Thuto Mo Metlheng ya Bibela
“Me lo a rutè bana ba lona.”—DUTERONOME 11:19.
1. Ke eng se se bontshang gore Jehofa o kgatlhegela gore batlhanka ba gagwe ba ithute?
JEHOFA ke Morutisi yo Mogolo. Le ka motlha ga a ise a ko a tlogele batlhanka ba gagwe ba sena kitso. O nna a iketleeditse go ba abela kitso ka metlha. O ba ruta thato ya gagwe le ditsela tsa gagwe. Mo dimileniamong tse di senang palo Morwawe yo o tsetsweng a le esi o ne a nna fa thoko ga gagwe, ka metlha a ithuta jaaka “tlhōgō ea tihō” ya Modimo. (Diane 8:30) Jesu o ne a bolela jaana fa a ne a le mo lefatsheng: “Ke bua dilō tse hèla yaka Rara a nthutile.” (Yohane 8:28) Elihu o ne a botsa jaana, a bua ka Modimo jaaka Morutisi Yo O Ka Se Bapisiweng le Ope: “Emañ eo e leñ moruti yaka ōna?” (Yobe 36:22) Moperofeti Isaia o ne a bua kaga Jehofa a re ke “Mokaedi yo Mogolo” wa batho ba Gagwe a bo a perofesa jaana: “Bana ba gago botlhe ba tla rutwa ke Yehofa; kagishō ea bana ba gago e tla nna kgolo.” (Isaia 30:20, NW; 54:13) Kwantle ga pelaelo, Jehofa o eletsa gore dibopiwa tsa gagwe tse di botlhale di nne le lesedi di bo di rutege sentle.
Thuto ya Ditlhogo tsa Lotso
2, 3. (a) Ditlhogo tsa lotso tse di ikanyegang di ne di leba thuto ya bana ba tsone jang, mme Jehofa o ne a kaela Aberahame jang? (b) Taolo ya gore go rutiwe bana ba ga Aberahame e ne e na le boikaelelo bofe jo bo molemolemo?
2 Nngwe ya ditshiamelo tsa konokono tsa tlhogo ya lelapa mo metlheng ya ditlhogo tsa lotso e ne e le go ruta bana ba gagwe le ba ntlo ya gagwe. Mo batlhankeng ba Modimo go ruta bana ba bone e ne e le tiro e ba neng ba tshwanetse go e dira ya bodumedi. Jehofa o ne a bolela jaana kaga Aberahame motlhanka wa gagwe: “Ke mo itsile gore a tle a nnè a laolè bana ba gagwè, le ba ntlo ea gagwè moragō ga gagwè, gore ba bolokè tsela ea ga Yehofa go diha tshiamishō le katlholō: gore Yehofa a tlè a tlisè mo go Aberahame se o se buileñ kaga gagwè.”—Genesise 18:19.
3 Mafoko ano a Modimo a bontsha gore Jehofa o ne a leba thuto e le botlhokwa thata. Modimo o ne o batla gore Aberahame, Isake, le Jakobe ba rute ba ntlo ya bone ditsela tsa Gagwe tsa tshiamo le tshiamiso gore le dikokomana tse di neng di santse di tla tla di tle di kgone go boloka tsela ya ga Jehofa. Ka jalo, Jehofa o ne a tla diragatsa ditsholofetso tsa gagwe malebana le losika lwa ga Aberahame le go segofatsa “merahe eotlhe ea lehatshe.”—Genesise 18:18; 22:17, 18.
Tsamaiso ya Thuto kwa Iseraele
4, 5. (a) Ke eng seo se neng se dira gore go nne le pharologanyo fa gare ga tsamaiso ya go ruta ya kwa Iseraele le ya merafe e mengwe? (b) Go tlhalosiwa pharologanyo efe e nngwe ya botlhokwa mo go Encyclopaedia Judaica, mme kwantle ga pelaelo ke eng seo se neng sa tlatseletsa gore go nne le pharologanyo eno?
4 Encyclopaedia Judaica e bolela jaana: “Bibela ke yone motswedi wa konokono o o ka thusang gore go tlhaloganngwe tsamaiso ya thuto kwa Iseraeleng wa bogologolo.” Jehofa o ne a dirisa Moshe jaaka motho wa ntlha go nna morutisi kwa Iseraele. (Duteronome 1:3, 5; 4:5) Moshe o ne a fetisa mafoko ao a neng a a neilwe ke Jehofa. (Ekesodo 24:3) Ka jalo, totatota, Modimo e ne e le ene Morutisi wa konokono kwa Iseraele. Seno ka bosone se ne se dira gore go nne le pharologanyo fa gare ga tsamaiso ya thuto ya kwa Iseraele le ya merafe e mengwe.
5 Yone buka eo e bolela jaana: “Kwa Mesopotamia le kwa Egepeto thuto e e kwa godimo kana go ithuta ka dibuka e ne e le sengwe se se dirwang fela go ya kafa go tlwaelegileng ka gone ebile e le ya bakwadi fela, mme ga go lebege go ne go ntse jalo kwa Iseraele. Kwantle ga pelaelo pharologanyo eno e ne e le gone ka ntlha ya go bo Bahebera ba ne ba dirisa alefabete e e motlhotshwana go gaisa tsa bone. . . . Ga re a tshwanela go tlodisa matlho tsela eo go kwala ka alefabete go leng botlhokwa ka gone mo hisitoring ya thuto. Go ne ga dira gore go tlogelwe mekgwa ya bokwadi e e neng e tlwaelegile kwa Egepeto, Mesopotamia, le Kanana wa mileniamo wa bobedi. Go itse go bala le go kwala e ne e sa tlhole e le sone selo se se tlhaolang setlhopha sa bakwadi ba ba neng ba itshedisa ka tiro eo le baperesiti ebile e le bone fela ba se dirang, e le batho ba ba neng ba tlwaelane le mekwalo e e thata go tlhaloganngwa ya mekgwaritso e e tshwanang le dimapo le ya ditshwantsho.”
6. Go na le bosupi bofe go tswa mo Bibeleng jwa gore go tswa fela kwa tshimologong ya hisitori ya bone, Baiseraele e ne e le batho ba ba itseng go bala le go kwala?
6 Bibela e neela bosupi jwa gore Baiseraele e ne e le batho ba ba itseng go bala le go kwala. Le eleng pele ba tsena mo Lefatsheng Le Le Solofeditsweng, ba ne ba bolelelwa gore ba kwale melao ya ga Jehofa mo mephakwaneng ya mejako ya bone le mo dikgorong tsa bone. (Duteronome 6:1, 9; 11:20; 27:1-3) Lefa taolo eno kwantle ga pelaelo e ne e le ya tshwantshetso, ruri e ne e ka se ke e nne le bokao bope mo Moiseraeleng yo o tlwaelegileng fa a ne a sa itse go bala le go kwala. Dikwalo tse di tshwanang le Yoshue 18:9 le Baatlhodi 8:14, (NW), di bontsha gore batho ba bangwe gape kwantle ga baeteledipele ba ba tshwanang le Moshe le Joshue ba ne ba itse go kwala lobaka lo loleele pele go tlhomiwa bogosi kwa Iseraele.—Ekesodo 34:27; Joshue 24:26.
Mekgwa ya Go Ruta
7. (a) Go ya ka Dikwalo, ke bomang bao ba neng ba neela bana ba Baiseraele thuto ya bone ya motheo? (b) Moithuti mongwe wa Bibela wa Mofora o neela tshedimosetso efe?
7 Kwa Iseraele, bana ba ne ba rutiwa ba santse ba le babotlana thata ba rutiwa ke rre le mmè ka bobedi. (Duteronome 11:18, 19; Diane 1:8; 31:26) Moithuti wa Bibela ebong E. Mangenot o ne a kwala jaana mo setlhalosamantsweng sa Sefora sa Dictionnaire de la Bible: “Fela fa ngwana a ne a setse a itse go bua, o ne a ithuta ditemana di sekae tsa Molao. Mmaagwe o ne a boaboeletsa temana; fa a setse a e itse o ne a mo ruta e nngwe. Moragonyana, bana ba ne ba neelwa ditemana tse di kwadilweng tseo ba neng ba setse ba kgona go di bua ka tlhogo. Ka tsela e e ntseng jalo, ba ne ba rutiwa go bala, mme fa ba setse ba godile, ba ne ba ka tswelela pele ba ithuta ka bodumedi ka go bala molao wa Morena le go tlhatlhanya ka one.”
8. (a) Go ne go dirisiwa mokgwa ofe wa konokono wa go ruta kwa Iseraele, mme lefa go ntse jalo o ne o farologane ka tsela efe ya botlhokwa? (b) Go ne go dirisiwa dilo dife go ikgopotsa ka tsone?
8 Seno se bontsha gore mokgwa wa konokono wa go ruta e ne e le wa go ithuta ka go tshwara dilo ka tlhogo. Dilo tse di neng di ithutiwa kaga melao ya ga Jehofa le tsela eo a neng a dirisana ka yone le batho ba gagwe di ne di tshwanetse gore di fitlhe mo pelong. (Duteronome 6:6, 7) Go ne go tshwanetse gore go tlhatlhanngwe ka tsone. (Pesalema 77:11, 12) Go thusa bannye le bagolo gore ba tshware dilo ka tlhogo, go ne go dirisiwa dilo tse di farologaneng tse di thusang gore motho a gakologelwe. Di ne di akaretsa alphabetic acrostics mokgwa wa go kwala o mo go one temana nngwe le nngwe mo pesalemeng e simololang ka tlhaka e e farologaneng, go ya kafa ditlhaka di latelanang ka gone mo alefabeteng (jaaka mo go Diane 31:10-31); alliteration (mafoko a simolola ka tlhaka kana ka modumo o o tshwanang); le go dirisiwa ga dipalo, jaaka tse di dirisitsweng mo halofong e e kwa bofelong ya Diane kgaolo 30. Se se kgatlhisang ke gore baithuti bangwe ba akanya gore Khalendara ya Gezer, sengwe sa dikai tse dikgologolo tsa mekwalo ya bogologolo ya Bahebera, e ne e le buka e mosimane mongwe yo o tsenang sekolo a neng a ikgopotsa dilo tseo a di tshwereng ka tlhogo mo go yone.
Dilo Tse Di Neng Di Rutiwa
9. (a) Ke karolo efe eo e neng e le ya botlhokwa thata mo thulaganyong ya thuto ya bana ba Baiseraele? (b) Saetlopedia nngwe ya Bibela ya reng kaga thuto eo e neng e dirwa malebana le meletlo ya ngwaga le ngwaga?
9 Kwa Iseraele thuto e ne e sa felele fela mo go ithuteng go bala le go kwala. Thuto nngwe ya botlhokwa eo e neng e rutiwa e ne e le hisitori. Go ithuta ka dilo tse di molemo tseo Jehofa a neng a di diretse batho ba gagwe e ne e le karolo ya konokono ya dilo tseo di neng di rutiwa. Dintlha tseno tsa hisitori di ne di tshwanetse go rutiwa kokomana nngwe le nngwe. (Duteronome 4:9, 10; Pesalema 78:1-7) Go keteka meletlo ya ngwaga le ngwaga go ne go neela tlhogo ya lelapa sebaka se se molemo sa gore a rute bana ba gagwe. (Ekesodo 13:14; Lefitiko 23:37-43) Malebana le seno The International Standard Bible Encyclopedia e bolela jaana: “Ka kaelo ya rre mo lelapeng le ditlhaloso tsa gagwe tsa kafa meletlo e leng botlhokwa ka gone, bana ba Bahebera ba ne ba rutiwa kafa Modimo o neng o itshupile O ntse ka teng mo nakong e e fetileng, kafa ba neng ba tshwanetse go tshela ka gone mo nakong eo, le dilo tseo Modimo o neng o di solofeditse malebana le isagwe ya batho ba Gagwe.”
10. Basetsana ba ne ba neelwa thapiso efe ya tiro ya diatla? basimane bone?
10 Thuto e e neng e dirwa ke batsadi e ne e akaretsa go thapisetsa tiro ya diatla. Basetsana ba ne ba rutiwa ditiro tsa mo lapeng. Kgaolo ya bofelo ya Diane e bontsha gore di ne di le dintsi ebile di farologane; di ne di akaretsa go dira tlhale, go dira matsela, go apaya, go rekisa, le tiro e e tlwaelegileng ya go tlhokomela legae. Go ne go tlwaelegile gore basimane ba rutiwe tiro ya ga rraabone ya boitshediso, e ka tswa e le ya temothuo kana ya go rekisa sengwe kana go dira sengwe. Moragonyana borabi ba Bajuda ba ne ba atisa go re: “Yo o sa ruteng morwawe tiro ya diatla e e ka mo solegelang molemo o mo godisa gore e nne legodu.”
11. Ke eng se se bontshang boikaelelo jwa konokono jwa thuto kwa Iseraele, mme seno se tshwaretse basha thuto efe gompieno?
11 Tsela eo mekgwa ya go ruta e e neng e dirisiwa kwa Iseraele e neng e tseneletse mo dilong tsa semoya ka yone e bonala sentle mo bukeng yotlhe ya Diane. E bontsha gore boikaelelo e ne e le go ruta ‘ba ba sa tlhalefang’ dilo tse di kwa godimo jalo tse di tshwanang le botlhale, kwatlhao, tlhaloganyo, temogo, katlholo, tlhalemaleje, kitso, le go kgona go akanya—tsotlhe tseno di dirwa ka “go boiha Yehofa.” (Diane 1:1-7; 2:1-14) Seno se gatelela ntlha ya gore ke eng se se tshwanetseng go tlhotlheletsa mongwe wa batlhanka ba Modimo gompieno gore a tokafatse thutego ya gagwe.
Baperesiti, Balefi, le Baperofeti
12. Kwantle ga batsadi ke bomang gape bao ba neng ba nna le seabe mo go ruteng batho ba kwa Iseraele, mme bokao jwa konokono jwa lefoko la Sehebera le le ranotsweng “molao” ke bofe?
12 Fa batsadi bone ba ne ba neela thuto ya motheo, Jehofa o ne a ruta batho ba gagwe mo go oketsegileng a dirisa baperesiti, Balefi ba e seng baperesiti, le baperofeti. Fa a ne a segofatsa lotso lwa Lefi labofelo, Moshe o ne a bolela jaana: “Ba tla ruta Yakoba dikatlholō tsa gago, le Iseraela molaō oa gago.” (Duteronome 33:8, 10) Go bonala gore lefoko “molao” ka Sehebera (toh·rahʹ) le tswa mo moding o e reng fa e le lediri o bo o kaya “go bontsha,” “go ruta,” “go kaela.” Encyclopaedia Judaica e bolela jaana: “Ka jalo bokao jwa lefoko [torah] ke ‘go ruta,’ ‘thuto,’ kana ‘kaelo.’”
13. Ke ka ntlha yang fa Molao wa kwa Iseraele o ne o farologane le ditsamaiso tsa semolao tsa merafe e mengwe?
13 Seno le sone se ne sa dira gore morafe wa Iseraele o farologane le merafe e mengwe le gore o bo o farologane le eleng le merafe ya mo motlheng wa gompieno. Gompieno merafe ya bopolotiki e na le melao eo batho ka kakaretso ba itseng karolwana fela ya yone. Fa batho ba tlola molao, ba tshwanelwa ke go duela babueledi dituelo tse di kwa godimo gore ba ba femele. Dikolo tsa molao ke tsa batho ba ba tla dirang tiro eo fela. Lefa go ntse jalo, kwa Iseraele Molao e ne e le yone tsela eo Modimo o neng o bolelela batho ba gagwe gore o batla ba mo obamela jang le gore o batla ba tshela jang tumalanong le thato ya gagwe. Go farologana le melao e mengwe, o ne o akaretsa go rata Modimo le moagelani. (Lefitiko 19:18; Duteronome 6:5) Molao e ne e se buka ya melao fela e e sa amaneng le batho. O ne o neela thuto ya motheo, o ruta, o bo o kaela tsela ya botshelo eo e neng e tshwanetse go ithutiwa.
14. Lebaka lengwe la go bo Jehofa a ne a latlha boperesiti jwa Balefi ke lefe? (Malaki 2:7, 8)
14 Fa ba ne ba santse ba ikanyega, baperesiti le Balefi ba ne ba diragatsa boikarabelo jwa bone jwa go ruta batho. Mme lefa go ntse jalo, gantsi baperesiti ba ne ba tlhokomologa boikarabelo jwa bone jwa go ruta setšhaba. Go sa rutiwe gono ka Molao wa Modimo go ne go tla nna le matswela a a setlhogo mo baperesiting mmogo le mo bathong. Ka lekgolo la boferabobedi la dingwaga B.C.E., Jehofa o ne a perofesa jaana: “Batho ba me rure ba tla didimala ka go tlhōka kicō: ereka u ganne kicō, le nna ke tla gu gana, gore u se nne moperisiti oa me: ereka u lebetse molaō oa Modimo oa gago, le nna ke tla lebala bana ba gago.”—Hosea 4:6.
15. (a) Mo godimo ga baperesiti, Jehofa o ne a dira bomang gape barutisi kwa Iseraele, mme moithuti mongwe wa Bibela o ne a kwala eng kaga seabe sa bone jaaka barutisi? (b) Ke eng seo e neng ya re kgabagare sa diragalela Iseraele le Juda ka gonne ba ne ba gana kitso ya ga Jehofa le ditsela tsa gagwe?
15 Kwantle ga baperesiti, Jehofa gape o ne a dira gore baperofeti e nne barutisi. Re bala jaana: “Yehofa a naea ba Iseraela le ba Yuda chupō, ka moperofeti moñwe le moñwe, le ka molebi moñwe le moñwe, a re, Shokologañ mo ditseleñ tsa lona tse di boshula, me lo tshegetsè ditaolō tsa me, le ditaeō tsa me kaha taoloñ eotlhe e ke e laoletseñ borra eno, le e ke e isitseñ kwa go lona ka batlhanka ba me baperofeti.” (2 Dikgosi 17:13) Fa e le kaga karolo ya baperofeti ya go nna barutisi, moithuti wa Bibela wa Mofora ebong Roland de Vaux o ne a bolela jaana: “Baperofeti le bone ba ne ba na le tiro ya go kaela batho; seno e ne e le karolo ya tiro ya bone fela jaaka go bolelela pele ka isagwe. Mme lebaka la go bo ba ne ba tlhotlhelediwa go perofesa le ne le dira gore go rera ga bone go tlotliwe jaaka lefoko la Modimo. Ga go na pelaelo gore kafa tlase ga puso eo ya motho a le mongwe baperofeti ba ne ba ruta batho bodumedi le boitsholo; gape re ka nna ra oketsa ka gore, e le barutisi ba ba gaisang barutisi ba bone botlhe, gongwe ebile e le bone ba ba utlwiwang go feta ba bangwe botlhe ka dinako tsotlhe.” Ka ntlha ya go bo baperesiti le Balefi ba ne ba sa dire tiro ya go ruta ka botlalo le ka ntlha ya go sa reetse baperofeti ba ga Jehofa, Baiseraele ba ne ba latlha ditsela tsa ga Jehofa. Samaria e ne ya wela mo diatleng tsa Baasiria ka 740 B.C.E., mme Jerusalema le tempele ya yone di ne tsa senngwa ke Bababelona ka 607 B.C.E.
Thuto ka Nako ya Botshwarwa le Morago ga Jone
16, 17. (a) Ke thulaganyo efe ya thuto eo e neng ya patelediwa Daniele le ditsala tsa gagwe tse tharo? (b) Ke eng seo se neng sa dira gore ba kgone go tsenela thuto eno ya Sebabelona mme ba bo ba nna ba ikanyega mo go Jehofa?
16 Dingwaga di ka nna lesome pele ga Jerusalema a senngwa, Kgosi Nebukadenesare o ne a tseela Kgosi Jehoiakine le setlhopha sa dikgosana le batlotlegi kwa Babelona. (2 Dikgosi 24:15) Bangwe ba bone e ne e le Daniele le batlotlegi ba bangwe ba basha ba le bararo. (Daniele 1:3, 6) Nebukadenesare o ne a ba laola ba le bane jalo gore ba neelwe thapiso e e kgethegileng eo e neng e tla tsaya dingwaga tse tharo ba rutiwa “thutō le puō ea Sekaladea.” Mo godimo ga moo, ba ne ba neelwa “kabèlō ea malatsi aotlhe ea diyō tsa kgosi, le ea boyalwa yoa mofine yo e bo nwañ.” (Daniele 1:4, 5) Seno se ne se ka nna kotsi ka ntlha ya mabaka a le mmalwa. Thulaganyo ya dilo tse di neng di rutiwa e ka nna ya bo e ne e se thulaganyo fela ya dingwaga tse tharo ya go ithuta puo. Bangwe ba akanya gore lefoko “Bakaladea” mo temaneng eno le kaya, “e seng Bababelona jaaka morafe, me le kaya setlhopha sa batho ba ba rutegileng.” (The Soncino Books of the Bible) Fa a akgela kaga Daniele, C. F. Keil o bolela jaana: “Daniele le ditsala tsa gagwe ba ne ba tla rutiwa botlhale jwa baperesiti le banna ba ba rutegileng ba Bakaladea, joo bo neng bo rutiwa mo dikolong tsa Babelona.” Go fiwa dijo tsa segosi gape go ne go ka dira gore ba tlole ditekanyetso tseo ba neng ba di beetswe ke Molao wa ga Moshe tse di malebana le dijo. Ba ne ba dira jang?
17 Jaaka mmueledi wa batlotlegi ba basha bao ba bane ba Bajuda, Daniele o ne a tlhalosa ka phepafalo fela go tswa kwa tshimologong gore ba ne ba se kitla baa ja kana baa nwa kgatlhanong le digakolodi tsa bone. (Daniele 1:8, 11-13) Jehofa o ne a segofatsa boemo jono jo bo tlhomameng mme a kokobetsa pelo ya motlhankedi wa Babelona yo ba neng ba le kafa tlase ga gagwe. (Daniele 1:9, 14-16) Fa e le ka dithuto tsa bone, ditiragalo tseo di ileng tsa latela mo matshelong a Bahebera ba basha bano botlhe ba bane di ne tsa supa gore kwantle ga pelaelo thulaganyo e ba neng ba e patelediwa ya dingwaga tse tharo ya go ithuta setso sa Babelona ga e a ka ya dira gore ba latlhegelwe ke kamano e e boteng eo ba neng ba na le yone le Jehofa le kobamelo ya gagwe e e itshekileng. (Daniele, dikgaolo 3 le 6) Jehofa o ne a dira gore ba kgone go tswa fela ba sa gobala ba sena go patelediwa gore ba tsenele thuto eno e e kwa godimo ya Sebabelona ya dingwaga tse tharo. “Me kaga makau a manè auō, Modimo oa ba naea kicō le maanō mo thutoñ eotlhe le botlhale: me Daniele o na a na le tlhaloganyō mo dipōnatshegeloñ cotlhe le mo ditoroñ. Me mo diloñ cotlhe tsa botlhale le tlhaloganyō, tse kgosi e ba botsañ kaga cōna, ea ba hitlhèla ba gaisa ga shomè baitseanape botlhe le diñaka cotlhe tsa lehatshe yeotlhe ya eōna.”—Daniele 1:17, 20.
18. Ke thulaganyo efe ya thuto eo e neng ya dirwa kwa Juda morago ga botshwarwa jwa Babelona?
18 Morago ga botshwarwa jwa kwa Babelona, Esere o ne a dira tiro e kgolo ya go ruta, e leng moperesiti yo o neng a “itlhōmamisitse pelo go re, o tla batla molaō oa ga Yehofa, a ba a o diha, a ba a ruta batho melaō le dikatlholō mo Iseraela.” (Esere 7:10) O ne a thusiwa go dira seno ke Balefi ba ba ikanyegang, bao ba neng “ba tlhaloganyetsa batho molaō.” (Nehemia 8:7) Esere e ne e le moithuti wa Bibela ebile e le “mokwadi eo o bobèbè.” (Esere 7:6) Setlhopha sa bakwadi se ile sa simolola go tseelwa kwa godimo mo motlheng wa gagwe.
Dikolo tsa Borabi
19. Go ne go na le setlhopha sefe sa barutisi kwa Iseraele ka nako ya fa Jesu a ne a tla mo lefatsheng, mme ene le barutwa ba gagwe ga ba a ka ba tsenela thuto ya Sejuda e e kwa godimo ka ntlha ya mabaka afe a botlhokwa?
19 Ka nako ya fa Jesu a tla mo lefatsheng, bakwadi e ne e setse e le setlhopha sa maemo a a kwa godimo sa barutisi, ba sekametse thata mo dingwaong go na le mo dithutong tsa boammaaruri tsa Lefoko la Modimo. Ba ne ba rata go bidiwa “Rabi,” seo e neng e setse e le sereto se se bontshang tlotlo se se rayang “Yo Mogolo (Yo O Molemolemo) Wa Me.” (Mathaio 23:6, 7, ntlhanyana e e kwa tlase go NW) Mo Dikwalong tsa Bokeresete tsa Segerika, gantsi bakwadi ba amanngwa le Bafarasai, bangwe bao ka bobone e neng e le barutisi ba Molao. (Ditihō 5:34) Jesu o ne a pega ditlhopha tseo ka bobedi molato wa gore di dira gore lefoko la Modimo le se ka la nna le bokao ka ntlha ya ngwao ya tsone le go ruta “dipolèlō tsa batho hèla.” (Mathaio 15:1, 6, 9) Ga go gakgamatse go bo Jesu lefa e le bontsi jwa balatedi ba gagwe ba ne ba sa rutiwa mo dikolong tsa borabi.—Yohane 7:14, 15; Ditihō 4:13; 22:3.
20. Tshekatsheko eno ya thuto ya mo metlheng ya Bibela e re bontshitse eng, mme ke eng se se bontshang gore batlhanka ba ga Jehofa ba tlhoka thuto?
20 Tshekatsheko eno ya thuto mo metlheng ya Bibela e bontshitse gore Jehofa ke Mokaedi yo o Molemolemo wa batho ba gagwe. Modimo o ne wa dirisa Moshe go rulaganya tsamaiso e e nang le matswela ya thuto kwa Iseraele. Mme lefa go ntse jalo morago ga nako e telele, go ne ga simologa tsamaiso ya thuto e e kwa godimo ya Sejuda eo e neng e ruta dilo tse di kgatlhanong le Lefoko la Modimo. Lefa Jesu a ne a sa tsena dikolo tse di ntseng jalo tsa Sejuda, mme gone e ne e le Morutisi yo o ka se keng a tshwantshiwa le ope. (Mathaio 7:28, 29; 23:8; Yohane 13:13) Gape o ne a roma balatedi ba gagwe gore ba rute, go ya go fitlha le kwa bokhutlong jwa tsamaiso ya dilo. (Mathaio 28:19, 20) Gore ba dire seno, go ne go tla tlhokega gore ba bo ba le barutisi ba ba kgonang mme ka jalo go ne go tla tlhokega gore ba bo ba ithutile. Ka jalo Bakeresete ba boammaaruri ba tshwanetse ba leba thuto jang gompieno? Potso eno e tla tlhatlhobiwa mo setlhogong se se latelang.
Go leka Seo O Se Gopolang
◻ Ke ka ntlha yang fa re ka tlhomamisa gore Jehofa o kgatlhegela thuto ya batlhanka ba gagwe?
◻ Tsamaiso ya thuto ya Baiseraele e ne e farologane le ya merafe e mengwe ka ditsela dife?
◻ Bana ba Baiseraele ba ne ba fiwa thuto e e ntseng jang?
◻ Go ne go dirisiwa mekgwa efe ya go ruta kwa Iseraele?
◻ Ke ka ntlha yang fa Jesu le barutwa ba gagwe ba sa ka ba tsena dikolo tsa Sejuda tsa thuto e e kwa godimo?
[Setshwantsho mo go tsebe 14]
Thuto e e patelediwang ya kwa Babelona ga e a ka ya dira gore Daniele le ditsala tsa gagwe ba furalele Jehofa