Bonang Seo Jehofa A Se Re Diretseng!
“RE NE re tle re rapelele tiragalo e e tshwanang le eno,” go ne ga bolela jalo monna mongwe. Yo mongwe ene o ne a tsoga a rapela moso mongwe le mongwe ka nako ya bone. O ne a rapelela eng? “O ne a rapelela gore ekete ka letsatsi lengwe re ne re ka nna le kgololesego ya go obamela Jehofa ka tshosologo,” o ne a bolela jalo. Ka January 1992, fa Basupi ba ga Jehofa ba kwa Ethiopia ba ne ba phuthegile mmogo kwa Addis Ababa go tshwara Kopano ya bone ya Kgaolo ya “Barati ba Kgololesego,” go ne go phepafetse sentle gore dithapelo tseno tse ba neng ba di rapela ka boikokobetso, le go tswa pelong di setse di arabilwe.
Kopano eo e e neng e tshwaretswe kwa Ethiopia e ne e le bosupi jwa kafa dilo di fetogang ka gone mo Afrika. Gone koo, mo dinageng tse 13, batho ba ga Jehofa mo dingwageng tsa bosheng jaana, ba ile ba itumelela go amogela kgololesego ya kafa molaong koo ba kileng ba bo ba thibetswe kana ba sa dumelelwe gone mo nakong e e fetileng. Kwa Ethiopia, dingwaga tse 34 ba ntse ba thibetswe kafa molaong di ne tsa khutla ka November 11, 1991, fa babusi ba ne ba ba dumelela le go ba kwadisa gape sesha. Ka bonako fela morago ga moo, Basupi ba ne ba dira dithulaganyo tsa gore ba tshware kopano ya boditšhabatšhaba. Lefa go ntse jalo, go ne go se ope yo o dumelang matlho a gagwe fa boidiidi jwa batho ba le 7 573 bo ne bo phuthegile mmogo kwa Setadiamong sa Addis Ababa City. Bontsi jwa batho bao ba neng ba le gone, e ne ekete ba a lora. Gangwe le gape ba ne ba bolelana jaana: “Mokaulengwe, bona seo Modimo wa rona Jehofa a se re diretseng!”—Bapisa Pesalema 66:1-5; 126:1.
Go thibelwa ga bone ka dingwaga tse 34 go ne ga ba bakela mathata a mangwe a a neng a sa lebelelwa. Ba le bantsi ba bone ba ne ba sa tlwaelana le dipina tse di monate tsa Bogosi. Ba ne ba ka ithuta go di opela ka tsela efe pele ga kopano? Dipina di le 40, go akaretsa le tse 17 tse di neng di tsentswe mo thulaganyong ya kopano, di ne di ranoletswe mo puong ya Seamaharika. Go tswa foo, go ne ga rulaganngwa gore go nne le setlhopha sa baopedi se se tla gatisang dipina tseno ka sekapamantswe. Phuthego nngwe le nngwe e e neng e le mo moshate e ne ya amogela kopi ya khasete eno, mme phuthego yotlhe e ne e tsaya metsotso e ka nna 30 pele le morago ga dipokano ba ithuta dipina tseno. Matswela e ne ya nna afe? Ka nako ya kopano setadiamo se ne se duma ka mmino o o neng o opelwa go tswa pelong ebile o itumedisa.
Tsela e e neng e ya moshate e tswa kwa Diredawa le kwa Harar e ne ya tswalwa, ka ntlha ya dikhuduego tse di neng di le gone kwa karolong ya botlhabatsatsi jwa naga eno. Batho ba ne ba kgona go tsamaya fela ka difofane. Bakaulengwe bangwe ba le robedi ba kwa Harar, ka ntlha ya go bo ba ne ba ikemiseditse go nna gone kwa kopanong, ba ne ba ya kwa kampeng ya masole mme ba fitlha ba kopa go pegiwa mo sefofaneng sa sesole, ereka ba ne ba sena madi a ba neng ba ka duelela sefofane ka one. Koo ba neng ba sa solofela gone kopo ya bone e ne ya amogelwa. Ba ne ba palama mahala go ya kopanong!
Bakaulengwe bano ba kwa Ethiopia ba ne ba tlelwa ke boitumelo jo bogolo fela thata fa ba bona dithapelo tsa bone di arabiwa, ereka ba ile ba itshokela mathata le dipogiso ka dingwaga tse di masome a mararo tse di fetileng ebile ba kile ba bona le e leng ditsala tsa bone tota di bolaelwa tumelo ya tsone. Motlakopanong mongwe o ne a re: “Ke ne ke ntse ke lela fa esale kopano eno e simolola.” Yo mongwe ene o ne a re: “Fa lo ne lo kgona go bona se se mo pelong, lo ne lo tla bona kafa ke itumetseng thata ka gone.” Ee, abo e ne e le selo se se molemolemo jang ne se Jehofa a se diretseng Basupi bano ba ba ikanyegang!—Pesalema 66:16, 19.
Kgololesego E Kgolwane kwa Bophirima le kwa Bogare jwa Afrika
Benin ke lengwe la mafatshe a tiro ya batho ba ga Jehofa e ileng ya dumelelwa kafa molaong gone bosheng jaana. Basupi bano ba ikutlwa jang ka gone? Sebui sengwe sa gone koo se ne sa dumalana jaana kwa pokanong nngwe ya Bokeresete: “Eleruri kgololesego ya kobamelo mo nageng eno ke mpho e e tswang go Jehofa.” Ee, batlhanka ba ga Jehofa koo ba leboga thata go bo jaanong ba kgona go itumelela kgololesego e e sa kgorelediweng ke sepe ya go kopana mmogo mo kobamelong le ya go buisana le baagelani ba bone ka Bogosi jwa ga Jehofa—kgololesego e ba le bantsi ba rona ba e tsayang motlhofo fela.
Ba tla bontsha boitumelo jwa bone ka tsela efe? Sebui se se neng sa tsopolwa kwa godimo se ne sa bontsha tsela e nngwe fa se ne se re: “Fa re nna le seabe mo tirong ya go rera—segolobogolo fa re ya ka ntlo le ntlo ka mafoko a a molemo—re bontsha gore re itumelela kgololesego eno.” Eleruri go ne ga nna fela jalo kwa Benin. Go bona bosupi jwa seno, lebelela fela dipalo tsa babulatsela. Ka January 1990, e le kgwedi e thibelo e neng ya tlosiwa ka yone fa esale ba ntse ba thibetswe ka dingwaga tse 14, mo go yone baboledi ba le 77 ba ne ba tsenelela tirelo ya nako e e tletseng. Dingwaga tse pedi moragonyana palo e ile ya menagana mo go fetang gararo, ya nna baboledi ba le 244!
Seno ga se bolele gore Basupi ba kwa Benin ba ne ba sa tlhagafala pele ga thibelo eno e tlosiwa. Eleruri, boitshoko jwa bone bo ne jwa tlhotlheletsa thata lesole lengwe leo le neng le abetswe go dira kwa kampeng eo ba neng ba isiwa kwa go yone fa ba ne ba tshwarwa. Ereka go ikemisetsa ga bone go direla Jehofa go ne go ba dira gore ba tshwarwe kgapetsakgapetsa, o ne a kopana le bone ka metlha. Mme lefa go ntse jalo seno se ne se mo gakolola fela ka dipuisano tsa Bibela tse di monate tse a neng a tle a buisane le bone ka tsone mo malatsing a a fetileng fa ba ne ba santse ba itumelela kgololesego ya kafa molaong.
Kgabagare, tumelo ya bone e e nonofileng e ne ya mo dira gore a ikutlwe a tshwerwe ke tlala ya semoya. O ne a etela dikereke tse di farologaneng le makoko mme lefa go ntse jalo di ne tsa se ka tsa mo kgotsofatsa le e seng. Morago ga gore thibelo e tlosiwe ka January 1990 e ne ya nna gone a neng a kgona go tshwara motlotlo wa Bibela ka kgololesego le Basupi le go bona karabo ya dilo tse a neng a di tlhoka semoyeng. Jaanong jaana o setse a kolobeditswe ebile o direla jaaka mmulatsela. Ka tsela e nngwe, go fetoga ga gagwe go gakolola bakaulengwe ba kwa Benin se se neng sa diragalela Saulo wa kwa Tareso: “Èna eo e rileñ galè a bo a re bogisa, yanoñ o rèra tumèlō.”—Bagalatia 1:23.
Ka December 1991, kwa nageng e nngwe ya kwa Afrika Bophirima, ya Niger, Basupi ba ga Jehofa ba ne ba kwadisiwa jaaka lekgotla le le kafa molaong, mme tiro ya bone e ne e sa tlhole e thibetswe. Mme le bone ba ne ba itumela tota. Lekala la Nigeria, le le neng le tlhokomela naga ya Niger, le bega ka karabelo e e neng ya nna gone kwa kopanong nngwe: “Morago ga puo ya setlhogo ka Labotlhano mo kopanong e e neng e tshwaretswe kwa Maradi, bakaulengwe ba ne ba itsisiwe gore jaanong re ne re dumeletswe kafa molaong mo Niger. Ba ne ba itumetse go feta selekanyo mme ba ne ba opa diatla ka metsotso e le mmalwa. Kwa bokhutlong jwa thulaganyo eno, bakaulengwe ba ne ba ipolela mafatlha a bone, ba tlamparelana le go itumelela mafoko ao a a molemo.” Re ka akanya fela gore e ne e le tiragalo e e ntseng jang, mme re itumela le bone.
Bakaulengwe ba koo ba tla dirisa jang kgololesego ya bone e ba sa tswang go e amogela? Kgaitsadi mongwe wa mmulatsela wa kwa Niger o ne a itse karabo ya potso eo. O kwala jaana: “Maemo a bontsha gore mo tshimong ya rona mo Niger, bao ba ba tlang tswang mo go Babelona Yo Mogolo pele ga bokhutlo ba bantsi fela thata. Fa ke bontsha bosupi jwa seno fela, ke ile ka kgona go bega maeto a go boela a le 80 go ya go a le 85 kgwedi nngwe le nngwe le go tshwara dithuto tsa Bibela di le 13 kana 14, le mororo ke ile ka abela baboledi ba bangwe dipoelo tsa me di le dintsi.” Kgaitsadi yono yo o ikanyegang o oketsa jaana: “Ka ntlha ya mathata a me a botsogo, ga ke kgone go dira mo gontsi mo ke ka go kgonang mo tirelong ya tshimo, mme legale mongwe le mongwe o dira kafa a ka kgonang ka teng.”
Kwa Rwanda kwa Bogare jwa Afrika, le gone koo boemo jwa Basupi ba ga Jehofa bo ile jwa fetoga ka selekanyo se segolo. Ka April 1992 lekwalo le ne la tswa le bolela gore ba setse e le phuthego e e kafa molaong. Lekwalo leno le ne la amogelwa ka beke e go neng go tla tshwarwa Segopotso ka yone, mme baboledi ba le 1 526 ba kwa Rwanda ba ne ba kgatlhiwa thata ke go bona batho ba le 6 228 ba ba neng ba le gone mo tiragalong eo. A bakaulengwe bano ba ba rategang ba tla bontsha boitumelo jwa bone le kanaanelo ka go dira mo go oketsegileng mo go boleleng mafoko a a molemo? Kwantle ga pelaelo ba tla dira jalo! Mo go yone kgwedi eo ya April, baboledi ba phuthego ba ne ba nna le palogare ya diura di le 27,7 mo tirong ya go rera le maeto a go boela a le 17, mme palogare ya dithuto tsa Bibela tse ba neng ba di tshwara e ne e le 2,4. Mme ba ba ka nnang 40 lekgolong ba ne ba le mo mofuteng mongwe wa tirelo ya nako e e tletseng.
Go Dumelelwa Kafa Molaong mo Borwa jwa Afrika
Mo borwa jwa Afrika, go ne ga tla kgololesego e ntšha mo mafatsheng a mabedi a mantle a Mozambique le Angola. Kwa Mozambique tumelelo ya kafa molaong e ne ya bonwa ka February 1991. Fa maemo koo a ntse a ya meriting, Watch Tower Bible and Tract Society e ne ya romela barongwa kwa nageng eno, eo e ileng ya tobekanngwa ka mo go utlwisang botlhoko ke ntwa ya selegae. Barongwa ba ne ba fitlhela mmu o o nonneng. Dikgatiso tsa Bibela—segolobogolo buka ya Dipotso Tse Basha Ba Di Botsang—Dikarabo Tse Di Nang le Tharabololo—di ratega fela thata. Morongwa mongwe o bega fa a ne a tsamaisa dibuka di le 50 go ise go fete diura tse pedi le sephatlo.
Batho ba ba kgatlhegang ba arabela ka bonako. Morongwa mongwe o ne a etela legae lengwe le aterese ya lone e ileng ya neelwa Mokgatlho, mme o ne a fitlhela gore ke ya monna mongwe wa lesole. Ba ne ba tshwara motlotlo o o monate le monna yono ka namana le ba le babedi ba losika lwa gagwe. Fa a boela gape, o ne a tshwara motlotlo o mongwe o o nang le matswela le monna yono le ba bangwe ba le batlhano. Morago ga moo ba ne ba amogela taletso ya gore ba nne gone kwa puong ya phatlalatsa le mo Thutong ya Tora ya Tebelo—o ne a bua le bone botlhe mo malatsing a le mane fela.
Kwa Angola Basupi ba ile ba itumelela kgololesego e e ntseng e oketsega e e neng ya fitlha kwa setlhoeng fa tiro ya bone e ne e dumelelwa kafa molaong ka April 1992. Ba dirisa jang kgololesego ya bone e kgolwane? Ba nna le seabe mo tirelong ya tshimo! Go na le baboledi ba le 17 000 mo Angola, mme baboledi bao ba tshwara dithuto tsa Bibela di ka nna 60 000. Abo go solofetsa jang ne gore go tla nna le koketsego mo isagweng!
Basha Ba Nna le Seabe mo Tirong ya go Neela Bosupi
Mo dinageng tseno tse tiro ya go rera e sa tswang go dumelelwa kafa molaong gone bosheng jaana, le e leng basha le ba ba iseng ba kolobediwe tota ba bontsha kanaanelo ya bone ka go tsenelela mo bodiheding. Kwa Cape Verde Republic, koo Basupi ba ga Jehofa ba neng ba dumelelwa kafa molaong gone ka November 1990, mosetsana mongwe wa dingwaga tse 17 o ne a ema ka dinao go ipolela tumelo ya gagwe phatlalatsa kwa kopanong nngwe. Morago ga a sena go kolobediwa, moeti mongwe o ne a mmona a kokoanetswe ke batho. O ne a ya go mo akgola le go mmotsa gore batho bao e ne e le bomang. “Ebu,” o ne a araba jalo, “bano ke dithuto tsa me tsa Bibela.” O ne a tshwara dithuto di le supa, mme ba ne ba tlile go mo akgola go bo a kolobeditswe. O ne a setse a isitse kopo ya gagwe ya go direla jaaka mmulatsela yo o thusang ebile a ne a lebile pele gore kgabagare a tshwanelege go nna mmulatsela wa ka metlha.
Mosetsana mongwe wa dingwaga tse di lesome wa kwa Angola o ne a bodiwa gore a ke mmoledi. O ne a araba a re: “Ee.” A go ne go na le dithuto dipe tsa Bibela tse a neng a di tshwara? “Ee, di teng.” Di kae? “Ke tse supa,” mosetsana yono wa dingwaga tse di lesome o ne a araba jalo.
Mo bukeng ya Ditihō re bala gore ka lekgetlo lengwe mo lekgolong la ntlha la dingwaga, “phuthègō eotlhe e e mo lehatshiñ yeotlhe ya Yudea, le Galilea, le Samaria, ea bōna kagishō, ka go chosholosiwa; me ereka e sepela mo poihoñ ea Morèna, le mo kgomocoñ ea Mōea o o Boitshèpō, ea kōkōtlègèla.” (Ditihō 9:31) Re rapelela gore ekete le mo bakaulengweng ba rona ba mo Afrika, seno le sone se ka felela e le motlha wa kagiso. Re itumela le bone jaaka ba tsosolosiwa, ebile re ba rapelela gore ekete moya wa ga Jehofa o ka nna le bone jaaka ba sola molemo kgololesego ya bone ka go gasa mafoko a a molemo le gore ba nne ba ntse ba ntsifala.
[Mmapa mo go tsebe 24]
(For fully formatted text, see publication)
Mafatshe A Basupi ba ga Jehofa Ba Neng Ba Dumelelwa Kafa Molaong Kana A Go Neng Ga Tlosiwa Dithibelo mo go One
1. The Gambia, December 1989
2. Benin, January 1990
3. Cape Verde Republic, November 1990
4. Mozambique, February 1991
5. Ghana, November 1991
6. Ethiopia, November 1991
7. Congo, November 1991
8. Niger, December 1991
9. Togo, December 1991
10. Chad, January 1992
11. Kenya, March 1992
12. Angola, April 1992
13. Rwanda, April 1992
[Setshwantsho mo go tsebe 23]
Kwa Benin mmoledi wa Bogosi o itaya moropa wa gagwe o o buang go utlwatsa mafoko a a mo go Mathaio 24:14
[Setshwantsho mo go tsebe 25]
Mo mafatsheng a le mantsi a Afrika, Bakeresete ba boammaaruri ba dirisa kgololesego ya bone e ba sa tswang go e amogela ka botlalo
[Setshwantsho mo go tsebe 26]
Basupi ba basha ba bontsha boineelo jwa bone go Jehofa ka go kolobediwa mo metsing