Boammaaruri Bo Nwela mo Motseng wa Metsi a Mantsi
ABO go gakgamatsa jang ne! Naga e e itsegeng thata ka go nna le metsi a mantsi e fitlhelwa e nyorilwe! Naga e e nosediwang thata e fitlhelwa e omile ebile mmu wa yone o sena menontsha epe! Ke lenyora le le ka nyorololwang fela ka metsi a boammaaruri jo bo tswang mo Lefokong la Modimo, Bibela. Seno ke kgang kaga Rahbeh, motsana mongwe wa baagi ba le 2 200, o o fa gare ga dithaba kwa bokone jwa Lebanona mo e ka nnang dikilometara di le 130 go tswa kwa Beirut.
Leina Rahbeh le kaya “lefelo le le atlhameng” ka Searabia, mme le tswa mo moding wa Sejuda o o kayang “se segolo, kana se se namileng.” Ka mo go tshwanelang, motse ono o namile mo godimo ga dithaba tse pedi tse dikgolo mme o bogodimo jwa dimetara di le 600 kwa godimo ga lewatle. Ka nako ya mariga le ka dikgakologo go kgonwa go bonwa semathana kwa godimo ga dithaba go ya kafa botlhaba, mme se oketsa bontle. Mme se segolo ke gore Rahbeh ke naga e e nang le metsi a mantsi. Lefelo leno le na le megobe e le 360 e megolo le e mennye e e nosetsang masimo a a nonneng a korong, diapolekosi, dipere, diperekisi, le diterebe mo mekgatšheng e e fa gaufi.
Dilo tsa Bogologolo le tsa Bosheng Di A Kopana mo Rahbeh
Mo dikarolong tse dintsi dilo mo Rahbeh di ile tsa sala di ntse fela jaaka di ne di ntse mo metlheng ya Bibela. Matlo a a mo metseng a kgotlhagane. Mebila e mesesane, e a nyokela, ebile e tletse—diesele le dikgomo. Le mororo go na le dikoloi, diphologolo ke tsone di letliwang go feta pele. Gantsi beng ba tsone ba di pega dilwana kwa masimong ba bo ba di romela gae di le nosi. Di tsamaya ka ditselana tse ditshesane, di tsena di bo di tswa mo mafelong a a pitlaganeng di bo di boela gae. A seno se ka tswa se tshwana le seo Isaia a neng a se akantse fa a ne a re: “Kgomo eōna e itse morui oa eōna, le esela e itse golō mo e hèlwañ ke muñ oa eōna gōna”?—Isaia 1:3.
Rahbeh ke lefelo le le nang le dilo tse di farologaneng thata. O tla fitlhela go na le baalogi ba yunibesithi ebile go na le balemi ba masimo bao ba iseng ba ko ba e kwa toropong. Go na le matlo a magolo a a nang le ditshingwana le mekgoronyana e diphologolo di sianelang kwa le kwa mo go yone. Didirisiwa tsa motlakase di fitlhelwa mo e ka nnang mo ntlong nngwe le nngwe, mme lefa go ntse jalo ga se gantsi go nang le motlakase. Ka ntlha ya seno, matlo a mantsi a na le dijenereitara. Mebila e megolo ya motse e tshetswe sekonotere le mororo ditsela tse dintsi tse di yang kwa masimong di sena sekonotere ebile di tletse dikhuti. Ka gone, dikungwa tsa kwa masimo di ka rwalwa fela ka diphologolo tsa gae. O ka bona esela e rwele le jenereitara ya motlakase e e isa kwa masimong go ya go fetlha metšhine ya kwa masimong, eo e dirisiwang mmogo le diphologolo tse di gogang kwa masimong.
Ka tsela e e tshwanang, botshelo jwa metse ga bo a fetoga mo go kalo. Fa o ka robala kwa motseng, o ka nna tsosiwa ke mokoko o lela ka ura ya bobedi kana ya boraro mo mosong. Ditiro tsa letsatsi le letsatsi di simololwa mo mosong, ka jalo o se ka wa gakgamadiwa ke go utlwa batho ba tlhaeletsa mo lefifing fa ba ntse ba golega diphologolo. O kgona go bona batho ba bantsi ba motse ba se ba belesitse diphologolo tsa bone ka mahube ba lebile kwa masimong kana kwa borekisetsong go ya go rekisa dilwana.
Fa nako e ntse e tsamaya basimane le basetsana ba tswela mo mebileng le mo mafelong a botlhe go tla go tshameka. Go utlwala dilelo le ditshego tsa bone fela jaaka go ne go ntse kwa Jerusalema wa bogologolo jaaka moperofeti Sekaria a ne a tlhalosa jaana: “Mebila ea motse e tla tlala tshimane le tshetsana ba tshameka mo mebileñ ea ōna.” (Sekaria 8:5) O tla fitlhela le batho ba motse ba le botsalano thata ebile ba botsa dipotso. O lebeletswe gore o dumedise motho mongwe le mongwe wa motse yo o kopanang nae, ereka ba batla go itse gore o mang, o tswa kae, o tlile go batla eng le gore o ya kae. Batho ba itsane sentle.
Metsi a Boammaaruri a Fitlha kwa Rahbeh
Dikgang di tsamaya ka bonako mo tikologong ya batho ba ba kitlaneng bao. Seno ke seo se neng sa diragala fa Asaad Younis a ne a boela kwa Rahbeh a tswa ka United States ka 1923. Tsala ya ga Asaad, Abdallah Blal o ne a ya go mmona ereka a ne a ipotsa gore a o ne a huma fa a le kwa Amerika. Go na le gore a bue ka madi, Asaad o ne a mo naya sekaelo sa buka ya The Harp of God a bo a mo raya a re: “Dikhumo tsa boammaaruri ke tseno.” Abdallah yoo pele e neng e le Moporotesetanta, o ne a bala buka eno e e thailweng mo Bibeleng mme o ne a kgatlhega fela thata. Le mororo Asaad a ne a se ka a dira sepe ka tshedimosetso eno, Abdallah o ne a itumeletse se a neng a se ithutile mme o ne a bolela gore o bone boammaaruri.
Nakonyana morago ga foo, Abdallah o ne a fudugela kwa Tripoli, toropo e kgolo e e kwa bokone jwa Lebanona. Fa a le koo o ne a kgona go ikgolaganya le Baithuti ba Bibela ba le mmalwa, jaaka Basupi ba ga Jehofa ba ne ba bidiwa ka nako eo, mme o ne a gatela pele mo go ithuteng ga gagwe Bibela. Moragonyana o ne a fudugela gape kwa Rahbeh go ya go anamisa mafoko a a molemo ao a neng a a ithutile. O ne a bua le batho ba bangwe ba motse ka dikgang tse di jaaka Tharonngwe, gore moya wa motho o a swa, molelo wa dihele, boperesiti, Mmisa, le go dirisiwa ga ditshwantsho, a ba bolelela seo Bibela e se rutang.
Bangwe ba batho ba motse ba ne ba kgatlhega. Ba le bararo kana ba bane ba bone ba ne ba dira tiro ya go rera le Abdallah. Morago ga foo ba ne ba simolola go tshwara dipokano tsa Sontaga. Tseno di ne di dirwa ka go reetsa thero e e gatisitsweng mo fonokerafeng kana go balwa Bibela, mme morago ba bo ba tlotla ka seo ba fetsang go se utlwa. Moragonyana, go ne ga dirisiwa dibuka tse di thusang go ithuta Bibela, go akaretsa le dibuka tsa The Harp of God, Riches, le “Let God Be True.” Batho ba ba neng ba le teng ba ne ba sa fete lesome, ebile bontsi jwa bone ba ne ba sa kgatlhege mme ba batla go itse fela gore go dirwa eng. Bangwe go ne go lebega ba ne ba tlela fela dijo tse di neng di jewa kwa bokhutlong jwa pokano nngwe le nngwe.
Abdallah Blal o ne a newa boikarabelo jwa go tlhokomela setlhopha mo Rahbeh ka bo 1940. O ne a itshupa e le motlhanka yo o tlhoafetseng le yo o ikanyegang wa ga Jehofa, a tlhomela ba bangwe sekao. Mongwe wa bone, Mokaulengwe Mattar, o gakologelwa jaana kafa ba neng ba dira tiro ya go rera ka teng: “Ereka go ne go sena dikoloi mo malatsing ao, nna le Mokaulengwe Blal re ne re tsamaya ka dinao re ya go rera kwa metseng e e fa gaufi. Ke ne ke rwala fonokerafa, fa Mokaulengwe Blal a ne a bua. Re ne re tsamaya malatsi a le mabedi kana a le mararo re bo re boela gae.” Mokaulengwe Blal o ne a direla Jehofa ka boikanyegi go fitlha a swa ka 1979 a na le dingwaga di le 98.
Kgatelopele E Lere Kganetso
Bakaulengwe ba ne ba simolola go ganediwa fa tiro e ntse e tswelela. Letsholo la go bogisa bakaulengwe le ne la simolola mo Rahbeh ka 1950 le tlhotlhelediwa ke moruti wa mo motseng. Moruti yono o ne a latofatsa bakaulengwe ka gore ba ne ba bua kereke leswe ebile ba sa e tlotle. Batho ba bangwe ba motse ba ne ba gakala mo ba neng ba konopa bakaulengwe ka maje, ebile bakaulengwe ba bangwe ba ne ba tshwarwa ba bo ba tsenngwa mo kgolegelong. Lefa go ntse jalo, fa go batlisisiwa morago ga foo go ile ga fitlhelwa dilo tse ba neng ba pegwa molato ka tsone di se boammaaruri. Le eleng lefa go ne go ntse jalo, bakaulengwe ba ne ba tlogelwa mo kgolegelong malatsi a le mmalwa.
Motho mongwe gape yo o ganetsang o ne a leka go dira batho ba motse bao bangwe ba bone ba neng ba ka tswa ba ne ba sa itse go bala sentle gore ba saene pampiri e e neng e latofatsa bakaulengwe ka dilo tse dintsi, go akaretsa le go tshwenya batho ka go nna ba ba etela kwa matlong a bone ba sa kgaotse. O ne a dira gore batho ba bantsi ba saene pampiri eo ka go ba raya a re e ne e le ya go kopa modiri mongwe gore a busediwe mo motseng oo. Fa batho ba lemoga gore totatota e ne e latofatsa Basupi, ba ne ba phimola fa ba saenneng teng. Ditiragalo tse di tshwanang le eno di ne tsa thusa go naya baokamedi ba bantsi ba mo lefelong leo bosupi.
Kwantle ga go lebana le kganetso e e tlhamaletseng eo, bakaulengwe ba ne ba lebane le sekgoreletsi se sengwe gape. Kwa motsaneng mongwe o batho ba one ba itsaneng botlhe, ‘poifo ya motho ke yone e e lereng seru’ jaaka Bibela e bontsha mo go Diane 29:25. Bakaulengwe ba tshwanela go nna pelokgale tota gore ba bue le baagelani, ditsala, le balosika, bao ba nnelang go nna ba ba kgala le go ba sotla. Mafoko ano a ga Jesu a a mo go Mathaio 10:36 a nna le se a se kayang tota: “Baba ba motho e tla nna bōnè ba ntlo ea gagwè.” Lefa go ntse jalo, fela jaaka seane se tswelela pele go bolela, “eo o ikanyañ Yehofa o tla bolokèga.” Tumelo le boitshoko jwa bakaulengwe di ile tsa ntsha matswela a magolo tota.
Boammaaruri bo Tlala kwa Rahbeh
Fa dingwaga di ntse di feta, batho ba motse ba ile ba lemoga fa Basupi ba ga Jehofa ba na le boitshwaro jo bontle mme ba bantsi ba ile ba amogela boammaaruri. Bakaulengwe ba ne ba itumela tota fa go ne go tlhongwa phuthego ya bobedi mo Rahbeh ka 1969. Ba ne ba tswelela go dira ka natla. Bontsi bo ile jwa tsena mo bodiheding jwa nako e e tletseng, bangwe ba ile ba ya go dira kwa ditshimong tse dingwe, go akaretsa le kwa motsemogolong wa Beirut. Jehofa o ne a segofatsa tiro e ba neng ba e dira ka natla eo, mme go ne ga tlhongwa phuthego ya boraro kwa Rahbeh ka 1983. Mo go lone lobaka loo, bakaulengwe ba ba oketsegileng ba ile ba fuduga go ya go nna kwa metsemegolong. Lefa go ntse jalo, ba ne ba tswelela go oketsega, mme go ne ga tlhongwa phuthego ya bonè kwa Rahbeh ka 1989 mme ya botlhano e ne ya latela ka 1990.
Mo lobakeng lono mo e ka nnang lelapa lengwe le lengwe mo motseng le ne le na le mongwe wa losika kana tsala e e neng e le Mosupi. Bobaba jo bo kileng jwa bo bo le teng jaanong bo nyeletse. Batho ba tlwaetse Basupi. Ebile tota, batho ba motse ba bua mareo a a jaaka “mogolwane,” “mmulatsela,” “molebedi wa potologo,” “kopano,” le “Hara–Magedona” motlhofo fela. Ka dipaka tse di kgethegileng, jaaka fa ba etetswe ke molebedi wa potologo kana ka Segopotso, mebila e sala e sena ope mme Holo ya Bogosi yone e tletse. Diphuthego tse dingwe di baya dibuelagodimo kwa ntle gore baagelani ba utlwe.
Go na le baboledi ba Bogosi ba ba fetang 250 mo Rahbeh. Seo se kaya gore go na le Mosupi a le mongwe yo o lebaneng le batho ba le 8 mo motseng! Phuthego nngwe ya baboledi ba le 51 e na le tshimo ya matlo a le 76, mme ba e kopanya beke nngwe le nngwe. Akanya fela ka seo se neng sa diragala mo Rahbeh mo dikgweding tsa March le April mo ngwageng e e fetileng fa baboledi ba le 98 mo go ba le 250 ba ne ba le mo tirong ya bobulatsela jo bo thusang, mmogo le babulatsela ba ka metlha ba le 13. Tshimo eo e ne e akarediwa gantsintsi fela beke nngwe le nngwe. Go ne go tlwaelegile gore ntlo e le nngwe e etelwe ke ditlhopha di le pedi kana di le tharo tsa baboledi mo letsatsing le le lengwe kana ba tla ka nako e le nngwe. Bontsi jwa batho ba motse ba tlwaetse go etelwa. Mme lefa go ntse jalo ka nako ya fa monna mongwe a ne a ngongorega, mmoledi o ne a mo araba jaana: “Fa o ka dumela gore re ithute Bibela le wena, he o tla etelwa fela gangwe ka beke.” Gape ba bua le mongwe le mongwe yo ba kopanang le ene mo masimong—batho ba ba lemang, ba ba jalang, ba ba nosetsang, kana ba ba pagameng diesele.
Eleruri, boammaaruri jwa Bibela bo kolobeditse Rahbeh, motse wa metsi a mantsi. Mme ga go felele foo. Fela jaaka metse e mentsi e e mo tikologong e bona metsi go tswa mo Rahbeh, e ile ya e naya gape le metsi a a nayang botshelo a boammaaruri jwa Bibela. Baboledi ba kwa Rahbeh ba etela batho ba ba mo metseng e e fa gaufi ka dinao ebile ba rulaganya go ya ka ditlhopha tsa dikoloi le go tsaya maeto a letsatsi le le lengwe ba etela kwa metseng e e kwa kgakala. Baboledi ba bangwe ba a fuduga go ya go dira kwa metsemegolong e mengwe. Jehofa o tla ba segofatsa mme ba tla nna ba oketsega ba baka Rraarona wa selegodimo, Jehofa Modimo.
[Setshwantsho mo go tsebe 26]
Mo mmileng kwa Rahbeh