o ne a kopana le mosadi wa moemedi, yo a neng a mmotsa jaana: “A ke wena yo o rutang Kashi Bibela?” Abo seno se ne sa gakgamatsa mmulatsela yono jang ne fa a ne a utlwa mosadi yono a re: “Abo e le morutisi yo o molemo jang ne! O kgonne go nkgona ka mabaka mo dintlheng di le dintsi. Akanya fela, e le Mohindu, mme a ruta nna, ke le Mokatoliki, Bibela!”

Fa o kopana le Ba-Philippine, ka bonako fela o lemoga gore ke batho bao ba ratang Bibela. Ke batho ba ba lorato le ba ba ratang go amogela baeng, mme ebile go bonolo thata go simolola motlotlo le bone. Mosadi mongwe wa Mo-Philippine o ne a reka dimakasine tse pedi kwantle ga go dikadika lefa go ntse jalo o ne a di latlha gonne e ne e le Mokatoliki. Dibeke di le mmalwa morago ga moo o ile a tsaya tse dingwe gape tse pedi, tseo a ileng a di tlogela mo kgetsaneng ya gagwe e e akgiwang. Bosigo bongwe o ile a ikutlwa a eletsa go bala. Morago ga go nna a ferotlholola go bona sengwe se se kgatlhang seo a ka se balang, o ile a kopana le dimakasine tseno. Ka go tla a okaoka, o ne a simolola go di bala, mme kgatlhego ya gagwe e ne ya gola. Ka bonakonyana fela morago ga moo, Mosupi mongwe o ne a etela kwa ga gagwe, mme mosadi yono o ne a mmotsa dipotso di le dintsi. E ne e le la ntlha a bapisa ditumelo tsa gagwe tsa Sekatoliki le seo Bibela e se bolelang. Tsela e e utlwalang, eo Dikwalo di tlhalosang dilo ka yone e ile ya mo tlhatswa pelo gore o bone boammaaruri.

“Latlhèla Diyō tsa Gago”

Bontsi jwa baagi ba batswakwa kwa Belgium ba ile koo e le ka ntlha ya kgwebo kana go ya go dira kwa go mongwe wa baemedi ba dinaga ba ba 150 bao ba rometsweng koo kana kwa European Community Commission. Bontsi jwa bone ba nna koo dingwaga di le mmalwa fela. Kwa tshimologong go ba neela bosupi le go ithuta Bibela le bone go ka lebega go sena matswela. Lefa go le jalo Bibela e re gakolola jaana: “Latlhèla diyō tsa gago mo metsiñ: gonne u tla di bōna moragō ga malatsi a le mantsi.” (Moreri 11:1) Gantsi matswela e nna ao a duelang ka tsela e e gakgamatsang.

Go ne ga nna jalo ka mosadi mongwe wa Moamerika yo a neng a tlhola a tsaya dimakasine mo Mosuping mongwe. E ne ya re fa nako e ntse e ya Mosupi yono o ne a mmontsha botlhokwa jwa go ithuta Bibela ka metlha, mme o ile a ithaopela go ithuta le ene. Mosadi yono o ne a dumela go ithuta mme a gatela pele ka bonako. Ka bonakonyana fela o ile a lemoga pharologano gareng ga bodumedi jwa maaka le jwa boammaaruri. Ka gone o ile a tlosa ditshwantsho tsotlhe tsa bodumedi mo ntlong ya gagwe. Moragonyana go ne ga tla nako ya gore a boele morago kwa United States. A seno se ne se raya gore botswelelopele jwa gagwe jwa semoya bo tla khutla gone foo? Akanya fela kafa Mosupi yono a neng a itumela a bo a gakgamala ka teng fa a ne a amogela mogala o o tswang kwa Mosuping mongwe wa kwa United States yo o neng a mmolelela gore mosadi yono o ile a tswelela pele go ithuta, a neela botshelo jwa gagwe mo go Jehofa Modimo, le gore ebile o kolobeditswe! Tota ebile, o ne a setse a direla jaaka modihedi wa mmulatsela yo o thusang.

Go ne ga nna fela jalo le ka Kashi, mosadi wa Moindia, le mosadi yole wa Mo-Philippine bao ba umakilweng pelenyana. E ne ya re fa Kashi a boela kwa India, ene le monna wa gagwe ba ile ba tsweletsa thuto ya bone ya Bibela pele. Kgabagare ka bobedi jwa bone ba ne ba ineela mo go Jehofa mme ba nna le seabe mo tirong ya go rera. Ereka jaana ba ne ba nna mo karolong eo go neng go sena Basupi ba bangwe kwa go yone, ba ile ba ntsha ntlo ya bone gore go tshwarelwe Thuto ya Buka ya Phuthego mo go yone. Kashi o ile a direla jaaka mmulatsela yo o thusang go ya kafa boitekanelo jwa gagwe bo neng bo mo letla ka teng, mme o ntse a tsamaisa dithuto di le thataro tsa Bibela, tseo di akareletsang palogotlhe ya batho ba le 31. Ka tsela e e tshwanang, e ne ya re fa nako e ntse e feta mosadi yole wa Mo-Philippine a fudugela kwa United States, mme a gatela pele sentle thata go fitlhela a ineela le go kolobediwa, a ba a nna mmulatsela wa ka metlha. Matswela ao a a itumedisang ke mangwe a matswela ao baboledi ba Bogosi kwa Belgium ba nnang le one jaaka fa ba tswelela pele ba rerela batho ba ba mo tshimong ya bone.

Kgwetlho ya Dipuo Tse Di Farologaneng

E le gore ofisi ya lekala ya koo e tle e kgone go fitlhelela tiro ya gore go rerelwe ‘batho ba mefuta yotlhe,’ e tshwanelwa ke gore e tlhagise dibuka tsa Bibela ka dipuo tse di fetang lekgolo. Jaanong go na le diphuthego tsa dipuo di le lesome mo Belgium. Mo diphuthegong di le 341, di le 61 tsa tsone ke tsa dipuo tsa seeng, mme mo baboleding ba Bogosi ba le 26 000, ba le 5 000 ba bone ke ba merafe ya batswakwa. Phuthego nngwe ya gone e na le banna le basadi bao ba tswang kwa dinageng tse 25 tse di farologaneng. Akanya fela ka batho ba mebala le ditso tse di farologaneng bao ba nnang teng kwa dipokanong tsa bone! Go ntse go le jalo lorato le kutlwano tseo di renang gareng ga bakaulengwe bano ke bosupi jo bo maatla jwa gore ke barutwa ba boammaaruri ba Bakeresete.—Yohane 13:34, 35.

Ereka jaana go na le baagi ba bantsi jaana kwa Belgium bao ba tlhokang go utlwa mafoko a a molemo ka dipuo tsa seeng, baboledi bangwe ba ile ba amogela kgwetlho ya go ithuta dipuo tse di thata tsa gone, tse di jaaka Se-Turkey, Searabia, le Se-China. Maiteko ano a bone a ile a duelwa ka tsela e e itumedisang.

Bao ba dirang gareng ga Maarabia ba ile ba fitlhela gore gantsi ba ka thusa batho ba gone go kgatlhegela Bibela ka go ba bontsha tsela eo e kgonang go rarabolola dilo ka yone. Mmoledi mongwe wa Bogosi o ile a nna le motlotlo o o kgatlhang le porofesara mongwe wa Moarabia, mme mo dingwageng tse tharo moragonyana o ile a se ka a kgona go tlhola a kopana le porofesara yono gape. Ka go sa kgobege marapo bonolo fela, mmoledi yono o ile a dira tshwetso ya gore a tlogelele porofesara yono pampitshana e na le dipotso tsa Bibela. Seno se ne sa mo tlhotlheletsa thata gore a bo a ikemisetsa go sekaseka Bibela. O ile a gakgamadiwa thata ke seo a ileng a se fitlhelela moo ene le mosadi wa gagwe yo, le ene e neng e le Momoselema jaaka ene, ba ileng ba beela maitseboa mangwe kwa thoko go ithuta Bibela mmogo.

Bao ba lekang go thusa baagi ba bantsi ba Ba-China bao ba nnang kwa dikarolong tse dikgolo tsa motsesetoropo ba na le sekgoreletsi se sengwe gape seo ba tshwanela go se fenya mo godimo ga bothata jwa puo. Bontsi jwa Ba-China ga ba dumele fa Modimo e le Mmopi kana gore Bibela ke Lefoko la Modimo. Go ntse go le jalo, ke batho bao ba kgatlhegelang go itse dilo ebile ba rata go itse gore Bibela e tshwere eng. Ebile gape ke batho bao ba ratang go bala bobe. Go tlwaelegile gore ba fetse dibuka tsotlhe tsa Bibela tseo di tlogetsweng mo go bone, kana le eleng go bala bontsi jwa Bibela mo malatsing a le mmalwa fela. Fa e le batho ba dipelo tse di siameng, ba ka tlhotlhelediwa ke maatla a Lefoko la Modimo.

Mosadi mongwe wa Mo-China o ne a go fitlhela go le thata go dumalana le mogopolo wa gore go na le Mmopi. Lefa go le jalo ka nako ya fa ba ne ba ithuta ka lekgetlo la bobedi, o ile a tsholola dikeledi ka nako ya fa a ne a re: “Jaanong ke dumela mo go Jehofa Modimo, ka gonne fa e le gore Bibela e ile ya kwalwa mo lobakeng lwa dingwaga di le 1 600 e kwalwa ke banna ba ba farologaneng ba le 40 mme e kgona go lomagana sentle jalo e bua ka setlhogo se le sengwe fela, he e tshwanetse ya bo e le Jehofa Modimo yo o ileng a kaela gore e kwalwe. Selo seno se utlwala tota!”

Mosupi mongwe o ne a buisana le mosadi mongwe wa Mo-China ba le mo thekising. “A o Mokeresete?” o ne a botsa Mosupi jalo. E ne ya re morago a tlhalosa ka tsela eo a swabisiwang ka yone ke go bona go ikganetsa go go fitlhelwang gareng ga bao ba iphakang go nna Bakeresete. Mosupi yono o ne a dumalana le seo a se boletseng mme o ne a mo tlhalosetsa gore Bibela yone ga e ikganetse. Gone fela foo mosadi yono o ne a tshwanelwa ke gore a fologe thekisi. O ile a naya Mosupi yono aterese ya gagwe, mme e ne ya re fa a ne a mo etela, mosadi yono o ne a tlhalosa jaana ka boitumelo: “Fa nkabo ke itsile, ke ne ke ka bo ke palame thekisi ngwaga o o fetileng!” Fa a ne a bodiwa gore o ne a bolelang ka go rialo, mosadi yono o ne a tlhalosa jaana: “E ne e le la ntlha ke ya yunibesithing ka thekisi. A o ka akanya fela? Ke sentse ngwaga!” O ile a itumelela thata jaana go ithuta Bibela ka dikgwedi di le mmalwa fela pele a boela kwa China.

Maitemogelo a a jaaka ano a ile a ruta Basupi ba kwa Belgium sengwe. “Mo moshoñ u yalè peo ea gago, me mo maitsiboeeñ u se ka ua ikgogona lecōgō,” Bibela e rialo, “gonne ga u itse e e tla tlhōmamañ, eno, kgotsa ele, kgotsa a di tla nna molemō coopedi tsa chwana hèla.” (Moreri 11:6) Maiteko ao a dirwang go fenya dikgoreletsi tseno tsa dipuo tse di farologaneng, dingwao, le ditso a tshwanelwa ke matswela ano. Mo godimo ga tsotlhe, tsela e e lorato e batho ba arabelang ka yone e supa gore eleruri Modimo ga se “motlhaodi oa batho: Me mo merahiñ eotlhe eo o boihañ ōna, a ba a diha tshiamō, oa lebosèga mo go ōna.”—Ditihō 10:34, 35.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela