Go Dira Gore Batho Ba Tlhaloganye kwa Namibia
O KILE wa utlwa polelwana e e reng “Ga ke tlhaloganye” ka dipuo tse kae? “Hi nokuzuva,” go ne ga bolela jalo mosadi wa Moherero, a apere diaparo tsa gagwe tsa setso a rwele tuku a e dirile lonaka. “Nghi udite ko,” go ne ga araba jalo mosetsana wa Mokwanyama a nyenya. “Kandi uvite ko,” go ne ga araba Mondonga mongwe jalo yo o nnang kwa metseng, a tshikhinya magetla. “Kapi na kuzuvha,” go ne ga araba modisa mongwe jalo wa dipodi wa Mokwangali.
Batho bano botlhe ba ne ba re, “Ga ke tlhaloganye.” Abo seno se bontsha sentle jang ne gore Basupi ba ga Jehofa ba kwa Namibia ba ne ba lebana le bothata jo bo gwetlhang jang ne fa ba ne ba leka go fitlhelela baagi ba le 1 370 000 mo tshimong e kgolo eno ya disekwerekilometara di le 824 000!
Mme ebile ga go gakgamatse! Ga se fela gore go na le Baherero le Banama, mme gape go na le Baovambo, Bakavango, Batswana, Bacaprivi, Bahimba, Masarwa, le Badamara ba kwa Namibia, ba ba buang dipuo tse e leng tsa bone. Go farologana le seo, Basupi ba ne ba tshotse fela dibuka tsa Bibela ka Seesemane le Seburu. Go ne go phepafetse gore go ne go tlhokega gore go dirwe tiro ya go ranola gore batho ba ba oketsegileng ba tlhaloganye boammaaruri. Seno se ne sa simolola ka tsela e nnye tota dingwaga tse dintsi tse di fetileng kwa Windhoek, moshate wa seo pele se neng se bidiwa Afrika Borwa Bophirima.
“Tiro ya rona e ne e ganediwa thata ke kereke le mapodisi kwa Windhoek,” go gakologelwa jalo Dick Waldron. Ene le mosadi wa gagwe Coralie ba ne ba tla mo nageng eno ka 1953 jaaka baalogi ba Sekolo sa Bibela sa Watchtower sa Gileade. “Re ne re sa letliwe go ya kwa batho ba bantsho ba neng ba nna teng mme ka dinako tse dingwe re ne re tlhola re tlhaselwa fa re bonwa re bua le batho ba bantsho. Kgabagare re ne ra bona lefelo le re neng re sa tshwennngwe mo go lone—karolo e e omileng ya Noka ya Gammans! E ne e le fela kafa ntle ga toropo. Re ne re tsamaisa dithuto tsa Bibela koo re iphitlhile mo dikgweng tsa acacia.”
Ke gone koo dikgatiso tsa ntlha tsa Watch Tower di neng tsa ranolelwa mo dipuong tsa mo lefelong leno la ntlha teng. Di ne di akaretsa dipampitshana tsa Sekwanyama le bukana “Mahoko A A Molemō A, A Bogosi” ka Senama. Mokaulengwe Waldron o gakologelwa boitemogelo bongwe jo bo tshegisang ka buka eno, eo motho mongwe yo o kgatlhegang a neng a thusa go e ranola. Go ne go sena polelwana ya Senama e e ka ranolang polelwana e e reng, “Adame e ne e le motho yo o itekanetseng.” Ka jalo monna yono yo o kgatlhegang o ne a bolela jaana: “Kwala fela gore Adame o ne a tshwana le perekisi e e buduleng. Batho ba Banama ba tla tlhaloganya gore o ne a itekanetse.” Seno ke kafa go neng ga simololwa go tlhalosetsa batho ba bantsi ba kwa magaeng ba kwa Namibia Dikwalo ka gone.—Bapisa Daniele 11:33.
Go Fitlhelela Sengwe sa Botlhokwa
Go ne ga fitlhelelwa sengwe sa botlhokwa kwa tshimologong ya bo1970 fa buka ya Boamarure Jo Bo Isang Botshelong Jo Bosakhutleng e ne e ranolelwa mo Sendongeng le mo Sekwanyameng. Tseno ke dipuo tse pedi tse dikgolo tse di buiwang ke Banamibia ba bantsi kwa Ovamboland e e leng dikilometara di le 700 kwa bokone jwa Windhoek. Go ne ga tlhomiwa legae la babulatsela kwa Ondangwa, lefelo lengwe kwa Ovamboland. Go thusa batho ba ba kgatlhegang ba mo lefelong leno go solegelwa molemo ke dithuto tsa beke le beke tse di tlotlang ka Bibela tse di thailweng go Tora ya Tebelo, babulatsela ba ba kgethegileng ba ba neng ba dira kwa Ovamboland ba ne ba abelwa go ranola tshobokanyo ya ditlhogo tsa thuto tsa Sekgoa mo Sendongeng le mo Sekwanyameng.
“Ofisi” ya go ranola e ne e le karolwana ya karaje koo dikopi tsa Tora ya Tebelo di neng di gatisiwa teng mo motšhineng o mogologolo wa go dira dikopi. Go ne go se motlhofo go dira tiro eno e e gwetlhang, ka go bo dilo di ne di santse e le tsa bogologolo ebile ditempereitšhara tsa selemo di ne di le fa gare ga dikerii di le 38 le 44 tsa Celsius. Lefa go ntse jalo go ne ga ranolelwa diboroutšhara tse disha le buka ya O Ka Tshelela Ruri mo Lefatsheng la Paradaise fano.
Fa go ntse go tlhomiwa diphuthego mo Ovamboland le kwa gongwe gape kwa Namibia, go ne ga bonala gore go ne go tlhokega dikago tse di botoka le tse dikgolwane. Mo godimo ga moo, go ne go tlhokega lefelo le le fa gare koo dilo tse di tlhokegang mo dikarolong tsotlhe tsa naga di neng di ka tlamelwa go tswa kwa go lone. Ka nako eo, letlhoo kgatlhanong le tiro ya go rera ka Bogosi le ne le setse le fokotsegile. Ka jalo go ne ga bonwa tetla ya go aga mo nageng e kgolo e e neng e ntshitswe jaaka moneelo ke mongwe wa Basupi ba ga Jehofa wa kwa Windhoek. Go ise go e kae go ne go setse go na le badiri ba baithaopi ba le 40 ba ba neng ba nna mo lefelong le go neng go agiwa mo go lone, mme diofisi tsa go ranolela di ne tsa wediwa ka December 1990.
Jaanong, tiro ya go dira gore batho ba bantsi ba tlhaloganye e dirwa ka lobelo tota mo diofising le mo dikamoreng tse di siameng sentle. Go ntse go ranolwa dibuka tse disha go ya kwa pele ka Seherero le Sekwangali. Sendonga le Sekwanyama, tsone di tlhagelela mo makasineng o o tswang gangwe ka kgwedi wa Tora ya Tebelo o jaanong o gatisiwang ka mebala. O na le ditlhogo tsotlhe tse di ithutiwang le tshedimosetso e nngwe. Eleruri seno se farologane gotlhelele le kafa go neng ga simololwa ka teng ka tsela e nnye mo nokeng e e omileng dingwagangwaga tse dintsi tse di fetileng.
“Ga ke tlhaloganye” ga e tlhole e utlwala thata. Go na le moo Basupi ba ga Jehofa ba ba fetang 600 ba kwa Namibia ba leboga Rraabone wa selegodimo thata, mme janong ba ka bolela jaana: “Go bolèlèsèga ga mahoko a gago, goa senola; go tlo go nee ba ba sa tlhalehañ tlhaloganyo.”—Pesalema 119:130.
[Ditshwantsho mo go tsebe 25]
Go bolela mafoko a a molemo mo bathong ba Baherero
Go ranolwa ga dikgatiso tsa Bokeresete go thusa batho ba Namibia
Diofisi tsa baranodi kwa Namibia